Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 15

Thuto ka go Nna Molemo

Thuto ka go Nna Molemo

A O ITSE gore letlhoo ke eng?— Letlhoo ga se fela go sa rate motho ka gonne a sa tshwane le wena kgotsa a bua puo e sele. Go nna le letlhoo ke go nna le maikutlo a a sa siamang kgotsa go akanyetsa motho dilo tse di sa siamang pele ga o mo itse gore tota ke motho yo o ntseng jang.

A o akanya gore go siame gore o se ka wa rata motho pele ga o itse gore tota ke motho yo o ntseng jang kgotsa o sa mo rate fela ka gonne a sa tshwane le wena?— Nnyaa, letlhoo ga le a siama. Ga re a tshwanela go sa tshware motho ope sentle fela ka gonne a sa tshwane le rona.

Akanya fela. A o itse mongwe yo o sa tshwaneng le wena ka mmala kgotsa yo o buang puo e e sa tshwaneng le ya gago?— Gongwe o itse le batho ba ba sa tshwaneng le wena ka gonne ba gobetse kgotsa ba lwala. A o rata batho ba ba sa tshwaneng le wena e bile a o molemo mo go bone?—

Re tshwanetse go tshwara jang batho ba ba ka tswang ba sa tshwane le rona?

Fa re reetsa Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete, re tla nna molemo mo bathong botlhe. Ga re a tshwanela go tlhoa batho ka gonne ba tswa nageng e nngwe kgotsa ba sa tshwane le rona ka mmala. Re tshwanetse go nna molemo mo go bone. Le fa e se batho botlhe ba ba dumelang seno, ke thuto e Jesu a neng a e ruta. A re tlotle ka yone.

Mojuda mongwe yo o neng a tlhoile ba bangwe o ne a tla kwa go Jesu mme a mmotsa potso eno, ‘Ke tshwanetse go dirang gore ke tshelele ruri?’ Jesu o ne a itse gore monna yoo o ka tswa a ne a batla gore a mo arabe ka gore o tshwanetse go nna molemo mo bathong ba lotso lwa gagabo kgotsa mo bathong ba setšhaba sa gagabo. Ka jalo, go na le gore Jesu a arabe potso eo, o ne a botsa monna yoo jaana: ‘Molao wa Modimo wa re re dire eng?’

 Monna yoo o ne a araba jaana: ‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, mme o rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Jesu o ne a re: ‘O arabile sentle. Nna o dire seno mme o tla bona botshelo jo bo sa khutleng.’

Le fa go ntse jalo, monna yoo o ne a sa batle go nna molemo, kgotsa go rata batho ba ba neng ba sa tshwane le ene. O ne a batla seipato sa gore a se ka a dira jalo. O ne a botsa Jesu a re: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” O ka tswa a ne a batla gore Jesu a re: “Baagelani ba gago ke ditsala tsa gago” kgotsa a re, “Ke batho ba ba tshwanang le wena.” Gore Jesu a arabe potso eo, o ne a tlotla kgang ka Mojuda le Mosamarea. Kgang ya teng ke eno.

Monna mongwe o ne a tsamaya mo tseleng a tswa kwa motseng wa Jerusalema a ya kwa Jeriko. Monna yono e ne e le Mojuda. Fa a ntse a tsamaya, o ne a phamolwa ke dinokwane. Di ne tsa mo digela fa fatshe mme tsa tsaya madi a gagwe le diaparo tsa gagwe. Dinokwane tseo di ne tsa mo itaya mme tsa mo tlogela a idibetse fa thoko ga tsela.

Morago ga nakonyana, moperesiti o ne a feta ka tsela eo. O ne a bona monna yo o neng a gobetse thata. Wena o ne o ka dirang?—  Moperesiti o ne a feta fela fa thoko ga tsela. Ga a ka a ema le go ema. Ga a ka a dira sepe go thusa monna yoo.

Go tswa foo monna yo mongwe wa modumedi o ne a feta ka tsela eo. E ne e le Molefi yo o neng a bereka kwa tempeleng kwa Jerusalema. A o ne a ema go thusa?— Nnyaa. O ne a dira fela jaaka moperesiti.

La bofelo, Mosamarea mongwe o ne a feta foo. A o kgona go mmona a tla ka tsela eo?— O ne a bona Mojuda a rapaletse foo a gobetse thata. Basamarea le Bajuda ba ne ba sa ratane gotlhelele. (Johane 4:9) A Mosamarea yono o ne a tla tlogela monna yoo a sa mo thusa? A o ne a tla ipotsa gore: ‘Ke ka ntlha yang fa nna ke tshwanetse go thusa Mojuda yono? A ene o ne a tla nthusa fa ke ne ke gobetse’?

Ke ka ntlha yang fa Mosamarea e ne e le moagelani yo o molemo?

 Mosamarea yoo o ne a leba monna yo o neng a rapaletse fa thoko ga tsela mme a mo utlwela botlhoko. O ne a ka se ka a mo tlogela foo gore a swe. O ne a fologa phologolo ya gagwe, a ya kwa monneng yoo, mme a phimola dintho tsa gagwe. O ne a di tshela oli le beine. Go dira jalo go ne go tla dira gore dintho di fole. Mme o ne a hapa dintho tseo ka letsela.

Mosamarea yoo o ne a tsholetsa monna yo o gobetseng yoo ka bonolo mme a mo pega mo phologolong ya gagwe. Go tswa foo ba ne ba tsamaya ka bonya go fitlha ba goroga kwa hoteleng e nnye. Mosamarea o ne a batlela monna yoo lefelo la bonno, mme a mo tlhokomela sentle.

Jaanong Jesu o ne a botsa monna yo a neng a bua le ene a re: ‘O akanya gore ke mang mo banneng bano ba bararo yo e neng e le moagelani yo o molemo?’ O ka reng? A e ne e le moperesiti, Molefi kgotsa Mosamarea?—

Monna yoo o ne a araba jaana: ‘Moagelani yo o molemo ke yo o neng a ema mme a tlhokomela monna yo o gobetseng.’ Jesu o ne a re: ‘O buile sentle. Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.’—Luke 10:25-37.

A eo ga se kgang e e molemo? E re bolelela sentle gore baagelani ba rona ke  bomang. Ga se ditsala tsa rona tse dikgolo fela. E bile ga se fela batho ba ba tshwanang le rona ka mmala kana ba ba buang puo e e tshwanang le ya rona. Jesu o ne a re ruta go nna molemo mo bathong go sa kgathalesege gore ba tswa kae, gore ba lebega jang, kgotsa ba bua puo efe.

Jehofa Modimo o ntse fela jalo. Ga a tlhaole batho. Jesu o ne a re: ‘Rraalona yo o kwa legodimong o tlhabisetsa batho ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe. E bile o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’ Ka jalo, re tshwanetse go nna molemo mo bathong botlhe, fela jaaka Modimo.—Mathaio 5:44-48.

O ka nna jang moagelani yo o molemo?

Fa o bona mongwe yo o gobetseng, o tla dirang?— O tla dirang fa motho yoo a tswa kwa nageng e sele kgotsa a sa tshwane le wena ka mmala? E sa ntse e le moagelani wa gago, mme o tshwanetse go mo thusa. Fa o akanya gore o monnye thata gore o ka thusa, o ka kopa mogolo mongwe gore a go thuse. Kana o ka bitsa mapodise kgotsa morutabana wa sekolo. Fa o dira jalo o tla bo o le molemo, jaaka monna wa Mosamarea.

Morutisi yo Mogolo o batla gore re nne molemo. O batla gore re thuse ba bangwe, go sa kgathalesege gore ke bomang. Ke ka moo a ileng a tlotla ka kgang ya Mosamarea yo o molemo.

Go ithuta ka go nna molemo mo bathong ba bangwe go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kgotsa ke ba setšhaba sefe, bala Diane 19:22; Ditiro 10:34, 35; le 17:26.