Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopano ya Baithuti ba Baebele kwa Tacoma, Washington, U.S.A.

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917

MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1917 o ne wa re: “Ngwaga o mosha o goroga go na le dintwa, mathata le tshololo ya madi.” Ntwa ya Lefatshe I e ka nako eo e neng e itsege e le Ntwa e Kgolo e e neng ya bolaya batho ba le bantsi mo lefatsheng e ne e gaketse kwa Yuropa.

Le fa Baithuti ba Baebele ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore go tewa jang fa gotwe Mokeresete wa boammaaruri ga a tshwanela go tsaya letlhakore, bontsi jwa bone ba ile ba dira bojotlhe gore ba se ka ba bolaya batho. Ka sekai, kwa Engelane, Stanley Willis wa dingwaga di le 19 o ne a ikemiseditse gore ga a  kitla a tsaya letlhakore mo ntweng. O ne a kwala jaana pele a ya kgotlhatshekelo: “Ke go tsaya e le tshiamelo e e seng kana ka sepe go neela bosupi ka tsela eno. Mokolonele o mpoleletse gore gompieno ke tlile go laelwa go tsenela bosole, mme fa nka gana, ke tla otlhaelwa go sa ikobele molao wa sesole.”

E re ka Stanley a ne a gana go tsenela bosole, o ne a isiwa kgolegelong mme a patelediwa go dira tiro e e boima thata. Le fa go ntse jalo, ga a ka a latlhela seditse, go na le moo, o ne a tswelela a leba dilo sentle. Morago ga dikgwedi di le pedi o ne a kwala jaana: “‘Moya wa maatla’ o Modimo a re o nayang, o re thusa go itshokela . . . dilo tse ba bangwe ba sa kgoneng go di itshokela.” O ne a dirisa nako ya fa a ne a le kwa kgolegelong ka botlhale mme o ne a re: “Molemo mongwe wa go bo ke le mo kgolegelong ke gore ke na le nako e ntsi ya go rapela, go tlhatlhanya le go ithuta.”

Go ise go ye kae, naga ya United States e ne ya nna le seabe mo ntweng eo ya lefatshe. Fa Poresidente Woodrow Wilson a ne a bua le Kongerese ya United States ka April 2, 1917, o ne a buelela gore go nne le letsholo la semmuso la go lwantsha naga ya Jeremane. Morago ga malatsi a le manê, masole a United States a ne a ya ntweng. Seno se ne sa dira gore Bakeresete ba kwa United States ba lebane le kgwetlho ya go sa tseye letlhakore mo ntweng eo.

E re ka go ne go tlhokega masole a le mantsi, puso ya United States e ne ya tlhoma melao e mebedi. Molao wa ntlha o ne wa tlhomiwa ka May mme o ne o naya puso tshwanelo ya go tlhopha banna ba ba tla yang ntweng. Molao wa bobedi o ne wa tlhomiwa kgwedi morago ga moo mme o ne o ne o dira gore motho a bonwe molato fa a gana go tsenela bosole. Go ise go ye kae, baganetsi ba ne ba dirisa melao eo go rera “mathata ka taelo” ka go bogisa batho ba ga Jehofa.—Pes. 94:20.

Mme gone, pheretlhego e e neng e bakiwa ke ntwa ga e a ka ya tshosa Baithuti ba Baebele ka gonne go ne go fetile dingwaga di le dintsi ba tlhagisa batho ka boporofeti jwa Baebele jo bo neng bo bua ka maemo ao. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba gakgamadiwa ke go bona bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba na le dikgogakgogano gareng ga bone.

 Go Lekwa le go Feferwa

Kwa United States, mathata a simologile fela fa Charles Taze Russell a sena go tlhokafala. Bothata jo bo neng bo le teng ka nako eo, e ne e le gore tiro ya batho ba ga Jehofa e ne e tla rulaganngwa jang. Mokaulengwe Russell o ne a kwadisa Zion’s Watch Tower Tract Society ka 1884 mme e ne e le poresidente wa mokgatlho ono go fitlha a tlhokafala ka October 1916. Fa Mokaulengwe Joseph F. Rutherford a ne a simolola go etelela pele, banna bangwe mo phuthegong, go akaretsa le banna ba le banê ba ba neng ba le mo setlhopheng sa batsamaisi, ba ne ba batla go nna le taolo e e oketsegileng.

Banna bano ba banê le ba bangwe ba ne ba sa rate tsela e Mokaulengwe Rutherford a neng a tsamaisa dilo ka yone. Nngwe ya dilo tseo e amana le tshwetso e a e dirileng ka Paul S. L. Johnson yo o neng a direla e le molebedi yo o etang.

Nakonyana pele Mokaulengwe Russell a tlhokafala, o ile a romela Johnson kwa Engelane gore e nne moemedi wa mokgatlho yo o etelang diphuthego. Johnson o ne a tshwanetse go rera dikgang tse di molemo koo, a etele diphuthego le go kwala pego ya tiro ya mo tshimong. Fa a goroga kwa Engelane ka November 1916, bakaulengwe ba koo ba ne ba mo amogela ka diatla tsoopedi. Ka maswabi, tsela e batho ba neng ba mo tlotlomatsa ka yone e ne ya dira gore a simolole go ikgogomosa mme ka ntlha ya seo, o ne a tlhomamisegile gore ke ene a tshwanetseng go nna motlhatlhami wa ga Mokaulengwe Russell.

Fa Johnson a le kwa Engelane, o ne a leleka maloko mangwe a Bethele a a neng a le kgatlhanong le ene le fa gone a ne a sena tetla ya go dira jalo. Johnson o ne a leka go laola akhaonto ya banka ya mokgatlho kwa London, ka ntlha ya seo, Mokaulengwe Rutherford o ne a mo laela gore a boele kwa United States.

Johnson o ne a boela kwa Brooklyn, mme go na le go amogela kgalemelo, o ne a leka go ipuelela mo go Mokaulengwe Rutherford gore a mmusetse kwa Engelane. Fa leano leno le itaya se fololetse, o ne a leka go tlhotlheletsa maloko a setlhopha sa batsamaisi gore ba tseye letlhakore la gagwe, mme ba le banê ba bone ba ile ba mo ema nokeng.

 Mokaulengwe Rutherford o ne a ntsha banna bano mo setlhopheng sa batsamaisi ka gonne a itse gore tlhako ya morago e gata mo ya pele e gatileng gone, ka jalo, o ile a akanya gore banna bano ba ka tloga ba etsa Johnson mme ba leka go laola akhaonto ya banka ya mokgatlho kwa United States. Molao wa naga eo o ne o re ngwaga le ngwaga leloko lengwe le lengwe la setlhopha sa batsamaisi le tshwanetse go tlhophiwa ke maloko a mokgatlho. Kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho ka January 6, 1917, go ne ga tlhophiwa maloko a le mararo fela a setlhopha sa batsamaisi. Joseph F. Rutherford o ne a tlhophiwa go nna poresidente, Andrew N. Pierson go nna motlatsa poresidente mme William E. Van Amburgh o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi le motshwaramatlotlo. Ga go a ka ga tlhophiwa banna ba bangwe gore ba tseye maemo a mangwe a manê a a neng a setse mo setlhopheng sa batsamaisi. Banna ba banê ba ba neng ba le kgatlhanong le Mokaulengwe Rutherford ba ne ba sa bolo go nna mo setlhopheng sa batsamaisi, e bile bangwe ba ne ba akanya gore ba tla nna mo go sone go ya go ile. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba sa tlhophiwa gape, e ne e sa tlhole e le maloko a semolao a setlhopha sa batsamaisi. Ka jalo, ka July 1917, Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhopha banna ba le banê ba ba ikanyegang go nna maloko a setlhopha sa batsamaisi.

Banna ba ba tlositsweng mo setlhopheng sa batsamaisi ba ne ba galefa mme ba ne ba leka go tlhotlheletsa maloko a mokgatlho gore a ba tlhophe gore ba busediwe mo maemong a bone a pele. Leano la bone le ne la retela. Le fa Baithuti bangwe ba Baebele ba ile ba ba ema nokeng le go ipulela mekgatlho e mengwe, Baithuti ba Baebele ba le bantsi ba ne ba nna ba ikanyega mme banna bao ga ba a ka ba busediwa mo setlhopheng sa batsamaisi.

Koketsego Le fa Go na Le Mathata

Fa dilo tseo di ntse di direga, Mokaulengwe Rutherford le bakaulengwe ba ba ikanyegang ba kwa Bethele ba ne ba tswelela ba dira ka natla mo tirong ya Bogosi. Palo ya balebedi ba ba etang, ba ka nako eo ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi, e ne ya oketsega go tloga go ba le 69 go ya go ba le 93. Palo ya barekisi ba dibuka kgotsa babulatsela ba ka metlha, e ne ya oketsega go tloga go ba le 372 go ya go ba le 461. Mo godimo ga moo, go ne ga tlhomiwa  barekisi ba dibuka ba ba kgethegileng ba gompieno re ba itseng e le babulatsela ba ba thusang. Diphuthego dingwe di ne di na le barekisi bano ba dibuka ba ba tlhagafetseng ba le 100.

Ka July 17, 1917 go ne ga gololwa buka ya The Finished Mystery. Fa ngwaga oo o fela, dikhopi tsa yone di ne di fedile mme go ne ga tsenngwa kopo ya gore go gatisiwe dikhopi tse dingwe di le 850 000 kwa khamphaning e e neng e re direla dikgatiso. *

Go rulaganngwa sesha ga tiro ya kwa Bethele go go neng go simolotswe ke Mokaulengwe Russell ka 1916 go ne ga fela ka 1917. Ka December wa ngwaga oo, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Go rulaganngwa sesha ga tiro ya maloko a Bethele . . . go weditswe mme gone jaanong, tiro e dirwa ka matsetseleko le ka botswerere fela jaaka tota go tshwanetse ga nna mo mokgatlhong o o tsamaisiwang sentle . . . Maloko a lelapa la Bethele a itse gore go direla koo ga se tshwanelo mme ke tshiamelo.”

Makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1917 o ne wa re: “Fa re bapisa kgwedi nngwe le nngwe ya ngwaga ono go tloga ka January 1 le dikgwedi tsa ngwaga o o fetileng wa 1916, go nnile le koketsego e kgolo [mo dikgatisong tse di gatisiwang] . . . Seno ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Morena o segofatsa tiro e e dirwang mo Brooklyn.”

Go Lekwa le go Feferwa go a Tswelela

Baganetsi ba ne ba tlositswe mo phuthegong, mme diboutu tsa phuthego tse di neng di kwadilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo di ne di bontsha gore maloko a le mantsi a phuthego a ne a ema nokeng Mokaulengwe Rutherford le banna ba ba ikanyegang ba kwa Bethele. Mme gone, diteko tse ba neng ba tla lebana le tsone di ne di ise di fele. Le fa gone ngwaga wa 1918 o simologile sentle, go ne go tla simologa motlha o o thata go gaisa mo hisitoring ya rona.

^ ser. 18 Go fitlha ka 1920, dikgatiso tsa rona tsotlhe di ne di gatisiwa kwa dikhampaning tse di gatisang dibuka.