Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basupi kwa Semarang, Java (ka bo1937)

 INDONESIA

Ke Batla go Simolola Fa!

Ke Batla go Simolola Fa!

Alexander MacGillivray, motlhanka wa lekala la kwa Australia, o ne a ntse a tsamayatsamaya mo ofising a ja marapo a tlhogo. O ne a feditse malatsi a ntse a leka go rarabolola bothata bongwe mme kgabagare a bona tharabololo. Jaanong go ne go tlhokega gore a bue le Frank Rice.

Frank, monna yo o nonofileng yo o nang le dingwaga di le 28 e bile e le morekisi wa dibuka (mmulatsela) o ne a na le dibeke di le mmalwa a le kwa ofising ya lekala. O ne a ithuta boammaaruri a le mo dingwageng tsa bolesome mme morago ga foo o ne a simolola tiro ya go rekisa dibuka. O feditse dingwaga di feta lesome a rera kwa Australia, a tsamaya ka pitse, baesekele, sethuthuthu le kharabene. Morago ga go kgabola kwa Bethele, Frank o ne a eme sejaro go dira kabelo ya gagwe e ntšha.

Mokaulengwe MacGillivray o ne a biletsa Frank kwa ofising ya gagwe a bo a mmontsha mmapa wa ditlhaketlhake tse di kwa bokone jwa Australia. O ne a botsa Frank go re: “A o ka rata go simolola go rera fano? Ga go na le fa e le mokaulengwe a le mongwe mo ditlhaketlhakeng tseno!”

Matlho a ga Frank a ne a kgatlhiwa ke go bona ditlhaketlhake tseno di tsabakela jaaka diperela mo lewatleng. Ditlhaketlhake tseno di ne di bidiwa Netherlands East Indies mme jaanong di bidiwa Indonesia. * Mo ditlhaketlhakeng tseo, go ne go na le dimilione tsa batho ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Frank o ne  a supa toropokgolo ya Batavia (e gone jaanong e leng Jakarta), a bo a re: “Ke batla go simolola fa!”

Go Rera Kwa Java

Ka 1931, Frank Rice o ne a goroga kwa Jakarta, toropo e kgolo e e tlhanaselang e e mo setlhaketlhakeng sa Java. O ne a hira phaposi nngwe e e gaufi le bogare jwa toropo a bo a e tlatsa ka dibokoso tsa dikgatiso tsa Baebele. Mong wa lefelo leo o ne a sala a gakgamatse.

Frank Rice le Clem Deschamp kwa Jakarta

Frank o ne a re: “Ke simolotse ke ikutlwa ke latlhegile e bile ke gopotse gae. Batho ba ne ba tsamaya ba apere disutu tse ditshweu e bile ba rwele dihelemete, fa nna ke fufula ka  ntlha ya mogote wa diaparo tsa Australia. Ke ne ke sa itse Se-Dutch kgotsa Se-Indonesia. Fa ke sena go rapela Jehofa, ke ne ka akanya gore go tshwanetse ga bo go na le batho ba ba buang Seesemane kwa mafelong a kgwebo. Ke ne ka simolola go rera koo, ruri masimo a ne a le masweu go ka rojwa!”

E re ka bontsi jwa baagi ba Jakarta ba ne ba bua Se-Dutch, Frank o ne a se ithuta a bo a simolola go rera ka ntlo le ntlo ka sone. Gape o ne a simolola go ithuta Se-Indonesia ka iketlo. Frank o ne a re: “Bothata ke gore ke ne ke se na dikgatiso tsa Se-Indonesia. Jehofa o ne a nkaela go ya go rerela morutabana yo o neng a kgatlhegela boammaaruri mme o ne a dumela go ranola bukana ya Where Are the Dead? Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga ranolwa dibukana tse dingwe mme Ba-Indonesia ba le bantsi ba ne ba simolola go kgatlhegela boammaaruri.”

Ka November 1931, babulatsela ba babedi ba ba neng ba tswa Australia ba ne ba goroga kwa Jakarta, e ne e le Clem Deschamp wa dingwaga di le 25 le Bill Hunter wa dingwaga di le 19. Clem le Bill ba ne ba tlile ka kharabene ya bone, nngwe ya dikharabene tsa ntlha go goroga mo Indonesia. Fa ba sena go ithuta mafoko a se kae a Se-Dutch ba ne ba simolola go rera mo ditoropong tse dikgolo tsa Java.

Charles Harris o ne a tsamaya a rera ka baesekele le kharabene

Charles Harris, mmulatsela yo mongwe yo nonofileng go tswa Australia, o ne a gata Clem le Bill motlhala. Charles o ne a simolola tiro ka 1935, a rera ka kharabene le baesekele, a tsamaisa dikgatiso tsa Searabia, Se-China, Se-Dutch, Seesemane le Se-Indonesia. O ne a kgona go tsamaisa dikgatiso di ka nna 17 000 ka ngwaga.

Charles o ne a tsamaisa dikgatiso tse dintsi mo go neng ga dira gore batho ba ipotse dipotso. Modiredipuso mongwe kwa Jakarta o ne a botsa Clem Deschamp go re: “Kante go na le batho ba le kae ba ba berekang kwa Java Botlhaba?”

Mokaulengwe Deschamp o ne a re: “O nosi fela.”

 Modiredipuso o ne a mo garumela jaana: “Ga o mpolelele boammaaruri! Go tshwanetse ga bo go bereka batho ba le bantsi koo ka gore dikgatiso tsa lona di tletse gongwe le gongwe!”

Babulatsela bano ba ne ba dira ka natla gore ba kgone go rerela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Bill Hunter o ne a re: “Re tsamaile setlhaketlhake seno sotlhe, mme e ne e le ka sewelo re buang le motho gabedi.” Mo mesepeleng ya bone ba ne ba jala peo ya boammaaruri e moragonyana e neng ya gola ya nna thobo e kgolo.—Mor. 11:6; 1 Bakor. 3:6.

 Dikgang Tse di Molemo di Goroga Kwa Sumatra

Ka bo1936, babulatsela kwa Java ba ne ba tlotla ka gore ba ka dira jang gore go rerwe le kwa Sumatra, e leng setlhaketlhake sa borataro mo lefatsheng ka bogolo. Ekhweitha e kgabaganya setlhaketlhake seno se se makgwarapana se se nang le ditoropo tse dikgolo, masimo, ditsobotla le dikgwa tsa dipula.

Babulatsela ba ne ba dumalana ka gore ba romele Frank Rice, ka jalo ba kopanya bonnye jo ba neng ba na le jone go duelela loeto lwa gagwe. Moragonyana Frank o ne a goroga kwa Medan, Sumatra Bokone, a tshwere dibeke tse pedi tsa bodiredi, dibokoso di le 40 tsa dikgatiso le madi a se kae. Frank e ne e le monna wa tumelo. Ga a ka a senya nako mme o ne a simolola tiro, a ikantse gore Jehofa o tla mo tlamela ka sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka go diragatsa kabelo ya gagwe.—Math. 6:33.

Mo bekeng ya gagwe ya bofelo a rera kwa Medan, Frank o ne a lalediwa ke monna yo o botsalano wa Mo-Dutch gore ba tle go nwa kofi mmogo. Frank o ne a bolelela monna yono gore o tlhoka koloi gore a kgone go rera mo setlhaketlhakeng sotlhe. Monna wa Mo-Dutch o ne a supa koloi ya gagwe e e senyegileng a bo a mo raya a re: “Fa o ka e baakanya ke tla go e neela ka di-guilder di le 100.” *

Frank o ne a re: “Ga ke na di-guilder di le 100.”

Monna wa Mo-Dutch o ne a mo tlhoma matlho a bo a mmotsa jaana: “A mme o batla go rera mo Sumatra yotlhe?”

Frank o ne a re: “Ee.”

Monna wa Mo-Dutch o ne a mo raya a re: “Fa e le gore o tla kgona go e baakanya o ka e tsaya o bo o ntuela moragonyana fa o na le madi.”

Frank ga a ka a senya nako go baakanya koloi eo. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka ya go rerela batho ba Sumatra ka koloi  e e tletseng dikgatiso le peterole le pelo e e tletseng tumelo.”

Henry Cockman a na le Jean le Clem Deschamp kwa Sumatra, 1940

Morago ga ngwaga, Frank o ne a boela Jakarta fa a fetsa go rera mo setlhaketlhakeng sotlhe. Fa a tsena koo o ne a rekisa koloi ka di-guilder di le 100 a bo a romelela monna wa Mo-Dutch madi ao.

Morago ga dibeke di se kae, Frank o ne a amogela lekwalo le le tswang Australia le mmolelela ka kabelo ya gagwe e ntšha. Ga a ka senya nako mme o ne a rwala merwalo ya gagwe a leba Indochina (e gone jaanong e leng Cambodia, Laos, le Vietnam).

^ ser. 4 Gape di ne di kile tsa bidiwa Dutch East Indies. Ba-Dutch ba ne ba goroga dingwaga di le 300 pele ga foo, ba bo ba laola kgwebo ya ditswaiso e e neng e tsenya lotseno lo lontsi. Mo pegong eno re tla dirisa maina a a dirisiwang gone jaanong.

^ ser. 3 Madi a gompieno a ka lekanang le R15 000.