Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Bangwe Ba Ka Thusa Jang?

Ba Bangwe Ba Ka Thusa Jang?

“FA E le gore go na le sengwe se nka thusang ka sone, o mpolelele.” Bontsi jwa rona re na le go raya tsala kana wa losika yo o sa tswang go swelwa jalo. Ee, gone re a bo re bua go tswa pelong. Re tla dira sengwe le sengwe go thusa. A mme yo o swetsweng

o a tle a re bitse a re: “Ke akantse sengwe se o ka se dirang go nthusa”? Ga se gantsi. Go phepafetse gore re ka nna ra tlhoka go dira sengwe ka borona fa e le gore tota re batla go thusa le go gomotsa yo o hutsafetseng.

Seane sengwe sa Bibela sa re: “Lehoko ye le buiwañ ka tebañ ea yeōna, le chwana yaka boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.” (Diane 15:23; 25:11) Go botlhale go itse se o tshwanetseng go se bua le se o sa tshwanelang go se bua, se o tshwanetseng go se dira le se o sa tshwanelang go se dira. Fano go na le dikakantsho di sekae tse di tswang mo Dikwalong, tse batho bangwe ba ba swetsweng ba fitlhetseng di le mosola.

Se O Tshwanetseng go Se Dira . . .

Reetsa: Nna “bonakō go utlwa,” go rialo Yakobe 1:19. Sengwe sa dilo tse di thusang thata tse o ka di dirang ke go utlwa botlhoko le yo o swetsweng ka go mo reetsa. Batho ba bangwe fa ba swetswe ba ka nna ba tlhoka go bua kaga moratiwa wa bone yo o tlhokafetseng, kaga kotsi kana bolwetsi jo bo bakileng loso, kana kaga tsela e ba ikutlwang ka yone fa e sale loso lo diragala. Ka jalo botsa jaana: “A o ne o ka rata go bua ka gone?” Ba letle gore ba dire tshwetso. Lekawana lengwe le ne la bolela jaana fa le gakologelwa nako ya fa raalone a ne a tlhokafala: “Go ne ga nthusa tota fa batho ba bangwe ba ne ba mpotsa gore go diragetse eng ba bo ba reetsa tota.” Reetsa ka bopelotelele le ka kutlwelobotlhoko o sa akanye gore tota o patelesega gore o neele dikarabo le ditharabololo. Ba letle gore ba bue sengwe le sengwe se ba batlang go se bua.

Ba kgothatse: Ba tlhomamisetse gore ba dirile sotlhe se se neng se ka kgonega (kana sengwe le sengwe se o itseng se le boammaaruri e bile se thusa). Ba tlhomamisetse gore tsela e ba ikutlwang ka yone—go utlwa botlhoko, go galefa, go ipona molato, kana boikutlo bongwe le bongwe fela bo sele—tota e tlwaelegile. Ba bolelele ka batho ba bangwe ba o ba itseng ba ba neng ba swelwa ka tsela e e tshwanang mme ba gomotsega. Diane 16:24 e bolela gore “mahoko a a monate” jalo ke “phodishō mo marapoñ.”—1 Bathesalonia 5:11, 14.

Nna teng: Dira gore o nne teng, eseng fela ka malatsi a ntlha a sekae fa ditsala le ba losika ba le bantsi ba santse ba le teng, mme le eleng dikgwedi moragonyana fa ba bangwe ba boetse kwa ditirong tsa bone tse di tlwaelegileng. Ka tsela eno o itshupa o le “tsala ya boammaaruri,” e e nnang le tsala ya yone ka nako ya “pitlagano.” (Diane 17:17, NW) “Ditsala tsa rona di ne di tlhomamisa gore maitseboa mangwe le mangwe re nna re tshwaregile mo eleng gore re ne re sa tlhoke go nna kwa gae re le nosi  nako e ntsi,” go tlhalosa jalo Teresea, yo o neng a swelwa ke ngwana mo kotsing ya koloi. “Seo se ne sa re thusa gore re itshokele boikutlo jo re neng re na le jone jwa go ikutlwa re iphotlhere fela.” Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, matlha a a gopotsang ditiragalo dingwe ngwaga le ngwaga, a a tshwanang le letsatsi la lenyalo kana letsatsi le a tlhokafetseng ka lone, a ka baka kutlobotlhoko thata mo go ba ba setseng. Ke ka ntlha yang fa o sa tshwaye matlha ao mo khalendareng ya gago gore fa go tlhokega, o nne teng ka letsatsi leo, gore o ba tshegetse ka go supa kutlwelobotlhoko?

Fa o bona gore eletota go a tlhokega, o se ka wa emela gore o kopiwe pele—tsaya kgato e e tshwanetseng o dire sengwe

Tsaya dikgato tse di tshwanetseng o dire: A go na le ditiro dingwe tse di tlhokang go dirwa? A go tlhokega gore mongwe a tlhokomele bana? A ditsala le ba losika ba ba etileng ba tlhoka kwa ba ka gorogelang teng? Batho ba ba sa tswang go swelwa gantsi ba a bo ba gamaregile mo eleng gore ga ba itse le gore bone ba ka dira eng, re sa bue sepe ka gore ba ka raya ba bangwe gore ba ka thusa jang. Ka jalo fa o bona gore ruri go a tlhokega, o se ka wa emela gore o kopiwe; tsaya kgato o dire. (1 Bakorintha 10:24; bapisa 1 Yohane 3:17, 18.) Mosadi mongwe yo o neng a swetswe ke monna o ne a gakologelwa jaana: “Ba le bantsi ba ne ba re, ‘Fa e le gore go na le sengwe se nka se dirang, o mpolelele.’ Mme lefa go ntse jalo tsala nngwe yone ga e a ka ya botsa. O ne a tsena fela kwa kamoreng, a alola bolao, a tlhatswa dishiti tse di neng di tletse leswe morago ga loso lwa monna wa me. Yo mongwe o ne a tsaya kgamelo, metsi, le melora mme a gotlha mmete fa monna wa me a neng a kgwetse teng. Dibeke di sekae moragonyana, mongwe wa bagolwane ba phuthego o ne a tla a apere diaparo tsa gagwe tsa tiro le didirisiwa tsa gagwe mme a re, ‘Ke a itse gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se batlang go baakanngwa. Ke eng?’ A bo monna yoo a nkamile pelo thata jang ne ka go baakanya setswalo se se neng se setse se leketla fela le go baakanya sediriswa sa motlakase!”—Bapisa Yakobe 1:27.

Amogela baeng: “Se lebaleñ go ichupa loratō mo baeñeñ,” Bibela e re gakolola jalo. (Bahebera 13:2) Mme re tshwanetse go gakologelwa go supa lorato segolobogolo mo go ba ba mo khutsafalong. Go na le gore o ba laletse fela ka go re “lo ka tla nako nngwe le nngwe fela,” baya letsatsi le nako. Fa ba gana, o se ka wa ineela motlhofo fela. Go ka nna ga tlhokega gore o  ba kgothatse ka bonolo. Gongwe ba ganne taletso ya gago ka gonne ba tshaba gore ba tla thubega ka selelo fa pele ga ba bangwe. Gongwe ba ka nna ba ikutlwa ba le molato fa ba itumelela dijo le botsalano ka nako e e ntseng jalo. Gakologelwa mosadi yo o neng a rata go tshola baeng yo o umakiwang mo Bibeleng ebong Lidia. Fa a sena go lalediwa kwa ntlong ya gagwe, Luke o ne a re, “Me a re patèlèla.”—Ditihō 16:15.

Nna pelotelele o bo o tlhaloganye: O se ka wa gakgamadiwa thata ke se batho ba ba swetsweng ba ka se buang la ntlha. Gakologelwa, ba ka nna ba bo ba ikutlwa ba galefile kana ba le molato. Fa go galefa ka ntlha ya go tlalelana ga maikutlo go lebane le wena, go tla tlhoka gore o nne le temogo le bopelotelele gore o se ka wa tenega le wena. “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele,” go gakolola jalo Bibela.—Bakolosa 3:12, 13.

Kwala lekwalo: Sengwe se gantsi se tlodisiwang matlho ke botlhokwa jwa lekwalo la matshediso kana karata e e bontshang kutlwelobotlhoko. Mosola wa yone ke eng? Cindy, yo mmaagwe a neng a tlhokafala a bolawa ke kankere o araba jaana: “Tsala nngwe ya me e ne ya nkwalela lekwalo le le monate. Seo se ne sa nthusa tota ka gonne ke ne ke kgona go le bala ka go le boaboeletsa.” Lekwalo kana karata e e ntseng jalo ya kgothatso e ka dirwa ka “mahoko a le makhutshane,” mme e tshwanetse ya bua se se mo pelong ya gago. (Bahebera 13:22) Mo go lone o ka bolela gore o a amega le gore le wena o gopola sengwe se se kgethegileng kaga moswi, kana o ka nna wa bontsha gore botshelo jwa gago bo amilwe jang ke motho yo o tlhokafetseng.

Rapela le bone: O se ka wa nyatsa botlhokwa jwa dithapelo tsa gago fa o rapela le ba ba swetsweng kana o ba rapelela. Bibela ya re: “Mokokotlèlō oa mosiami o thusa thata.” (Yakobe 5:16) Ka sekai, go utlwa o ba rapelela go ka ba thusa gore ba kokobetse maikutlo a ba nang le one a a sa kgothatseng a a jaaka go ikutlwa ba le molato.—Bapisa Yakobe 5:13-15.

Se O Sa Tshwanelang go Se Dira . . .

Go nna teng ga gago kwa kokelong go ka kgothatsa ba ba swetsweng

O se ka wa ba tila ka gonne o sa itse gore o tla reng kana o tla dira eng: ‘Ba tshwanetse ba bo ba batla go nna ba le nosi jaanong,’ re ka nna ra ipolelela jalo. Mme gongwe e le gore tota ga re ye kwa go bone ka gonne re tshaba gore re tloga re bua kana re dira sengwe se se phoso. Lefa go ntse jalo, fa ditsala, ba losika, kana badumedimmogo ba katoga motho yo o swetsweng, go dira fela gore a jewe ke bodutu le go feta, go mo okeletsa bohutsana. Gakologelwa, gantsi mafoko le ditiro tse di bontshang bopelontle thata ke tse di motlhofo fela. (Baefesia 4:32) Go nna teng ga gago fela go ka ba kgothatsa. (Bapisa Ditihō 28:15.) Fa Teresea a gakologelwa letsatsi le morwadie a tlhokafetseng ka lone, a re: “E ne ya re mo ureng e le nngwe fela, bogorogelo jwa kokelo jwa bo bo tletse ka ditsala tsa rona; bagolwane botlhe le basadi ba bone ba ne ba le teng. Bangwe ba basadi bano ba ne ba santse ba ise ba fetse le go ipaakanya meriri, ba bangwe ba santse ba apere diaparo tsa kwa tirong. Ba ne ba phuaganya sengwe le sengwe fela se ba neng ba se dira mme ba tla. Ba le bantsi mo go bone ba ne ba re bolelela gore ba ne ba sa itse gore ba ka reng, mme go ne go sa re sepe ka gonne gone ba ne ba tsile.”

O se ka wa leka go ba pateletsa gore ba kgaotse go lela: ‘Go siame jaanong, se lele,’ re ka rata go rialo. Mme lefa go ntse jalo go ka nna botoka go lesa dikeledi gore di elele fela. “Ke akanya gore go botlhokwa go letla batho ba ba swetsweng gore ba bontshe maikutlo a bone mme ba a ntshe tota,” ga rialo Katherine, a akantse ka loso lwa monna wa gagwe. Tila go bolelela ba bangwe gore ba tshwanetse gore ba ikutlwe jang. Gape o se ka wa tsaya gore o tshwanetse go fitlha maikutlo a gago e le gore o sireletse a bone. Go na le moo, ‘lela le ba ba lelang,’ Bibela e gakolola jalo.—Baroma 12:15.

 O se ka wa itlhaganelela go ba gakolola gore ba latlhe diaparo kana dilo dingwe tsa yo o tlhokafetseng ba ise ba ipaakanyetse go dira jalo: Re ka nna ra akanya gore go ka nna botoka fa ba ka latlha dilo tse di ba gopotsang ka gonne ka tsela nngwe di dira gore kutlobotlhoko e tseye nako e telele. Mme lefa go ntse jalo gongwe polelwana e e reng “Se ileng se a lebalwa” e ka se ka ya dira fano. Motho yo o swetsweng a ka nna a tsaya nako gore a lebale yo o tlhokafetseng. Gakologelwa se Bibela e se tlhalosang ka tsela e tlhogo ya lotso Jakobe a neng a itshwara ka yone fa a ne a tewa go twe morwawe yo mmotlana ebong Josefa o ne a bolailwe ke sebatana. Fa Jakobe a sena go neelwa kobo e telele ya ga Josefa e e neng e tletse madi, o ne a “lelèla morwawè ka malatsi a le mantsi. Me bomorwawè botlhe, le bomorwadiè botlhe ba nanoga, ba re ba mo gomotsa; me a gana go gomodiwa.”—Genesise 37:31-35.

O se ka wa re, ‘O tla tshola ngwana yo mongwe gape’: “Ke ne ke tenega fa batho ba mpolelela gore ke ne ke ka tshola ngwana yo mongwe gape,” go gakologelwa jalo mmè mongwe yo o neng  a swetswe ke ngwana. Maikaelelo a bone a ka tswa a siame, mme mo motsading yo o hutsafetseng, mafoko a a kayang gore ngwana yo o tlhokafetseng a ka emisediwa ka yo mongwe a ka ‘tlhaba jaaka tšhaka.’ (Diane 12:18) Ga go na ngwana ope yo o ka emisetsang yo mongwe le ka motlha. Ka ntlha yang? Ka gonne ngwana mongwe le mongwe ga a tshwane le yo mongwe.

O se ka wa tila go umaka yo o tlhokafetseng go sa tlhokege: “Batho ba le bantsi ba ne ba ka se ka ba bo ba umaka leina la ga morwaake Jimmy kana go bua ka ene,” go gakologelwa jalo mmè mongwe. “Go bua boammaaruri fela, ke ne ke utlwa botlhoko go sekae fa ba bangwe ba ne ba dira jalo.” Ka jalo ga go tlhokege gore o bue ka kgang e sele fa go umakiwa leina la yo o tlhokafetseng. Botsa yo o swetsweng gore a o ka rata go tlotla kaga moratiwa wa gagwe. (Bapisa Yobe 1:18, 19 le 10:1.) Batho bangwe ba ba swetsweng ba rata go utlwa ditsala di ba bolelela kaga dinonofo tse di kgethegileng tse ba neng ba di rata mo go yo o tlhokafetseng.—Bapisa Ditihō 9:36-39.

O se ka wa itlhaganelela go re, ‘O thusegile’: Go leka go bona mosola wa loso ga se ka metlha go ‘nametsang ba ba lapang pelo’ ba ba mo khutsafalong. (1 Bathesalonia 5:14) Fa a gakologelwa motlha o mmaagwe a neng a tlhokafala ka one, morweetsana mongwe o ne a re: “Ba bangwe ba ne ba a tle ba re, ‘Ga a mo ditlhabing’ kana ba re, ‘Go botoka ka gore o mo kagisong.’ Mme ke ne ke sa batle go utlwa seo.” Dikakgelo tse di ntseng jalo di ka dira gore batho ba ba setseng ba akanye gore ga ba a tshwanela go utlwa botlhoko kana gore tota ga ba a latlhegelwa go le kalo. Lefa go ntse jalo, ba ka nna ba bo ba utlwile botlhoko thata ka gonne ba tlhoafalela moratiwa wa bone thata.

Go ka nna botoka gore o se ka wa re, ‘Ke itse gore o ikutlwa jang’: A tota o a itse? Ka sekai, a tota o ka itse gore motsadi o ikutlwa jang fa a swetswe ke ngwana fa e le gore wena ga o ise o swelwe ke ngwana? Gone le fa e le gore o kile wa swelwa ke ene, lemoga gore ba bangwe ba ka nna ba se ka ba ikutlwa fela jaaka o ne o ikutlwa. (Bapisa Dikhutsahalō 1:12.) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go lebega go tshwanela, go ka nna mosola go bolela kafa o neng wa gomotsega ka gone fa o sena go swelwa ke mongwe yo o mo ratang. Mosadi mongwe yo o neng a swetswe ke morwadie o ne a bona go kgothatsa go utlwa mmè yo mongwe yo le ene a neng a swetswe ke morwadie a mmolelela kafa a neng a kgona ka teng go boa a tshela ka tsela e e tlwaelegileng. O ne a re: “Mmaagwe mosetsana yo o tlhokafetseng ga a ka a simolola mafoko a gagwe ka go re ‘Ke a itse gore o ikutlwa jang.’ Se a neng a se dira fela o ne a mpolelela gore ene o ne a ikutlwa ka tsela efe a bo a ntetla go bona kafa seo se nkamang ka gone.”

Go thusa motho yo o swetsweng go tlhoka gore o bo o le pelotlhomogi, o kgona go lemoga dilo, gape o le lorato tota. Se emele yo o swetsweng gore a tle kwa go wena. O se ka wa re fela, “Fa e le gore go na le sengwe se nka se dirang . . .” Batla “sengwe” seo ka bowena, go tswa foo o bo o tsaya kgato ya go se dira.

Go santse go setse dipotso di sekae: Re ka reng ka tsholofelo ya Bibela ya tsogo? E ka go ama jang wena le moratiwa wa gago yo o tlhokafetseng? Re ka tlhomamisa jang gore ke tsholofelo e re ka e ikanyang?