Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo ya Mmatota ka Ba Ba Tlhokafetseng

Tsholofelo ya Mmatota ka Ba Ba Tlhokafetseng

MOSADI mongwe wa dingwaga tse 25 o ne a kwala jaana: “Ka 1981 mmè yo ke neng ke mo abetswe o ne a tlhokafala a ne a tshwerwe ke kankere. Loso lwa gagwe lo ne lo le botlhoko thata mo go nna le mo go kgaitsadiake yo le ene a neng a mo filwe.

Ke ne ke na le dingwaga di le 17, kgaitsadiake a na le tse 11. Ke ne ke tlhoafalela mmè fela thata. E re ka ke ne ke rutilwe gore o ne a le kwa legodimong, ke ne ke batla go ipolaya gore ke ye go nna le ene. E ne e le tsala ya me e kgolo.”

Go lebega go sa siama tota gore loso lo ka nna le maatla a go tsaya mongwe yo o mo ratang. Mme fa go direga, go akanya fela gore ga o kitla o tlhola o kgona go bua le moratiwa wa gago gape, go tshega le ene, kana go mo tshwara go ka nna thata go go itshokela. Kutlobotlhoko eo ga se gore e tla fedisiwa ke go bolelelwa gore moratiwa wa gago o kwa legodimong.

Lefa go ntse jalo, Bibela e solofetsa sengwe se se farologaneng thata le seo. Jaaka re setse re bone, Dikwalo di bontsha gore go ka kgonega go kopana gape le moratiwa wa gago yo o tlhokafetseng mo isagweng e e fa gaufi, e seng kwa legodimong le le sa itsiweng mme e leng mono lefatsheng mo maemong a kagiso, a a siameng. Mme ka nako eo batho ba tla solofela go nna le botsogo jo bo itekanetseng, mme ga ba kitla ba tlhola ba swa gape. Ba bangwe ba ka nna ba re, ‘Owai, ke go eletsa fela!’

Ke eng se se ka go tlhomamisetsang gore eno ke tsholofelo ya mmatota? Gore o dumele tsholofetso, o ka tlhoka gore o tlhomamise gore yo o solofetsang o iketleeditse e bile o ka kgona go diragatsa seo a se solofetsang. Mme he, ke mang yo o solofetsang gore baswi ba tla tshela gape?

Ka dikgakologo tsa 31 C.E., Jesu Keresete o ne a solofetsa jaana ka bopelokgale: “Yaka Rara a cosa bashwi, a ba rudise, go nntse hèla yalo, Morwa le èna o rudisa ba o ratañ go ba rudisa. Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [Jesu] ka lōna, Me ba tla cwa.” (Yohane 5:21, 28, 29) Ee, Jesu Keresete o solofeditse gore dimilione tsa batho ba gone jaanong ba suleng di tla tshela gape mo lefatsheng leno mme di na le tsholofelo ya go nnela ruri mo go lone mo kagisong mo paradaiseng. (Luke 23:43; Yohane 3:16; 17:3; bapisa Pesalema 37:29 le  Mathaio 5:5.) E re ka Jesu a ne a solofetsa seo, go a utlwala go dumela gore o iketleeditse go se diragatsa. A mme a ka kgona go dira jalo?

Pele dingwaga tse pedi di feta a sena go solofetsa jalo, Jesu o ne a bontsha ka tsela e e supang maatla gore o iketleeditse go tsosa batho ba ba suleng e bile o a go kgona.

“Lasaro, Cwa”

E ne e le tiragalo e e amang maikutlo. Lasaro o ne a lwala fela thata. Bokgaitsadie ba babedi, Maria le Maratha, ba ne ba romela mongwe go ya go bolelela Jesu, yo o neng a le ka kwa moseja ga Noka ya Joredane jaana: “Morèna, bōna, eo u mo ratañ oa bobola.” (Yohane 11:3) Ba ne ba itse gore Jesu o ne a rata Lasaro. A Jesu o ne a ka se ka a batla go bona tsala ya gagwe e e lwalang? Se se gakgamatsang ke gore Jesu ga a ka a ya Bethania ka bonako, mme o ne a nna kwa a neng a le teng malatsi a le mabedi ao a neng a latela.—Yohane 11:5, 6.

Lasaro o ne a tlhokafala nakwana fela go sena go romelwa molaetsa wa gore o a lwala. Jesu o ne a itse fa Lasaro a ne a tlhokafala, mme o ne a ikaeletse go dira sengwe ka gone. Fa Jesu a ne a goroga kwa Bethania moragonyana, tsala ya gagwe e e rategang e ne e setse e na le malatsi a le mane e tlhokafetse. (Yohane 11:17, 39) A Jesu o ne a ka kgona go boa a tshedisa motho yo o neng a setse a na le lobaka lo lo kalo a tlhokafetse?

Fa a utlwa gore Jesu o e tla, Maratha, mosadi yo o tlhaga, o ne a taboga a ya go mo kgatlhantsha. (Bapisa Luke 10:38-42.) E re ka a ne a amilwe ke kutlobotlhoko ya gagwe, Jesu o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Kgantsadio o tla ba a coga.” Fa a ne a supa gore o dumela mo tsogong ya baswi ya mo isagweng, Jesu o ne a mmolelela jaana ka tlhamalalo: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.”—Yohane 11:20-25.

 Fa Jesu a goroga kwa phupung, o ne a laela gore go tlosiwe letlapa le le neng le tswetse mojako wa phupu. Mme fa a sena go rapelela kwa godimo, o ne a laela jaana: “Lasaro, cwa.”—Yohane 11:38-43.

Batho botlhe ba ne ba tlhoma matlho mo phupung. Mme mo lefifing leo, go ne ga bonala motho. Maoto a gagwe le diatla di ne di hapilwe, le sefatlhego sa gagwe se bipilwe ka letsela. “Mo hapololeñ, lo mo lesè a tsamaeè,” Jesu o ne a laela jalo. Matsela a bofelo a a neng a mmofile a ne a wela fa fatshe. Ee, e ne e le Lasaro, monna yo o neng a sule malatsi a le mane!—Yohane 11:44.

A Tota go Diragetse?

Pego ya go tsosiwa ga ga Lasaro e kwadilwe mo Efangeleng ya ga Johane jaaka sengwe se se diragetseng tota mo hisitoring. Dintlha tsa yone di phepafetse thata mo e ka se kang ya bo e le puo fela ya tshwantshetso. Fa o belaela gore a tota e diragetse o tla bo o belaela dikgakgamatso tsotlhe tsa Bibela, go akaretsa tsogo ya ga Jesu Keresete ka boene. Mme fa o ganetsa gore Jesu o ne a tsosiwa o ganetsa tumelo ya Bokeresete yotlhe fela.—1 Bakorintha 15:13-15.

Totatota, fa o dumela gore Modimo o teng, ga o a tshwanela go palelwa ke go dumela tsogo ya baswi. Fa re tshwantsha: Motho a ka gatisa mo theiping ya bidio gore o rata dithoto tsa gagwe di abiwa jang morago ga loso, mme fa a sena go tlhokafala, ba losika le ditsala ba ka mmona tota le go mo utlwa, fa a ntse a tlhalosa gore dithoto tsa gagwe di kgaoganngwe jang. Selo se se ntseng jalo se ne se ka se ka sa bo sa akanngwa dingwaga di le lekgolo tse di fetileng. Le mo bathong bangwe ba gompieno ba nnang mo dinageng tse di kwa kgakala tsa lefatshe, botegeniki jwa go gatisa ka bidio ga bo itsege mo eleng gore bo ka lebega e le kgakgamatso. Fa e le gore batho ba ka kgona go dirisa melaometheo ya saense e e tlhomilweng ke Mmopi go dira gore sengwe se se neng se kile sa bonwa le go utlwiwa pele se boe se bonwe le go utlwiwa gape, a Mmopi ga a tshwanela go kgona go dira se se fetang seo kgakala? A ga go utlwale he, gore Ene yo o dirileng botshelo a bo a ka kgona go bo dira gape?

Kgakgamatso ya go tsosediwa ga ga Lasaro mo botshelong e ne ya nonotsha tumelo mo go Jesu le mo tsogong ya baswi. (Yohane 11:41, 42; 12:9-11, 17-19) Gape e senola ka tsela e e amang maikutlo kafa Jehofa le Morwawe ba iketleeditseng ka gone e bile ba rata go tsosa baswi.

‘Modimo O Tla Eletsa’

Tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone fa a utlwa ka loso lwa ga Lasaro e senola tsela e Morwa Modimo a nang le bopelotlhomogi ka yone. Maikutlo a gagwe a a boteng ka nako eno a bontsha ka phepafalo kafa a neng a eletsa thata ka gone gore a tsose baswi. Re bala jaana: “Hoñ Marie a re a hitlha ha Yesu o gōna, me a mmōna, a wèla ha dinaoñ tsa gagwè, a mo raea, a re, Morèna, ha u ka bo u nu u le ha, kgantsadiake o ko a se ka a shwa. Me hoñ, ea re Yesu a mmōna a lela, le Bayuda ba ba tsileñ naè ba lela, a hohoma mo moeeñ, a huduèga, me a re, Lo mmeile kae? Ba mo raea, ba re, Morèna, tla u bōnè. Yesu a lela. Hoñ Bayuda ba re, Bōnañ yaka a na a mo rata!”—Yohane 11:32-36.

Tsela e Jesu a neng a amegile go tswa pelong ka yone e bontshiwa ke dipolelwana tse tharo: “a hohoma,” “a huduèga,” le “a lela.” Mafoko a puo ya ntlhantlha a a dirisitsweng go bontsha tiragalo eno e e amang maikutlo a bontsha gore Jesu o ne a amilwe thata ke loso lwa tsala ya gagwe e e rategang Lasaro le ke go bona kgaitsadia Lasaro a lela mo e leng gore matlho a Gagwe a ne a tshologa dikeledi. *

Se se kgatlhang thata ke gore Jesu o ne a setse  a kile a tsosa batho ba bangwe ba le babedi. Mme ruri o ne a ikaeletse go dira fela jalo ka Lasaro. (Yohane 11:11, 23, 25) Lefa go ntse jalo o ne “a lela.” Ka jalo, go tsosa batho gore ba boe ba tshele gape ga se tiro fela mo go Jesu. Maikutlo a gagwe a a lorato a a tswang kwa teng ao a a bontshitseng mo lekgetlhong leno a bontsha kafa a eletsang thata ka gone go baakanya se loso lo se sentseng.

Maikutlo a ga Jesu a lorato fa a ne a tsosa Lasaro a ne a bontsha gore o eletsa thata go baakanya se loso lo se sentseng

E re ka Jesu e le ‘setshwano sebele sa ga Jehofa Modimo ka boene,’ go a tshwanela gore re bo re solofetse se se fetang seo mo go Rraarona wa selegodimo. (Bahebera 1:3) Monna yo o ikanyegang ebong Jobe o ne a bolela kafa Jehofa ka boene a iketleeditseng ka gone go tsosa baswi jaana: “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela? . . . U nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba: u nu u tla eletsa tihō ea diatla tsa gago.” (Yobe 14:14, 15) Fano lefoko la puo ya ntlhantlha e e dirisitsweng go kaya “u tla eletsa” le kaya tlhologelelo le keletso e e boteng ya Modimo. (Genesise 31:30; Pesalema 84:2) Go phepafetse gore Jehofa o tshwanetse a bo a lebeletse tsogo ya baswi ka tlhoafalo e kgolo.

A ruri re ka dumela tsholofetso ya tsogo? Ee, ga go na pelaelo epe ya gore Jehofa le Morwawe ka bobedi ba iketleeditse go e diragatsa e bile ba tla kgona. Seno se kaya eng ka wena? O solofetse go kopana gape le baratiwa ba gago ba ba suleng gone mono lefatsheng, mme e le kafa tlase ga maemo a a farologaneng tota!

Jehofa Modimo, yo o tlhomileng batho mo tshingwaneng e ntle, o solofeditse gore o tla busetsa lefatshe leno gore le nne Paradaise kafa tlase ga taolo ya Bogosi jwa Gagwe jwa selegodimo mo diatleng tsa ga Jesu Keresete yo jaanong a galaleditsweng. (Genesise 2:7-9; Mathaio 6:10; Luke 23:42, 43) Mo Paradaiseng eo e e tsosolositsweng, lelapa la motho le tla nna le tebelelo ya go tshelela ruri, ba sa bobole e bile ba sa lwale. (Tshenolō 21:1-4; bapisa Yobe 33:25; Isaia 35:5-7.) Gape go tla bo go sa tlhole go na le kilano epe, go tlhoana ka ntlha ya go tlhaolana ka lotso, go bolaana ka bomorafe, le go gatelelwa ke tsa ikonomi. Jehofa Modimo o tla dirisa Jesu Keresete go tsosetsa baswi mo lefatsheng le le phepafaditsweng jalo.

Tsogo, eo e theilweng mo setlhabelong sa ga Keresete Jesu sa thekololo, e tla itumedisa ditšhaba tsotlhe

Ke sone se jaanong mosadi wa Mokeresete yo o umakilweng kwa tshimologong ya karolo eno a se solofetseng. Dingwaga di le dintsi mmaagwe a sena go tlhokafala, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa go ithuta Bibela ka kelotlhoko. O gakologelwa jaana: “Fa ke sena go ithuta ka tsholofelo ya tsogo, ke ne ka lela. Go ne go le monate go itse gore ke tla bona mmè gape.”

Fa pelo ya gago le wena e eletsa go bona moratiwa mongwe gape, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa gore o ithute kafa o ka dirang ka gone gore o nne le tsholofelo eno ya mmatota. Ke ka ntlha yang fa o sa kopane le bone kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena, kana o ba kwalele kwa atereseng nngwe e e gaufi e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 32.

^ ser. 21 Lefoko la Segerika le le dirisitsweng go kaya go “hohoma” le tswa mo lediring (em·bri·maʹo·mai) le le kayang go amega mo go botlhoko, kana go amega thata. Mokanoki mongwe wa Bibela o akgela jaana: “Fano go ka raya fela gore Jesu o ne a amega maikutlo fela thata mo e leng gore pelo ya Gagwe e ne ya hohoma fela a sa itire.” Lefoko le le ranotsweng jaaka go “huduèga” le tswa mo lefokong la Segerika (ta·rasʹso) le le kayang go tshwenyega thata. Go ya ka mokwadi mongwe wa bukantswe, le kaya “go dira gore motho a tlhakatlhakane maikutlo, . . . go utlwisa botlhoko thata kana go hutsafatsa thata.” Polelwana “a lela” e tswa mo lediring la Segerika (da·kryʹo) le le kayang go “tsholola dikeledi, go lela ka tidimalo.”