Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba le mo pokanong fa lotshitshing lo lo gaufi le Sokhumi, ka 1989

 GEORGIA | 1924-1990

Batho ba Ntlha go Batla Boammaaruri

Batho ba Ntlha go Batla Boammaaruri

 KA BO1920, Baithuti ba Baebele ba ne ba dira maiteko a go fitlhelela batho ba ba neng ba batla boammaaruri kwa Georgia. Ka 1924, go ne ga bulwa ofisi kwa Beirut, Lebanona, e e neng e tla okamela tiro e e neng e dirwa kwa dikgaolong tsa Armenia, Georgia, Siria le Turkey.

Le fa batho ba kile ba rerelwa kwa Georgia, ga ba a ka ba tsaya kgato ka nako eo. (Math. 13:33) Mme fa nako e ntse e tsamaya, molaetsa wa Bogosi o ne wa anama mme wa fetola matshelo a batho ba le bantsi kwa Georgia.

O ne A Batla Tshiamiso

Fa ntwa ya lefatshe ya bobedi e runya, Vaso Kveniashvili o ne a le mo dingwageng tsa bolesome. E re ka Georgia e ne e laolwa ke Soviet Union, rraagwe o ne a kwadisiwa  go nna lesole la Soviet. Ka nako eo, mmaagwe Vaso o ne a tlhokafetse. E re ka Vaso e ne e le leitibolo, o ne a utswa gore a kgone go tlamela bomonnawe.

Vaso o ne a nna leloko la segongwana sengwe mme o ne a rulaganya ditiro tsa bokebekwa. A re: “Ke ne ke tsaya gore bokebekwa bo na le tshiamiso e ntsi go feta puso le setšhaba.” Mme Vaso o ile a lemoga gore o ne a batla sengwe se batho ba neng ba ka se kgone go se mo naya. A re: “Ke ne ke batla tshiamiso.”

Vaso Kveniashvili ka 1964, fa a sena go gololwa kwa kgolegelong

Vaso o ne a feleletsa a tshwerwe mme a isiwa kwa kampeng e e kwa Siberia. Fa a le koo, o ne a kopana le Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a tshwerwe ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Vaso a re: “Jaanong ke ile ka bona se ke neng  ke se batla. Re ne re se na dikgatiso mme ke ne ke ithuta mo go se mokaulengwe yono a neng a se mpolelela.”

Fa Vaso a sena go gololwa ka 1964, o ne a boela kwa Georgia mme a batla Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo, ene le tsala ya gagwe ya kwa kgolegelong ba ne ba kwalelana makwalo. Ka maswabi, tsala ya gagwe e e neng e ikanyega mo go Jehofa e ne ya tlhokafala mme go ne ga feta dingwaga di ka nna 20 pele Vaso a ka kopana le Basupi gape. Re tla bala ka pego ya gagwe mo ditsebeng tse di latelang.

Tsela Kgopo ga e Latse Nageng

Ba le mo pokanong mo sekgweng

Lekgarebe lengwe la kwa Georgia e bong Valentina Miminoshvili, le ne la segofadiwa thata fa le ne le tshwerwe kwa kampeng ya pogisetso ya Banasi. Fa a le koo, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ne a kgatlhiwa thata ke tumelo ya bone. Pelo ya gagwe e ne ya amiwa thata ke se ba neng ba mo ruta sone mo Baebeleng.

 Fa Valentina a boela gae morago ga ntwa, o ne a simolola go tlotlela ba bangwe ka se a se dumelang. Balaodi ba puso ba ne ba lemoga se a neng a se dira mme ba mo atlholela dingwaga di le lesome kwa kgolegelong e e kwa Russia. Fa a le koo, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa gape mme moragonyana a kolobediwa.

Fa a sena go gololwa ka 1967, o ne a fudugela kwa bophirima jwa Georgia mme a rera koo a le kelotlhoko. O ne a sa itse gore letsatsi lengwe Jehofa o tla mo dirisa go araba thapelo ya mongwe.

Jehofa O ne A Araba Dithapelo Tsa Gagwe

Ka 1962, Kgaitsadi Antonina Gudadze le monna wa gagwe yo e seng Mosupi, ba ne ba tswa kwa Siberia ba fudugela kwa gaabo monna kwa Georgia. Antonina yo o tsholetsweng kwa Siberia, o ne a rutiwa boammaaruri ke Basupi ba ba neng ba ile botshwarwa kwa nageng eo. Fa a nna kwa Khashuri, e leng toropo e e kwa botlhaba jwa Georgia, o ne a iphitlhela a kgaogane le bakaulengwe ba gagwe.

Boorra Gudadze ka bo1960

Antonina o gakologelwa kafa Jehofa a ileng a araba dithapelo tsa gagwe ka gone, a re: “Letsatsi lengwe ke ne ka amogela phasele go tswa kwa go mmê kwa Siberia e e neng e na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di fitlhilwe ka botlhale. Ke ne ka fetsa dingwaga di le thataro ke amogela dikgatiso ka yone tsela eo. Ka metlha ke ne ke leboga Jehofa ka go bo a nkaela, a nkgothatsa le go ntlhokomela.”

Le fa go ntse jalo, Antonina o ne a le nosi. A re: “Ke ne ke nna ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke kopane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me gape. Letsatsi lengwe, basadi ba babedi ba ne ba tsena mo lebenkeleng le ke neng ke bereka mo go lone. Ba ne ba mpotsa ba re: ‘A ke wena  Antonina?’ Tsela e ba neng ba le botsalano ka yone e ne ya mpontsha gore ke Basupi. Re ne ra tlamparelana re bo re thubega ka selelo.”

Valentina Miminoshvili e ne e le mongwe wa Basupi bao. Antonina o ne a phophoma ka boitumelo fa a utlwa gore dipokano di tshwarelwa kwa bophirima jwa Georgia! O ne a ya dipokanong gangwe ka kgwedi le fa di ne di tshwarelwa dikilometara di feta 300 go tswa kwa a neng a nna gone.

Boammaaruri bo a Anama Kwa Bophirima Jwa Georgia

Ka bo1960, Basupi bangwe ba ba neng ba bogisiwa ke balaodi kwa dikarolong tse dingwe tsa Soviet Union ba ne ba batla go fudugela kwa mafelong a ba neng ba ka se  bogisiwe kwa go one. Mongwe wa bone e ne e le mokaulengwe yo o tlhagafetseng e bong Vladimir Gladyuk. Ka 1969, o ne a tswa kwa Ukraine a bo a fudugela kwa toropong ya Zugdidi kwa bophirima jwa Georgia.

Lyuba le Vladimir Gladyuk

Kwa tshimologong, bakaulengwe ba ba neng ba fudugela kwa Georgia ba ne ba tshwara dipokano ka Se-Russia.  Le fa go ntse jalo, dipokano di ne tsa simolola go tshwarwa ka Se-Georgia fa palo ya Ba-Georgia ba ba tlang dipokanong e oketsega. Tiro ya go dira barutwa e ne ya atlega thata mme ka August 1970, Ba-Georgia ba le 12 ba ne ba kolobediwa.

Ka dikgakologo tsa 1972, Vladimir le lelapa la gagwe ba ne ba fudugela kwa karolong e nngwe e e kwa bophirima kwa toropong ya Sokhumi e e kwa lotshitshing lwa Lewatle le Lentsho. Vladimir a re: “Tumelo ya rona e ne e nonofile e bile re ne re itumeletse go bo Jehofa a re segofaditse. Phuthego e ne ya gola ka bonako.” Ka nako eo, go ne ga tshwarwa Segopotso sa ntlha kwa Sokhumi mme ga tla batho ba le 45.

“Ke ne Ka Reetsa ka Tlhoafalo”

Babutsa Jejelava, yo ga jaana a leng mo dingwageng tsa bo90, ke mongwe wa batho ba ntlha ba ba neng ba  amogela boammaaruri ka bonako kwa Sokhumi ka 1973. A re: “Letsatsi lengwe ke ne ka bona basadi ba le banê ba tlotla monate. Ba babedi mo go bone e ne le baitlami ba kereke ya Katoliki mme ba bangwe e ne e le Basupi ba ga Jehofa.” Mongwe wa bokgaitsadi bao e ne e le mosadi wa ga Vladimir Gladyuk e bong Lyuba mme yo mongwe e ne e le mmulatsela yo o tlhagafetseng yo o tswang kwa Ukraine e bong Itta Sudarenko.

Babutsa Jejelava ka 1979 le ka 2016

Fa Babutsa a gopola tsela e a ileng a ikutlwa ka yone fa a ntse a reeditse basadi bano ba tlotla, a re: “Ke ne ka reetsa ka tlhoafalo.” Fa a utlwa gore Modimo o na le leina, o ne a ba kopa gore ba le mmontshe mo Baebeleng. O ne a ba botsa dipotso di le dintsi mme ba feleletsa ba tlotla diura di ka nna tharo.

Babutsa o ne a tshaba gore a ka se tlhole a bona Basupi gape, ka jalo o ne a ba botsa a re: “A lo tlile go tsamaya fela lo ntlogela fano?”

Bokgaitsadi bao ba ne ba re: “Nnyaa, re ka se go tlogele. Re tla boa gape beke e tlang ka Matlhatso.”

Ya re e nna Matlhatso, bokgaitsadi bano ba goroga mme Babutsa o ne a itumetse tota! Ka yone nako eo, ba ne ba simolola go ithuta Baebele le ene. Fa ba tloga ba fetsa go ithuta, Babutsa o ne a batla go tlhomamisa gore ga a latlhegelwe ke batho ba Modimo gape, ka jalo a buela mo pelong a re: ‘Ke bone batho bano, jaanong ga ke batle gore ba ntswe dinaleng.’

Babutsa o ne a loga leano. A re: “Ke ne ke itse gore Lyuba o nyetswe, ka jalo ke ne ka botsa Itta gore a le ene o nyetswe. Itta o ne a re ga a nyalwa. Ke ne ka mo raya ka re, ‘Tla o nne le nna! Go na le malao a mabedi le lebone fa gare ga one. Re ka baya Baebele kafa tlase ga lone re bo re lala  re tlotla ka yone!’” Itta o ne a dumela go fudugela kwa ga Babutsa.

Fa Babutsa a gopola nako eo, a re: “Ka dinako dingwe ke ne ke sa robale ka gonne ke akanya thata ka se ke se ithutileng. E ne e re fa ke na le potso ke bo ke tsosa Itta ke re: ‘Itta, tsoga ke na le potso!’ O tla bo a tsoga, a ipitla matlho a bo a re, ‘Go siame.’ Go tswa foo, o tla bo a mpontsha karabo mo Baebeleng.” Morago ga malatsi a le mararo Itta le Babutsa ba nna mmogo, Babutsa o ne a simolola go ya go rera dikgang tse di molemo.

Babutsa o ne a na le tsala e kgolo e bong Natela Chargeishvili. Babutsa a re: “Ke ne ke akanya gore dikhumo di tla dira gore a se ka a amogela boammaaruri, mme ke itumelela gore ke ne ke le phoso. Fa re simolola go tlotla ka Baebele, o ne a amogela boammaaruri ka pelo yotlhe.” Kgabagare, boobabedi ba ne ba simolola go bolelela ditsala, badirimmogo le baagelani ka tsholofelo e ba nang le yone.