Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 41

Bana ba ba Itumedisang Modimo

Bana ba ba Itumedisang Modimo

O AKANYA gore ke ngwana ofe yo o neng a itumedisa Jehofa thata mo lefatsheng?— Ke Morwawe, Jesu. A re tlotle ka dilo tse Jesu a neng a di dira go itumedisa Rraagwe yo o kwa legodimong.

Jesu le lelapa la gabone ba ne ba tsamaya malatsi a le mararo go tswa mo ba neng ba nna gone go ya Jerusalema, koo tempele e ntle ya ga Jehofa e neng e le gone. Jesu o ne a bitsa tempele “ntlo ya ga Rre.” Ene le lelapa la gabone ba ne ba ya teng ngwaga le ngwaga go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo.

Ngwaga mongwe, fa Jesu a ne a na le dingwaga tse 12, lelapa la gabone le ne le le mo loetong ba tswa Tlolaganyong. E ne e le gone ba lemogang gore Jesu ga a yo mo gare ga ba losika le ditsala tsa bone fa ba ne ba ema kwa ba neng ba tla robala teng bosigo joo. Ka yone nako eo Marea le Josefa ba ne ba boela Jerusalema go ya go batla Jesu. O akanya gore o ne a le kae?—

Ba ne ba fitlhela Jesu mo tempeleng. O ne a reeditse barutisi e bile a ba botsa dipotso. Mme fa ba mmotsa sengwe, o ne a kgona go ba araba. Ba ne ba gakgamadiwa ke dikarabo tsa gagwe tse di botlhale. A o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a itumedisiwa ke Morwawe?—

Marea le Josefa ba ne ba wela makgwafo fa kgabagare ba bona Jesu. Mme Jesu o ne a sa tshwenyega. O ne a itse gore o bolokesegile kwa tempeleng. Ka jalo o ne a botsa a re: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?” O ne a itse  gore tempele ke ntlo ya Modimo mme o ne a rata go nna teng koo.

Morago ga moo, Marea le Josefa ba ne ba tsaya Jesu wa dingwaga tse 12 mme ba boela gae kwa Nasaretha le ene. O akanya gore Jesu o ne a tshwara batsadi ba gagwe jang?— Baebele ya re o ne a “tswelela a le mo taolong ya bone.” O akanya gore seo se raya eng?— Se raya gore o ne a ba utlwa. Ee, o ne a dira se batsadi ba gagwe ba neng ba mo kopa gore a se dire, gongwe e le sengwe se se tshwanang le go ya go ga metsi kwa sedibeng.—Luke 2:41-52.

Jesu o ne a itumedisa Modimo jang fa e ne e le ngwana?

Ka jalo, akanya ka seno: Le fa Jesu a ne a itekanetse, o ne a utlwa batsadi ba gagwe ba ba neng ba sa itekanela. A seno se ne sa itumedisa Modimo?— Ee ruri, ka gonne Lefoko la Modimo le bolelela bana jaana: “Utlwang batsadi ba lona.” (Baefeso 6:1) Le wena o tla itumedisa Modimo fa o utlwa batsadi ba gago, jaaka Jesu a ne a dira.

Tsela e nngwe e o ka itumedisang Modimo ka yone ke ka go bolelela ba bangwe ka ene. Mme batho bangwe ba ka nna ba re  bana ga ba a tshwanela go dira seno. Mme fa batho ba ne ba leka go thibela basimanyana go dira seno, Jesu o ne a re: ‘A ga lo ise lo bale mo Dikwalong gore, “Modimo o tla tlisa pako ka se se tswang mo melomong ya bana”?’ (Mathaio 21:16) Ka jalo rotlhe re ka bolelela ba bangwe ka Jehofa le kafa e leng Modimo yo o molemo ka teng, fa tota re batla go dira jalo. Mme fa re go dira, re tla itumedisa Modimo.

Re ithuta kae dilo tse re ka di bolelelang ba bangwe ka Modimo?— Mo thutong ya rona ya Baebele ya kwa gae. Mme re ithuta dilo tse dingwe kwa lefelong le batho ba Modimo ba kopanang kwa go lone go ithuta. Mme re ka itse batho ba gagwe jang?—

Batho bano ba dira eng fa ba kopane mmogo? A tota ba ruta se se mo Baebeleng? A ba a e bala le go tlotla ka yone? Eo ke yone tsela e re reetsang Modimo ka yone, ga ke re?— Mme kwa dipokanong tsa Bokeresete ke teng kwa re ka solofelang go utlwa se Modimo a re bolelelang sone, ga ke re?— Go tweng fa batho ba re ga o tlhoke go tshela ka tsela e Baebele e reng o tshele ka yone? A o ne o ka re batho bao ke batho ba Modimo?—

Akanya ka sengwe gape. Baebele ya re batho ba Modimo e tla nna “batho ba leina la gagwe.” (Ditiro 15:14) E re ka leina la Modimo e le Jehofa, re ka ba botsa gore a Jehofa ke Modimo wa bone. Mme fa ba sa dumele, re tla bo re itse gore ga se batho ba gagwe. Gape batho ba Modimo ba tshwanetse go bua le ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo. Mme ba tla itshupa gore ba rata Modimo ka go boloka ditaelo tsa gagwe.—1 Johane 5:3.

Fa o itse batho ba ba dirang dilo tseno tsotlhe, o tshwanetse go obamela Modimo mmogo le bone. O tshwanetse wa reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong tseno mme o arabe dipotso tse di bodiwang. Ke se Jesu a ileng a se dira fa a ne a le kwa ntlong ya Modimo. Mme fa o dira dilo tseo, o tla itumedisa Modimo fela jaaka Jesu a ne a dira.

 A o gakologelwa bana ba bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba itumedisa Modimo?— Timotheo e ne e le mongwe wa bone. Rraagwe o ne a sa dumele mo go Jehofa. Mme mmaagwe, e bong Yunise le nkokoagwe Loise, e ne e le badumedi. Timotheo o ne a ba reetsa mme a ithuta ka Jehofa.

Ke eng se Timotheo a neng a batla go se dira le fa rraagwe e ne e se modumedi?

Fa Timotheo a ne a setse a godile, moaposetoloi Paulo o ne a etela motse o a neng a nna kwa go one. O ne a bona kafa Timotheo a neng a batla go direla Jehofa ka gone. Ka jalo o ne a kopa Timotheo go tsamaya le ene go direla Modimo ka tsela e kgolwane. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone ba ne ba bolelela batho ka Bogosi Jwa Modimo le ka Jesu.—Ditiro 16:1-5; 2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.

A mme Baebele e bua fela ka basimanyana ba ba neng ba itumedisa Modimo?— Nnyaa. A re utlwe ka mosetsanyana mongwe wa Moiseraele yo o neng a dira seno. Mo motlheng wa gagwe, Basiria le Baiseraele e ne e le baba. Letsatsi lengwe Basiria ba ne ba lwantsha Baiseraele mme ba tshwara mosetsanyana yoo. O ne a isiwa  kwa ntlong ya molaodi wa masole, yo o neng a bidiwa Naamane. Fa a le koo, o ne a nna lelata la mosadi wa ga Naamane.

Naamane o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa lepero. Go ne go se na ngaka epe e e ka kgonang go mo thusa. Mme mosetsanyana yono wa Moiseraele o ne a itse gore mongwe wa batlhanka ba ba kgethegileng ba Modimo yo e leng moporofeti a ka thusa Naamane. Naamane le mosadi wa gagwe ba ne ba sa obamele Jehofa. A mosetsanyana yono o ne a tshwanetse go ba bolelela se a neng a se itse? Wena o ne o ka dira eng?—

Mosetsanyana yono wa Moiseraele o ne a itumedisa Modimo jang?

Mosetsanyana o ne a re: ‘Fa Naamane a ne a ka ya kwa moporofeting wa ga Jehofa kwa Iseraele, lepero la gagwe le ne le tla fola.’ Naamane o ne a reetsa mosetsanyana yono mme a ya kwa moporofeting wa ga Jehofa. Fa a sena go dira se moporofeti a rileng a se dire, o ne a fola. Seno se ne sa dira gore Naamane e nne moobamedi wa Modimo wa boammaaruri.—2 Dikgosi 5:1-15.

A o ka rata go thusa mongwe go ithuta ka ga Jehofa le ka dilo tse a kgonang go di dira jaaka mosetsanyana yono a ne a dira?— Wena o ka thusa bomang?— Gone, kwa tshimologong batho bano ba ka nna ba akanya gore ga ba tlhoke thuso. Mme o ka bua le bone ka dilo tse di molemo tse Jehofa a di dirang. Gongwe ba ka go reetsa. O ka tlhomamisega gore seno se tla itumedisa Modimo.

Dikwalo tse dingwe tse di ka kgothatsang basha gore ba direle Modimo ke Pesalema 122:1; 148:12, 13; Moreri 12:1; 1 Timotheo 4:12; le Bahebera 10:23-25.