Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 12

Ba Rulaganyediwa go Direla “Modimo wa Kagiso”

Ba Rulaganyediwa go Direla “Modimo wa Kagiso”

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Jehofa o rulaganya batho ba gagwe kgato ka kgato

1, 2. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa January 1895, o ne wa nna le phetogo efe, mme bakaulengwe ba ne ba e tsibogela jang?

FA Moithuti wa Baebele yo o tlhagafetseng e bong John A. Bohnet a ne a amogela khopi ya gagwe ya makasine wa Zion’s Watch Tower wa January 1895, o ne a kgatlhiwa thata ke se a neng a se bona. Makasine oo o ne o na le tsebe ya ka fa ntle e ntšha e e nang le mmala o o galotseng e bile o ngoka kgatlhego—setshwantsho sa ntlo ya dipone tse di kaelang dikepe, e e mo gare ga lewatle le le tletseng matsubutsubu, e e phatsimisang lesedi la yone go ralala loapi lo lo lefifi. Setlhogo sa kitsiso e e neng e le mo makasineng oo, se se neng se bua ka tsela e ntšha e o dirilweng ka yone se ne se re, “Seaparo sa Rona se Sesha.”

2 E re ka Mokaulengwe Bohnet a ne a kgatlhegile, o ne a romelela Mokaulengwe Russell lekwalo. O ne a kwala jaana: “Ke itumelela go bona makasine wa Watchtower o lebega o le montle jaana. Ruri o a kgatlha.” Moithuti wa Baebele yo mongwe yo o ikanyegang, John H. Brown o ne a kwala jaana ka tsebe eo e e ka fa ntle ya makasine: “Ruri e kgatlha fela thata. Bona fela kafa motheo o tora eno e itshetletseng mo go one o nnang o nonofile ka gone le fa o itaakwa ke makhubu a lewatle.” Tsebe eno e ntšha ya ka fa ntle e ne e le phetogo ya ntlha e bakaulengwe ba ileng ba e bona mo ngwageng oo—mme gone e ne e se ya bofelo. Ka Ngwanatsele, ba ne ba bona phetogo e nngwe e kgolo. Se se kgatlhang ke gore gape e ne e bontsha lewatle le le tletseng matsubutsubu.

3, 4. Ke bothata bofe jo makasine wa Watch Tower wa November 15, 1895 o neng wa leka go bo baakanya, mme go ne ga itsisiwe phetogo efe e kgolo?

3 Setlhogo se se nang le dintlha tse di tseneletseng se se neng se le mo makasineng wa Watch Tower wa November 15, 1895, se ne sa baya mo pepeneneng bothata jono: Mathata a a tshwanang le makhubu a a tsubutlang a ne a kgoreletsa kagiso mo mokgatlhong kgotsa mo phuthegong ya Baithuti ba Baebele. Gangwe le gape bakaulengwe ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo o tla nnang moeteledipele mo phuthegong ya bone. Setlhogo seo se ne se bapisa phuthego le sekepe go thusa bakaulengwe go bona gore ke eng se se neng se tlhokega gore go baakanngwe moya oo wa kgaisano o o bakang kgaogano. Mme se ne sa dumela se sa tikatike gore ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba paletswe ke go baakanyetsa phuthego ya sekasekepe maemo a bosa a matsubutsubu. Ke eng se se neng se tshwanetse go dirwa?

4 Setlhogo seo se ne sa umaka gore kapotene wa sekepe yo o nang le bokgoni o tshwanetse go tlhomamisa gore babolokamatshelo ba  teng le gore batsamaisasekepe ba ipaakanyeditse go sireletsa sekepe mo matsubutsubung a a ka tlhagang. Ka tsela e e tshwanang, ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong, ba ne ba tlhoka go tlhomamisa gore diphuthego tsotlhe di ne di ipaakanyeditse go emelana le maemo a matsubutsubu. Go fitlhelela seo, setlhogo seo se ne sa itsise ka phetogo e e neng e tla nna le tlhotlheletso e kgolo. Se ne sa laela gore ka bonako fela, “bagolwane ba tshwanetse go tlhophiwa mo khampaning nngwe le nngwe” gore “‘ba okamele’ letsomane.”—Dit. 20:28.

5. (a) Ke eng fa thulaganyo ya ntlha ya go tlhoma bagolwane e ne e le kgato e e mo nakong? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

5 Thulaganyo eo ya ntlha ya go tlhoma bagolwane e ne e le kgato e e mo nakong, ya go dira gore go nne le thulaganyo e e tlhomameng mo phuthegong. E ne ya thusa bakaulengwe go ralala makhubu a a bogale thata a a neng a kgoberwa ke Ntwa ya Lefatshe ya I. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, tsela e e tokafaditsweng e dilo di neng di dirwa ka yone mo phuthegong, e ne ya thusa batho ba Modimo gore ba tlhomelelwe ka tsela e e botoka go direla Jehofa. Ke boporofeti bofe jwa Baebele jo bo neng bo boleletse pele tiragalo eno? Ke diphetogo dife mo phuthegong tse o di boneng? Di go solegetse molemo jang?

“Ke Tla Tlhoma Kagiso go Nna Balebedi ba Gago”

6, 7. (a) Isaia 60:17 e kaya eng? (b) Go umakiwa ga “balebedi” le ‘baabi ba tiro,’ go bontsha eng?

6 Jaaka re setse re ithutile mo Kgaolo 9, Isaia o ne a bolelela pele gore Jehofa o ne a tla segofatsa batho ba gagwe ka go ba ntsifatsa. (Isa. 60:22) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofetsa gore o tla dira se se fetang seo. Mo go jone boporofeti joo, o ne a re: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” (Isa. 60:17) Boporofeti joo bo kaya eng? Bo re ama jang gompieno?

Dilo tse go emisediwang ka tsone ke diphetogo, e seng go tswa mo go se se sa siamang go ya kwa go se se molemo, mme ke go tswa mo go se se molemo go ya kwa go se se botoka

7 Boporofeti jwa ga Isaia bo bontsha gore selo se sengwe se ne se tla emisediwa ka se sengwe. Mme ela tlhoko gore dilo tse go emisediwang ka tsone ke diphetogo, e seng go tswa mo go se se sa siamang go ya kwa go se se molemo, mme ke go tswa mo go se se molemo go ya kwa go se se botoka. Go emisetsa kgotlho ka gouta ke tokafatso, mme go ntse fela jalo le ka dilo tse dingwe tse di umakiwang fano. Ka jalo, Jehofa o ne a dirisa papiso eno go bolelela pele gore boemo jwa batho ba gagwe bo ne bo tla tokafala kgato ka kgato. Boporofeti jono bo bua ka tokafatso ya mofuta ofe? Fa Jehofa a umaka “balebedi” le ‘baabi ba tiro,’ o ne a bontsha gore ditsela tse batho ba gagwe ba neng ba tla tlhokomelwa ka tsone le kafa ba neng ba tla rulaganngwa ka gone, di ne di tla tokafala kgato ka kgato.

8. (a) Ke mang yo o dirang gore go nne le ditokafatso tse di umakiwang mo boporofeting jwa ga Isaia? (b) Re solegelwa molemo jang ke ditokafatso tseno? (Bona le lebokose le le reng, “ O ne a Amogela Kgakololo ka Boikokobetso.”)

8 Ke mang yo o dirang gore go nne le kgatelopele eno mo phuthegong? Jehofa a re: ‘Ke tla tlisa gouta, . . . ke tla tlisa selefera, . . . e bile ke tla tlhoma kagiso.’ Eleruri, ditokafatso mo tseleng e phuthego e rulagantsweng ka yone, ga di a nna gone ka ntlha ya maiteko a batho mme di nnile gone ka ntlha ya ga Jehofa ka boene. Fa e sale Jesu a tlhomiwa go nna Kgosi, Jehofa o ile a dira gore go nne le ditokafatso tseno a dirisa Morwawe. Re solegelwa molemo jang ke diphetogo tseno? Yone temana eo, e bontsha gore ditokafatso tseo di tla dira gore go nne le “kagiso” le “tshiamo.” Fa re amogela kaelo ya  Modimo re bo re dira diphetogo, go tla nna le kagiso gareng ga rona e bile go rata tshiamo go tla re tlhotlheletsa go direla Jehofa yo moaposetoloi Paulo a neng a mo tlhalosa e le “Modimo wa kagiso.”—Bafil. 4:9.

9. Ke eng se e leng motheo o o siameng wa thulaganyo le kutlwano mo phuthegong, mme ka ntlha yang?

9 Gape Paulo o ne a bua jaana ka Jehofa: “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakor. 14:33) Ela tlhoko gore Paulo o ne a sa farologanye tlhakatlhakano le thulaganyo, mme o ne a e farologanya le kagiso. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Ga se ka metlha thulaganyo e felelang ka gore go nne le kagiso. Ka sekai, mophato wa masole o ka gwanta o rulagane o ya kwa ntwa e gotetseng teng, mme go gwanta ga bone ba ya pele ka thulaganyo go felela ka ntwa, e seng ka kagiso. Ka jalo, rona Bakeresete re batla go nna re akantse ntlha eno ya botlhokwa: Moago ope fela o o rulaganeng, o o se nang kagiso e le motheo wa one, go ise go ye kae o tla phutlhama. Go farologana le seo, kagiso ya bomodimo e rotloetsa mofuta wa thulaganyo e e nnelang ruri. Ka jalo, ruri re a leboga gore phuthego e kaelwa le go itshekisiwa ke “Modimo yo o nayang kagiso”! (Bar. 15:33) Kagiso e e tswang kwa Modimong e dira gore go nne le motheo wa thulaganyo e e solegelang molemo le kutlwano e e tswang pelong, e re e itumelelang le e re e anaanelang thata mo diphuthegong tsa rona lefatshe ka bophara.—Pes. 29:11.

10. (a) Go ne ga nna le diphetogo dife mo phuthegong ya rona mo dingwageng tsa bogologolo? (Bona lebokose le le reng, “ Kafa Mokgwa wa go Okamela o Neng wa Tokafadiwa ka Gone.”) (b) Gone jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

10 Lebokose le le reng, “ Kafa Mokgwa wa go Okamela o Neng wa Tokafadiwa ka Gone,” le re naya tlhaloso e khutshwane ya diphetogo tse di rulaganeng sentle le tse di solegelang molemo tse di neng tsa nna gone mo phuthegong mo dingwageng tsa bogologolo. Mme gone, ke diphetogo dife tsa ‘go tlisa gouta mo boemong jwa kgotlho’ tse Jehofa a ileng a di dira bosheng jaana a dirisa Kgosi ya rona? Diphetogo tseo tsa bolebedi di ile tsa nonotsha jang kagiso le kutlwano ya diphuthego mo lefatsheng lotlhe? Wena di go thusa jang gore o direle “Modimo wa kagiso”?

Kafa Keresete a Etelelang Phuthego Pele ka Gone

11. (a) Go ithuta Dikwalo ka tsela e e tseneletseng go ile ga tlisa phetogo efe mo tseleng e go tlhaloganngwang dilo ka yone? (b) Bakaulengwe ba setlhopha se se laolang ba ne ba ikemiseditse go dira eng?

11 Go tloga ka 1964 go ya go 1971, setlhopha se se laolang se ne sa okamela porojeke ya go ithuta Baebele ka tsela e e tseneletseng, e mo go yone go neng go sekasekwa ditlhogo di le dintsi, mme sengwe sa ditlhogo tse ba neng ba tlotla ka tsone ke sa gore phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e tsamaisiwa jang. * Mme malebana le tsela e phuthego e neng e rulagantswe ka yone, ba ne ba lemoga gore mo diphuthegong tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tiro ya bolebedi e ne e dirwa ke setlhopha sa bagolwane e seng mogolwane a le mongwe kana molebedi. (Bala Bafilipi 1:1; 1 Timotheo 4:14.) Fa setlhopha se se laolang se sena go tlhaloganya ntlha eno botoka, se ne sa lemoga gore Kgosi ya bone Jesu, o ne a ba kaela gore ba tokafatse tsela e phuthego ya batho ba Modimo e neng e rulagantswe ka yone—mme bakaulengwe ba setlhopha se se laolang ba ne ba ikemiseditse go ikobela kaelo ya Kgosi. Ba ne ba dira diphetogo ka bonako gore ba tsamaisane le sekao se se mo Baebeleng malebana le go tlhoma bagolwane mo phuthegong. Dingwe tsa diphetogo tse di neng tsa dirwa kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1970 ke dife?

12. (a) Go ne ga dirwa phetogo efe mo setlhopheng se se laolang? (b) Tlhalosa kafa Setlhopha se se Laolang se rulagantsweng ka teng gone jaanong. (Bala lebokose le le reng, “ Kafa Setlhopha se se Laolang se Tlhokomelang ka Gone Dilo Tse di Direlwang Bogosi,” tsebe 130.)

 12 Phetogo ya ntlha e ne e ama setlhopha se se laolang ka bosone. Pele ga phetogo eo, setlhopha seo sa bakaulengwe ba ba tloditsweng se ne se bopilwe ka maloko a le supa a setlhopha sa batsamaisi ba Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Le fa go ntse jalo, ka 1971, setlhopha se se laolang se ne sa okediwa go tswa go maloko a le 7 go ya go 11, mme go tloga ka nako eo, go ne ga nna le pharologanyo gareng ga setlhopha sa batsamaisi le setlhopha se se laolang. Maloko ao a ne a itsaya a lekana fela mme a ne a simolola go refosana go nna badulasetulo go ya kafa ditlhaka tsa maina a bone di latelanang ka gone.

13. (a) Ke thulaganyo efe e e neng e ntse e dira mo dingwageng di le 40? (b) Setlhopha se se Laolang se ne sa dira eng ka 1972?

13 Phetogo e e neng ya latela e ne ya ama diphuthego tsotlhe. Ka tsela efe? Go tloga ka 1932 go ya go 1972, gantsi tiro ya bolebedi mo phuthegong e ne e ntse e dirwa ke mokaulengwe a le mongwe fela. Go fitlha ka 1936, mokaulengwe yoo yo o tlhomilweng o ne a bidiwa mokaedi wa tirelo. Morago ga moo, leina leo le ne la fetolwa go nna motlhanka wa khampani, go tswa foo ya nna motlhanka wa phuthego, mme labofelo ya nna molebedi wa phuthego. Bakaulengwe bao ba ba tlhomilweng ba ne ba tlhokomela bomoya jwa letsomane ka tlhagafalo. Gantsi molebedi wa phuthego o ne a dira ditshwetso mo boemong jwa phuthego kwantle ga go buisana le batlhanka ba bangwe mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1972, Setlhopha se se Laolang se ne sa baakanyetsa phetogo ya botlhokwa. Phetogo eo e ne e akaretsa eng?

14. (a) Ke thulaganyo efe e ntšha e e neng ya simolola go dira ka Diphalane 1, 1972? (b) Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o dirisa jang kgakololo e e mo go Bafilipi 2:3?

14 Go na le gore phuthego nngwe le nngwe e nne le mokaulengwe  a le mongwe fela yo o neng a direla e le molebedi wa phuthego, bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba tshwanelega go ya ka Dikwalo, le bone jaanong ba ne ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo go direla e nne bagolwane ba Bakeresete. Banna bano ba ne ba tla bopa setlhopha sa bagolwane se se neng se tla okamela phuthego ya bone. Thulaganyo eo ya bagolwane e ntšha, e ne ya simolola go dira ka Diphalane 1, 1972. Gompieno morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane ga a itseye a le botlhokwa go feta bagolwane ba bangwe, mme o itsaya e le “yo mmotlanyana.” (Luke 9:48) Ruri bakaulengwe bano ba ba boikokobetso ke tshegofatso mo bokaulengweng jwa rona jwa lefatshe lotlhe!—Bafil. 2:3.

Ga go pelaelo gore ka botlhale, Kgosi ya rona e ile ya naya balatedi ba yone badisa ba ba tlhokegang ka nako e e tshwanetseng

15. (a) Thulaganyo ya gore diphuthego di nne le setlhopha sa bagolwane e solegetse molemo jang? (b) Ke eng se se bontshang gore Kgosi ya rona e ile ya dira dilo ka botlhale?

15 Thulaganyo ya go aroganya maikarabelo a phuthego gareng ga maloko a ditlhopha tsa bagolwane e ne ya itshupa e le tokafatso e e itumedisang. Ela tlhoko ditsela tse tharo tse e ileng ya solegela molemo ka tsone: Sa ntlha e bile e le sa botlhokwa ke gore, thulaganyo eno e thusa bagolwane botlhe—go sa kgathalesege gore maikarabelo a bone a phuthego a boima go le kana kang—go lemoga sentle gore Jesu ke ene Tlhogo ya phuthego. (Baef. 5:23) Sa bobedi, fela jaaka Diane 15:22 e bua: “Go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” Fa bagolwane ba kopana mmogo go buisana ka dikgang tse di amang bomoya jwa phuthego e bile ba amogela dikakantsho go tswa mo go mongwe le mongwe wa bone, ba kgona go dira ditshwetso tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele. (Dia. 27:17) Jehofa o segofatsa ditshwetso tse di  ntseng jalo mme seno se dira gore go nne le katlego. Sa boraro, ka gonne go ile ga nna le bakaulengwe ba le bantsi ba ba tshwanelegang ba ba direlang e le bagolwane, phuthego e ile ya kgona go lepalepana le tlhokego e e ntseng e oketsega ya balebedi le badisa mo diphuthegong. (Isa. 60:3-5) Akanya fela—palo ya diphuthego mo lefatsheng lotlhe e oketsegile go tswa go palo e e fetang 27 000 ka 1971 go ya go palo e e fetang 113 000 ka 2013! Ga go pelaelo gore ka botlhale, Kgosi ya rona e ile ya naya balatedi ba yone badisa ba ba tlhokegang ka nako e e tshwanetseng.—Mik. 5:5.

“Go Nna Dikao mo Letsomaneng”

16. (a) Bagolwane ba na le boikarabelo bofe? (b) Baithuti ba Baebele ba ne ba leba jang kgakololo ya ga Jesu ya go ‘disa dinku’?

16 Fa e sale kwa tshimologong ya Baithuti ba Baebele, bagolwane ba ne ba ntse ba tlhaloganya gore ba na le maikarabelo a go thusa badumedimmogo le bone gore ba tswelele e le batlhanka ba Modimo. (Bala Bagalatia 6:10.) Ka 1908, setlhogo se se neng se le mo makasineng wa Watch Tower se ne sa tlotla ka kgakololo eno ya ga Jesu: “Disa dinkunyana tsa me.” (Joh. 21:15-17) Setlhogo seno se ne sa bolelela bagolwane jaana: “Go botlhokwa thata gore thomo ya Mong wa rona e nne selo sa botlhokwatlhokwa mo dipelong tsa rona, gore re tla go tsaya e le tshiamelo e kgolo go fepa le go tlhokomela balatedi ba Morena.” Ka 1925, makasine wa The Watch Tower gape o ne wa gatelela botlhokwa jwa go direla o le modisa ka go gakolola bagolwane jaana: “Kereke ya Modimo ke ya gagwe, . . . mme ba ba nang le tshiamelo ya go direla bakaulengwe ba bone, o tla ba tsaya ba ikarabelela mo go ene.”

17. Balebedi ba ile ba nna ba thusiwa jang gore e nne badisa ba ba nang le bokgoni?

17 Phuthego ya ga Jehofa e ne ya thusa jang bagolwane gore ba fetole bokgoni jwa bone jwa go nna badisa go tswa go ‘tshipi go nna selefera’? Ka go ba thapisa. Ka 1959, Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi sa balebedi se ne sa tshwarwa lekgetlo la ntlha. Ka nako ya karolo nngwe ya tlelase, go ne ga tlotliwa ka setlhogo se se reng, “Go Kgatlhegela Motho ka Namana.” Bakaulengwe bao ba ba nang le maikarabelo  ba ne ba kgothalediwa gore “ba dire lenaane la go etela baboledi kwa magaeng a bone.” Mo karolong eo, go ne go bontshiwa ditsela di le mmalwa tsa kafa badisa ba ka dirang ka gone gore maeto a a ntseng jalo e nne a a kgothatsang. Ka 1966, go ne ga simologa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se se tlhabolotsweng. Mo sekolong seo, go ne ga tlotliwa ka setlhogo se se reng, “Botlhokwa Jwa Tiro ya Bodisa.” Ntlha ya konokono mo karolong eo e ne e le efe? Ba ba eteletseng pele “ba tshwanetse go nna le seabe mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo ka lorato, mme gape ba sa tlhokomologe ba malapa a bone le bodiredi.” Mo dingwageng tsa bosheng, go ile ga tshwarwa dikolo di le dintsi tsa bagolwane. Go ile ga nna le diphelelo dife ka ntlha ya thapiso e e tswelelang e phuthego ya ga Jehofa e ntseng e e naya batho ba gagwe? Gompieno, phuthego ya Bokeresete e na le bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba le diketekete ba ba direlang e le badisa ba semoya.

Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi kwa Philippines, 1966

18. (a) Bagolwane ba neilwe boikarabelo bofe jo bo masisi? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa le Jesu ba rata thata bagolwane ba ba dirang ka natla?

18 Bagolwane ba Bakeresete ba tlhomilwe ke Jehofa a dirisa Kgosi ya rona Jesu, gore ba dire tiro e e masisi. Ke tiro efe eo? Ya gore ba etelele pele dinku tsa Modimo mo nakong eno e e tletseng mathata mo hisitoring ya batho. (Baef. 4:11, 12; 2 Tim. 3:1) Jehofa le Jesu ba rata thata bagolwane ba ba dirang ka natla ka gonne bakaulengwe bano ba ikobela kgakololo eno ya Dikwalo: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng . . . ka go rata . . . , ka tlhagafalo . . . , ka go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Pet. 5:2, 3) A re sekasekeng ditsela di le pedi mo go tse dintsi tse ka tsone badisa ba Bakeresete e leng dikao mo letsomaneng le kafa ba nnang le seabe se segolo ka gone gore go nne le kagiso le boipelo mo phuthegong.

Kafa Bagolwane ba Disang Letsomane La Modimo ka Gone Gompieno

19. Re ikutlwa jang ka bagolwane ba ba berekang mmogo le rona mo bodireding?

19 Sa ntlha, bagolwane ba dira mmogo le maloko a phuthego. Mokwadi wa Efangele e bong Luke, o ne a bua jaana ka Jesu: ‘O ne  a tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Mme ba ba Lesome le Bobedi ba ne ba na le ene.’ (Luke 8:1) Fela jaaka Jesu a ne a rera a na le baaposetoloi ba gagwe, gompieno bagolwane ba ba tlhomang sekao le bone ba dira mmogo le badumedimmogo le bone mo tirong ya go rera. Ba lemoga gore ka go dira jalo, ba nna le seabe se segolo mo go direng gore phuthego e nne le moya o o siameng. Maloko a phuthego a ikutlwa jang ka bagolwane bano? Jeannine, kgaitsadi yo o mo bowelong jwa dingwaga tsa bo80 a re: “Go bereka mmogo le mogolwane mo tirelong ya tshimo go nnaya tshono e e molemo ya gore ke bue le ene le gore ke mo itse botoka.” Steven, mokaulengwe yo o mo magareng a dingwaga tsa bo30 a re: “Fa mogolwane a bereka le nna mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo, ke nna le boikutlo jwa gore o batla go nthusa. Go amogela thuso e e ntseng jalo go dira gore ke ipele fela thata.”

Fela jaaka modisa a batla nku e e latlhegileng, bagolwane le bone ba kgaratlhela go batla ba ba sa tlholeng ba kopanela le phuthego

20, 21. Bagolwane ba ka etsa jang modisa wa mo setshwantshong sa ga Jesu? Naya sekai. (Bona le lebokose le le reng, “ Maeto a Beke le Beke a a Nang le Diphelelo Tse di Molemo.”)

20 Sa bobedi, phuthego ya ga Jehofa e thapisitse bagolwane gore ba bontshe gore ba amega ka ba ba sa tlholeng ba kopanela le phuthego. (Baheb. 12:12) Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go thusa batho bano ba ba bokoa semoyeng, mme gone ba tshwanetse go dira seno jang? Setshwantsho sa ga Jesu sa modisa le nku e e latlhegileng, se re naya dikarabo. (Bala Luke 15:4-7.) Fa modisa wa mo setshwantshong a lemoga gore go na le nku e e latlhegileng, o ya go e batla jaaka e kete ke yone fela e a nang le yone. Gompieno bagolwane ba Bakeresete ba etsa jang sekao sa modisa yoo? Fela jaaka nku e e latlhegileng e nna e le botlhokwatlhokwa mo matlhong a modisa, ba ba sa tlholeng ba kopanela le batho ba Modimo, le bone ba nna ba ntse ba le botlhokwatlhokwa mo matlhong a bagolwane. Ga ba a tshwanela go leba go batla le go thusa batho ba ba bokoa semoyeng e le go senya nako fela. Mo godimo ga moo, fela jaaka modisa a swetsa ka gore ‘a ye go batla nku e e latlhegileng go fitlha a e bona,’ bagolwane le bone ba tsaya kgato go batla le go thusa ba ba bokoa.

21 Modisa yo o mo setshwantshong o dira eng fa a bona nku? O e tsholetsa ka bonolo, “o e pega mo magetleng a gagwe,” a bo a e sikara a e busetsa kwa letsomaneng. Ka tsela e e tshwanang, mafoko a mogolwane a a tswang pelong, a a bontshang gore o a amega, a ka kakatlolola yo o bokoa semoyeng le go mo thusa gore a boele mo phuthegong. Ke sone se se neng sa diragalela Victor, mokaulengwe yo o nnang kwa Afrika yo o neng a emisa go kopanela le phuthego. A re: “Mo dingwageng tse robedi tse ke neng ke tsidifetse, bagolwane ba ne ba nna ba leka go nthusa.” Ke eng se segolobogolo se neng sa mo ama pelo? O tlhalosa jaana: “Letsatsi lengwe, John, mogolwane yo ke neng ka ya thapisong ya Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela le ene, o ne a ipha nako go nketela mme a mpontsha dingwe tsa dinepe tse a neng a re di tsaya kwa sekolong. Di ne tsa nkgopotsa dinako tse dintsi tse di itumedisang, mo e leng gore ke ne ka simolola go tlhologelelwa boipelo jo ke neng ke na le jone fa ke ne ke sa ntse ke direla Jehofa.” Moragonyana fela ga loeto lwa ga John, Victor o ne a boa a kopanela le phuthego. Gone jaanong o  direla gape e le mmulatsela. Eleruri, bagolwane ba Bakeresete ba ba amegang ka maloko a phuthego ba nna le seabe se segolo gore re ipele fela thata.—2 Bakor. 1:24. *

Tiro e e Tokafaditsweng ya Bolebedi e Nonotsha Kutlwano Gareng ga Batho ba Modimo

22. Tshiamo le kagiso di nonotsha jang kutlwano ya phuthego ya Bokeresete? (Bona le lebokose le le reng, “ Re ne Re Gakgametse.”)

22 Jaaka re bone pelenyana, Jehofa o ne a bolelelapele gore tshiamo le kagiso di ne di tla oketsega kgato ka kgato gareng ga batho ba Modimo. (Isa. 60:17) Dinonofo tseno ka bobedi di nonotsha kutlwano ya diphuthego. Ka ditsela dife? Fa go tla mo tshiamong, “Modimo . . .  ke Jehofa a le mongwe fela.” (Dute. 6:4) Melao ya gagwe ya tshiamo mo diphuthegong ga e farologane go ya ka dinaga. Nnyaa, melao ya gagwe ya se se siameng le se se phoso e mengwe fela, e bile e a tshwana “mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi.” (1 Bakor. 14:33) Ka jalo, phuthego e tla segofala fa fela melao ya Modimo e dirisiwa. Fa go tla mo kagisong, Kgosi ya rona ga e batle fela gore re ipelele kagiso mo diphuthegong, mme gape e batla gore re nne ‘badirakagiso.’ (Math. 5:9) Ka jalo, ‘re latelela dilo tse di isang kagisong.’ Re tsaya kgato go rarabolola dikgotlhang tse ka dinako dingwe di ka nnang teng gareng ga rona. (Bar. 14:19) Fa re dira jalo, re nna le seabe mo go direng gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong ya rona.—Isa. 60:18.

23. Ke eng se rona batlhanka ba ga Jehofa re se ipelelang gompieno?

23 Bogologolo ka Ngwanatsele 1895, fa makasine wa Watch Tower o ne o itsise ka thulaganyo ya ntlha ya bagolwane, bakaulengwe ba ba neng ba na le maikarabelo le bone ba ne ba bontsha gore ba eletsa sengwe go tswa pelong. Keletso ya bone e ne e le eng? Ba ne ba eletsa e bile ba rapelela gore thulaganyo eno e ntšha ya phuthego e thuse batho ba Modimo gore “ba tle ka bonako mo go nneng seoposengwe mo tumelong.” Fa re leba kwa morago mo masomesomeng a dingwaga, re lebogela go lemoga gore go itshekisiwa kgato ka kgato malebana le bolebedi mo Jehofa a neng a go tlisa ka Kgosi ya rona, ruri go ile ga nonotsha kutlwano ya rona mo kobamelong. (Pes. 99:4) Ka ntlha ya seo, gompieno batho botlhe ba ga Jehofa mo lefatsheng ba a ipela fa ba ntse ba tsamaya “ka moya o le mongwe fela,” ba latela ‘dikgato di le dingwe,’ e bile ba direla “Modimo wa kagiso” “ba le seoposengwe.”—2 Bakor. 12:18; bala Sefania 3:9.

^ ser. 11 Dintlha tsa se se neng sa fitlhelelwa ka ntlha ya dipatlisiso tseo tse di tseneletseng, di ne tsa kwalwa mo bukeng ya ditshupiso ya Aid to Bible Understanding.

^ ser. 21 Bala setlhogo se se reng “Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele,’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 15, 2013, tsebe 27-31.