Go Rera mo Tshimong ya Se-Creole sa Haiti

Tshimo ya batho ba ba buang Se-Spain e nnile le diphelelo tse di molemo. Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba ba buang dipuo tse dingwe ba ne ba fudugela mo nageng eno mme le bone ba simolola go kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Go buiwa Se-Creole kwa Haiti, naga e e bapileng le Dominican Republic. Ka dinako tse dingwe Dominican Republic ga e sa nosane metsi le Haiti, le fa go ntse jalo batho ba le bantsi go tswa Haiti ba bereka mo Dominican Republic, mme bosheng jaana palo ya bone e ile ya oketsega thata.

Ka dingwaga tse dintsi, batho ba ba neng ba bua Se-Creole e bile ba kgatlhegela boammaaruri ba ne ba kopanela mo diphuthegong tsa Se-Spain gore ba kgone go obamela Jehofa. Le fa go ntse jalo, ka 1993 Setlhopha se se Laolang se ne sa kopa ofisi ya lekala ya kwa Guadeloupe gore e romele babulatsela ba ba kgethegileng mo Dominican Republic gore ba tle go thusa batho ba ba buang Se-Creole. Barnabé le Germaine Biabiany, ke bangwe ba batho ba ba neng ba ithaopela go fudugela kwa tshimong ya Se-Creole. Barnabé a re: “Fa re simolola go rera re ne re na le diboroutšhara di le pedi fela tsa Se-Creole. Dikgatiso tse dingwe e ne e le tsa Sefora, ka jalo, re ne re tshwanetse go di ranola.”

Ka January 1996, baboledi ba le robongwe kwa Higüey le baboledi ba le lesome kwa Santo Domingo ba ne ba  eletsa go thusa setlhopha sengwe sa Se-Creole. Ka jalo, toropo nngwe le nngwe e ne ya nna le setlhopha mme moragonyana ditlhopha tseo di ne tsa fetoga diphuthego. Le fa go ntse jalo, diphuthego tseo ga di a ka tsa tswelela ka gonne Ba-Haiti ba le bantsi ba ne ba batla go ithuta Se-Spain, ka jalo ba simolola go kopanela le phuthego ya Se-Spain. Barnabé a re: “Fa re ne re kopane le bakaulengwe ba Lefapha la Tirelo go ne ga bonala go le botlhale go tlogela tshimo ya Se-Creole ka nakwana.”

Matsapa a Bone E ne E se A Bophiri

Ka 2003, Setlhopha se se Laolang se ne sa romela barongwa ba babedi e bong Dong Bark le mosadi wa gagwe, Gladys, mo Dominican Republic gore ba tle go rera mo tshimong ya Se-Creole. Ba berekile tshimo ya Higüey dingwaga di le pedi mme ba simolola go bona diphelelo tse di molemo. Ka June 1, 2005, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Se-Creole. Dong Bark, Barnabé Biabiany le morongwa yo mongwe Steven Rogers, ba ne ba sa itsape go tsamaya mo nageng yotlhe ba tsosolosa tshimo ya Se-Creole.

Matsapa a bone e ne e se a bophiri ka gonne go ne ga tlhomiwa diphuthego tse dingwe. Ka September 1, 2006, go ne ga nna le potologo ya ntlha ya Se-Creole. Go ne go na le diphuthego di le supa le ditlhopha tse pedi mme Barnabé Biabiany e ne e le molebedi wa potologo.

Mo dingwageng tse di latelang, go ne ga romelwa barongwa ba bangwe mo Dominican Republic go tla go rera mo tshimong ya Se-Creole. Gape go ne ga tla baithaopi ba bantsi go tswa kwa Canada, Yuropa, United States le dinaga tse dingwe. Setlhopha sa bakaulengwe se ne sa newa kabelo ya go ruta batswakwa puo ya Se-Creole, go akaretsa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Ba-Dominican.

Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho e se Mo-Haiti mme a bua Se-Creole, go raya gore ke Mosupi wa ga Jehofa

 Ba-Haiti ba solegelwa molemo tota ke go bo Ba-Dominican ba ithutile Se-Creole. Jaanong fa mmoledi wa Mo-Dominican a bua le Mo-Haiti ka puo ya gagwe, seo se mo kgatlha fela thata mme mmoledi o nna le kgololesego ya go mo rerela ka Bogosi. E re ka bakaulengwe ba le bantsi ba ithutile Se-Creole, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go akanya gore fa motho e se Mo-Haiti mme a bua Se-Creole, go raya gore ke Mosupi wa ga Jehofa.

Akanya ka kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o neng a bontsha gore o kgatlhegela batswakwa ka go ithuta Se-Creole. Fa kgaitsadi yono a le mo tshimong, o ne a kopana le banyalani ba Ba-Haiti ba ba neng ba kgatlhegela Baebele. O ne a boela kwa go bone go ya go simolola thuto ya Baebele. A re: “Fa ke goroga ke ne ka dumedisa mosadi ka go mo atla mo lerameng fela jaaka go tlwaelegileng mo basading ba Dominican Republic. Mosadi yono o ne a tsholola dikeledi. ‘Ke ne ka mmotsa gore, mathata ke eng?’ A bo a nthaya a re, ‘Ke la ntlha ke dumedisiwa jaana fa e sa le ke nna mo Dominican Republic.’”

Tshimo eno e ne ya gola fela thata ka gonne Jehofa o ile a segofatsa matsapa a bakaulengwe ba rona. Ka September 1, 2009, go ne ga tlhomiwa potologo ya bobedi e re ka go ne go na le diphuthego di le 23 tsa Se-Creole le ditlhopha tse 20. Palo ya batho ba ba neng ba tlile Segopotsong sa 2011 e ne e bontsha gore e ka oketsega mo isagweng. Ka sekai, kwa torotswaneng e e bidiwang Río Limpio, baboledi ba le 11 ba ne ba itumeletse go bona batho ba le 594 ba tlile Segopotsong. Kwa toropong e e se nang baboledi e e  bidiwang Las Yayas de Viajama, go ne ga rulaganngwa gore go tshwarwe Segopotso mme go ne ga tla batho ba le 170. Ka September 2011, go ne go na le diphuthego di le 33 le ditlhopha di le 21 tsa Se-Creole. Ka jalo, ka 2012 go ne ga tlhomiwa potologo ya boraro.

Lekala la Dominican Republic le ne la dirisana le la Haiti go thapisa bakaulengwe ba ba mo dinageng tseno. Go ne ga tshwarwa ditlelase ka Se-Creole; di le tlhano tsa Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang le di le nnè tsa Sekolo sa Baebele sa Banyalani.

Ba le mo tlelaseng ya go ithuta Se-Creole