MONNA mongwe wa kwa New York (U.S.A.) o anela jaana: “Morwaake ebong Jonathan o ne a etetse ditsala tsa gagwe tse di nnang sekgala sa dimaele [dikilometara] di sekae fela go tswa fa gae. Mosadi wa me, Valentina, o ne a sa rate fa a etela koo. O ne a nna a tshogile dikoloi. Mme lefa go ntse jalo morwaake o ne a rata go ithuta ka dieleketeroniki, mme ditsala tsa gagwe di ne di na le lefelo le ba berekelang mo go lone koo a neng a ka dira se a se ithutileng teng. Ke ne ke le kwa gae kwa bophirima jwa Manhattan, kwa New York. Mosadi wa me o ne a seyo a etetse masika a gagwe kwa Puerto Rico. ‘Jonathan o tloga a tsena jaanong,’ ke ne ke akanya jalo. Go tswa foo bele ya mojako e ne ya lela. ‘E tshwanetse ya bo e le ene.’ E ne e se ene. E ne e le mapodise le ba kalafi. ‘A o itse laesense eno ya go kgweetsa?’ go ne ga botsa jalo moofisiri wa mapodise. ‘Ee, ke ya morwaake, Jonathan.’ ‘Re go tshwaretse dikgang tse di seng monate. Go nnile le kotsi, mme . . . morwao, . . . morwao o tlhokafetse.’ Karabo ya me ya ntlha e ne ya nna, ‘Ga go a nna jalo!’ Tiragalo eo e e garolang pelo e ne ya phunya ntho mo dipelong tsa rona e le jaanong e santseng e fola, lefa go setse go fetile dingwaga jaanong.”

‘Re go tshwaretse dikgang tse di seng monate. Go nnile le kotsi, mme . . . morwao, . . . morwao o tlhokafatse.’

 Rrabana mongwe kwa Barcelona (Spain) o kwala jaana: “Bogologolo ka bo1960 kwa Spain, re ne re le lelapa le le itumetseng. Go ne go na le María, mosadi wa me, le bana ba rona ba bararo, David, Paquito, le Isabel, ba na le dingwaga tse 13, 11, le 9 ka go latelana ga bone.

“Letsatsi lengwe ka March 1963, Paquito o ne a boa kwa sekolong a re o na le ditlhabi tse di botlhoko mo tlhogong. Re ne re tseanye re sa itse gore di ka tswa di bakwa ke eng—mme re ne ra tloga ra itse. Morago ga diura tse tharo fela o ne a tlhokafala. Botshelo jwa gagwe bo ne bo kgaupeditswe ka ponyo ya leitlho ke go dutlela ga madi mo bobokong.

“Paquito o tlhokafetse dingwaga di feta 30 tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, le gompieno re ntse re mo botlhokong jwa go latlhegelwa ke ene jalo. Lefa go ka nna jang batsadi ga ba kake ba swelwa ke ngwana mme ba se ka ba utlwa gore ba latlhegetswe ke karolo nngwe ya bone—go sa kgathalesege gore go feta nako e e kana kang kana gore ba nna le bana ba bangwe ba le bantsi jang.”

 Maitemogelo ano a mabedi, a mo go one batsadi ba swetsweng ke bana, a bontsha kafa go tlhokafalelwa ke ngwana e leng ntho e e botlhoko ka teng e e sa foleng. A bo mafoko ano a a neng a kwalwa ke ngaka nngwe a le boammaaruri jang ne: “Loso lwa ngwana gantsi lo baka masetlapelo e bile lo baka go ngomoga pelo thata go feta lwa motho yo mogolo ka gonne ngwana ga se mongwe wa lelapa yo go ka solofelwang gore a ka swa. . . . Loso lwa ngwana mongwe le mongwe lo kaya go fela ga ditsholofelo dipe tsa mo isagweng, masika a mo isagweng [morwa, ngwetsi, ditlogolwana], maitemogelo a mo isagweng . . . a a iseng a diragale.” Mme go ikutlwa o latlhegetswe thata jaana gape go ka utlwiwa le ke mosadi mongwe le mongwe yo o swetsweng ke ngwana ka go senyegelwa.

Mosadi mongwe yo o swetsweng ke monna o tlhalosa jaana: “Monna wa me, Russell, o ne a ile a direla jaaka mothusi mo go tsa kalafi ka Ntwa ya Lefatshe II kwa lebaleng la botlhabanelo gaufi le lewatle la Pacific. O ne a bone e bile a falotse dingwe tsa dintwa tse di boitshegang tota. O ne a boela mo United States a tla go boa a tshela botshelo jo bo ritibetseng gape. Moragonyana o ne a direla jaaka modihedi wa Lefoko la Modimo. Mo masimologong a dingwaga tsa gagwe tsa bo60 o ne a simolola go nna le ditshupo tsa gore o na le bothata jwa pelo. O ne a leka go nna matlhagatlhaga mo botshelong. Mme letsatsi lengwe ka July 1988, o ne a ema pelo ka tsela e e botlhoko thata a bo a tlhokafala. Loso lwa gagwe lo ne lwa nkgarola pelo eleruri. Ga ke a kgona lefa e le go mo laela tota. E ne e se monna wa me fela. E ne e le ene tsala ya me e kgolo. Re ne re setse re tshetse dingwaga tse 40 mmogo. Jaanong go ne go lebega e kete ke tlile go nna mo bodutung jo bogolo thata.”

Tseno ke ditiragalo di se kae fela tsa matlhotlhapelo mo go di le diketekete tse di welang malapa mo lefatsheng lotlhe letsatsi le letsatsi. Jaaka batho ba le bantsi ba ba mo khutsafalong ba ka go bolelela, fa loso lo go tseela ngwana, monna, mosadi, motsadi, kana tsala, eleruri e a bo e le “mmaba oa bohèlō,” jaaka mokwadi wa Mokeresete Paulo a ne a lo bitsa. Gantsi ka tlholego fela fa motho a utlwa dikgang tse di bosula tseo selo sa ntlha e ka nna go ganetsa, “Ga go a nna jalo! Ga ke dumele.” Gantsi motho a ka itshwara ka ditsela tse dingwe morago ga foo, jaaka re tla bona.—1 Bakorintha 15:25, 26.

Lefa go ntse jalo, pele re tlhatlhoba tsela e motho a ikutlwang ka yone fa a hutsafetse, a re arabeng dipotso dingwe tsa botlhokwa. A fa motho a swa seo se raya gore go fedile ka ene? A go na le tsholofelo epe ya gore re ka bona baratiwa ba rona gape?

Go Na Le Tsholofelo ya Mmatota

Mokwadi wa Bibela ebong Paulo o ne a bontsha gore re ka solofela go gololwa mo ‘mmabeng yoo wa bofelo,’ loso. O ne a kwala jaana: “Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” (1 Bakorintha 15:26) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a ka tlhomamisa thata jaana ka seo? Ka gonne o ne a rutilwe ke mongwe yo o neng a tsositswe mo baswing, Jesu Keresete. (Ditihō 9:3-19) Gape ke gone ka moo Paulo a neng a ka kwala jaana: “Ereka losho lo tsile ka motho [Adame], go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho [Jesu Keresete]. Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.”—1 Bakorintha 15:21, 22.

Jesu o ne a hutsafala thata fa a ne a kopana le motlholagadi wa kwa Naina a bo a bona morwawe yo o tlhokafetseng. Pego ya Bibela e re bolelela jaana: “E ne ea re [Jesu] a atamèla kgōrō ea motse [wa Naina], bōnañ, ga bo go rwelwe moshwi, a isiwa kwa ntlè; ea bo e le morwa mmagwè eo o esi, me èna mmagwè ea bo e le motlhōlagadi; le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi. Me ea re Morèna a mmōna, a mo tlhomogèla pelo, me a mo raea, a re, Se lele. Me a atamèla a ama secholō: me ba ba mo rweleñ ba èma. Me a re, Lekau, kea gu  raea, Coga. Me eo o na a shule a rapamologa, me a simolola go bua. Me a mo neèla mmagwè. Me poihō ea ba chwara botlhe; me ba galaletsa Modimo, ba re, Go cogile moperofeti eo mogolo gare ga rona: me Modimo o lekotse batho ba ōna.” Ela tlhoko kafa Jesu a neng a tlhomoga pelo ka gone mo a neng a ba a tsosa morwa yo o esi wa motlholagadi! A ko o akanye fela gore seo se bolelela pele eng ka isagwe!—Luke 7:12-16.

Gone foo, fa pele ga basupi ba ba boneng tiragalo eno ka matlho, Jesu o ne a tsosa motho ka tsela e e ka se lebalweng. E ne e le sesupo sa tsogo e a neng a setse a boleletse pele ka yone nako nngwe pele ga tiragalo eno, go busediwa mo botshelong mo lefatsheng tlase ga “legodimo ye lesha.” Ka nako eo Jesu o ne a rile: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, me ba tla cwa.”—Tshenolō 21:1, 3, 4; Yohane 5:28, 29; 2 Petere 3:13.

Batho ba bangwe gape ba ba boneng ka matlho go tsosiwa mongwe ba ne ba akaretsa Petere, mmogo le bangwe mo go ba ba 12 ba ba neng ba tsamaya le Jesu mo maetong a gagwe. Tota ba ne ba utlwa Jesu yo o tsositsweng a bua gaufi le Lewatle la Galilea. Pego e re bolelela jaana: “Yesu a ba raea, a re, Tlañ lo hitlholè. Me go se ka ga diha le opè oa barutwa eo o ka lekañ go mmotsa, go re, U mañ? ka ba itse ha e le Morèna. Yesu a hitlha a tsaea senkgwè, a se ba naea, le cōna ditlhapi yalo. Me ea bo e le lōna loa boraro ha Yesu a ipōntsha barutwa, a sena go coga mo bashwiñ.”—Yohane 21:12-14.

Ka jalo, Petere o ne a ka kwala jaana a tlhatswegile pelo tota: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ.”—1 Petere 1:3.

Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore o na le tsholofelo e e nonofileng fa a ne a re: “Ke dumèla dilō cotlhe tse di kaha molaoñ, le tse di kwadilweñ mo baperofetiñ: Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, e le bōnè ba e lebeletseñ, ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:14, 15.

Ka jalo batho ba le dimilione ba ka solofela ka bopeloephepa gore ba tla bona baratiwa ba bone gape ba tshela mo lefatsheng mme e le kafa tlase ga maemo a a farologaneng fela thata. Maemo ao e tla nna afe? Dintlha tse di oketsegileng kaga tsholofelo e e theilweng mo Bibeleng kaga baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng di tla tlotliwa mo karolong ya bofelo ya boroutšhara jo, ya setlhogo se se reng “Tsholofelo ya Mmatota ka Ba Ba Tlhokafetseng.”

Mme lefa go ntse jalo a pele re tlhatlhobeng dipotso tse o ka nnang le tsone fa o hutsafaditswe ke go swelwa ke mongwe yo o mo ratang: A go tlwaelegile go hutsafala jaana? Ke ka itshokela khutsafalo ya me jang? Batho ba bangwe ba ka dira eng go nthusa gore ke e itshokele? Ke ka thusa ba bangwe ba ba mo bohutsaneng jang? Mme selo sa botlhokwa, Bibela ya reng kaga tsholofelo ya mmatota ka ba ba tlhokafetseng? A ke tla tsamaya ke bona baratiwa ba me gape? Mme ke ba bona kae?