Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 37

Gakologelwa Jehofa le Morwawe

Gakologelwa Jehofa le Morwawe

A RE re mongwe o go naya mpho e ntle. O ne o tla ikutlwa jang ka mpho eo?— A o ne o tla leboga fela o bo o lebala ka motho yo o go neileng mpho eo? Kgotsa a o ne o tla nna o gopola motho yoo le se a se go diretseng?—

Jehofa Modimo o re neile mpho e e molemo thata. O ne a romela Morwawe mo lefatsheng go tla go re swela. A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re swela?— Seno ke sengwe se se botlhokwa se re tshwanetseng go se tlhaloganya.

Jaaka fa re ithutile mo go Kgaolo 23, Adame o ne a leofa fa a ne a tlola molao o o itekanetseng wa Modimo. Mme rona re ruile boleo go tswa mo go Adame, yo e leng rraarona rotlhe. Ka jalo, o akanya gore re tlhoka eng?— Re ka re, re tlhoka rre yo mongwe, yo o neng a tshela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng. O akanya gore ke mang yo o ka nnang rre yo o ntseng jalo?— Ke Jesu.

Jehofa o ne a romela Jesu mo lefatsheng gore a tle go nna rraarona mo boemong jwa ga Adame. Baebele ya re: “‘Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.’ Adame wa bofelo o ne a nna moya o o nayang botshelo.” Adame wa ntlha e ne e le mang?— Ke ene yo Modimo o neng a mmopa ka lorole lwa mmu. Adame wa bobedi ke mang?— Ke Jesu. Baebele e bontsha seno fa e re: “Motho wa ntlha [Adame] o tswa mo lefatsheng e bile o dirilwe ka lorole; motho wa bobedi [Jesu] o tswa kwa legodimong.”1 Bakorintha 15:45, 47; Genesise 2:7.

E re ka Modimo a ne a fudusa botshelo jwa ga Jesu kwa legodimong mme a bo tsenya mo go Marea, Jesu ga a ka a rua boleo mo go  Adame. Ke gone ka moo Jesu e neng e le monna yo o itekanetseng. (Luke 1:30-35) Mme ke ka gone moengele a ileng a raya badisa jaana fa Jesu a ne a tsholwa: “Lo tsaletswe Mmoloki gompieno.” (Luke 2:11) Mme gore lesea Jesu e nne Mmoloki wa rona, o ne a tshwanetse go dirang pele?— O ne a tshwanetse go nna monna yo o godileng ka botlalo, fela jaaka Adame. Ka go dira jalo, Jesu o ne a ka nna ‘Adame wa bobedi.’

Mmoloki wa rona Jesu, gape o tla nna “Rara wa Bosakhutleng.” O bidiwa jalo mo Baebeleng. (Isaia 9:6, 7) Ee, Jesu yo o itekanetseng e ka nna rraarona mo boemong jwa ga Adame, yo o neng a nna motho yo o sa itekanelang fa a ne a leofa. Ka jalo re tlhopha gore ‘Adame wa bobedi’ e nne rraarona. Eleruri, Jesu ka boene ke Morwa wa ga Jehofa Modimo.

Adame le Jesu ba ne ba tshwana jang, mme ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore ba tshwane?

Re ka amogela Jesu go nna Mmoloki wa rona fa re ithuta ka ene. A o a gakologelwa gore re tlhoka go bolokwa mo go eng?— Re tlhoka go bolokwa mo boleong le mo losong tse re di ruileng mo go Adame. Botshelo jo bo itekanetseng jo monna yo o godileng Jesu a neng a bo re ntshetsa setlhabelo, bo bidiwa thekololo. Jehofa o ne a ntsha thekololo gore re itshwarelwe maleo.—Mathaio 20:28; Baroma 5:8; 6:23.

Tota ga re batle go lebala se Modimo le Morwawe ba re diretseng sone, ga ke re?— Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe tsela e e kgethegileng e e ka re thusang go gakologelwa se a se dirileng. A re tlotleng ka yone.

 Akanya o le mo kamotshaneng e e kwa godimo mo ntlong nngwe kwa Jerusalema. Go bosigo. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba dutse fa tafoleng. Mo godimo ga tafole go na le nama e e besitsweng ya nku, marotho a a sephaphathi le beine e khibidu. Ba ja dijo tse di kgethegileng. A o itse gore ka ntlha yang?—

Dijo tseno di ne di ba gakolola se Jehofa a se dirileng makgolo a dingwaga pelenyana, fa batho ba gagwe e bong Baiseraele, e ne e le makgoba kwa Egepeto. Ka nako eo Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re: ‘Lelapa lengwe le lengwe le bolaye nku, mme lo tshase madi a yone mo dikgorong tsa  matlo a lona.’ Morago ga moo a bo a re: ‘Tsenang mo matlong, mme lo je nama ya nku.’

Madi a nku a ne a sireletsa batho ba Iseraele jang?

Baiseraele ba ne ba dira seo. Mme mo bosigong jone joo, moengele wa Modimo o ne a feta mo nageng ya Egepeto. Moengele o ne a bolaya bana ba maitibolo mo matlong a le mantsi. Mme fa moengele a bona madi a nku mo dikgorong, o ne a tlola ntlo eo. Go ne ga se ka ga swa bana bape mo matlong ao. Faro, kgosi ya Egepeto, o ne a tshosiwa ke se moengele wa ga Jehofa a se dirileng. Ka jalo Faro o ne a raya Baiseraele a re: ‘Lo golotswe. Tswang mo Egepeto!’ Fa a rialo, ba ne ba pega dithoto tsa bone mo dikameleng le mo ditonking tsa bone mme ba tsamaya.

Jehofa o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba lebale kafa a ba golotseng ka teng. Ka jalo o ne a re: ‘Gangwe ka ngwaga lo je dijo tse di tshwanang le tse lo di jeleng mo maitseboeng ano.’ Ba ne ba bitsa dijo tseno tse di kgethegileng Tlolaganyo. A o itse gore ke ka ntlha yang?— Ka gonne mo bosigong joo, moengele wa Modimo o ne a ‘tlola’ matlo a a neng a tshwailwe ka madi.—Ekesodo 12:1-13, 24-27, 31.

Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba akantse ka seno fa ba ne ba ja dijo tsa Tlolaganyo. Morago ga moo, Jesu o ne a dira sengwe se se botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, pele ga a dira seno, o leleka moaposetoloi yo o sa ikanyegeng, e bong Judase. Morago ga moo Jesu o tsaya sengwe sa dinkgwe tse di setseng, o a rapela, o a se nathoganya, mme o se naya barutwa ba gagwe. A bo a re: “Tsayang, jang.” Morago ga moo a ba raya a re: ‘Senkgwe seno se kaya mmele wa me o ke tla o ntshang fa ke lo swela.’

Morago ga moo Jesu o tsaya senwelo se se nang le beine e khibidu. Fa a sena go rapela gape, o a ba naya a bo a re: “Nwang mo go sone, lotlhe.” O ba raya a re: ‘Beine eno e kaya madi a me. Ke tla tloga ke tsholola madi a me gore ke lo golole mo maleong a lona. Nnang lo dire seno go nkgopola.’—Mathaio 26:26-28; 1 Bakorintha 11:23-26.

Madi a ga Jesu, a a neng a a tshwantsha le beine, a ka re direlang?

 A o lemogile gore Jesu o ne a re barutwa ba nne ba dire seno go mo gopola?— Ba ne ba se kitla ba tlhola ba ja dijo tsa Tlolaganyo. Go na le moo, ba ne ba tla ja dijo tseno tse di kgethegileng go gopola Jesu le loso lwa gagwe. Dijo tseno di bidiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mo motlheng wa rona re se bitsa Segopotso. Ka ntlha yang?— Ka gonne go re gopotsa se Jesu le Rraagwe, e bong Jehofa Modimo, ba re diretseng sone.

Senkgwe se tshwanetse go re gopotsa mmele wa ga Jesu. O ne a batla go ntsha mmele oo setlhabelo gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Mme go tweng ka beine e khibidu?— Seo se tshwanetse go re gopotsa botlhokwa jwa madi a ga Jesu. A botlhokwa go feta madi a nku ya Tlolaganyo kwa Egepeto. A o itse gore ka ntlha yang?— Baebele ya re madi a ga Jesu a ka dira gore re itshwarelwe maleo. Mme fa maleo otlhe a rona a tlositswe, ga re kitla re tlhola re lwala, re tsofala le go swa. Re tshwanetse go akanya ka seo fa re ya kwa Segopotsong.

A mongwe le mongwe o tshwanetse go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong?— Jesu o ne a raya ba ba jang le ba ba nwang a re: ‘Lo tla nna le karolo mo bogosing jwa me mme lo dule mo ditulong tsa bogosi kwa legodimong le nna.’ (Luke 22:19, 20, 30) Seno se raya gore ba tla ya legodimong go nna dikgosi le Jesu. Ka jalo ke fela ba ba nang le tsholofelo ya go busa le Jesu kwa legodimong ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine.

Mme gone, le batho ba ba sa jeng senkgwe kgotsa go nwa beine ba tshwanetse go nna gone kwa Segopotsong. A o itse gore ka ntlha yang?— Ka gonne le rona Jesu o ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe. Fa re ya Segopotsong, re bontsha gore ga re a lebala seo. Re gopola mpho ya Modimo e e molemo.

Dikwalo tse di bontshang botlhokwa jwa thekololo ya ga Jesu ke 1 Bakorintha 5:7; Baefeso 1:7; 1 Timotheo 2:5, 6; le 1 Petere 1:18, 19.