Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 17

Go Thapisa Badiredi ba Bogosi

Go Thapisa Badiredi ba Bogosi

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Kafa dikolo tsa puso ya Modimo di baakanyetsang badiredi ba Bogosi ka gone gore ba diragatse dikabelo tsa bone

1-3. Jesu o ne a atolosa jang tiro ya go rera, mme seno se tsosa dipotso dife?

JESU o ne a fetsa dingwaga di le pedi a rera mo Galalea yotlhe. (Bala Mathaio 9:35-38.) O ne a etela metse le metsana e le mentsi, a ruta mo disinagogeng e bile a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gongwe le gongwe kwa a neng a rera teng, boidiidi jwa batho bo ne bo ologela kwa go ene. Jesu o ne a re “thobo e kgolo,” e bile go ne go tlhokega badiri ba ba oketsegileng.

2 Jesu o ne a dira dithulaganyo tsa go atolosa tiro ya go rera. O ne a dira seo jang? Ka go romela baaposetoloi ba gagwe ba le 12 “go ya go rera Bogosi jwa Modimo.” (Luke 9:1, 2) Baaposetoloi ba ka tswa ba ne ba na le dipotso tsa gore ba tla dira jang tiro eno. Pele ga Jesu a ba romela, ka lorato o ne a ba naya sengwe se Rraagwe yo o kwa legodimong a neng a mo neile sone—thapiso.

3 Jaanong re ka ipotsa dipotso di le mmalwa: Ke thapiso efe e Jesu a neng a e amogela mo go Rraagwe? Ke thapiso efe e Jesu a neng a e naya baaposetoloi ba gagwe? Mme go tweng ka gompieno—a Kgosi ya Bomesia e thapisitse balatedi ba yone gore ba dire bodiredi jwa bone? Fa e le gore go ntse jalo, e dirile seno jang?

‘Ke Bua Fela Jaaka Rara a Nthutile’

4. Jesu o ne a rutilwe leng ke Rraagwe le gone kae?

4 Jesu o ne a dumela a sa tikatike gore o rutilwe ke Rraagwe. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, o ne a re: “Ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Joh. 8:28) Jesu o ne a rutilwe leng le gone kae? Ga go pelaelo gore thapiso ya gagwe e ne ya simologa ka bonako fela fa—Morwa Modimo wa leitibolo—a sena go bopiwa. (Bakol. 1:15) Morwa o ne a fetsa dingwaga di le dintsi a le fa thoko ga ga Rraagwe kwa magodimong, a reeditse e bile a lebile “Motlhatlheledi yo Mogolo” ka kelotlhoko. (Isa. 30:20) Ka ntlha ya seo, Morwa o ile a amogela thuto e e ka se bapisiweng le epe e e malebana le dinonofo, ditiro le maikaelelo a ga Rraagwe.

5. Rre o ne a naya Morwawe taelo efe e e malebana le bodiredi jo a neng a tla bo dira mo lefatsheng?

5 Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o ne a ruta Morwawe ka bodiredi jo a neng a tla bo dira mo lefatsheng. Ela tlhoko boporofeti jo bo tlhalosang kamano magareng ga Motlhatlheledi yo Mogolo le Morwawe wa leitibolo. (Bala Isaia 50:4, 5.) Boporofeti jono bo bolela gore Jehofa o ne a tsosa Morwawe “moso le moso.” Papiso eo e naya kgopolo ya morutisi yo o tsosang morutwana mo mosong gore a mo rute. Tshupiso nngwe ya Baebele e tlhalosa jaana:  “Jehofa . . . o mo tsenya mo sekolong jaaka e kete ke morutwana a bo a mo ruta se a tshwanetseng go se rera le kafa a tshwanetseng go rera ka gone.” Mo “sekolong” seo sa kwa legodimong, Jehofa o ne a ruta Morwawe ‘gore a bolele eng le gore a bue eng.’ (Joh. 12:49) Gape Rre o ne a naya Morwawe taelo ya kafa a tshwanetseng go ruta ka gone. * Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dirisa thapiso ya gagwe ka botlalo e seng fela ka go dira bodiredi jwa gagwe mme gape le ka go thapisa balatedi ba gagwe gore ba dire bodiredi jwa bone.

6, 7. (a) Ke thapiso efe e Jesu a neng a e neela baaposetoloi ba gagwe, mme e ne ya ba tlhomelela go dira eng? (b) Jesu o ile a tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba amogela thapiso ya mofuta ofe mo motlheng wa rona?

6 Ke thapiso efe e Jesu a neng a e neela baaposetoloi ba gagwe jaaka go umakilwe kwa tshimologong? Go ya ka Mathaio kgaolo 10, o ne a ba naya ditaelo tse di tlhamaletseng tse di malebana le bodiredi, go akaretsa tse di latelang: gore ba tshwanetse go rera kae (temana 5, 6), molaetsa o ba tshwanetseng go o rera (temana 7), botlhokwa jwa go ikanya Jehofa (temana 9, 10), kafa ba ka buang le beng ba matlo ka gone (temana 11-13), gore ba itshware jang fa batho ba ba ganetsa (temana 14, 15), le gore ba tsiboge jang fa ba bogisiwa (temana 16-23). * Thapiso e e tlhaloganyesegang sentle e Jesu a neng a e naya baaposetoloi ba gagwe e ne ya ba tlhomelela gore ba di goge kwa pele mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

7 Go tweng ka motlha wa rona? Jesu yo e leng Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o neile balatedi ba gagwe kabelo e e botlhokwa thata go di gaisa, e leng go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi . . . mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) A Kgosi e re thapisitse gore re dire tiro eno e e botlhokwa go gaisa? Eleruri, e dirile jalo! Kgosi e ile ya tlhomamisa e le kwa legodimong gore balatedi ba yone ba newa thapiso ya kafa ba ka rerang ka gone kwa ntle ga phuthego le kafa ba ka diragatsang ka gone maikarabelo a bone a a kgethegileng mo phuthegong.

Go Thapisa Badiredi Gore e Nne Baefangele

8, 9. (a) Boikaelelobogolo jwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e ne e le bofe? (b) Pokano ya mo gare ga beke e go thusitse jang gore o atlege thata mo bodireding?

8 Phuthego ya ga Jehofa ga e bolo go dirisa dikopano tse dinnye, dikopano tse dikgolo le dipokano tsa phuthego—tse di jaaka Pokano ya Tirelo—go thapisetsa batho ba Modimo bodiredi. Le fa go ntse jalo, go simologa ka bo1940, bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele kwa ntlokgolo ba ne ba simolola go rulaganya gore go nne le thapiso, go dirisiwa dikolo tse di farologaneng.

9 Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, sekolo seno se ne sa simolola go tshwarwa ka 1943. A boikaelelo jwa sekolo seno e ne e le fela go thapisa baithuti go neela dipuo tse di utlwalang sentle kwa dipokanong tsa phuthego? Nnyaa. Boikaelelobogolo jwa sone e ne e le go thapisa batho ba Modimo gore ba dirise mpho ya bone ya go bua go baka Jehofa mo bodireding. (Pes. 150:6) Sekolo seno se ne se tlhomelela bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba ba neng ba ikwadisitse mo go sone gore e nne badiredi ba Bogosi ba ba atlegang. Gone jaanong ba amogela thapiso eo mo pokanong ya mo gare ga beke.

10, 11. Ke bomang ba jaanong ba ka yang Sekolong sa Gileade, mme boikaelelo jwa thuto e e rutiwang koo ke bofe?

 10 Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Sekolo se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se simologile ka Mosupologo, Tlhakole 1, 1943. Kwa tshimologong, sekolo seno se ne se diretswe go thapisetsa badiredi ba nako e e tletseng tirelo ya borongwa, gore ba ye go direla kwa karolong nngwe ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, fa e sale ka Diphalane 2011, sekolo seno se kwadisa fela ba ba setseng ba le mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng e e kgethegileng—babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang le basadi ba bone, maloko a lelapa la Bethele le barongwa ba ba iseng ba ye sekolong seno.

11 Boikaelelo jwa thuto e e rutiwang kwa Sekolong sa Gileade ke bofe? Motlhatlheledi mongwe wa nako e telele o araba jaana: “Ke go nonotsha tumelo ya baithuti ka thuto e e tseneletseng ya Lefoko la Modimo le go ba thusa gore ba nne le dinonofo tsa semoya tse di tlhokegang, gore ba kgone go lebana ka katlego le dikgwetlho tsa dikabelo tsa bone. Gape, boikaelelobogolo jwa thuto eno ke go jalela kwa teng mo baithuting keletso e kgolo ya go nna le seabe mo tirong ya boefangedi.”—Baef. 4:11.

12, 13. Sekolo sa Gileade se nnile le diphelelo dife mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe? Naya sekai.

12 Sekolo sa Gileade se nnile le diphelelo dife mo tirong ya go rera mo lefatsheng lotlhe? Fa e sale ka 1943, go thapisitswe baboledi ba feta 8 500 kwa sekolong seo, * mme barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba ile ba direla kwa dinageng di feta 170 lefatshe ka bophara. Barongwa ba dirisa thapiso ya bone ka botlalo ka go tlhoma sekao sa go nna matlhagatlhaga mo bodireding le go thapisa ba bangwe go dira ka tsela e e tshwanang. Mo makgetlong a le mantsi, barongwa ba ile ba etelela pele tiro ya go rera mo mafelong a go nang le baboledi ba Bogosi ba le mmalwa fela mo go one kgotsa a go se nang baboledi mo go one.

13 Akanya ka se se neng sa direga kwa Japane kwa tiro e e rulagantsweng ya go rera phatlalatsa e neng ya batla e ema gotlhelele ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II. Ka Phatwe 1949, go ne go na le baboledi ba ba sa feteng lesome ba ba tswang mo Japane. Le fa go ntse jalo, kwa bowelong jwa ngwaga oo, barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba le 13 ba ne ba tshwaregile mo tirong ya go rera mo nageng eo. Go ne ga tla barongwa ba bangwe ba ba oketsegileng. Kwa tshimologong, barongwa ba ne ba tlhoma mogopolo thata mo ditoropong tse dikgolo; moragonyana, ba ne ba ya kwa ditoropong tse dingwe. Barongwa ba ne ba kgothaletsa ka matlhagatlhaga batho ba ba neng ba ba ruta le ba bangwe gore ba tsenelele tirelo ya bobulatsela. Maiteko a barongwa bao ba neng ba a dira ka tlhagafalo a ne a nna le diphelelo tse di molemo. Gompieno, go na le baboledi ba Bogosi ba feta 216 000 kwa Japane, mme diperesente di ka nna 40 tsa bone ba direla e le babulatsela! *

14. Dikolo tsa puso ya Modimo di naya bosupi bofe jo bo popota? (Bona le lebokose le le reng, “ Dikolo Tse di Thapisang Badiredi ba Bogosi,” tsebe 188.)

14 Dikolo tse dingwe tsa puso ya Modimo. Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete, le Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang, di ile tsa thusa ba ba neng ba ya kwa go tsone gore ba gole semoyeng le gore ba etelele pele ka matlhagatlhaga mo tirong ya go rera efangele. * Dikolo  tseno tsotlhe tsa puso ya Modimo di naya bosupi jo bo popota jwa gore Kgosi ya rona e tlhomeleletse balatedi ba yone ka botlalo gore ba wetse bodiredi jwa bone.—2 Tim. 4:5.

Go Thapisa Bakaulengwe Gore ba Sikare Maikarabelo a a Kgethegileng

15. Banna ba ba neilweng maikarabelo ba batla go etsa Jesu ka tsela efe?

15 Gopola boporofeti jwa ga Isaia jo bo buang ka Jesu a rutiwa ke Modimo. Mo “sekolong” seo sa kwa legodimong, Morwa o ne a ithuta ‘kafa a ka arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko.’ (Isa. 50:4) Jesu o ne a dirisa thuto eo; fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a lapolosa ba ba neng ba ‘dira ka natla le ba ba imelwang.’ (Math. 11:28-30) Banna ba ba neilweng maikarabelo ba etsa Jesu ka go batla go lapolosa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Gore seno se kgone go fitlhelelwa, go ile ga tlhomiwa dikolo tse di farologaneng go thusa bakaulengwe ba ba tshwanelegang, gore ba nne le bokgoni jo bo oketsegileng jwa go direla badumedimmogo le bone.

16, 17. Boikaelelo jwa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi ke bofe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

16 Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi. Tlelase ya ntlha ya sekolo seno e ne ya simologa ka Mopitlwe 9, 1959, kwa South Lansing, New York. Balebedi ba ba etang gammogo le batlhanka  ba phuthego ba ne ba lalediwa go nna gone mo khosong e e tsayang kgwedi e le nngwe. Morago ga moo, khoso eno e ne ya ranolelwa mo dipuong tse dingwe go tswa mo puong ya Seesemane, mme ka bonya ka bonya sekolo seno se ne sa simolola go thapisa bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. *

Mokaulengwe Lloyd Barry a ruta kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kwa Japane ka 1970

17 Fa Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya 1962 e ne e bua malebana le boikaelelo jwa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi e ne ya re: “Mo lefatsheng leno le batho ba nnang fela ba tshwaregile, molebedi mo phuthegong ya basupi ba ga Jehofa e tshwanetse go nna monna yo o ka kgonang go rulaganya botshelo jwa gagwe gore a kgone go tlhokomela sentle botlhe mo phuthegong le go nna tshegofatso mo go bone. Mme gape ga a a tshwanela go nna monna yo o itlhokomolosang lelapa la gagwe ka ntlha ya phuthego, mme o tshwanetse go dira dilo ka tsela e e bontshang gore o itekanetse sentle mo mogopolong. Ruri batlhanka ba phuthego mo lefatsheng lotlhe ba neilwe tshono e e molemo ya go kopana mmogo kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi gore ba newe thapiso e e tla ba thusang go dira sone se Baebele e reng molebedi o tshwanetse go se fitlhelela!”—1 Tim. 3:1-7; Tito 1:5-9.

18. Batho botlhe ba Modimo ba solegelwa molemo jang ke Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi?

 18 Batho botlhe ba Modimo ba solegetswe molemo ke Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi. Ka tsela efe? Fela jaaka Jesu, fa bagolwane le batlhanka ba bodiredi le bone ba dirisa se ba se ithutileng kwa sekolong, ba lapolosa badumedimmogo le bone. A ga o anaanele fa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o amegang ka wena a bua mafoko a bopelonomi, fa a go tlhwaela tsebe kgotsa fa a go etela go tla go go kgothatsa? (1 Bathes. 5:11) Ruri banna bano ba ba tshwanelegang, ke tshegofatso ya mmatota mo diphuthegong!

19. Komiti e e Rutang e okametse dikolo dife tse dingwe, mme dikolo tseo di diretswe go dira eng?

19 Dikolo tse dingwe tsa puso ya Modimo. Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang e okamela dikolo tse dingwe tse di thapisang bakaulengwe ba ba neilweng maikarabelo mo phuthegong ya Modimo. Dikolo tseo di diretswe go thusa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo—bagolwane ba phuthego, balebedi ba ba etang le maloko a Komiti ya Lekala—gore ba nne le bokgoni jo bo oketsegileng fa ba dira maikarabelo a bone a mantsi. Thapiso e e theilweng mo Baebeleng e kgothaletsa bakaulengwe go tlhokomela bomoya jwa bone le gore ba dirise melaometheo ya Dikwalo fa ba dirisana le dinku tse di botlhokwatlhokwa tse Jehofa a ba neileng boikarabelo jwa go di tlhokomela.—1 Pet. 5:1-3.

Tlelase ya ntlha ya Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se se neng se tshwaretswe kwa Malawi ka 2007

20. Ke eng fa Jesu a ne a ka re rotlhe re “rutwa ke Jehofa,” mme wena o ititeile sehuba go dira eng?

20 Ga go pelaelo gore Kgosi ya Bomesia e tlhomamisitse gore balatedi ba yone ba thapisiwa sentle. Thapiso eno yotlhe e simologile kwa godimo go ya kwa tlase: Jehofa o thapisitse Morwawe, mme Morwawe ene o thapisitse balatedi ba gagwe. Ka jalo, Jesu o ne a ka re, rotlhe re “rutwa ke Jehofa.” (Joh. 6:45; Isa. 54:13) A rotlhe re ititeyeng sehuba go dirisa ka botlalo thapiso e Kgosi ya rona e re e neileng. Mme gape a re gopoleng gore boikaelelobogolo jwa thapiso eno yotlhe ke go re thusa gore re nne re nonofile semoyeng e le gore re tle re kgone go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.

^ ser. 5 Re itse jang gore Rre o ne a ruta Morwa kafa a ka rutang ka gone? Ela tlhoko seno: Tsela e Jesu a neng a dirisa ditshwantsho di le dintsi ka yone fa a ruta e ne e diragatsa boporofeti jo bo neng bo ile jwa kwalwa makgolo a dingwaga pele ga a tsholwa. (Pes. 78:2; Math. 13:34, 35) Ga go pelaelo gore Mokwadi wa boporofeti joo, Jehofa, o ne a itse go sa le gale gore Morwawe o ne a tla ruta a dirisa ditshwantsho.—2 Tim. 3:16, 17.

^ ser. 6 Dikgwedi morago ga moo, Jesu o ne a “tlhaola ba bangwe ba le masome a supa mme a ba romela ka bobedi le bobedi” go ya go rera. Le bone o ne a ba thapisa.—Luke 10:1-16.

^ ser. 12 Ba bangwe ba ile ba ya kwa Sekolong sa Gileade makgetlo a a fetang le le lengwe.

^ ser. 13 Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le tlhotlheletso e barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba nnileng le yone mo tshimong ya lefatshe lotlhe, bona kgaolo 23 ya buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo.

^ ser. 14 Dikolo tse pedi tsa bofelo di emiseditswe ka Sekolo sa Baboledi ba Bogosi.

^ ser. 16 Gone jaanong bagolwane botlhe ba solegelwa molemo ke ditlelase tsa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi tse di tsayang lobaka lo lo farologaneng e bile di tshwarwa morago ga dingwaga di le mmalwa. Fa e sale go tloga ka 1984, batlhanka ba bodiredi le bone ba ntse ba thapisiwa kwa sekolong seno.