Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSO 1

Ke Nna Mang?

Ke Nna Mang?

BOTLHOKWA JWA SENO

Go itse gore o mang le go itse gore o dumela eng go tla go thusa go dira ditshwetso tse di botlhale fa o le mo kgatelelong.

WENA O NE O TLA DIRA ENG?

Akanya ka boemo jono: Karen o na le metsotso e le lesome fela a le kwa phathing mme o utlwa lentswe la mongwe yo a mo itseng kwa morago ga gagwe.

“O emetseng foo?”

Karen o a retologa a bo a bona tsala ya gagwe Jessica a tshwere dibotlolo tse pedi tse di sa tswang go bulwa. O lemoga gore ke bojalwa. Jessica o lebisa botlolo e nngwe kwa go Karen a bo a re: “O setse o lekane go ka ijesa monate, gakere?”

Karen o batla go gana mme gone Jessica ke tsala ya gagwe. E bile Karen ga a batle gore tsala ya gagwe e akanye gore o a bora. Kana e bile, Jessica ke mongwe wa basetsana ba ba siameng. Mme fa e le gore o a nwa, go raya gore ga go maswe go le kalo. Karen o ipolelela jaana: ‘Ke bojalwa fela jo bo sa reng sepe. Ga go tshwane le go dirisa diokobatsi.’

Fa o ne o le mo boemong jwa ga Karen, o ne o tla dira eng?

EMA MME O AKANYE!

Gore o kgone go dira tshwetso e e botlhale mo boemong jono, o tlhoka go itse se o leng sone. Go itse se o leng sone ke boikutlo jo bo ka fa teng jo bo go bolelelang gore o mang le gore o dumela eng. Fa o itse seno, o nna le maatla a go laola botshelo jwa gago go na le go letla batho ba bangwe ba bo laola.—1 Bakorintha 9:26, 27.

O ka kgona jang go nna le maatla ano? Go araba dipotso tse di latelang go ka go thusa go simolola dilo sentle.

 1 KE NA LE DINONOFO DIFE?

Go itse bokgoni jwa gago le dinonofo tsa gago tse di molemo go tla dira gore o itshepe le go feta.

SEKAO SA MO BAEBELENG: Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Le fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorintha 11:6) E re ka Paulo a ne a tlhaloganya Dikwalo sentle, o ne a nna a nitame le fa ba bangwe ba ne ba mo gwetlha. Ga a ka a letla mafoko a bone a dira gore a se ka a tlhola a itshepa.—2 Bakorintha 10:10; 11:5.

ITLHATLHOBE: Kwala fa tlase talente kgotsa bokgoni bongwe jo o nang le jone.

Jaanong tlhalosa nonofo nngwe ya gago e e molemo. (Ka sekai, a o amega ka ba bangwe? a o pelotshweu? a o a ikanngwa? a o tshwara nako?)

2 KE NA LE MAKOA AFE?

Fela jaaka keetane e e nonofileng e ka koafadiwa ke dikarolo dingwe tsa yone tse di bokoa, le wena ka bonako fela o ka fetoga motho yo o sa siamang fa o letla makoa a gago gore a laole botshelo jwa gago.

SEKAO SA MO BAEBELENG: Paulo o ne a itse makoa a gagwe. O ne a re: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo.”—Baroma 7:22, 23.

ITLHATLHOBE: Ke bokoa bofe jo o tlhokang go ithuta go bo laola?

 3 KE IPEETSE MEKGELE EFE?

A o ne o ka palama thekisi o bo o raya mokgweetsi o re a dikologe golo go le gongwe go fitlha thekisi e felelwa ke lookwane? Seo e tla bo e le boeleele—e bile se ka baka ditshenyegelo!

O ithuta eng? Mekgele e a go kaela le go go thusa go tswelela pele mo botshelong. O nna le sengwe se o batlang go se dira le gore o tla se dira jang.

SEKAO SA MO BAEBELENG: Paulo o ne a re: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege.” (1 Bakorintha 9:26) Go na le gore Paulo a letele gore dilo di itiragalele fela, o ne a ipeela mekgele a bo a e latelela.—Bafilipi 3:12-14.

ITLHATLHOBE: Kwala fa tlase mekgele e meraro e o batlang go e fitlhelela ngwaga o o tlang.

4 KE DUMELA ENG?

Fa o itse sentle se o leng sone, o tshwana le setlhare se se nang le medi e e itsetsepetseng se se ka kgonang go emelana le diphefo tse di maatla

Fa o se na se o se dumelang, o tla palelwa ke go dira ditshwetso. Fela jaaka lebodu, o tla nna o fetola mmala gore o tshwane le ditsala tsa gago—letshwao la gore ga o itlhaloganye.

Mme fa o dira dilo go ya ka se o se dumelang, o tla tshela go dumalana le se o leng sone—go sa kgathalesege se ba bangwe ba se dirang.

SEKAO SA MO BAEBELENG: Moporofeti Daniele o ne “a ikemisetsa mo pelong ya gagwe” gore o tla ikobela melao ya Modimo—gongwe e sa le lekawana—le fa a ne a le kgakala le ba gaabo. (Daniele 1:8) Ka go dira jalo, o ne a tswelela a tshela go dumalana le se a leng sone. Daniele o ne a tshela go ya ka se a se dumelang.

ITLHATLHOBE: O dumela eng? Ka sekai: A o dumela mo Modimong? Fa go le jalo, ka ntlha yang? Ke bosupi bofe jo bo go tlhatswang pelo gore o teng?

A o dumela gore melao ya Modimo ya boitsholo e go solegela molemo? Fa go le jalo, ka ntlha yang?

Wena o ne o ka batla go tshwana le eng—letlhare le le oleng le le phailakwang ke pheswana nngwe le nngwe kgotsa setlhare se se kgonang go emelana le diphefo tse di maatla? Nonotsha se o leng sone mme o tla tshwana le setlhare seo. Mme o tla kgona go araba potso e e reng, Ke nna mang?