Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Yuropa

Yuropa
  • DINAGA 47

  • PALO YA BAAGI 741 311 996

  • BABOLEDI 1 611 036

  • DITHUTO TSA BAEBELE 847 343

Tlelase E ne Ya Etela Kwa Holong ya Bogosi

Finland: Baithuti ba grade ya bonè ba etetse kwa Holong ya Bogosi

Mosetsana mongwe wa kwa Finland e bong Ines, o mo grade ya bonè kwa sekolong. E rile a utlwa gore ka nako ya tlelase ya bodumedi go tla bo go buiwa ka Basupi ba ga Jehofa, o ne a akanya go laletsa bana ba tlelase ya gagwe kwa Holong ya Bogosi gore ba ye go e bona. Morutabana le baithuti ba bangwe ba ne ba rata kakantsho eo.

 Beke e e latelang, baithuti ba le 38 ba ne ba tsaya mosepele wa dikilometara di le tlhano ka dibaesekele go ya Holong ya Bogosi, ba na le mogokgo le barutabana ba babedi. Ba ne ba kgatlhantshiwa ke bakaulengwe ba babedi le bokgaitsadi ba bararo kwa Holong ya Bogosi. Baithuti ba ne ba botsa dipotso ka Basupi le ka holo fa ba ntse ba itumelela dinotsididi. Ba ne ba botsa jaana: “Go dirwang mo dipokanong? Jaanong ka kwa go na le eng?” Ba ne ba bua ba lebile laeborari. Gape ba ne ba botsa jaana fa ba bona temana ya ngwaga, e e neng e theilwe mo go Mathaio 6:10: “Goreng mo leboteng go twe 10 o tsena ga kae mo go 6?”

E re ka sekolo se ne se tshwaragane le porojeke ya go fedisa go kgerisiwa ga bana kwa sekolong, bakaulengwe ba ne ba ba bontsha bidio e e mo jw.org ya Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene. Gape ba ne ba ba bontsha dilo tse dingwe mo Web site ba bo ba ba tshamekela pina ya Bogosi. Loeto lwa bone kwa holong lo tsere mo e ke nnang ura.

Mogokgo, barutabana le baithuti ba ne ba phophoma ka boitumelo. Mogokgo o ne a kgatlhiwa ke se a se boneng mo Web site e bile o ne a bona go le molemo gore e dirisiwe mo ditlelaseng tsa bodumedi. O ne a itumelela go utlwa gore ditlelase tse dingwe le tsone di ka tla go bona Holo ya Bogosi. Mo letsatsing le le latelang, morutabana yo mongwe o ne a ikgolaganya le Basupi a bo a ba botsa gore a tlelase ya gagwe le yone e ka tla go bona holo.

O Bone Letlotlo mo Matlakaleng

Cristina o nna kwa Romania. O ne a sa itse go bala le go kwala ka gonne a sa tsena sekolo. E re ka a ne a le kobo dikhutshwane, o ne a feleletsa a itshedisa ka go batlana le  dithini le dikupu mo matlakaleng a toropo. E re ka matlho a sa kgore, letsatsi lengwe fa a ntse a phuruphutsa matlakala, o ne a bona sengwe se se neng sa mo ngoka. E ne e le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di neng di na le ditshwantsho tse dintle tsa batho ba ba itumetseng. O ne a ipolelela gore batho ba ba ntseng jalo ba tshwanetse ba bo ba le teng mo lefatsheng. E re ka  Cristina a ne a swegaswega pelo go itse gore go kwadilweng mo dikgatisong tseno, o ne a kopa mongwe gore a mmalele. E rile a utlwa gore di bua ka bodumedi, o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore batho ba latlhile dilo tse di buang ka Modimo fela jaana. Cristina o ne a nna a ya kwa thothobolong go ya go tsaya diboroutšhara, dipampitshana le dimakasine. Tse dingwe di ne di siame mme tse dingwe di gagogile. O ile a ithuta go bala gore a kgone go itse mo go oketsegileng.

Moragonyana Basupi ba ile ba ikgolaganya le Cristina mme ba simolola go ithuta Baebele le ene. O ne a amiwa ke go itse gore Jehofa o mo gogetse kwa go ene ka dikgatiso tse di latlhilweng ke batho ba ba sa di anaaneleng. O sa ntse a ya dipokanong e bile o kgatlhiwa ke se a se ithutang. Se a se itumelelang gone jaanong ke go nna le dimakasine, dibuka le diboroutšhara tse a sa di selang mo matlakaleng. Ruri Cristina o bone letlotlo mo matlakaleng!

Thuto ya Baebele mo Sekgweng

Jeremane: Margret a tshwere thuto ya Baebele mo sekgweng

Moso mongwe le mongwe Margret o iphutholola maoto a na le ntša ya gagwe mo sekgweng kwa Jeremane. A re: “Ke leka go bua le bafetikatsela. Fa ba sa itlhaganela, ke bua le bone ka Baebele.”

Letsatsi lengwe o ne a kopana le mosadimogolo mongwe yo le ene a neng a na le ntša ya gagwe. Margret o ne a simolola motlotlo le ene. Mmè yono o ne a itumelela metlotlo ya gagwe le Margret a bo a mmolela gore letsatsi le letsatsi o a rapela e bile o bala Baebele. Ba ne ba simolola go tlotla ka Baebele letsatsi le letsatsi. Nako nngwe fa ba ntse ba tlotla o ne a botsa Margret jaana: “Go  tla jang gore o bo o itse Baebele jaana?” Margret o ne a mmolela gore ke Mosupi wa ga Jehofa.

Margret o ne a leka ka makgetlonyana go ithuta Baebele le ene mme o ne a nna a gana. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ka metlotlo ya bone. Morago ga dikgwedinyana o ne a mo leka gape ka thuto ya Baebele. Mo lekgetlong leno o ne a mmolelela gore o tshaba go ithuta Baebele ka gonne monna yo a nnang le ene ga a rate Basupi ba ga Jehofa.

Nako nngwe Margret o ne a ya kwa sekgweng a tshwere Baebele le buka ya Baebele e Ruta Eng. E rile Margret a bona mosadimogolo yono, o ne a mo raya a re: “Ka gore ga re kgone go tshwarela thuto kwa lapeng la gago, ke kopa gore re ithutele Baebele mo sekgweng.” O ne a dumela ka matlho a a geletseng dikeledi. Ba ithutela Baebele mo sekgweng garataro mo bekeng. Ka dinako tse dingwe fa maemo a bosa a sa iketla, ba ithuta Baebele Margret a tshwere sekhukhu le totšhe.

Ga ba a Tlhaloganya Karabo ya Gagwe

Kgaitsadi mongwe kwa Bulgaria yo o bidiwang Delphine o ne a ithuta Baebele le Irina. Irina o ne a rata go ithuta Baebele e bile a ya dipokanong ka metlha. Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a sa batle a ikamanya le Basupi ka tsela epe. Ka jalo, o ne a fudusetsa lelapa kwa motsaneng mongwe kwa Sweden gore Irina a se ka a tlhola a buisana le Delphine. Le fa go ntse jalo, Irina yo o neng a sa itse Se-Sweden o ne a kopana le babulatsela ba babedi, e bong Alexandra le Rebecca. Bokgaitsadi bano ba ne ba tshotse bukana ya Good News for People of All Nations mme ba kopa Irina gore a bale molaetsa ka Se-Bulgaria. Ba ne ba thusiwa ke bukana eno go mmotsa gore a ga a batle dikgatiso ka puo ya gagwe. Irina o ne a  tshikinya tlhogo ka bonako mme bokgaitsadi ba swetsa ka gore ga a di batle.

Alexandra o ne a gopola moragonyana gore kgaitsadi mongwe wa Mo-Sweden yo o direlang kwa Bulgaria, e bong Linda, o ne a tlile go ba etela. Alexandra o ne a tlelwa ke kakanyo ya gore gongwe go ka nna molemo fa Irina a ka utlwa boammaaruri ka puo ya gagwe. E rile Linda a sena go goroga, ene le Alexandra ba ne ba etela Irina. Irina o ne a bolelela Linda gore ga a bolo go rapela Jehofa gore a mo thuse go tsweletsa thuto ya gagwe ya Baebele. Gantsi o ne a nna a tshwere buka ya gagwe ya Baebele e Ruta Eng ya Se-Bulgaria. O ne a batla go e bontsha Basupi fa a kopana le bone mo tseleng, mme ga go nko e e duleng lemina. A bo Irina a ne a itumetse jang ne go bala dikgatiso tse dingwe ka Se-Bulgaria!

Linda o ne a botsa Alexandra gore ke eng fa ba ne ba akanya gore Irina ga a na kgatlhego. Alexandra o ne a re Irina o ne a tshikinya tlhogo go bontsha gore ga a kgatlhege. Linda o ne a nyenya, mme a tlhalosa gore batho ba kwa Bulgaria ba dumela ka go tshikinya tlhogo fela, mme fa ba sa dumalane ba koma ka tlhogo. E re ka Irina a ise a ithute Se-Sweden, o ithuta Baebele ka Se-Bulgaria. O dira seo jang? O ne a kopanngwa gape le Delphine mme ba ithuta ba dirisa mokgwa wa go buisana ba bonana ka bidio.

Rre wa Motlhomasekao

Jemima yo o nnang kwa Spain o rutilwe boammaaruri a sa le mmotlana. Fa a na le dingwaga di le supa mmaagwe o ne a tlogela phuthego ya Modimo a bo a tlhala rraagwe. Fa Jemima a na le dingwaga di le 13, o ne a tlogela go kopanela e bile a sa batle rraagwe a bua le ene ka Baebele.

 Fa Jemima a gola o ne a rata go lwela ditshwanelo tsa batho mo setšhabeng le mo dipolotiking. E rile a tlhoka tiro, rraagwe e bong Domingo o ne a mo naya tiro ya go penta.

Letsatsi lengwe fa ba ntse ba penta, Domingo o ne a botsa Jemima gore a a ka se rate go ithuta Baebele. O ne a gana a bo a mo raya a re o tla mmolelela fa a batla go ithuta. Domingo o ne a reetsa direkoto tsa Baebele le tsa dimakasine fa ba ntse ba bereka mme morwadie ene o ne a tsenya di-earphone a bo a reetsa mmino o o ka ntshang motho mo tseleng.

Ka November 2012, Domingo le mosadi wa gagwe wa bobedi ba ne ba lalediwa kwa Sekolong sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete. Jemima o ne a kgatlhiwa ke go bo rraagwe a batla go tlogela sengwe le sengwe fela jalo mme a ye sekolong sa dikgwedi tse pedi se se ka mo romelang golo gongwe. Jemima o ne a simolola go lemoga gore boammaaruri bo nweleletse kwa tengteng ga pelo ya ga rraagwe mme o ne a batla go itse gore go tla jang.

Jemima o ne a tlogela go reetse mmino wa gagwe mme a simolola go reetsa direkoto tsa ga rraagwe le go mmotsa dipotso. Letsatsi lengwe fa ba ntse ba theogetse, Jemima o ne a re: “A o gopola gore nkile ka re ke tla go bolelela fa ke batla go ithuta Baebele? Ke akanya gore re ka simolola jaanong.”

Domingo o ne a itumelela go utlwa seo. Ka January 2013, ba ne ba simolola go ithuta Baebele gabedi ka beke. Domingo o ne a ya sekolong ka April, mme ba ne ba tsweledisa thuto ya bone ba dirisa mokgwa wa go buisana ba bonana ka bidio. Jemima o ne a ya go bona rraagwe a aloga mme a boa a itumeletse thulaganyo fela thata. O ne a kolobediwa ka December 14, 2013.

 Jemima a re: “Jehofa o nnile pelotelele le nna e bile ga a ka a ntlhoboga. O nneile ditsala tse di nthatang, tse ke neng ka se ka ka di bona fa ke le kwa lefatsheng. Tsela e bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ba ratanang ka yone e dira gore ke anaanele lorato lwa ga Jehofa le go feta.”

Maitseo ke Sebetsa se se Maatla

Vasilii, o na le nako e e telele a direla kwa Bethele ya Russia. Ka March 30, 2014, fa a ntse a rera ka kolotsana ya dikgatiso gaufi le lekala, o ne a bona koloi ya mapodise e atamela. Rre wa lepodise o ne a kopa Vasilii sentle gore a tlogele go rera mo lefelong leno ka gonne baagelani ba ne ba ngongorega. Lepodise le lengwe le ne la ba tsaya bidio fa ba ntse ba bua. Le fa Vasilii a ne a na le tshwanelo ya go rera mo lefelong leo, o ne a bona go le botoka gore a ikobele mapodise. Ka yone nako eo, go ne go na le batho ba ba neng ba eme ba batla go bona gore go diragalang. Vasilii o ne a tsamaya mme morago ga malatsi a mabedi o ne a ya go kopa go kopana le mookamedi wa mapodise. Vasilii o ne a raya mookamedi a re o anaanela tiro e mapodise a e dirang mo setšhabeng le tsela e mapodise a neng a mo tshwara ka yone malatsi a mabedi a a fetileng. Mookamedi o ne a raya mothusi wa gagwe a re: “Ke na le dingwaga di le 32 ke le lepodise mme ke la ntlha ke utlwa motho a re o lebogela tiro ya rona!” Fa motlotlo o ntse o tsweletse, mookamedi o ne a lemoga gore tiro ya rona ya go rera phatlalatsa ga e kgatlhanong le molao. Mookamedi o ne a mmotsa gore ke eng fa a ne a tsamaya a ntse a itse gore ga a dire sepe se se phoso. Vasilii o ne a mo raya a re: “Ke tlotla mapodise. Batho ba ne ba tla reng fa ba mpona ke latofatsa mapodise ka go sa itse molao.” Mookamedi le mothusi wa gagwe ba ne ba kgatlhilwe ke maitseo a ga Vasilii mme ba mo tlhomamisetsa gore ga a kitla a tlhola a tshwenngwa fa a rera.