Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 INDONESIA

Puso ya Bajapane

Puso ya Bajapane

Mo masimologong a 1942, masole a Bajapane a a setlhogo a ne a gapa Indonesia ka dikgoka. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba patelediwa go dira tiro e e boima ya diatla, ya go aga ditsela kgotsa go phepafatsa mesele. Ba bangwe ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong tse di leswe ba bo ba bogisediwa go gana go ema ntwa nokeng. Bakaulengwe ba ka nna bararo ba ne ba tlhokafalela mo kgolegelong.

Johanna Harp, bomorwadie ba babedi le Beth Godenze, tsala ya bone (mo gare)

Kgaitsadi mongwe wa Mo-Dutch e bong Johanna Harp, yo o neng a nna kwa motseng mongwe o o mo dithabeng kwa Java Botlhaba, ga a ka a tshwarwa mo dingwageng tsa ntlha tse pedi tsa ntwa. Ene le bana ba gagwe ba bararo ba ba mo dingwageng  tsa bolesome, ba ne ba dirisa nako eo ya kgololesego go ranolela buka ya Salvation le dimakasine tsa Tora ya Tebelo mo puong ya Se-Dutch. * Go tswa foo go ne go dirwa dikhopi tsa dikgatiso tseo, di bo di romelelwa Basupi ka sephiri go ralala Java.

Basupi ba le mmalwa ba ba neng ba sa ntse ba na le kgololesego, ba ne ba kopana ka ditlhotshwana e bile ba rera ka kelotlhoko. Josephine Elias (yo pele a neng a fana ka Tan) o ne a re: “Ke ne ke nna ke ntshitse matlho dinameng gore ke kgone go rerela batho ke se mo bodireding. Fa ke boela kwa bathong ba ba kgatlhegang ke ne ke tsamaya ke tshwere boto ya motshameko wa chess gore batho ba akanye gore ke ya go itshamekela chess.” Felix Tan le mosadi wa gagwe e bong Bola, ba ne ba itira e kete ba rekisa sesepa mme gone ba rera ka ntlo le ntlo. Felix o ne a re: “Re ne re nna re setswe morago ke ditlhola tsa Kempeitai, e leng mapodise a a tshabegang a sesole sa Bajapane. Re ne re etela batho ba re ithutang Baebele le bone ka dinako tse di farologaneng gore re se ka ra tsosa dipelaelo. Baithuti ba le barataro ba ne ba gatela pele ba bo ba kolobediwa fa ntwa e ntse e tsweletse.”

Dikgaogano Kwa Jakarta

Fa bakaulengwe ba ntse ba tlwaelana le maemo a a thata a a bakilweng ke ntwa, ba ne ba lebana le teko e nngwe e e masisi. Balaodi ba Bajapane ba ne ba laela batswakwa botlhe (go akaretsa le Ba-China ba ba agileng mo Indonesia) gore ba ikwadise le gore ba nne ba tshotse lokwaloitshupo le le bontshang gore ba ikanne go ema nokeng Mmusomogolo wa Bajapane. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore a ba ikwadise ba bo ba saene lokwaloitshupo kgotsa ba gane.

Josephine Elias le kgaitsadie e bong Felix

Felix Tan o ne a tlhalosa jaana: “Bakaulengwe ba kwa Jakarta ba ne kgothaletsa rona ba ba kwa Sukabumi gore re gane go saena lokwaloitshupo leo. Mme re ne ra kopa balaodi gore re fetole mafoko a a mo lokwaloitshupong a a reng, ‘ke ikana gore  ke tla ema nokeng’ masole a Bajapane gore a nne ‘ke ikana gore ga ke na ke kgoreletsa’ masole a Bajapane. Ba ne ba dumela re sa solofela mme rotlhe re ne ra nna le makwaloitshupo. Fa bakaulengwe ba kwa Jakarta ba utlwalela ka tshwetso e re e dirileng, ba ne ba re bitsa batlhanogi ba bo ba tlogela go ikgolaganya le rona.”

Ka maswabi, bontsi jwa bakaulengwe ba kwa Jakarta ba ba neng ba feteletsa dilo ba ne ba tshwarwa mme ba feleletsa ba itatotse gore ke Basupi. Mokaulengwe mongwe yo o neng a gana go ineela o ne a isiwa kgolegelong a bo a kopana le André Elias koo. André o ne a re: “Ke ne ka mmontsha mabaka ka kgang ya go ikwadisa ka bo ka mo thusa gore a lebe dilo ka tekatekano. Ka boikokobetso, o ne a kopa maitshwarelo ka ntlha ya go bo a ile a tlogela go ikgolaganya le rona. Re ne ra itumelela go nna re kgothatsana mme ka maswabi o ne a tlhokafala ka ntlha ya maemo a a thata a kgolegelo.”

Merdeka!

Fa ntwa e ne e fela ka 1945, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ikemiseditse go tswelela ka tiro ya go rera. Mokaulengwe mongwe yo o neng a tlhokofadiwa fa a le kwa kgolegelong, o ne a  kwalela ofisi ya lekala ya kwa Australia a re: “Ke lo kwalela gape morago ga dingwaga di le nnè tse di boima, ke siame e bile ke sa ntse ke ikanyega. Mo nakong eno yotlhe fa ke le mo dipharagobeng ga ke a ka ka lebala bakaulengwe. Ke kopa lo nthomelele dibuka.”

Go ise go ye kae, dikgatiso tseo di ne tsa goroga kwa Indonesia, kwa tshimologong go ne ga romelwa di se kae mme morago ga tla tse dintsi. Setlhopha sa baboledi ba le lesome kwa Jakarta se ne sa tsweletsa tiro ya go ranolela dikgatiso mo puong ya Se-Indonesia.

Ka August 17, 1945, baeteledipele ba mokgatlho o o neng o lwela gore Indonesia e ipuse ba ne ba tlhalosa gore jaanong Indonesia ke repaboliki e e ipusang. Seno se ne sa tsosa dikhuduego tse di tsereng dingwaga di le nnè kgatlhanong le puso ya Ba-Dutch. Batho ba le diketekete ba ne ba swa mo tlhakantshukeng e e neng ya latela, mme batho ba feta dimilione tse supa ba patelesega go fuduga.

Fa dikhuduego tseo di ntse di tsweletse bakaulengwe ba ne ba ntse ba rera ka ntlo le ntlo. Josephine Elias o ne a re: “Baratanaga ba ne ba leka go re pateletsa go tlhaba mokgosi wa bone wa ntwa o o reng ‘Merdeka,’ mo go rayang ‘Kgololesego.’ Mme re ne ra ba bolelela gore rona ga re tseye letlhakore mo dipolotiking.” Ka 1949, morago ga gore Ba-Dutch ba buse ka lobaka lo loleele, Repaboliki ya United States of Indonesia e ne ya simolola go ipusa (gone jaanong ke Repaboliki ya Indonesia). *

Ka 1950, bakaulengwe kwa Indonesia ba ne ba setse ba feditse dingwaga di ka nna lesome ba itshoketse dintwa. Mme ba ne ba lebanwe ke namane e tona ya tiro. Ba ne ba tla kgona jang go rerela batho ba le dimilione ba ba tlhanaselang kwa Indonesia? Mo matlhong a motho, go ne go lebega tiro eo e ka se kgonege! Le fa go ntse jalo, e re ka bakaulengwe ba ne ba na le tumelo, ba ne ba tswelela ba rera, ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ‘romela badiri mo thobong ya gagwe.’ (Math. 9:38) Mme Jehofa o ne a dira fela jalo.

^ ser. 2 Morago ga ntwa morwadie Kgaitsadi Harp yo monnye e bong Hermine (Mimi), o ne a ya sekolong sa Gileade a bo a boela Indonesia e le morongwa.

^ ser. 3 Ba-Dutch ba ne ba tswelela ba laola West Papua (e e neng e bidiwa West New Guinea) go fitlha ka 1962.