Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakaulengwe kwa pokanong e e neng e tshwerwe ka 1992

 GEORGIA | 1991-1997

“Modimo O ne A Nna a Godisa.”—1 Bakor. 3:6.

“Modimo O ne A Nna a Godisa.”—1 Bakor. 3:6.

Genadi Gudadze e ne e le molebedi wa potologo ka bo1990

 KA 1991, fa Soviet Union e kgaogana, Georgia e ne ya nna naga e e ikemetseng. Le fa go ntse jalo, maemo a a sa iketlang a dipolotiki le dikhuduego di ne tsa ama matshelo a batho. Genadi Gudadze, yo e neng e le molebedi wa potologo ka dingwaga tseo, a re o gopola batho ba emetse borotho letsatsi lotlhe.

Ka nako eo go ne go tlwaelegile gore Basupi ba rerele batho bao. Genadi a re: “Mo dingwageng tseo tse di thata go ne go lebega mongwe le mongwe a nyoretswe boammaaruri. Re ile ra amogela diaterese di le dintsi tsa batho ba ba batlang go ithuta Baebele.”

Morago ga pokano nngwe le nngwe, bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba ne ba bitsa maina  le diaterese tsa batho ba ba ikopetseng go etelwa. Go tswa foo, baboledi ba ne ba ithaopela go ba etela kwa magaeng a bone.

Batho ba ba emetseng borotho ba rerelwa ka bo1990

Mokaulengwe Levani Sabashvili, yo e neng e le mogolwane kwa Tbilisi, o gopola banyalani bangwe ba ba neng ba ikopetse go etelwa. A re: “Baboledi ba ne ba ithaopetse go etela kwa diatereseng tse dingwe tsotlhe ntle le ya banyalani bano. Ba ne ba nna kgakala thata, gape bontsi jwa rona re ne re setse re na le dithuto tsa Baebele di le dintsi.”

Morago ga dikgwedinyana, banyalani bano ba ne ba romela kopo ya bobedi. La bofelo ba ne ba romela kopo e nngwe gape mme mo lekgetlong leno ba ne ba kwala molaetsa o o neng o kopa Basupi gore ba se ka ba nna le molato wa madi. (Dit. 20:26, 27) Levani a re: “E ne e le ngwaga o mosha e bile re ne re sa rate go etela batho ka nako eo. Mme re ne re bona gore re tlhoka go ba etela ka bonako.”

Banyalani bano ba ba neng ba nyoretswe boammaaruri e ne e le Roini le Nana Grigalashvili, ba ne ba sa dumele se ba se bonang fa mo mosong mongwe Levani le mokaulengwe yo mongwe ba eme fa kgorong ya bone. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele le bone ka yone nako eo. Gone jaanong, Roini, Nana le bana ba bone ke babulatsela ba ka metlha.

Ba Ile ba Dira Maiteko a go Batla ba ba Ratang Baebele

Batho ba ba neng ba amogela boammaaruri ba ne ba bo rata tota e bile ba ne ba dirisa nako, maatla le se ba nang le sone gore ba rerele ba bangwe. Le fa Badri le Marina Kopaliani ba ne ba na le maikarabelo a lelapa, ba ile ba ya kwa metseng e e kgakala go ya go ruta batho boammaaruri.

 Mafelobeke mangwe le mangwe, Badri, Marina le bana ba bone e bong Gocha le Levani, ba ne ba rulaganya mesepele ya go ya kwa kgaolong nngwe e ntle e e dithaba kwa bokone jwa Tbilisi. Ka dinako dingwe, ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 150 mo ditseleng tse di motsopodia go ya kwa metseng e e kgakala.

Letsatsi lengwe mosadi mongwe o ne a kopa Badri le mosadi wa gagwe gore ba tle kwa a berekang teng. Badri a re: “Re ne re le mo phaposing e kgolo re letetswe ke batho ba ka nna 50. Kwa tshimologong ke ne ke gakgametse, mme fa ke sena go rapela, ke ne ka tlotla le bone ka ditemana dingwe tse di mo go Mathaio 24 tse di buang ka sesupo sa metlha ya bofelo. Mongwe o ne a botsa jaana a gakgametse, ‘Kante ke eng baruti ba sa re bolelele dilo tse?’”

Batho ba le Bantsi ba Tla Segopotsong

Segopotso sa loso lwa ga Jesu se ile sa naya Ba-Georgia ba le bantsi tshono ya go utlwa boammaaruri. Ka sekai, ka  1990, Segopotso se se neng se tshwaretswe kwa legaeng la ga Kgaitsadi Badridze kwa Tbilisi, se ile sa dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi kwa karolong eo ya motse.

Kgaitsadi Badridze o ile a amogela batho ba le 200 kwa foleteng ya gagwe ka nako ya Segopotso

Kgaitsadi Badridze o ne a ithaopela gore Segopotso se tshwarelwe kwa foleteng ya gagwe e e neng e le mo boalong jwa bo13. Bana ba gagwe ba ile ba mo thusa go ntsha dithoto mo phaposing ya bonno. A o ne a na le ditulo tse di lekaneng? Kwa Georgia go ne go tlwaelegile gore malapa a hire ditulo le ditafole fa a na le tiro nngwe. E re ka a ne a hirile ditulo fela, beng ba mabenkele ba ne ba nna ba mmotsa jaana: “A ga o tlhoke le ditafole? Lo a go jela mo go eng?”

Go ne ga tla batho ba le 200 kwa Segopotsong, mme mongwe le mongwe o ne a dutse sentle. Seno se ne sa dira gore baagelani ba le bantsi ba botse dipotso tse dintsi ka Basupi ba ga Jehofa.

Segopotso Se se Sa Lebalesegeng

Ka 1992, Basupi mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga ba ne ba hira diholo tse dikgolo gore ba tshwarele  Segopotso mo go tsone. Davit Samkharadze, yo o nnang kwa Gori, o gopola nako nngwe fa molebedi wa potologo a ne a ba botsa ka dithulaganyo tsa bone tsa Segopotso.

Fa a sena go utlwa gore baboledi ba ne ba tlile go kopanela mo legaeng la mongwe, o ne a botsa jaana: “A ga go na holo e lo ka e hirang kwa toropong? Ke eng lo sa ye go e batla?” Ka nako eo baboledi ba ne ba ka nna 100, ka jalo ba ne ba ipotsa gore a ba tlhoka go hira holo e e tsayang batho ba feta 1 000.

Molebedi wa potologo o ne a ba akantsha jaana: “Fa mmoledi mongwe le mongwe a ka laletsa batho ba le lesome, holo e ka tlala!” Le fa go ne go lebega e kete kakantsho ya gagwe e ka se bereke, baboledi ba ne ba reetsa kgakololo eo. Ba ne ba gakgamala fa go tla batho ba le 1 036 kwa Segopotsong! *

Tiro ya go Rera e a Anama

Ka 1992, go ne go sa ntse go na le dikgaolo kwa Georgia tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ise ba rere kwa go tsone. Go ne go ka rerwa jang kwa dikgaolong tseno fa naga e na le mathata a ikonomi?

Tamazi Biblaia, yo ka nako eo a neng a nna kwa bophirima jwa Georgia a re: “Re ne ra kopana le molebedi wa potologo gore re tle go tlotla ka se se ka dirwang. Re ne re sa itse go le kalo ka tiro ya go rulaganya tshimo ya babulatsela ba ba kgethegileng. Mme re ne re itse gore dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa ka potlako.” (2 Tim. 4:2) Ka ntlha ya seno, go ne ga tlhophiwa babulatsela ba le 16 gore ba ye go rera kwa mafelong a a farologaneng a naga.—Bona mmapa.

Mafelo a babulatsela ba neng ba direla kwa go one ka dikgwedi di le tlhano

 Ka May 1992 kwa Tbilisi, go ne ga tshwarwa pokano ya diura di le tharo e e neng e kgothatsa babulatsela ba ba neng ba abetswe go ya go rera dikgwedi di le tlhano kwa mafelong ao. Kgwedi le kgwedi bagolwane ba ne ba ba etela gore ba ba kgothatse le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.

Bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela e bong Manea Aduashvili le Nazy Zhvania, ba ne ba romelwa kwa toropong ya Ozurgeti. Manea yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 60 a re: “Re ne re itse gore go na le motho yo o batlang go ithuta Baebele kwa Ozurgeti. Fela fa re goroga re ne ra rulaganya go kopana le ene. Fa re tsena kwa ga gagwe, re mo fitlhetse a re emetse a na le batho ba ka nna 30 ba a neng a ba laleditse. Mo letsatsing leo, re ne ra simolola go ithuta Baebele le batho ba le bantsi.”

Mo dikgweding tse di latelang, go ne ga nna le diphelelo tse di molemo. Morago ga dikgwedi di le tlhano fela, batho ba le 12 ba ne ba batla go kolobediwa!

 Matsapa a Bone E ne E se A Bophiri

Bakaulengwe ba babedi ba babulatsela e bong Pavle Abdushelishvili le Paata Morbedadze, ba ne ba romelwa kwa Tsageri. Batho ba dikgaolo tseo ba sa ntse ba tshwareletse setso sa bogologolo le dithuto tsa dikereke tsa bone.

Tsageri

Fa paka ya mariga e atamela, kabelo ya babulatsela bano e ne e tloga e ya bokhutlong, mme Paata o ne a kopilwe go ya go thusa golo gongwe ka tiro ya go ranola. Ka jalo, Pavle o ne a tshwanetse go dira tshwetso. A re: “Ke ne ke itse gore fa nka nna mo Tsageri, serame se tla felela mo go nna. Mme batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba sa ntse ba tlhoka thuso, ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka tsamaya.”

Pavle a re: “Ke ne ke nna le lelapa lengwe mo Tsageri. Motshegare ke ne ke fetsa nako e ntsi ke rera mme maitseboa ke ne ke iketla le lelapa leno mo phaposing ya bonno re orile molelo. Mme fa ke ya kwa phaposing ya me, ke ne ke rwala mmese ke bo ke robala ke apare kobo e e bokete.”

Morago ga mariga fa bagolwane ba etela Pavle, batho ba le 11 ba ne ba tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. Botlhe ba ne ba kolobediwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

^ ser. 20 Ka 1992 kwa Georgia, go ne go na le baboledi ba ba tlhagafetseng ba le 1 869, mme ba ba tlileng Segopotsong ba ne ba le 10 332.