Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 14

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe

A MONGWE o kile a go direla phoso?— A o ile a go utlwisa botlhoko kana a go raya sengwe se se go utlwisang botlhoko?— A o tshwanetse go mo tshwara ka tsela e e sa siamang e e tshwanang le e a go tshwereng ka yone?—

Batho ba bantsi fa mongwe a ba utlwisitse botlhoko le bone ba mo utlwisa botlhoko. Mme Jesu o ne a ruta gore re tshwanetse go itshwarela batho fa ba re direla diphoso. (Mathaio 6:12) Go tweng fa motho a re direla phoso gantsi? O tshwanetse go mo itshwarela ga kae?—

Ke sone se Petere a neng a batla go se itse. Ka jalo tsatsi lengwe o ne a botsa Jesu a re: ‘A ke tshwanetse go mo itshwarela makgetlo a le supa?’ Makgetlo a le supa ga a lekana. Jesu o rile: ‘O tshwanetse go mo itshwarela makgetlo a le masome a supa le bosupa’ fa e le gore motho a ka go direla phoso gantsi jalo.

Ke eng se Petere a neng a batla go se itse ka go itshwarela ba bangwe?

Ke gantsi! E bile re ka se gakologelwe diphoso tse dintsi le dilo tse di bosula di le dintsi jalo tse motho a di re diretseng. Mme tota se Jesu a neng a se bua ke seno: Re tshwanetse go leka gore re se ka ra gakologelwa gore batho ba bangwe ba re diretse diphoso ga kae. Fa ba kopa gore re ba itshwarele, re tshwanetse go ba itshwarela.

Gape Jesu o ne a batla go bontsha barutwa ba gagwe kafa go leng botlhokwa ka  teng go itshwarela ba bangwe. Ka jalo fa a sena go araba potso ya ga Petere, o ne a tlotlela barutwa ba gagwe kgang nngwe. A o ka rata go e utlwa?—

Go kile ga bo go na le kgosi e e molemo. E ne e siame thata. E bile e ne e tlhola e adima batlhanka ba yone madi fa ba ne ba tlhoka thuso. Mme tsatsi lengwe kgosi e ne ya batla gore batlhanka ba yone ba ba e kolotang madi ba e duele. Go ne ga tlisiwa motlhanka mongwe  yo a neng a kolota kgosi madi a tshipi a le dimilione tse 60. Ke madi a mantsi thata!

Go ne ga diragalang fa motlhanka a kopa kgosi gore e mo neye nako e e oketsegileng gore a e duele?

Mme motlhanka yoo o ne a dirisitse madi otlhe a kgosi ka jalo o ne a sa kgone go mo duela. Mme kgosi e ne ya laela gore motlhanka yoo a rekisiwe. Gape kgosi e ne ya re go rekisiwe le mosadi wa motlhanka yoo le bana ba gagwe le sengwe le sengwe se a neng a na le sone. Go tswa foo, kgosi e ne e tlile go duelwa ka madi a go rekisitsweng ka one. O akanya gore motlhanka yoo o ne a ikutlwa jang?—

O ne a khubama fa pele ga kgosi mme a kopa jaana: ‘Tsweetswee mpha nako e e oketsegileng, mme ke tla go duela sengwe le sengwe se ke se go kolotang.’ Fa o ne o le kgosi, o ne o tla dirang ka motlhanka yoo?— Kgosi e ne ya utlwela motlhanka wa yone botlhoko. Kgosi e ne ya mo itshwarela. O ne a raya motlhanka yoo a re a se ka a ntsha ape a madi ao, le fa e le ledi le le lengwe la madi ao a tshipi a le dimilione tse 60. Seo se tshwanetse sa bo se ne sa itumedisa motlhanka yoo tota!

Mme motlhanka yoo o ne a dirang? O ne a tsamaya a ya go batla motlhanka yo mongwe, yo o neng a mo kolota madi a tshipi a le lekgolo. O ne a phamola motlhanka yoo ka molala mme a mo kgama, a re: ‘Duela madi otlhe a o a nkolotang!’ A motho a ka dira jalo, segolobogolo fa kgosi e sena go mo itshwarela thata jalo?—

Motlhanka o ne a tshwara jang motlhanka yo mongwe yo o neng a sa kgone go duela se a neng a se mo kolota?

Motlhanka yo o neng a mo kolota madi a tshipi a le lekgolo o ne a humanegile. O ne a sa kgone go duela madi ao ka yone nako eo. O ne a wela fa fatshe fa dinaong tsa motlhanka ka ene a mo kopa jaana: ‘Tsweetswee mpha nako e e oketsegileng, mme ke tla go duela sengwe le sengwe se ke se go kolotang.’ A monna yoo o tshwanetse a ka bo a ne a naya motlhanka ka ene nako e e oketsegileng?— Wena o ka bo o dirileng?—

Monna yono o ne a se molemo jaaka kgosi. O ne a batla madi a gagwe gone fela foo. Mme ka gonne motlhanka yo mongwe o ne a sa kgone go a duela, o ne a dira gore a tsenngwe mo kgolegelong.  Batlhanka ba bangwe ba ne ba bona fa seno se ne se direga, mme ga ba ka ba rata. Ba ne ba tlhomogela motlhanka yo a neng a le mo kgolegelong pelo. Ka jalo ba ne ba bolelela kgosi ka gone.

Kgosi le yone e ne ya se ka ya rata se se neng se diragetse. E ne ya galefela motlhanka yo o sa itshwareleng yoo thata. E ne ya mmitsa mme ya re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena, a ga ke a go itshwarela fa o ne o nkolota? A le wena o ne o sa tshwanela go itshwarela motlhanka yo mongwe?’

Ke eng se kgosi e neng ya se dira motlhanka yo o neng a sa itshwarele yo mongwe?

Motlhanka yo o sa itshwareleng o tshwanetse a ka bo a ne a ithutile sengwe mo kgosing e e molemo. Mme ga a ka a ithuta sepe. Jaanong kgosi e ne ya dira gore motlhanka yoo a tsenngwe mo kgolegelong go fitlha a kgona go duela madi a tshipi a le dimilione tse 60. Mme o ne a ka se kgone go nna le madi ao gore a kgone go duela kgosi a le kwa kgolegelong. O ne a tla nna koo go fitlha a swa.

Fa Jesu a sena go tlotlela balatedi ba gagwe kgang eo o ne a re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo  sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.”—Mathaio 18:21-35.

Rotlhe re kolota Modimo fela thata. Tota e bile, Modimo ke ene a re neileng botshelo! Ka jalo fa re bapisa se batho ba bangwe ba se re kolotang le se rona re se kolotang Modimo, tota ga ba re kolote go le gontsi. Se ba se re kolotang se lekana le madi a tshipi a le lekgolo a motlhanka yo mongwe a neng a a kolota yo mongwe. Mme se rona re se kolotang Modimo ka ntlha ya diphoso tse re di dirang se lekana le madi a tshipi a le dimilione tse 60 a motlhanka a neng a a kolota kgosi.

Modimo o molemo thata. Le fa re dirile dilo tse dintsi tse di phoso, o a re itshwarela. Ga a dire gore re mo duele ka go re bolaela ruri. Mme re tshwanetse go gakologelwa thuto eno: Modimo o re itshwarela fela fa re itshwarela batho ba ba re direlang diphoso. Ke thuto e kgolo, ga ke re?—

Wena o tla dirang fa mongwe a go kopa gore o mo itshwarele?

Ka jalo fa mongwe a go direla phoso mme a bo a re o mo itshwarele, a o tla dira jalo? A o tla mo itshwarela?— Ke eng se o tla se dirang fa a ka go direla phoso gantsi? A o sa ntse o tla mo itshwarela?—

Fa e ne e le rona re kopang maitshwarelo, re ne re ka batla gore motho yo mongwe a re itshwarele, ga ke re?— Le rona re tshwanetse go mo itshwarela. Ga re a tshwanela go bua fela gore re mo itshwaretse, mme re tshwanetse go mo itshwarela ka pelo yotlhe ya rona. Fa re dira jalo, re bontsha gore ruri re batla go nna balatedi ba Morutisi yo Mogolo.

Go tlhaloganya botlhokwa jwa go itshwarela ba bangwe, a re bale Diane 19:11; Mathaio 6:14, 15; le Luke 17:3, 4.