Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Burundi: Nolla a tshwere dimakasine tsa Tora ya Tebelo a di bontsha banna ba ba neng ba mo kopa magala

 GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Afrika

Afrika
  • DINAGA 58

  • PALO YA BATHO 1 082 464 150

  • BABOLEDI 1 453 694

  • DITHUTO TSA BAEBELE 3 688 959

Go Rera ka Sethuthuthu

Benin: Désiré o dirisa seletswa sa mmino mo thekising ya gagwe ya sethuthuthu go bolelela bapalami ba gagwe dikgang tse di molemo

Dithekisi tsa sethuthuthu tse di bidiwang di-zem, ke dipalangwa tse di ratiwang thata kwa ditoropong tsa kwa borwa jwa Benin. Désiré yo e leng mmulatsela yo o thusang, o tsentse seletswa sa mmino mo sethuthuthung sa gagwe a bo a lebisa dipikara tse pedi mo setulong sa motho yo o palamang le ene. O tshameka dikgatiso le diterama tsa Baebele tse di rekotilweng a di boaboeletsa. Gantsi fa batho ba palama zem ya gagwe,  ba reetsa ka tlhoafalo. Batho ba le bantsi ba tlhoma mogopolo thata mo go se ba se reeditseng mo e leng gore fa ba goroga kwa ba yang gone, ba a okaoka kgotsa ba gana go fologa zem go fitlha kgatiso eo e e rekotilweng e fela. Désiré a re: “Gone nka rata gore ba duele ba bo ba fologa gore ke bone bapalami ba bangwe mme ke a itse gore dikgang tse di molemo tse ba di reeditseng di botlhokwa go gaisa madi. Tota e bile ke tsamaisa dikgatiso tse dintsi ka tsela eno.”

Ngwana yo o Neng a sa Ineele

Nolla ke mosetsana wa dingwaga di le thataro yo o nnang le lelapa la gaabo kwa dithabeng tsa kwa Burundi. Letsatsi lengwe fa lelapa la gaabo le ne le apaya dijo ka setofo sa magala, banna ba babedi ba ba neng ba bereka kafa baagelaning ba bone ba ne ba kopa magala a a tukang gore ba gotse molelo. Nolla yo o iseng a simolole sekolo, o ne a tlhosetsa molelo fa banna bao ba goroga. O ne a ba naya magala a le mmalwa. Moragonyana Nolla o ne a feta gaufi le banna bao mme a lemoga gore ba dirisitse magala ao go tshuba sekerete. Seo se ne sa mo tshwenya thata mme a ba raya a re: “Fa nkabo ke itsile gore lo tlile go tshuba sekerete ka magala ao, nkabo ke sa lo a naya.” O ne a gopola gore o kile a bona makasine o o nang le setshwantsho sa sekerete kwa Holong ya Bogosi. O ne a tabogela kwa Holong go ya go tsaya dimakasine tse pedi tsa Tora ya Tebelo tsa Seetebosigo 1, 2014 tse di buang ka go goga. Nolla o ne a boela kwa banneng bao mme a ba naya dimakasine a bo a ba kopa thata gore ba di bale ka yone nako eo. Moragonyana o ne a ba bona gape mme a ba naya ditaletso tsa kopano e e latelang ya tikologo. Go sa ineele ga mosetsanyana yono go ne ga dira gore banna bao ba tlhotlheletsege go ya kopanong  malatsi a le mabedi. Ka thapama, Nolla o ne a ba bona a bo a ba laletsa gore ba tle go ja dijo tse di motlhoswana le lelapa la gaabo. Banna bao ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka gonne ba ne ba kgatlhilwe ke se ba se boneng le se ba se utlwileng kwa kopanong.

Go Rera Kwa Dikgolegelong

Bagolwane kwa Liberia ba rera molaetsa wa Bogosi kwa dikgolegelong tse di farologaneng tsa puso. Kwa Monrovia, e leng motsemogolo wa Liberia, mmulatsela yo o kgethegileng o tlhalosa jaana: “Ka March, magolegwa a le mararo a ne a tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Seo se dirile gore baboledi ba kwa Kgolegelong ya Monrovia Central ba nne barataro.” Ba dira bodiredi jang? Yves a re: “Ba kopana Laboraro le Matlhatso mongwe le mongwe go ipaakanyetsa bodiredi. Go tswa foo, ba letlelelwa go ya go bolelela magolelwa a mangwe ka molaetsa wa tsholofelo o o mo Baebeleng.” Gone jaanong magolegwa a le mantsi a itumelela go tshwarelwa thuto ya Baebele le go nna gone mo dipokanong tse di tshwarelwang mo kgolegelong. Moemedi wa ofisi ya lekala o ne a neela puo ya phatlalatsa e e neng e reeditswe ke magolegwa a le 79 kwa kgolegelong eo. Dikgolegelo tse dingwe tse thataro di na le ditlelase tsa go ithuta Baebele tse di tshwarwang ka metlha e bile magolegwa mangwe a dira diphetogo.

“Re Tlhoka Thuso ka Bonako”

Go ne ga tsewa matsapa a magolo go thusa batho ba ba kgatlhegelang boammaaruri ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala go nna gone kwa Segopotsong. Ka sekai, Ba-San, ba gape ba bidiwang  Basarwa, ke baagi ba ntlhantlha ba kwa borwa jwa Afrika. Ba ne ba tshela botshelo jo bo motlhofo, jwa go kgarakgatshega, e le batsomi le baphuthi ba dijo. Ka Segopotso sa ngwaga wa 2015, mmulatsela yo o kgethegileng yo o direlang kwa bokone jwa Namibia e bong Glenn, o ne a rulaganya go tshwara Segopotso kwa motseng o o itlhaotseng wa Ba-San, o o dikilometara di le 270 go ya kwa botlhaba jwa Rundu. Leo e ne e le lekgetlo la bobedi Segopotso se tshwarwa koo. Mo makgetlong ao a mabedi, balaodi ba mo motseng ba ne ba letla Basupi ba ga Jehofa go dirisa kgotlatshekelo mahala. Batho ba le 232 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong, le fa pula e ne e na thata pele ga Segopotso le fa se tsweletse. Basarwa ba ba nnang mo lefelong leno ba bua Se-Khwe, puo e e itsegeng ka medumo ya go thwantsha loleme. Puo e ne e neetswe ka Seesemane e bo e ranolelwa mo Se-Khwe. E re ka go se na Baebele ya Se-Khwe, go ne go tlhagisitswe ditshwantsho tsa mmala mo leboteng go tlhalosa ditemana tse di jaaka Isaia 35:5, 6. Glenn yo o tshwarang dithuto di le mmalwa tse di gatetseng pele tsa Baebele mo lefelong leo a re: “Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, ke ne ke etela mono gangwe ka kgwedi. Ke kampa kwano ka malatsi a se kae. Kgatelopele e ntse e le bonya ka ntlha ya puo le sekgala. Re tlhoka thuso ka bonako. Fa ke ne ke ile go dira dithulaganyo tsa Segopotso sa monongwaga kwa balaoding, leloko lengwe la komiti e e laolang mo motseng le ne la kopa gore re age lefelo la kobamelo mo motseng ono. Le ne la re komiti e tla re naya setsha le go aga lefelo leo ka madi a yone! Rona re ne re tlhoka fela go tla ka ‘moruti’ kgotsa go ruta mongwe wa bone go nna moruti!”

Namibia: Baboledi ba babedi ba itumelela go bolelela mosadi wa Mohimba dikgang tse di molemo