• DINAGA 49

  • PALO YA BATHO 4 409 131 383

  • BABOLEDI 718 716

  • DITHUTO TSA BAEBELE 766 364

Diura di le Lekgolo Tsa Dingwaga di le Lekgolo

Modiragatsi mongwe wa thelebishene wa kwa nageng nngwe ya Asia yo o itsegeng e bile e le mmabontle o ne a amogela thuto ya Baebele. Ka bonako fela o ne a simolola go dirisa se a neng a se ithuta a bo a latlha dibuka tsa tirisabadimo le ditshwantsho tsa Babuda.

Mongwe wa batho ba a neng a atamalane le bone o ne a mo kopa  jaana: “Goreng o sa tlogele go ithuta ka dingwaga di le tharo fela mme o tlhome mogopolo mo tirong ya gago? Morago ga moo o tla tswelela o ithuta gape.”

Mosadi yoo o ne a araba jaana: “Ke na le dingwaga di le 24 ke batla go itse Jehofa. Goreng ke tshwanetse go tlogela go ithuta ka ene dingwaga tse dingwe tse tharo?”

Mo bekeng e a neng a batla go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka yone, khampani e e dirang difilimi e ne ya mo founela. Ba ne ba batla a saena tumalano e e neng e tla mo duela madi a mantsi fa a ne a ka amogela go dira karolo epe fela mo filiming. O ne a gana go saena tumalano eo. Ka May 2014, o ne a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme fa August e atamela, o ne a swetsa ka gore o tla rera diura di le 100 ka kgwedi eo. Fa a bodiwa gore goreng a batla go dira jalo, o ne a re: “Ke batla go keteka dingwaga di le lekgolo Jesu a busa ka go rera ura e le nngwe ya ngwaga nngwe le nngwe a busa!” O ne a fitlhelela mokgele wa gagwe. Ka January 2015, o ne a kolobediwa e bile gone jaanong ke mmulatsela yo o thusang.

Ba Dirisa Tshono ya go Rera Fa ba Le Kwa Kgolegelong Maitseboa

Kwa Sri Lanka, bokgaitsadi ba le banè ba ne ba tsamaya ka bese go ya go rera kwa tshimong e e sa abiwang e e neng e na le Babuda ba bantsi. Ka letsatsi la bobedi mo bodireding, moitlami mongwe le mokgweetsi wa thekisi ba ne ba emisa bokgaitsadi bano mme ba ba omanya. Ka bonako fela, segopa se se galefileng sa batho ba le 30 se ne sa ba dikaganyetsa. Mapodise a ne a goroga mme a isa bokgaitsadi bano kwa seteisheneng sa mapodise, mme ba robala koo mo diseleng tsa kgolegelo le fa ba ne ba sa dira sepe se se phoso. Ba ne ba tswaletswe le dikebekwa tse di  tlhobogilweng e bile ba ne ba kgobiwa ka mafoko le go tlhapadiwa, le fa go ntse jalo, go nna kwa kgolegelong go ne ga ba bulela ditshono tsa go neela bosupi. Mongwe wa bokgaitsadi bao o ne a re: “Ke ne ke tswaletswe le babolai, mme ke ne ka kgona go ba rerela. Ba ne ba gakgamaditswe ke go bo ke le kwa kgolegelong e bile ba ne ba mpotsa dipotso di le dintsi ka bodumedi jwa me. Legolegwa lengwe le ne la mpotsa jaana: ‘Goreng o itumetse jaana?’”

Sri Lanka: Bokgaitsadi ba le banè ba ne ba tsamaya ka bese go ya tshimong e e sa abiwang

Re ne ra romela kopo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Sri Lanka go bula kgetsi kgatlhanong le mapodise ka go tshwara batho go se na lebaka le le utlwalang. Kgetsi eo e sa ntse e sekasekiwa.

Go Thusa Mosadi yo o Nnang Fela A le Mo Bolaong

Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela kwa Japane e bong Michiko, o ne a ruta mosadi mongwe yo o godileng Baebele kwa bookelong ka puo ya diatla. Kgaitsadi yono o ne a botsa badiri ba koo gore a go na le balwetse ba bangwe ba a ka buang le bone. Ka jalo, Michiko o ne a kopana le Kazumi, yo o neng a utlwa mme a sa kgone go bua. Kazumi o ne a nna fela a le mo bolaong morago ga go tlhagelwa ke kotsi ya koloi a le dingwaga di le 23. O ne a sa kgone go metsa dijo kgotsa go nwa metsi. O ne a na le dipotso tse dintsi mme ka bonako fela o ne a dumela go ithuta Baebele.

Japan: Kazumi o itumelela go kwala makwalo a bontshang lorato, a a agang

Michiko o ne a botsa dipotso mme Kazumi o ne a supa dikarabo mo dirapeng kgotsa a di kwala. Fa Kazumi a nna le founo, Michiko o ne a kgona go tlhatlhoba temana ya letsatsi le ene moso mongwe le mongwe. Le fa Kazumi a koafetse mo mmeleng, o ne a nna a nonofa semoyeng go fitlha a bontsha gore o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. Kgabagare Kazumi o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang a le dingwaga di le 61 morago ga go ithuta dingwaga di le 13.

 E re ka Kazumi a nna fela a le mo bolaong, phuthego e dirile dithulaganyo tsa gore a reetse dipokano tsotlhe le dithulaganyo tsa dikopano ka founo. Kwa dipokanong, bokgaitsadi ba ba farologaneng ba bala dikakgelo tsa ga Kazumi tse a di baakanyeditseng sentle.

Kazumi o kwalela mongwe le mongwe yo o ithutang Baebele le yo o tlang dipokanong makwalo a a bontshang lorato le a a agang. O rerela ba ba dirang mo bookelong le ba ba mo etelang. Kazumi o ba raya a re, “Fa lo ithuta Baebele, lo tla itumela.”

Moitlami o Ithuta Boammaaruri

Kwa nageng nngwe e e kwa Borwabotlhaba jwa Asia, kgaitsadi mongwe o ne a ya ngakeng ya matlho kwa bookelong, kwa a neng a kopana le moitlami gone. O ne a mmotsa jaana: “A o ka rata go nna le botsogo jo bo molemo le go  tshelela ruri mo lefatsheng le lentle?” Ba ne ba simolola go tlotla monate mme a mo naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo. Moitlami yoo o ne a mo naya dinomoro tsa gagwe tsa founo mme kgaitsadi yoo a di naya mokaulengwe mongwe mo phuthegong. Ka bonako fela morago ga moo, mokaulengwe o ne a laletsa moitlami yono go tla go reetsa puo e e kgethegileng. Moitlami yono o ne a itumelela dipokano thata, segolobogolo fa go ne go opelwa dipina tsa Bogosi, e bile o ne a kgatlhilwe ke gore mongwe le mongwe o ne a mo amogela ka lorato.

Fa moitlami a botsa gore a Basupi ba na le diyunibesithi kgotsa diseminara tsa bodumedi, mokaulengwe o ne a mo tlhalosetsa gore re tshwarela batho dithuto tsa Baebele a bo a kopa go ithuta le ene. Mo bekeng e e latelang, ke fa moitlami a feditse go bala kgaolo 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a tswelela a ithuta, a simolola go ya dipokanong le go akgela ka nako ya Thuto ya Tora ya Tebelo.

Fa moitlami yono a ne a le kwa kopanong ya potologo, moemedi wa lekala o ne a mo laletsa go etela Bethele. Mo bekeng e e latelang, moitlami o ne a tsamaya diura di le lesome go ya kwa Bethele, kwa a neng a amogelwa ka lorato gone. Fa February 2015 e fela, o ne a tlogela go nna moitlami e bile o ntse a itumelela go ithuta Baebele le go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete.

O ne A Latlhegile Mme a Bonwa Gape

Bosheng jaana babulatsela ba ne ba romelwa kwa bokonebotlhaba jwa India, kwa go neng go fetile dingwaga di le dintsi go sa rerwe dikgang tse di molemo gone. Babulatsela bao ba ne ba bona batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang e bile ba ne ba batla lefelo le le siametseng go tshwara dipokano. Fa ba ya go tshwarela mongwe thuto ya Baebele, ba ne ba bona kago e e neng e sa ntse e agiwa mme ba akanya  go ya go botsa ka yone. Fa ba setse ba tsamaile sekgalanyana, ba ne ba swetsa ka gore ba boele morago. Ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo o godileng kwa morago ga kago eo mme ba mmolelela gore ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a itumelela go utlwa seo. O ne a ba raya a re, “Le nna ke Mosupi wa ga Jehofa,” mme a ba amogela ka lorato mo ntlong ya gagwe. O ne a ba bontsha dibuka tsa gagwe tsa bo1970 le bo1980. O ne a ithutile le babulatsela dingwaga di le 30 tse di fetileng e bile o ne a nna a ya dipokanong le fa monna wa gagwe a ne a le kgatlhanong le seo. O ne a tlhomamisegile gore o bone boammaaruri mme moragonyana a se tlhole a kgona go ikamanya le phuthego fa babulatsela ba tswa mo lefelong leo. Bana ba gagwe botlhe ba ne ba tsena dikereke  tse di farologaneng mme ene o ne a gana go tsena kereke.

India: Mosadi yo o ratang Modimo o bontsha babulatsela dikgatiso tsa gagwe tsa bo1970 le bo1980

Bosheng jaana bana ba mosadi yoo ba ne ba simolola go mo pateletsa gore a ikwadise kwa Kerekeng ya Katoliki gore fa a tlhokafala a fitlhwe ke yone. Monnawe o ne a bo a mo pateletsa go mo isa Kerekeng ya Katoliki go ya go ikwadisa mme fa ba le mo tseleng, pharakano e ne ya nna ntsi mo ba neng ba tshwanelwa ke go boela gae. Monnawe o ne a mo raya a re ba tla ya letsatsi le le latelang mme ka letsatsi leo o ne a lwala. Babulatsela ba ne ba etela mosadi yono ka lone letsatsi leo! Gone jaanong o ithuta Baebele gape, o ya dipokanong e bile o kgothaletsa bana le ditlogolo tsa gagwe go ithuta.