Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 20

A o Rata go Nna Kwa Pele ka Metlha?

A o Rata go Nna Kwa Pele ka Metlha?

A O ITSE mongwe yo o ratang go nna kwa pele ka metlha?— A ka nna a kgorometsa ba bangwe gore a nne kwa pele mo moleng. A o kile wa bona mongwe a dira jalo?— Morutisi yo Mogolo o ne a bona le batho ba ba godileng tota ba leka go nna mo mannong a a kwa pele, kgotsa a a botlhokwa thata. Mme o ne a sa rate seo. A re bone gore go ne ga diregang.

A o kile wa bona batho ba leka go nna kwa pele?

Baebele e re bolelela gore Jesu o ne a laleditswe kwa moketeng o mogolo wa dijo kwa legaeng la Mofarasai mongwe, yo e neng e le moeteledipele yo mogolo thata wa bodumedi. Fa Jesu a sena go goroga, o ne a simolola go lebelela jaaka fa baeng ba bangwe ba tsena mme ba tlhopha manno a a gaisang a mangwe. Ka jalo o ne a bolelela ba ba neng ba laleditswe kgang nngwe. A o ka rata go e utlwa?—

 Jesu o ne a re: ‘Fa mongwe a go laleditse kwa moketeng wa lenyalo, o se ka wa tlhopha manno a a gaisang a mangwe, kgotsa a a botlhokwa thata.’ A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua jalo?— O ne a ba tlhalosetsa gore go ka nna ga bo go laleditswe mongwe yo o botlhokwa go ba feta. Ka jalo, jaaka o bona mo setshwantshong, motho yo o ba laleditseng o a tla mme a re: ‘Mma go nne monna yono mo lefelong leno, mme wena o ye go nna kwa.’ Yo o laleditsweng o tla ikutlwa jang?— O tla bo a tlhabilwe ke ditlhong ka gonne baeng ba bangwe botlhe ba tla bo ba mo lebile a ya kwa mannong a a seng botlhokwa go le kalo.

Jesu o ne a bontsha gore ga go a siama go batla go nna mo mannong a maemo a a kwa godimo thata. Ka jalo o ne a re: ‘Fa o laleditswe kwa moketeng wa lenyalo, o nne mo mannong a a kwa tlase. Mme yo o go laleditseng a ka nna a tla mme a re, “Tsala, tlhatlogela kwa mannong a a kwa godimo.” Ka tsela eo o tla tlotlega mo pele ga baeng ba bangwe botlhe fa o ya kwa mannong a maemo a a kwa godingwana.’—Luke 14:1, 7-11.

Jesu o ne a ruta thuto efe fa a ne a bua ka manno a a kwa pele?

A o bona se Jesu a se rutang fano?— A re dire sekai go bona gore a o a tlhaloganya. A re re o tsena mo beseng e e tletseng. A o tshwanetse go itlhaganelela go nna fa fatshe mme motho yo o godileng a eme ka dinao?— A Jesu o ne a ka rata gore o dire jalo?—

Mongwe a ka nna a re Jesu ga a re sepe ka se re se dirang. Mme a o dumela seno?— Fa Jesu a ne a le kwa moketeng o mogolo oo wa dijo kwa legaeng la Mofarasai yono, o ne a lebeletse jaaka fa batho ba itlhophela manno. A ga o akanye gore le gompieno o kgatlhegela se re se dirang?— Jaaka fa Jesu a le kwa legodimong, eleruri o kgona go re bona sentle.

 Fa mongwe a leka go nna kwa pele, seno se ka baka mathata. Gantsi go ka direga gore batho ba ngangisane, mme ba galefe. Ka dinako tse dingwe seno se direga fa bana ba palame bese mmogo. Fela fa setswalo sa bese se bulega, bana ba itlhaganelela go tsena pele. Ba batla manno a a siameng thata, a a gaufi le difensetere. Ke eng se se ka diregang?— Ba ka nna ba galefelana thata.

Go batla go nna kwa pele go ka baka mathata a le mantsi. Go ne ga baka mathata mo gare ga baaposetoloi ba ga Jesu. Jaaka fa re ithutile mo go Kgaolo 6 ya buka eno, ba ne ba ganetsana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. Jesu o ne a dirang?— O ne a ba kgalemela. Mme ba ne ba ganetsana gape moragonyana. A re bone gore go simolotse jang.

Baaposetoloi, le batho ba bangwe, ba ne ba tsamaya le Jesu la bofelo go ya kwa motseng wa Jerusalema. Jesu o ne a ntse a bua le bone ka Bogosi jwa gagwe, ka jalo Jakobe le Johane ba ne ba  akantse ka go busa e le dikgosi le ene. E bile ba ne ba buile le mmaabone, e bong Salome ka gone. (Mathaio 27:56; Mareko 15:40) Ka jalo fa ba le mo tseleng ba ya kwa Jerusalema, Salome o ne a tla kwa go Jesu a khubama mo pele ga gagwe a bo a kopa gore a mo direle sengwe.

Jesu o botsa jaana: “O batlang?” O mo araba ka gore a ka rata gore Jesu a dire gore bomorwawe ba nne mo thoko ga gagwe mo Bogosing jwa gagwe, yo mongwe kafa mojeng wa gagwe mme yo mongwe kafa molemeng. O akanya gore fa baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome ba utlwa se Jakobe le Johane ba neng ba rile mmaabone a se kope ba ne ba ikutlwa jang?—

Salome o kopa Jesu eng, mme go felela jang?

Ee, ba galefetse Jakobe le Johane fela thata. Ka jalo Jesu o naya baaposetoloi ba gagwe botlhe kgakololo nngwe e e molemo. Jesu o ba bolelela gore babusi ba ditšhaba ba rata go tsewa e le batho ba botlhokwa. Ba rata go nna le maemo a a kwa godimo gore mongwe le mongwe a  ba ikobele. Mme Jesu o bolelela balatedi ba gagwe gore ga ba a tshwanela go nna jalo. Go na le moo, Jesu a re: “Le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” Akanya ka seo!—Mathaio 20:20-28.

A o itse gore motlhanka o dirang?— O direla batho ba bangwe dilo, a sa lebelele gore bone ba mo direle. O tsaya manno a maemo a a kwa tlase, e seng a a kwa pele. O itshwara jaaka motho yo o seng botlhokwa, ga a itshware jaaka motho yo o botlhokwa thata. Mme gakologelwa gore Jesu o ne a re motho yo o batlang go nna wa ntlha o tshwanetse go nna motlhanka mo go ba bangwe.

O akanya gore seno se rayang mo go rona?— A motlhanka o ka ganetsana le mong wa gagwe gore ke mang mo gare ga bone yo o tshwanetseng go bona manno a a botoka? Kgotsa a o ka ganetsana ka gore ke mang yo o tshwanetseng go ja pele? O akanyang?— Jesu o ne a tlhalosa gore ka metlha motlhanka o baya mong wa gagwe kwa pele ga gagwe.—Luke 17:7-10.

Ka jalo, go na le go leka go nna kwa pele, ke eng se re tshwanetseng go se dira?— Ee, re tshwanetse go direla ba bangwe. Mme seo se raya gore re tshwanetse go baya ba bangwe kwa pele ga rona. Go raya gore re tshwanetse go tsaya ba bangwe ba le botlhokwa go re feta. A o ka akanya ka ditsela tse re ka bayang ba bangwe kwa pele ka tsone?— Boela kwa go tsebe 40 le 41 mme o bale gape ka dingwe tsa ditsela tse o ka bayang ba bangwe kwa pele ka tsone ka go ba direla dilo.

O tla gakologelwa gore Morutisi yo Mogolo o ne a baya ba bangwe kwa pele ga gagwe ka go ba direla dilo. Mo bosigong jwa bofelo a na le baaposetoloi ba gagwe, o ne a khubama ka mangole a ba tlhapisa dinao. Le rona fa re baya ba bangwe kwa pele ka go ba direla dilo, re tla bo re itumedisa Morutisi yo Mogolo le Rraagwe, e bong Jehofa Modimo.

A re baleng ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di re kgothatsang go baya ba bangwe kwa pele ga rona: Luke 9:48; Baroma 12:3; le Bafilipi 2:3, 4.