• DINAGA 58

  • PALO YA BAAGI 994 839 242

  • BABOLEDI 1 421 375

  • DITHUTO TSA BAEBELE 3 516 524

Ba Setse Morutabana Morago

José ke lekawana la mmulatsela le le nnang kwa karolong e e kwa thoko mo toropong ya Luanda kwa Angola. Ke morutabana kwa sekolong se se gaufi le Holo ya Bogosi. O ruta bana ba le 86 mme ba a mo rata e bile ba a mo tlotla ka go bo a na le dinonofo tsa Bokeresete le bokgoni jwa go ruta. Dipokano tsa bone tsa mo gare ga beke di simolola ka ura ya bonè, ka jalo o neilwe  tetla ya go tsamaya go sa le gale ka letsatsi la dipokano. Ka nako ya marolajokwe o tlhamalalela kwa Holong ya Bogosi.

Baithuti bangwe ba ne ba ipotsa gore ke eng fa José a tswa mo sekolong pele ga nako le gore o a bo a ya kae. Letsatsi lengwe baithuti ba babedi ba ne ba mo sala morago go ya dipokanong. Moragonyana baithuti ba bangwe ba bararo ba ne ba ya dipokanong ka letsatsi le ka lone José a neng a na le kabelo mo Pokanong ya Tirelo. Go ne ga buiwa thata ka seno mo tlelaseng. Mo dibekeng tse di latelang, palo ya baithuti ba ba neng ba ya dipokanong e ne ya oketsega go tswa mo go ba le batlhano go ya go ba le 21. Baboledi ba ne ba kopa go ithuta Baebele le bone botlhe mme bontsi bo ne jwa dumela. Ba bangwe kwa sekolong ba ne ba simolola go kgatlhega fa ba bona baithuti ba tla ka dikgatiso kwa sekolong mme seno se ne sa dira gore le bone ba ye dipokanong. Kwa bowelong jwa ngwaga, baithuti ba le 54 mo go ba le 86 ba ne ba kile ba ya dipokanong. José a re baithuti ba le 23 ba gatela pele e bile ba ya dipokanong.

A lo A re Tshimo Eno Ga e A re Lekana?

Nigeria: Joseph le Evezi ba bontsha bana dibidio mo bodireding

Fa Joseph le Evezi, ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba simolola kabelo ya bone kwa Nigeria, baboledi bangwe ba ba nyemileng moko ba ne ba ba raya ba re: “Tshimo eno ga e a re lekana. E berekilwe thata.” Morago ga ngwaga Joseph o ne a kwalela lekala a re: “Re bereka tshimo eno letsatsi le letsatsi. Re kgonne go dira  gore batho ba se ka ba re kgetholola jaaka pele le gore ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Fa re le mo bodireding, re bontsha bana, basha le bagolo dibidio. Re nnile le diphelelo tse di molemo. Kgwedi le kgwedi nna le mosadi wa me re tshwara dithuto tsa Baebele di le 18 e bile ka dinako tse dingwe ga re kgone go tshwara dithuto tsa rona tsotlhe. Mo godimo ga moo, bana ba nna ba re kopa gore re ba bontshe ‘dibidio tsa ga Kabo.’”

 Setlhaketlhake se Ikopela Thuso

Congo (Kinshasa): Ba rerela motshwaraditlhapi

Ka April 2014, ofisi ya lekala ya kwa Congo (Kinshasa) e ne ya amogela lekwalo le le amang maikutlo le le tswang kwa setlhopheng sa batshwaraditlhapi kwa Ibinja Island e e mo Lake Kivu. Gantsi ba dira kgwebo kwa ditoropong tse di dikologileng setlhaketlhake seno. Nako nngwe fa ba le kwa toropong e e bidiwang Bukavu, ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba ne ba ba rerela ba bo ba ba naya Baebele le dikgatiso.

Batshwaraditlhapi ba ne ba itumeletse se ba se badileng mme ba bolelela ba bangwe mo setlhaketlhakeng ka se ba se ithutileng. E re ka batho ba le bantsi mo Ibinja ba ne ba eletsa go utlwa mo go oketsegileng, mongwe wa batshwaraditlhapi o ne a tswa letsholo la go batla Basupi kwa Bukavu. E rile rre yono a boa a sa ba fitlhela, o ne a kwalela ofisi ya lekala a re: “Tsweetswee, romelang Basupi kwano gore ba tle ba re thuse go itse Baebele jaaka bone. Le rona re batla go tshelela ruri! Re tla ba naya boroko. Ke eme sejaro go ntsha setsha se go tla agelwang kereke mo go sone. Re ithutile go tswa mo ditemaneng tse di mo dibukeng tsa lona gore baruti ba re ruta maaka. Re tlhatswegile pelo gore re bone boammaaruri. Batho ba le bantsi mo Ibinja ba batla go ithuta Baebele le go nna Basupi ba ga Jehofa.”

Go ya ka lekwalo leno, batho ba ka nna 40 ba ne ba batla go ithuta Baebele. Go na le baagi ba ba fetang 18 000 kwa Ibinja mme ga go na Basupi. Ka bonako fela ofisi ya lekala e ne ya romela babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng ba ba buang puo ya lefelo leo.

Moruti o Nna Tsebentlha

“Ke a go tla Segopotsong ngwaga le ngwaga.” Ano ke mafoko a moruti wa kereke e e itsegeng thata ya  Porotesetanta kwa Afrika Borwa. Ke eng se se dirileng gore a ye Segopotsong sa ngwaga o o fulereng? Bakaulengwe ba babedi ba ditso tse di farologaneng ba ne ba bereka mmogo mo tshimong. Ba ile ba kokota mo lebating la gagwe ba itse sentle gore moruti yono ga a batle go bua le bone. Mongwe wa bakaulengwe bano e bong Adaine, a re: “E ne e kete re a lora fa re mmona a re bulela setswalo. Re ile ra tlotla ka lobaka lo loleele. O ne a kgatlhilwe ke go bona mosweu a rera mo go nnang batho ba bantsho teng e bile a bua le ene ka puo ya gagwe. Seno se ne sa dira gore moruti a simolole go ithuta Baebele.”

Adaine a re: “Rre yono e ntse e le moefangele le moruti ka dingwaga di feta 40 mme o bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe a na le dingwaga di le 80. O rata buka ya Etsa Tumelo ya Bone. Fa re ithuta, o tshwara dintlha dingwe ka tlhogo a bo a di dirisa fa a rera kwa kerekeng. O ne a bontsha maloko a kereke ya gagwe buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a ba raya a re, ‘Fa Basupi ba ga Jehofa ba kokota ba tshwere buka eno, lo ba amogeleng lo bo lo ba reetse ka gonne buka eno ke letlotlo le le tswang kwa Modimong.’”

Moruti o ne a bolelela Adaine gore baeteledipele ba kereke ya gagwe ba ne ba mo kgalemelela go bua ka Basupi mo kerekeng. Moruti o ne a sa itse gore a direng. Adaine o ne a gopola pego ya Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2013 e e buang ka moruti mongwe kwa Myanmar. Fa Adaine a mmalela pego eno, moruti o ne a re: “E bua le nna! Ke tlhoka go dira tshwetso ka bonako.”

 E ne e le la ntlha moruti a ya Segopotsong ka April 14, 2014, mme a re o tlile go nna a ya ngwaga le ngwaga. A re o batla go kgaogana gotlhelele le bodumedi jwa maaka.

Go Batla Batho mo Masimong

Ghana: Baffour le Aaron ba rera mo masimong

Baffour le Aaron, ke babulatsela ba ba kgethegileng kwa Bokabo e leng kgaolo e go lemiwang mo go yone kwa bophirima jwa Ghana. E re ka tshimo e ba rerang mo go yone e na le matlo a a phatlaletseng, ba tshwanetse go ralala masimo ba tsamaya mo ditseleng tse di motsopodia. Motho a ka latlhega motlhofo! Letsatsi lengwe, Baffour le Aaron ba ne ba tsaya tsela e sele e e neng ya ba isa kwa matlong a ba iseng ba rere kwa go one. Ba ne ba kopana le Michael le Patience, mme ba simolola go ithuta Baebele le bone. Moragonyana Michael o ne a ba raya a re: “Re na le dingwaga tse pedi re sa ye kerekeng ka gonne re bone go dirwa dilo tse di kgatlhanong le Baebele. Fa e sa le re tlogela kereke, nna le Patience re ntse re ipalela Baebele maitseboa mangwe le mangwe re batlana le dikarabo tsa dipotso tsa rona. Re ntse re rapelela go itse boammaaruri.” Ga ba a ka ba okaoka go ya dipokanong le fa ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele ba ralala masimo. Banyalani bano ba kolobeditswe ngogola mme gone jaanong ke babulatsela ba ka metlha. Le bone ba ralala masimo ba tsamaya mo ditseleng tse di motsopodia ba batlana le batho ba ba sa ‘ntseng ba rapelela go itse boammaaruri.’

Michael le Patience ba ralala masimo