Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 33

Jesu A ka Re Sireletsa

O leba jang Jesu—a o mo leba e le Kgosi e e maatla kgotsa e le lesea le le sa kgoneng go dira sepe?

Jesu A ka Re Sireletsa

FA Jesu a setse a godile mme a utlwa kafa a neng a sirelediwa ka teng fa a le mmotlana, a o akanya gore o ne a rapela Jehofa a mo leboga?— O akanya gore ke eng se Jesu a neng a se bolelela Marea le Josefa moragonyana fa a utlwa gore ba ile ba boloka botshelo jwa gagwe ka go mo isa Egepeto?—

Jesu ga e tlhole e le lesea. Le gone ga a tlhole a nna mo lefatsheng jaaka pele. Mme a o lemogile gore batho bangwe ba tsaya Jesu e le lesea le le mo bojelong jwa diruiwa?— Seno se direga ka nako ya Keresemose, moo go bewang ditshwantsho tsa ga Jesu e le lesea mo mafelong a le mantsi.

Le fa Jesu a sa tlhole a tshela mo lefatsheng, a o a dumela gore o a tshela?— Ee, o ile a tsosiwa mo baswing, mme gone jaanong ke Kgosi e e maatla kwa legodimong. O akanya gore ke eng se a ka se dirang go sireletsa batho ba ba mo direlang?— Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa a ka sireletsang ka teng ba ba mo ratang. A re boneng gore o ne a dira seno jang letsatsi lengwe fa a ne a le mo mokorong le barutwa ba gagwe.

Ke motshegare o mogolo. Jesu o tlhotse  a ruta letsatsi lotlhe kwa Lewatleng la Galalea, le e leng letšha le legolo le le ka nnang boleele jwa dikilometara tse 20 le bophara jwa dikilometara tse 12. Jaanong o raya barutwa ba gagwe a re: “A re kgabaganyetseng kwa moseja ga letšha.” Ka jalo ba tsaya mokoro ba bo ba simolola go kgabaganya letšha. Jesu o lapile thata, ka jalo o ya kwa morago ga mokoro a bo a rapama mo mosamong. O ne a thulamela ka bonako.

Jesu o raya diphefo le makhubu a reng?

Barutwa ba nna ba tsogile gore ba kgweetse mokoro. Sengwe le sengwe se lebega se siame, mme phefo e simolola go foka. E foka thata, mme makhubu a magolo. Makhubu a simolola go itaaganya mokoro, mme mokoro o tlala metsi.

Barutwa ba boifa gore ba tlile go nwela. Mme Jesu ga a boife. O sa ntse a robetse kwa morago ga mokoro. Barutwa ba a mo tsosa ba bo ba mo raya ba re: ‘Moruti, Moruti, re boloke, re tloga re bolawa ke sefefo.’ Fa ba rialo, Jesu a tsoga mme a raya phefo le makhubu a re: “Kgaotsa! Didimala!”

Phefo ya kgaotsa go foka gone fela foo, mme letšha le a kokobela. Barutwa ba  gakgametse. Ga ba ise ba bone selo se se ntseng jalo. Ba bolelana ba re: “Tota yono ke mang, gonne o laela le e leng diphefo le metsi, mme di a mo utlwa?”—Luke 8:22-25; Mareko 4:35-41.

A o itse gore Jesu ke mang?— A o itse gore o tsaya kae maatla a gagwe a magolo?— Barutwa ba ne ba sa tshwanela go boifa fa Jesu a ne a na le bone, ka gonne Jesu e ne e se motho yo o tlwaelegileng. O ne a kgona go dira dilo tse di gakgamatsang tse go neng go se na motho ope yo o neng a ka di dira. A ke go bolelele selo se sengwe se a kileng a se dira fa go ne go na le sefefo kwa lewatleng.

Jaanong ke letsatsi le lengwe. Fa go nna maitseboa, Jesu o bolelela barutwa gore ba palame mokoro mme ba mo etelele pele go ya ka kwa moseja ga lewatle. Morago ga moo Jesu o tlhatlogela kwa thabeng a le esi. Ke lefelo le le didimetseng mo a ka kgonang go rapela Rraagwe, e bong Jehofa Modimo gone.

Barutwa ba pagama mokoro mme ba simolola go kgabaganya lewatle  ka one. Mme go ise go ye kae, phefo e simolola go foka. E foka thata. Go setse go le bosigo. Banna bano ba diga seile ba bo ba simolola go kgweetsa mokoro. Mme ga ba kgone go tsamaya ka bonako ka gonne go foka phefo e e maatla. Mokoro o kgotlhokgotsega mo makhubung a magolo, mme metsi a tsena mo mokorong. Banna bano ba dira ka natla go leka go fitlha kwa losing, mme ga ba kgone.

Jesu o sa ntse a le esi kwa thabeng. O na le lobaka a le koo. Mme jaanong o a bona gore barutwa ba gagwe ba mo kotsing mo makhubung. Ka jalo o fologa thaba go ya kwa losing lwa lewatle. Jesu o batla go thusa barutwa ba gagwe, ka jalo o tsamaela kwa go bone a tsamaya mo godimo ga lewatle le le nang le matsubutsubu!

Go ne go ka diregang fa o ne o ka leka go tsamaya fa godimo ga metsi?— O ne o ka nwela, wa betwa ke metsi. Mme Jesu ene ga a tshwane le wena. O na le maatla a a kgethegileng. Jesu o tshwanetse go tsamaya sekgala se seleele go fitlha kwa mokorong. E ne e setse e le masa fa barutwa ba bona Jesu a tla kwa go bone a le mo godimo ga metsi. Mme ga ba dumele se ba se bonang. Ba tshogile thata, mme ba kua mokgosi ba tshogile. Jesu o ba raya a re: “Nnang pelokgale, ke nna; se boifeng.”

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso?

Ka bonako fela fa Jesu a sena go tsena mo mokorong, sefefo se a kgaotsa. Barutwa ba gakgametse gape. Ba ikoba fa pele ga Jesu ba bo ba re: “Ruri o Morwa Modimo.”—Mathaio 14:22-33; Johane 6:16-21.

A go ne go se kitla go nna molemo go tshela ka nako eo, mme re bone Jesu a dira dilo tse di tshwanang le tseo?— A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseo?— O ne a dira dilo tseo ka gonne a ne a rata barutwa ba gagwe e bile a batla go ba thusa. Mme gape o ne a di dira go bontsha maatla a magolo a a neng a na le one le a a neng a tla a dirisa mo isagweng fa e le Mmusi wa Bogosi Jwa Modimo.

Jesu o sireletsa balatedi ba gagwe jang gompieno?

 Tota le gompieno Jesu o dirisa maatla a gagwe gantsi go sireletsa balatedi ba gagwe mo maitekong a ga Satane a go ba thibela go bolelela ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo. Mme Jesu ga a dirise maatla a gagwe go sireletsa barutwa ba gagwe gore ba se ka ba lwala kgotsa go ba fodisa fa ba lwala. Tota le bone baaposetoloi botlhe ba ga Jesu ba ne ba feleletsa ba sule. Morwarraagwe Johane e bong Jakobe o ne a bolawa, mme Johane ka boene o ne a tsenngwa mo kgolegelong.—Ditiro 12:2; Tshenolo 1:9.

Go ntse jalo le gompieno. Le fa batho ba direla Jehofa kgotsa ba sa mo direle, botlhe ba a lwala e bile ba a swa. Mme go ise go ye kae, dilo di tla fetoga fa Jesu a busa e le Kgosi ya puso ya Modimo. Ga go na ope yo o tla boifang ka gonne Jesu o tla dirisa maatla a gagwe go segofatsa botlhe ba ba mo utlwang.—Isaia 9:6, 7

Ditemana tse dingwe tse di bontshang maatla a magolo a ga Jesu, yo Modimo a mo dirileng Mmusi wa Bogosi Jwa Modimo, ke Daniele 7:13, 14; Mathaio 28:18; le Baefeso 1:20-22.