Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 INDONESIA

Barongwa ba Bangwe ba a Goroga

Barongwa ba Bangwe ba a Goroga

Ka July 9, 1964, Lefapha la Tshiamiso la Indonesia le ne la kwadisa Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele, e leng mokgatlho wa semolao wa Basupi ba ga Jehofa. Mme pele bakaulengwe ba ka itumelela kgololesego ya go obamela, ba ne ba tlhoka go kwadisiwa gape ke Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi. Lefapha leno le ne le dirisana le Lefapha la Merero ya Bokeresete le le neng le tletse ka Baporotesetanta ba ba ratang go gagamatsa molao e bile ba sa rate Basupi ba ga Jehofa gotlhelele.

Nako nngwe mokaulengwe mongwe o ne a kopana le modiredipuso yo o neng a na le maemo a a kwa godimo e bile a bereka le Tona ya Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi. Fa ba ntse ba tlotla ba ne ba lemoga gore ba goletse kwa motseng o le mongwe, mme ba nna le motlotlo o o monate ka puo ya gaabo. Fa mokaulengwe yono a mo tlotlela ka mathata a Basupi ba nang le one le Lefapha la Merero ya  Bokeresete, modiredipuso o ne a rulaganya gore bakaulengwe ba le bararo ba kopane ka tlhamalalo le tona ya lefapha, Momoseleme yo o botsalano e bile a le kutlwelobotlhoko. Ka May 11, 1968, tona ya lefapha o ne a ntsha taelo ya gore mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o kwadisitswe semolao le gore ba na le tshwanelo ya go dira tiro ya bone mo Indonesia.

Modiredipuso yono o ne a swetsa ka go re ga a na a rerisana le Lefapha la Merero ya Bokeresete gore Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba newe tetla ya go direla e le barongwa. Ka thuso ya modiredipuso yono yo o tekatekano, barongwa ba le 64 ba ne ba ya go direla kwa Indonesia mo dingwageng tse di neng tsa latela.

Ka 1968, go ne go na le barongwa ba ka nna 300, babulatsela ba ba kgethegileng le baboledi ba feta 1 200 ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo mo dikarolong tsotlhe tsa Indonesia. Barongwa ba ne ba thapisa bakaulengwe ba mo Indonesia mme bakaulengwe bao ba ne ba gatela pele ka bonako. Thapiso eno e ne e tla ba thusa go lebana le mathata a a neng a larile kwa pele.

Mpho ya Keresemose

Ka 1974, Lefapha la Merero ya Bokeresete le ne la tsosolosa letsholo la go thibela Basupi ba ga Jehofa. Mokaedi wa lefapha leno o ne a kwalela ofisi nngwe le nngwe ya Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi mo dikgaolong tse di farologaneng, a bua maaka a go re mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ga o sa tlhole o kwadisitswe semolao. O ne a kgothaletsa badiredipuso gore ba tseele Basupi dikgato fa ba ka ba tlhagisetsa mathata ape fela. Badiredipuso ba le bantsi ba ne ba itlhokomolosa taelo eno fa bangwe bone ba ne ba dirisa tshono eo go thibela dipokano le tiro ya ntlo le ntlo.

Ka December 24, 1976, lokwalodikgang lo ne lwa itsise gore Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe

 Ka yone nako eo, Mokgatlho wa Lefatshe wa Dikereke o ne wa rulaganya gore go tshwarwe pokano ya boditšhabatšhaba kwa Jakarta, sengwe se se neng se sa itumedise Bamoseleme ba Jakarta. E re ka dikgotlhang tsa bodumedi di ne di gakala, mokgatlho o ne wa tlogela go tshwara pokano eo. Le fa go ntse jalo, kgang ya go sokololela batho mo Bokereseteng e ne e bakile kgaruru mme maloko a le mantsi a sepolotiki a ne a tshogile. Baruti ba ne ba leka go pega Basupi molato ka go ngongorega ka tiro ya bone ya go rera. Seno se ne sa dira gore badiredipuso ba le bantsi ba nne le pono e e sa siamang ka Basupi.

Ka December 1975, fa dikgotlhang tsa bodumedi di ntse di etegela pele, Indonesia e ne ya tlhasela East Timor (e gone jaanong e leng Timor-Leste), naga e e kileng ya nna kolone ya Portugal. Morago ga dikgwedi di le supa, East Timor e ne ya gapiwa mme seo se ne sa dira gore moya wa go rata naga o aname mo Indonesia. Bakaulengwe ba ne ba gana go tsaya letlhakore mo dipolotiking, go tsenela sesole le go dumedisa folaga, mme seo sa galefisa balaodi ba sesole. (Math. 4:10; Joh. 18:36) Baruti ba ne ba leka go fedisa Basupi gotlhelele ka go tlhotlheletsa puso gore e ba thibele. Kgabagare mo magareng a December 1976, go ne ga nna jaaka e kete puso e naya baruti mpho ya Keresemose fa e ne e itsise gore Basupi ba ga Jehofa ba thibetswe.