Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Go Tlwaelegile go Ikutlwa Jaana?

A Go Tlwaelegile go Ikutlwa Jaana?

MOTHO mongwe yo o swetsweng o kwala jaana: “Fa ke ne ke santse ke le ngwana kwa Engelane, ke ne ka rutiwa gore ga ke a tshwanela go bontsha maikutlo a me phatlalatsa. Ke gakologelwa ntate, yo o neng a kile a nna lesole, a mpolelela

jaana a menne phatla, ‘Se lele!’ fa ke ne ke utlwisitswe botlhoko ke sengwe. Ga ke gakologelwe gore a mmè o kile a atla kana a tlamparela mongwe wa rona bana (re ne re le bane). Ke bone rre a tlhokafala ke na le dingwaga di le 56. Ke ne ka ikutlwa ke latlhegetswe tota. Lefa go ntse jalo, kwa tshimologong ke ne ke sa kgone go lela.”

Mo ditsong dingwe, batho ba bontsha maikutlo a bone ba sa fitlhe. Fa ba itumetse kana ba hutsafetse, ba bangwe ba itse gore ba ikutlwa jang. Kafa letlhakoreng le lengwe, mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, bogolo jang kwa Yuropa bokone le Borithane, batho, segolobogolo banna, ba rutilwe gore ba fitlhe maikutlo a bone, ba itshware mme ba se ka ba bontsha kafa ba ikutlwang ka gone. Mme lefa go ntse jalo fa o swetswe ke mongwe yo o mo ratang, a go ka tswa go le phoso go bontsha gore o hutsafetse? Bibela ya reng?

Bao Ba Neng Ba Lela mo Bibeleng

Bibela e kwadilwe ke Bahebera ba karolo e e kafa botlhaba ya Mediterranean, batho ba ba neng ba supa maikutlo a bone tota. E na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba supa maikutlo a bone ba sa fitlhe fa ba ne ba hutsafetse. Kgosi Dafide o ne a hutsafalela go swelwa ke morwawe yo o neng a bolailwe ebong Amenone. E bile tota, o ne a “lela mo go botlhoko thata.” (2 Samuele 13:28-39) O ne a ba a hutsafala fa a ne a swelwa ke morwawe yo o sa ikanyegeng ebong Abesalome, yo o neng a lekile go itseela bogosi. Pego ya Bibela e re bolelela jaana: “Kgosi [Dafide] ea huduèga thata, me ea palamèla kwa ntlwaneñ e e okameñ kgōrō, ea lela: me ea re e tsamaea, ea bua yana, ea re, Abesalome, morwaake wè! Abesalome, morwaake wè! A bo ke ka bo ke gu shwetse, Abesalome, morwaake wè! morwaake wè!” (2 Samuele 18:33) Dafide o ne a hutsafala jaaka rrabana mongwe le mongwe fela yo o tlwaelegileng. Mme a bo go diregile gantsi jang ne gore batsadi ba eletse e kete go ka bo go sule bone go na le bana ba bone! Go lebega e se ga tlholego tota gore ngwana a swe pele ga motsadi.

Jesu o ne a dira jang fa a utlwalela ka loso lwa tsala ya gagwe Lasaro? O ne a lela fa a atamela lebitla. (Yohane 11:30-38) Moragonyana, Marie Magadalene o ne a lela fa a atamela phuphu ya ga Jesu. (Yohane 20:11-16) Ke boammaaruri, Mokeresete yo o tlhaloganyang tsholofelo ya Bibela ya tsogo ga a hutsafale mo a ka se gomotsegeng, jaaka go dira bangwe ba ba dumelang dilo tse di sa theiwang  ka phepafalo mo Bibeleng malebana le boemo jwa baswi. Mme lefa go ntse jalo jaaka motho yo o nang le maikutlo a a tlwaelegileng, Mokeresete wa boammaaruri, lefa a na le tsholofelo ya tsogo, o a hutsafala le go lela fa a swetswe ke motho ope yo a mo ratang.—1 Bathesalonia 4:13, 14.

Motho A Lele Kana A Se Ka A Lela

Go tweng ka ditsela tse re itshwarang ka tsone gompieno? A o fitlhela go le bokete kana go tlhabisa ditlhong go bontsha kafa o ikutlwang ka gone? Bagakolodi ba akantsha eng? Gantsi dikgopolo tsa bone tsa segompieno di boeletsa fela botlhale jwa Bibela jwa bogologolo jo bo tlhotlheleditsweng. Ba re re tshwanetse go supa khutsafalo, e seng go e fitlha. Seno se re gopotsa banna ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba tshwanang le Jobe, Dafide, le Jeremia, ba Bibela e bolelang kafa ba neng ba bontsha gore ba hutsafetse ka teng. Kwantle ga pelaelo ga ba a ka ba fitlha maikutlo a bone. Ka jalo, ga go botlhale gore o itomolole mo bathong ba bangwe. (Diane 18:1) Gone ke boammaaruri, go hutsafala go bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng mo ditsong tse di farologaneng, go ikaegile gape  ka dilo tse di dumelwang mo madumeding a lefelo leo. *

Jaanong go tweng fa o ikutlwa o batla go lela? Go lela ke selo sa tlholego mo mothong. Gakologelwa gape ka nako ya loso lwa ga Lasaro, fa Jesu a ne a “hohoma mo moeeñ [a bo] . . . a lela.” (Yohane 11:33, 35) Ka go dira jalo o ne a bontsha gore go lela ke tsela e e tlwaelegileng e motho a itshwarang ka yone fa a swetswe ke mongwe yo a mo ratang.

Go tlwaelegile go hutsafala le go lela fa mongwe yo o mo ratang a tlhokafetse

Seno se supelwa ke se se diragetseng ka mmè mongwe, Anne, yo o neng a swetswe ke ngwana wa gagwe Rachel, a bolawa ke SIDS (Sudden Infant Death Syndrome [Go Swa ga Losea ka Tshoganetso]). Monna wa gagwe o ne a akgela jaana: “Se se gakgamatsang ke gore nna lefa e le ene Anne ga re a ka ra lela kwa phitlhong. Batho ba bangwe botlhe ba ne ba lela.” Anne o ne a akgela jaana ka seno: “Ee, mme nna ke ledile tota mo boemong jwa rona re le babedi. Ke akanya gore ke ne ka amega thata dibeke di sekae morago ga masetlapelo ao, fa kgabagare letsatsi lengwe ke ne ke setse ke le nosi mo ntlong. Ke ne ka lela letsatsi lotlhe. Mme gone ke akanya gore go nthusitse. Ke ne ka ikutlwa botoka ka ntlha ya gone. Ke ne ke tshwanetse go hutsafalela go swelwa ke ngwanake. Tota ke dumela gore batho ba ba hutsafetseng ba tshwanetse ba lesiwa gore ba lele. Lefa gone go tlwaelegile gore ba bangwe ba re, ‘O se ka wa lela,’ seo tota ga se thuse ka sepe.”

Kafa Bangwe Ba Itshwarang ka Gone

Batho bangwe ba ile ba itshwara jang fa ba ne ba utlwile botlhoko thata ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang? Ka sekai, akanya ka Juanita. O itse gore go swelwa ke ngwana go ntse jang. O ne a setse a kile a senyegelwa gatlhano. Jaanong o ne a le moimana gape. Ka jalo fa a ne a bona kotsi ya koloi mme a bo a tlamega gore a robadiwe mo kokelong go a utlwala gore a bo a ile a tshwenyega. Dibeke tse pedi morago ga foo o ne a simolola go belega—pele ga nako. Nako e khutshwane fela morago ga foo Vanessa yo monnye o ne a tsalwa—a feta dikilogerama tse 0,9 go sekae fela ka bokete. “Ke ne ke itumetse tota,” Juanita o gakologelwa jalo. “Jaanong ke ne ke le mmè!”

Mme lefa go ntse jalo o ne a itumela ka nakwana fela. Vanessa o ne a tlhokafala malatsi a le mane  morago ga foo. Juanita o gakologelwa jaana: “Ke ne ka swaba mo go botlhoko tota. Ke ne ke sa tlhole ke le mmè. Ke ne ke ikutlwa ke tlhaela. Go ne go le botlhoko fa ke goroga kwa gae ke bo ke tsena mo kamoreng e re neng re e baakanyeditse Vanessa ke bo ke bona diaparonyana tsa kafa teng tse ke neng ke di mo reketse. Mo dikgweding di sekae tse di neng tsa latela, ke ne ke nna ke ikgopotsa letsatsi le a tsetsweng ka lone. Ke ne ke sa batle go kopana le ope.”

A ke go itshwara ka tsela e e feteletseng? Go ka nna ga thatafalela ba bangwe go tlhaloganya seno, mme lefa go ntse jalo ba ba kileng ba swelwa ke ngwana jaaka Juanita ba tlhalosa gore ba ne ba hutsafalela ngwana wa bone fela jaaka ba ne ba ka hutsafalela mongwe yo o neng a tshedile lobakanyana. Ba bolela gore, ngwana o ratiwa ke batsadi ba gagwe lobaka lo lotelele pele a tsholwa. Mmè o ikutlwa a atamalane le ene ka tsela e e kgethegileng. Fa ngwana yoo a tlhokafala, mmè o bona go tlhokafetse motho tota. Mme ke sone se ba bangwe ba tshwanetseng go se tlhaloganya.

Kafa Kgalefo le go Ikutlwa O Le Molato Go Ka Go Amang ka Gone

Mmè yo mongwe o ne a tlhalosa gore o ne a ikutlwa jang fa a ne a bolelelwa gore morwawe wa dingwaga tse thataro o ne a tlhokafetse ka tshoganetso ka ntlha ya bothata bongwe jwa pelo jo a neng a tsetswe ka jone. “Ke ne ka tlelwa ke maikutlo a a farologaneng—ka kgwaralala, ke sa dumele, ke ikutlwa ke le molato, e bile ke galefetse monna wa me le ngaka ka gonne ba sa lemoga kafa boemo jwa gagwe bo neng bo le maswe thata ka gone.”

Go galefa e ka nna letshwao le lengwe la khutsafalo. E ka nna go galefela dingaka le baoki, o akanya gore ba ka bo ba dirile mo go oketsegileng gore ba tlhokomele yo jaanong a tlhokafetseng. Kana e ka nna go galefela ditsala le balosika, ba go lebegang e kete ba bua kana ba dira sengwe se se sa tshwanelang. Ba bangwe ba galefela yo o tlhokafetseng ka gonne a ne a sa tlhokomele botsogo jwa gagwe. Stella o gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa ke galefetse monna wa me ka gonne ke ne ke itse gore go ka bo go sa diragala. O ne a lwetse thata, mme a tlhokomologa ditlhagiso tsa ngaka.” Mme ka dinako tse dingwe go galefelwa yo o tlhokafetseng ka ntlha ya mathata a loso lwa gagwe lo a tlisetsang yo o tshelang.

Ba bangwe ba ikutlwa ba le molato ka ntlha ya go galefa—ke gore, ba ka nna ba itshwaya phoso ka gonne ba ikutlwa ba galefile. Ba bangwe ba ipega molato wa loso lwa moratiwa wa bone. “O ka bo a sa swa,” ba ipolelela jalo, “fa fela nka bo ke ile ka mo isa kwa ngakeng ka bofefo” kana “ka mo isa kwa ngakeng e nngwe” kana “ka mo dira gore a tlhokomele botsogo jwa gagwe thata.”

Go swelwa ke ngwana go baka go ngomoga pelo mo go botlhoko—go tshedisa le go amega ka mmatota go ka thusa batsadi

 Ba bangwe bone ba ikutlwa ba le molato le eleng go feta foo, bogolo jang fa moratiwa wa bone a sule ka tshoganetso, go sa solofelwa. Ba simolola go gakologelwa dinako tse ba kileng ba galefela yo o tlhokafetseng ka tsone kana ba ngangisana le ene. Kana ba ka nna ba ikutlwa gore tota ga ba a dira sotlhe se ba neng ba tshwanetse go se direla yo o tlhokafetseng.

Go hutsafala nako e telele ga bommè ba le bantsi go dumelana le se se bolelwang ke baitseanape ba le bantsi, fa ba re loso lwa ngwana lo dira gore go sale go na le phatlha e e nnelang ruri mo botshelong jwa batsadi, bogolo jang jwa ga mmaagwe ngwana.

Fa O Swelwa Ke Molekane wa Lenyalo

Go swelwa ke molekane wa lenyalo ke selo sa mofuta o mongwe se se bakang go ngomoga pelo, bogolo jang fa e le gore balekane ka bobedi ba ne ba dira dilo tse dintsi mmogo mo botshelong jwa bone. Go ka raya gore mokgwa o ba neng ba tshela ka one mmogo o fedile jaanong, wa go tsaya mesepele, go bereka, go itlosa bodutu, le go ikaega mongwe ka yo mongwe.

Eunice o tlhalosa se se neng sa diragala fa monna wa gagwe a ne a bolawa ke bolwetsi jwa pelo ka tshoganetso. “Mo bekeng ya ntlha, ke ne ke kgwaraletse maikutlo, go ntse jaaka e kete ke sule. Ke ne ke sa kgone le gone go utlwa tatso ka go latswa kana go dupa. Lefa go ntse jalo, ke ne ke santse ke kgona go  akanya jaaka e kete tlhaloganyo e kgaogane le mmele. Nna ga ke a ka ka nna le matshwao a khutsafalo a go ganetsa gore go diragetse jaaka gantsi batho ba ganetsa ka gonne ke ne ke na le monna wa me fa ba ne ba leka go mo tshedisa ka go mo thusa go hema ba dirisa CPR le ka melemo. Lefa go ntse jalo ke ne ke ikutlwa ke tlaletswe fela thata, jaaka e kete ke lebeletse koloi e wela ka kwa ga lekgotlho mme go se na sepe se nka se dirang.”

A o ne a lela? “Ee ruri, ke ne ka lela, bogolo jang fa ke bala makgolokgolo a dikarata tsa matshediso tse ke neng ke di amogetse. Nngwe le nngwe ya tsone e ne e ntedisa. Go ne go nthusa gore ke tshwarelele letsatsi lotlhe. Mme lefa go ntse jalo go ne go sa thuse sepe go bodiwa kgapetsakgapetsa gore ke ikutlwa jang. Go ne go bonala sentle gore ke sulafaletswe tota.”

Eunice o ne a thusiwa ke eng gore a itshokele go hutsafala? “Ke ne ka dira tshwetso ke sa lemoge gore ke tswelele fela le botshelo jwa me,” a rialo. “Lefa go ntse jalo ke santse ke utlwisiwa botlhoko ke go gopola gore monna wa me, yo o neng a rata botshelo thata jaana, ga a tlhole a le teng go ka bo itumelela.”

“Se Letle Ba Bangwe Gore Ba Laole . . . ”

Bakwadi ba Leavetaking—When and How to Say Goodbye ba gakolola jaana: “O se letle ba bangwe gore ba laole tsela e o tshwanetseng go itshwara kana go ikutlwa ka yone. Mongwe le mongwe o hutsafala ka tsela e e farologaneng. Batho ba bangwe ba ka nna ba akanya—ba bo ba go bolelela gore ba akanya—gore o hutsafetse thata kana ga o a hutsafala mo go lekaneng. Ba itshwarele o bo o lebale ka gone. Fa o leka go ipateletsa go nna ka tsela e batho ba bangwe kana setšhaba ka kakaretso se batlang ka gone, o ikgoreletsa gore o se ka wa fola mo maikutlong.”

Gone ke boammaaruri, batho ka go farologana ba hutsafala ka ditsela tse di farologaneng. Ga re leke go akantsha gore tota tsela nngwe e botoka mo go e nngwe mo mothong mongwe. Lefa go ntse jalo, go nna kotsi fa go sena kamego epe, fa motho yo o hutsafetseng thata a sa kgone go dumela gore tota go diragetse. Fa go ntse jalo go ka tlhokega thuso ya ditsala tse di kutlwelobotlhoko. Bibela ya re: “Tsala [ya boammaaruri, NW] e rata motho ka metlha eotlhe, le morwa rra motho o tsalecwe motlha oa pitlaganō.” Ka jalo o se ka wa tshaba go kopa thuso, go bua, le go lela.—Diane 17:17.

Ke ga tlholego fela gore motho a hutsafale fa a swetswe, mme e bile ga go phoso gore batho ba bangwe ba bone gore o hutsafetse. Mme lefa go ntse jalo dipotso tse dingwe gape di tlhoka dikarabo: ‘Ke ka itshokela khutsafalo ya me jang? A go tlwaelegile go ikutlwa o le molato le go ikutlwa o galefile? Ke tshwanetse go dira eng ka maikutlo a a ntseng jalo? Ke eng se se ka nthusang go itshokela go swelwa le go hutsafala?’ Karolo e e latelang e tla araba dipotso tseo le tse dingwe.

^ ser. 9 Ka sekai, Bayoruba ba kwa Nigeria ba na le tumelo mo setsong sa bone ya gore moya wa motho yo o suleng o tsalwa gape ka mmele o mosha. Ka jalo fa mmè a swelwa ke ngwana, o hutsafala fela thata mme e le ka nako e khutshwane fela, ka gonne jaaka polelwana nngwe ya Seyoruba e bolela: “Go tshologile metsi. Sego ga se a thubega.” Go ya ka Bayoruba, seno se raya gore sego se se tsholang metsi, e leng mmè, a ka tshola ngwana yo mongwe gape—gongwe e le ene moswi a tsalwa gape ka mmele o mosha. Basupi ba ga Jehofa ga ba dirise dingwao dipe tse di theilweng mo ditumelabotlhoding tse di tswang mo dikgopolong tsa maaka tsa gore moya ga o swe le gore o tsalwa gape ka mmele o mosha, tse di sa theiwang mo Bibeleng.—Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4, 20.