Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ka Itshokela Khutsafalo ya Me Jang?

Ke Ka Itshokela Khutsafalo ya Me Jang?

“KE NE ke ikutlwa ke tlamega thata gore ke fitlhe maikutlo a me,” Mike o tlhalosa jalo fa a gakologelwa loso lwa ga rraagwe. Mo go Mike, go gatelela khutsafalo ya gagwe go ne go bontsha gore ke monna. Lefa go ntse jalo moragonyana o ne a lemoga

gore o ne a le phoso. Ka jalo fa tsala ya ga Mike a ne a swelwa ke rraagwemogolo, Mike o ne a itse gore o tshwanetse a dira eng. O bolela jaana: “Fa e ne e le dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ka bo ke ile ka mo phaphatha legetla ka re, ‘Itshware senna.’ Mme jaanong ke ne ka mo tshwara letsogo ka mo raya ka re, ‘Ikutlwe ka tsela nngwe le nngwe e o batlang go ikutlwa ka yone. Go tla go thusa gore o itshoke. Fa e le gore o batla ke tsamaya, ke tla tsamaya. Fa o batla ke nna, ke tla nna. Mme lefa go ntse jalo o se ka wa tshaba go utlwa botlhoko.’”

MaryAnne le ene o ne a ikutlwa a tlamega go fitlha maikutlo a gagwe fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke tshwenyegile thata ka gore ke tshwanetse go tlhomela ba bangwe sekao se se molemo mo eleng gore ga ke a ka ka itetla gore ke bontshe maikutlo a a tlwaelegileng. Mme lefa go ntse jalo kgabagare ke ne ka lemoga gore go leka go itira pilara e ba bangwe ba ka inonotshang ka yone go ne go sa nthuse ka sepe. Ke ne ka simolola go sekaseka boemo jwa me ke bo ke re, ‘Lela fa e le gore go a tlhokega. Se leke go nna thata mo go feteletseng. Ntshetsa kutlobotlhoko eo kwantle.’”

Ka jalo Mike le MaryAnne ka bobedi ba akantsha jaana: Itese fela o hutsafale! Mme ba bua boammaaruri. Ka ntlha yang? Ka gonne go hutsafala go a tlhokega gore o ntshe maikutlo a gago. Go ntsha maikutlo a gago go ka imolola kgatelelo e o mo go yone. Go supa maikutlo ka tsela ya tlholego, fa go patilwe ke go tlhaloganya le go itse tshedimosetso ya boammaaruri, go dira gore o ikutlwe ka tsela e e tshwanetseng.

Gone ke boammaaruri, batho ga ba bontshe khutsafalo ka tsela e e tshwanang botlhe. Mme dintlha tse di tshwanang le gore a moratiwa o tlhokafetse ka tshoganetso kana o tlhokafetse morago ga go lwala lobaka lo lotelele di ka nna tsa ama tsela e ba ba setseng ba ikutlwang ka yone. Mme lefa go ntse jalo go na le selo se le sengwe se go lebegang se le boammaaruri: Go gatelela maikutlo a gago go ka go gobatsa mo mmeleng le mo maikutlong. Go botoka thata gore o ntshetse khutsafalo ya gago kwa ntle. Jang? Dikwalo di na le kgakololo nngwe e e thusang.

O Ka Ntsha Khutsafalo Jang?

Go bua go ka go thusa go e ntsha. Morago ga gore tlhogo ya lotso ya bogologolo ebong Jobe a swelwe ke bana ba gagwe botlhe ba ba lesome, a bo a diragalelwe ke masetlapelo a mangwe gape, o ne a re:  “Mōea oa me o tennwe ke botshelō yoa me; ke tla gōlōla [Sehebera, “bofolola”] go itōka ga me; ke tla bua ka bogalaka yoa mōea oa me.” (Yobe 1:2, 18, 19; 10:1) Jobe o ne a sa tlhole a kgona go gatelela kafa a amegileng ka teng. O ne a tlhoka go go golola; o ne a tshwanetse go “bua.” Ka tsela e e tshwanang, mokwadi mongwe wa Moesemane wa metshameko ebong Shakespeare o ne a kwala jaana mo bukeng ya Macbeth: “Bolela mahutsana a gago; khutsafalo e e fitlhiwang e phatlola pelo ka tidimalo.”

Ka jalo go bolelela “tsala ya boammaaruri” e e tla go reetsang ka bopelotelele le ka kutlwelobotlhoko gore o ikutlwa jang go ka go gomotsa ka selekanyo se se rileng. (Diane 17:17, NW) Go bua se se go diragaletseng le kafa o ikutlwang ka gone gantsi go dira gore di nne motlhofo go tlhaloganngwa le go di itshokela. Mme fa yo o reeditseng e le mongwe yo le ene a swetsweng mme a kgonne go go itshokela, o ka nna wa kgona go bona dikakantsho tse di mosola tsa kafa o ka itshokang ka gone. Mmè mongwe o ne a tlhalosa gore fa ngwana wa gagwe a sena go tlhokafala, o ne a thusega ka tsela efe fa a ne a buisana le mmè yo mongwe yo le ene a neng a kile a swelwa jalo: “Ke ne ka nonotshiwa thata ke go itse gore mongwe le ene o kile a diragalelwa ke se se tshwanang, a sala a ntse a siame mo maikutlong, le gore o ne a santse a tsweletse le botshelo jwa gagwe e bile bo boetse mo tlwaelong.”

Dikai tse di mo Bibeleng di bontsha gore go kwala kafa o ikutlwang ka gone go ka go thusa go ntsha kutlobotlhoko ya gago

Go tweng fa e le gore ga o kgone go bolela gore o ikutlwa jang? Morago ga loso lwa ga Saulo le Jonathane, Dafide o ne a tlhama pina ya khutsafalo e e neng e ama maikutlo thata e a neng a tshololela khutsafalo ya gagwe mo go yone. Pina eno ya selelo kgabagare e ne ya nna karolo ya rekoto e e kwadilweng ya buka ya Bibela ya Samuele wa Bobedi. (2 Samuele 1:17-27; 2 Ditihalō 35:25) Ka tsela e e tshwanang, batho ba bangwe ba bona go le motlhofo gore ba ntshe maikutlo a bone ka go kwala. Motlholagadi mongwe o ne a bolela gore o ne a tle a kwale gore o ikutlwa jang mme e bo e re malatsi moragonyana ga foo a bo a bala se a neng a se kwadile. O ne a fitlhela gore seno se mo thusa go ntsha khutsafalo.

Go bolela gore o ikutlwa jang go ka go thusa go ntsha khutsafalo ya gago, lefa o bua ka gone kana o kwala ka gone. Gape go ka go thusa go rarabolola dilo tse o sa di tlhaloganyeng. Mmè mongwe yo o tlhokafaletsweng ke ngwana o tlhalosa jaana: “Nna le monna wa me re ne re a tle re utlwe ka banyalani ba bangwe ba ba neng ba tlhalana fa ba sena go swelwa ke ngwana, mme re ne re sa batle gore selo seo se re diragalele. Ka jalo nako nngwe le nngwe fa re ne re ikutlwa re galefile, re batla go pegana molato, re ne re buisana ka gone. Ke akanya gore tota go dira jalo ke gone go neng ga dira gore re nne seoposengwe.” Ka jalo, go dira gore ba bangwe ba itse gore o ikutlwa jang go ka go thusa go tlhaloganya gore lefa lo ka ne lo latlhegetswe ka go tshwana, ba bangwe ba ka nna ba hutsafala ka tsela e e farologaneng—ba tsaya nako e e sa tshwaneng le ya gago e bile ba hutsafala ka mokgwa o o farologaneng.

Se sengwe gape se se ka go thusang go ntsha khutsafalo ka bofefo ke go lela. Bibela ya re go na le “motlha oa go lela.” (Moreri 3:1, 4) Kwantle ga pelaelo fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala, re  tsena mo motlheng oo. Go lela ka ntlha ya khutsafalo go lebega e le karolo ya botlhokwa ya go fola.

Mosadi mongwe yo mosha o ne a tlhalosa kafa tsala nngwe e e gaufi le ene e neng ya mo thusa ka gone go itshoka fa mmaagwe a sena go tlhokafala. O gakologelwa jaana: “Tsala ya me e ne e ema le nna ka dinako tsotlhe. O ne a lela le nna. O ne a bua le nna. Ke ne ke kgona go mmolelela kafa ke ikutlwang ka teng ke phuthologile tota, mme seo se ne se le botlhokwa mo go nna. Ke ne ke sa tlhoke go tlhabisiwa ditlhong ke go lela.” (Bona Baroma 12:15.) Gape ga o a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke dikeledi tsa gago. Jaaka re bone, Bibela e tletse ka dikai tsa banna le basadi ba tumelo—go akaretsa Jesu Keresete—ba ba neng ba tsholola dikeledi ka ntlha ya go hutsafala mme go sa bonale ba tlhabiwa ke ditlhong ka gope.—Genesise 50:3; 2 Samuele 1:11, 12; Yohane 11:33, 35.

Batho ba ditso tsotlhe fa ba hutsafetse ba itumelela go gomodiwa

O ka nna wa fitlhela gore maikutlo a gago ga a laolege ka lobakanyana. Dikeledi di ka nna tsa itshologela fela o sa akanya gore di tla tshologa. Motlholagadi mongwe o ne a lemoga gore go ya go reka kwa mabenkeleng (sengwe se a neng a tlwaetse go se dira le monna wa gagwe) go ne go ka dira gore a thubege ka selelo, bogolo jang fa ka go tlwaela a ne a tsaya dijo tse monna wa gagwe a neng a di rata thata. Se iphelele pelo. E bile o se ka wa akanya gore o tshwanetse go thiba dikeledi. Gakologelwa, ke karolo ya tlholego ya go hutsafala e bile go a tlhokega.

Go Tlhabana le go Ipona Molato

Jaaka go boletswe pelenyana, batho bangwe ba ikutlwa ba le molato fa ba sena go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang. Seno se ka nna sa thusa go tlhalosa tsela e kgolo e monna yo o ikanyegang Jakobe a neng a utlwile botlhoko ka yone fa a ne a tewa go twe morwawe ebong Josefa o ne a bolailwe ke “sebatana.” Jakobe ka boene o ne a romile Josefa gore a ye go tlhola bomorwarraagwe. Ka jalo Jakobe o ka nna a bo a ile a tlelwa ke maikutlo a go ipona molato thata, jaaka gore ‘Ke eng fa ke ne ke roma Josefa a le nosi? Ke eng fa ke ne ke mo roma kwa lefelong le le tletseng dibatana?’—Genesise 37:33-35.

Gongwe o bona e kete go sa nne kelotlhoko thata ga gago go na le seabe mo losong lwa moratiwa wa gago. Go lemoga fela gore go ikutlwa o le molato—lefa go le boammaaruri kana go akanyediwa fela—ke boikutlo jo bo tlwaelegileng fa motho a hutsafetse,  go ka go thusa. Fano le gone, o se ka wa akanya gore o tshwanetse wa nna fela o sa bolele gore o ikutlwa jalo. Go bua ka tsela e o ikutlwang o le molato ka yone go ka go thusa thata go ntsha kutlobotlhoko.

Lefa go ntse jalo, lemoga gore lefa re ka tswa re rata motho mongwe go le kana kang, re ka se ka ra laola botshelo jwa gagwe, lefa e le gone go kganela “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang” gore di se ka tsa wela bao re ba ratang. (Moreri 9:11, NW) Mo godimo ga moo, kwantle ga pelaelo o ne o sa ikaelela sepe se se bosula. Ka sekai, fa o ne o sa rulaganye ka bonako go feta jaaka o dirile gore moratiwa wa gago a bone ngaka, a o ne o ikaeletse gore a lwale a bo a swe? Le eseng! Ka jalo a tota o na le molato wa go baka loso lwa gagwe? Nnyaa.

Mmè mongwe o ne a ithuta go tlhabana le go ikutlwa a le molato fa morwadie a sena go tlhokafala mo kotsing ya koloi. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke le molato go bo ke ile ka mo roma. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka tloga ka lemoga gore e ne e le boeleele gore ke akanye jalo. Go ne go se molato go mo roma le rraagwe gore a dire sengwe. E nnile kotsi fela e e maswe.”

‘Mme lefa go ntse jalo go na le dilo di le dintsi tse ke eletsang nka bo ke di buile kana ke di dirile,’ o ka nna wa rialo. Ke boammaaruri, mme lefa go ntse jalo ke ofe wa rona yo o ka reng o nnile rre, mmè, kana ngwana yo o sa dirang diphoso dipe? Bibela e re gakolola jaana: “Re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ.” (Yakobe 3:2; Baroma 5:12) Ka jalo dumela gore ga o a itekanela. Go nnela go akanya gore “fa nkabo” ga go kitla go fetola sepe, mme fela go ka nna ga dira gore o se ka wa gomotsega ka bofefo.

Fa e le gore o na le mabaka a a utlwalang a gore ruri o molato, o sa go akanyetse fela, he akanyetsa ntlha ya botlhokwa go feta tsotlhe e e ka kokobetsang boikutlo jwa gago jwa go ipona molato—boitshwarelo jwa Modimo. Bibela e re tlhomamisetsa jaana: “Yehofa, ha u ka bo u nu u lotolotsa maikèpō, go ka bo go èma mañ, Yehofa? Me go na le boichwarèlō mo go wèna.” (Pesalema 130:3, 4) O ka se ka wa boela kwa nakong e e fetileng wa fetola sepe. Lefa go ntse jalo gone o ka kopa Modimo gore a go itshwarele diphoso tse di fetileng. Go tswa foo? Ebu, fa e le gore Modimo o solofetsa gore o tla go itshwarela diphoso tse di fetileng, a le wena ga o a tshwanela go iitshwarela?—Diane 28:13; 1 Yohane 1:9.

Go Tlhabana le go Galefa

A gape o ka tswa o ikutlwa o galefile, gongwe o galefetse dingaka, baoki, ditsala, kana le ene moswi? Lemoga gore seno le sone ke boikutlo jo bo tlwaelegileng fa motho a swetswe. Gongwe go galefa ga gago go tsamaisana sentle ka tlholego le go utlwa botlhoko ga gago. Mokwadi mongwe o ne a re: “Fa fela o itse gore o galefile—o sa leke go go fedisa mme gone o itse gore o galefile—ke gone fela go ka se kang ga go utlwisa botlhoko.”

Gape go ka thusa gore o bontshe kana o bue kaga kgalefo ya gago. Jang? Tota e seng ka go galefa mo go feteletseng. Bibela e tlhagisa gore go galefela ruri go kotsi. (Diane 14:29, 30) Mme lefa go ntse jalo o ka gomodiwa ke go buisana ka gone le tsala nngwe e e tlhaloganyang. Gape ba bangwe ba fitlhela gore go itshikinya mmele thata fa ba galefile go a thusa.—Bona gape le Baefesia 4:25, 26.

Lefa go le botlhokwa gore o ntshe maikutlo a gago ka tshosologo le ka boikanyegi, tlhagiso eno e a tshwanela. Go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go ntsha maikutlo a gago le go a thela mo go ba bangwe fela o sa ba akanyetse. Ga go tlhokege gore o pege ba bangwe molato ka ntlha ya bogale le tlalelo e o e utlwang. Ka jalo dira gore o bue kaga maikutlo a gago, mme lefa go ntse jalo e se ka tsela e e seng botsalano. (Diane 18:21) Go na le sengwe se se botlhokwa thata se se ka re thusang go itshokela kutlobotlhoko, mme re tla se tlhalosa gone jaanong.

 Thuso E E Tswang mo Modimong

Bibela e re tlhomamisetsa jaana: “Yehofa o gauhi le ba ba pelo e phatlogileñ, o boloka ba ba mōea o o ñomogileñ.” (Pesalema 34:18) Ee, go nna le kamano le Modimo go ka go thusa go feta sepe fela se sele gore o itshokele loso lwa mongwe yo o mo ratang. Jang? Dikakantsho tsotlhe tse di mosola tse di setseng di neetswe di theilwe mo Lefokong la Modimo, Bibela, kana di dumelana le lone. Di ka go thusa gore o itshoke fa o di dirisa.

Mo godimo ga moo, o se ka wa nyatsa botlhokwa jwa thapelo. Bibela e re rotloetsa jaana: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa.” (Pesalema 55:22) Fa e le gore go bua kafa o ikutlwang ka gone le tsala e e pelotlhomogi go ka thusa, a bo go tshololela pelo ya gago mo ‘Modimong wa kgomotso yotlhe’ gone go ka go thusa thata jang ne!—2 Bakorintha 1:3.

Ga se gore thapelo e dira fela gore re ikutlwe botoka. Ene “eo u utlwañ thapèlō” o solofetsa go naya batlhanka ba gagwe moya o o boitshepo fa ba o kopa ka bopeloephepa. (Pesalema 65:2; Luke 11:13) Mme moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang, a ka go neela “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” gore o itshoke letsatsi le letsatsi. (2 Bakorintha 4:7) Gakologelwa: Modimo a ka thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba itshokele bothata bope fela le bothata bongwe le bongwe jo ba ka nnang le jone.

Mosadi mongwe yo o neng a swelwa ke ngwana o gakologelwa kafa maatla a thapelo a neng a thusa ene le monna wa gagwe ka teng fa ba ne ba swetswe. “Fa re ne re le mo gae bosigo mme kutlobotlhoko e bo e re fekeetsa, re ne re rapela mmogo re rapelela kwa godimo,” o tlhalosa jalo. “Lekgetlho la ntlha le re neng re tshwanelwa ke go dira sengwe a seyo—pokano ya ntlha e re nnileng kwa go yone, kopano ya ntlha e re nnileng kwa go yone—re ne re rapela gore re fiwe maatla. Fa re ne re tsoga mo mosong mme go le thata go dumela gore tota gotlhe mo go diragetse, re ne re rapela Jehofa gore a re thuse. Go ne go nngomola pelo thata go tsena mo ntlong ke le nosi. Ka jalo nako le nako fa ke tla gae ke le nosi, ke ne ke rapela Jehofa fela gore a ko a nthuse gore ke ritibale go sekae.” Mosadi yoo yo o ikanyegang o dumela thata e bile e le ka tshwanelo gore dithapelo tseo di ne tsa thusa. Le wena o ka fitlhela gore fa o rapela o sa kgaotse, ‘kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla dibela pelo ya gago le mogopolo wa gago.’—Bafilipi 4:6, 7; Baroma 12:12.

Thuso e e neelwang ke Modimo ruri e a thusa. Moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo o ne a bolela gore Modimo ‘o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe.’ Ke boammaaruri, thuso ya Modimo ga e fedise botlhoko, mme e ka dira gore bo itshokelwe botoka. Seo ga se reye gore ga o ne o tlhola o lela kana gore o tla lebala moratiwa wa gago. Mme gone o ka gomotsega. Mme fa o ntse o gomotsega jalo, se se go diragaletseng se ka dira gore o kgone go tlhaloganya le go utlwela ba bangwe botlhoko fa o ba thusa gore ba itshokele go latlhegelwa ka tsela e e ntseng jalo.—2 Bakorintha 1:4.