Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 43

Bokgaitsadiarona le Bomorwarraarona ke Bomang?

Bokgaitsadiarona le Bomorwarraarona ke Bomang?

LETSATSI lengwe Morutisi yo Mogolo o kile a botsa potso e e gakgamatsang. O ne a re: “Mmè ke mang, le bomorwarre ke bomang?” (Mathaio 12:48) A o ka araba potso eo?— O ka tswa o itse gore mmaagwe Jesu o ne a bidiwa Marea. A mme o itse maina a bomorwarraagwe?— A o ne a na le bokgaitsadie?—

Baebele ya re bomorwarraagwe Jesu ba ne ba bidiwa “Jakobe le Josefa le Simone le Judase.” Mme Jesu o ne a na le bokgaitsadie ba ba neng ba tshela ka nako ya fa a ne a rera. E re ka Jesu e ne e le ngwana wa ntlha, bano botlhe ba ne ba le bannye mo go ene.—Mathaio 13:55, 56; Luke 1:34, 35.

A bomorwarraagwe Jesu le bone e ne e le barutwa ba gagwe?— Baebele ya re pele “ba ne ba sa dumele mo go ene.” (Johane 7:5) Le fa go ntse jalo, moragonyana Jakobe le Judase (yo gape a bidiwang Jude) ba ne ba nna barutwa ba gagwe, e bile ba ne ba kwala dibuka dingwe tsa Baebele. A o itse gore ke dibuka dife tse ba di kwadileng?— Ee, ke ya Jakobe le ya Jude.

Re a itse gore Jesu o ne a na le bokgaitsadie ba babedi le fa ba sa umakiwe ka maina mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, gongwe o ne a na le ba bangwe. A bokgaitsadie ba ne ba nna balatedi ba gagwe?— Baebele ga e tlhalose, ka jalo ga re itse. A mme o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a botsa potso eno, “Mmè ke mang, le bomorwarre ke bomang?”— A re bone.

Jesu o ne a ntse a ruta barutwa ba gagwe fa mongwe a mo tsena ganong a re: “Bona! Mmaago le bomorwarrago ba eme kwa ntle, ba batla  go bua le wena.” Ka jalo Jesu o ne a dirisa sebaka seno go ruta thuto eo ya botlhokwa ka go botsa potso eo e e gakgamatsang: “Mmè ke mang, le bomorwarre ke bomang?” O ne a otlololela letsogo la gagwe kwa barutweng ba gagwe mme a araba potso eo, a re: “Bona! Mmè le bomorwarre!”

Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa gore o rayang, a re: “Le fa e le mang yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa legodimong, ene yoo ke morwarre, le kgaitsadiake, le mmè.” (Mathaio 12:47-50) Seno se bontsha kafa Jesu a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng. O ne a re ruta gore o ne a tsaya barutwa ba gagwe jaaka bokgaitsadie le bomorwarraagwe le bommaagwe ba mmatota.

Jesu o ne a re bomorwarraagwe le bokgaitsadie ke bomang?

Ka nako eo, bomorwarraagwe Jesu—Jakobe, Josefa, Simone le Judase—ba ne ba sa dumele gore Jesu e ne e le Morwa Modimo. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba sa dumele se moengele Gabariele a neng a se boleletse mmaabone. (Luke 1:30-33) Ka jalo, gongwe ba ne ba sa rate Jesu. Ope fela yo o  itshwarang ka tsela eo ga se morwarre kgotsa kgaitsadi wa mmatota. A o itse mongwe yo le ene a sa rateng morwarraagwe kgotsa kgaitsadie?—

Baebele e re bolelela ka Esau le Jakobe le kafa Esau a neng a galefa thata ka teng a bo a re: “Ke tlile go bolaya Jakobe morwarre.” Mmaabone, e bong Rebeka, o ne a boifa mo a ileng a dira gore Jakobe a tshabele go sele gore Esau a se ka a mmolaya. (Genesise 27:41-46) Le fa go ntse jalo, dingwaga moragonyana Esau o ne a fetoga, mme a tlamparela Jakobe a bo a mo atla.—Genesise 33:4.

Fa nako e ntse e tsamaya, Jakobe o ne a nna le bana ba basimane ba le 12. Mme bomorwa Jakobe ba bagolo ba ne ba sa rate monnaabone e bong Josefa. Ba ne ba mo fufegela ka gonne rraabone o ne a mo rata thata. Ka jalo ba ne ba mo rekisa e le lekgoba mo bagwebing ba ba neng ba le mo tseleng ba ya Egepeto. Morago ga moo ba ne ba bolelela rraabone gore Josefa o ne a bolailwe ke phologolo ya naga. (Genesise 37:23-36) A seo e ne e se selo se se bosula?—

Moragonyana bomorwarraagwe ba ne ba ikwatlhaela se ba se dirileng.  Ka jalo Josefa o ne a ba itshwarela. A o bona kafa Josefa a neng a tshwana le Jesu ka teng?— Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tshaba fa a ne a le mo mathateng, e bile Petere o ne a mo itatola. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba itshwarela botlhe, fela jaaka Josefa a ile a dira.

Re tshwanetse go ithuta thuto efe mo go se Kaine a ileng a se dira Abele?

Gape go ne go na le bana ba motho ba le babedi e bong Kaine le Abele. Re ka ithuta sengwe le mo go bone. Modimo o ne a bona mo pelong ya ga Kaine gore tota o ne a sa rate monnawe. Ka jalo Modimo o ne a raya Kaine a re a fetole ditsela tsa gagwe. Fa tota Kaine a ne a rata Modimo, o ne a tla mo reetsa. Mme o ne a sa rate Modimo. Letsatsi lengwe Kaine o ne a raya Abele a re: “A re ye kwa nageng.” Abele o ne a tsamaya le Kaine. Fa ba le kwa nageng, Kaine o ne a itaya monnawe botlhoko mme a mmolaya.—Genesise 4:2-8.

Baebele e re bolelela gore re tshwanetse go ithuta thuto ya botlhokwa mo go seno. A o itse gore ke efe?— ‘Ono ke molaetsa o lo o utlwileng go tloga kwa tshimologong: Re tshwanetse go ratana; e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo.’ Ka jalo, bana ba motho ba tshwanetse go ratana. Ga ba a tshwanela go tshwana le Kaine.—1 Johane 3:11, 12.

Ke ka ntlha yang fa go sa siama go tshwana le Kaine?— Baebele ya re o ne a ‘tswa mo go yo o bosula,’ e bong Satane Diabolo. E re ka Kaine a ne a tshwana le Diabolo, go ne go tshwana fela le fa rraagwe e le Diabolo.

A o a bona gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rata bomogoloo le bomonnao?— Fa o sa ba rate, o tla bo o etsa bana ba ga mang?— Bana ba ga Diabolo. Ga o batle go nna ngwana wa ga Diabolo, ga ke re?— O ka bontsha jang gore o batla go nna ngwana wa Modimo?— Ka go rata bomogoloo le bomonnao.

Mme gone lorato ke eng?— Lorato ke maikutlo a a tswang mo pelong a a dirang gore motho a batle go direla batho ba bangwe dilo tse  di molemo. Re bontsha gore re rata ba bangwe fa re ba kgatlhegela le fa re ba direla dilo tse di molemo. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re tshwanetseng go ba rata ke bomang?— Gakologelwa, Jesu o ne a re ke ba ba dirang lelapa le legolo la Bokeresete.

O ka bontsha jang gore o rata morwarrago?

Go botlhokwa go le kana kang gore re rate bakaulengwe bano le bokgaitsadi ba Bakeresete?— Baebele ya re: “Yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 4:20) Ka jalo re ka se rate batho ba le mmalwa fela mo lelapeng la Bokeresete. Re tshwanetse go ba rata botlhe. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) A o rata bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe?— Gakologelwa, fa o sa ba rate, o tla bo o sa rate Modimo.

Re ka bontsha jang gore ruri re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona?— Fa re ba rata, ga re na go ba itlhokomolosa ka gonne re sa batle go bua le bone. Re tla nna botsalano mo go bone botlhe. Ka metlha re tla ba direla dilo tse di molemo le go ba abela dilo. Mme fa ba le mo mathateng, re tla ba thusa ka gonne eleruri re lelapa le legolo.

Fa tota re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe, seno se bontsha eng?— Se bontsha gore re barutwa ba ga Jesu, Morutisi yo Mogolo. A mme seo ga se sone se re batlang go nna sone?—

Gape go tlotliwa ka kgang ya go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo go Bagalatia 6:10 le 1 Johane 4:8, 21. Bula Baebele ya gago mme o bale ditemana tseno.