Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 8

Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe

Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Jehofa o tswelela a re naya didirisiwa tse re di tlhokang gore re rute batho ba ditšhaba tsotlhe, ditso le diteme

1, 2. (a) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke eng se se neng sa thusa gore dikgang tse di molemo di anamisiwe mo Mmusomogolong wa Roma? (b) Ke bosupi bofe jo bo re bontshang gore Jehofa o re ema nokeng mo motlheng wa rona? (Bona lebokose le le reng “ Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo di Feta 670.”)

BATHO ba ba neng ba etetse kwa Jerusalema ba ne ba sa dumele se ba se utlwang. Bagalalea ba ne ba bua dipuo tse di farologaneng ka thelelo mo e leng gore molaetsa o ba neng ba o bolela o ne wa dira gore bareetsi ba bone ba tshwarwe ke kgakge. E ne e le ka Pentekosete ya 33 C.E., mme barutwa ba ne ba sa tswa go amogela ka kgakgamatso mpho ya go bua dipuo tse di farologaneng—bosupi jwa gore Modimo o ne a ba eme nokeng. (Bala Ditiro 2:1-8, 12, 15-17.) Dikgang tse di molemo tse ba neng ba di rera mo letsatsing leo di ne tsa fitlhelela batho ba ba neng ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng, mme morago ga moo tsa anamela kwa dikarolong tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma.—Bakol. 1:23.

2 Gompieno batlhanka ba Modimo ga ba bue dipuo tse di farologaneng ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ba ranolela molaetsa wa Bogosi mo dipuong tse di fetang 670, e leng palo e e fetang kgakala dipuo tse molaetsa oo o neng o rerwa ka tsone mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Dit. 2:9-11) Batho ba Modimo ba gatisitse dibuka di le dintsintsi ka dipuo tse dintsi mo e leng gore molaetsa wa Bogosi o fitlha mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. * Seno le sone ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jehofa o dirisa Kgosi Jesu Keresete go kaela tiro ya rona ya go rera. (Math. 28:19, 20) Fa re ntse re sekaseka dingwe tsa didirisiwa tse re di dirisitseng go dira tiro eno mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, ela tlhoko kafa Kgosi e ileng ya re thapisa ka gone kgato ka kgato gore re kgatlhegele mongwe le mongwe le go re kgothaletsa go nna barutisi ba Lefoko la Modimo.—2 Tim. 2:2.

Kgosi e Tlhomelela Batlhanka ba Yone go Jala Dipeo Tsa Boammaaruri

3. Ke eng fa re dirisa didirisiwa tse di farologaneng mo tirong ya rona ya go rera?

3 Jesu o ne a tshwantsha “lefoko la Bogosi” le dipeo mme a tshwantsha pelo ya motho le mmu. (Math. 13:18, 19) Fela jaaka modiri wa mo tshingwaneng a ka dirisa mefuta e e farologaneng ya didirisiwa go lemolola mmu le go o baakanya gore peo e tlhoge sentle mo go one, batho ba ga Jehofa ba dirisitse didirisiwa tse di farologaneng go ba thusa go baakanya dipelo tsa batho ba le dimilionemilione go amogela molaetsa wa Bogosi. Dingwe tsa didirisiwa tseo di ne di le mosola ka nako e e rileng fela. Tse dingwe tsa tsone tse  di jaaka dibuka le dimakasine di tsweletse ka go dira tiro e e botlhokwa. Go farologana le mekgwa e mentsi ya go anamisa tshedimosetso e re tlotlileng ka yone mo kgaolong e e fetileng, didirisiwa tsotlhe tse go tlotliwang ka tsone fano di thusitse baboledi ba Bogosi gore ba ye go bua le batho ka tlhamalalo.—Dit. 5:42; 17:2, 3.

Go dirwa difonokerafo le didirisiwa tse dingwe tsa go godisa mantswe kwa Toronto, Canada

4, 5. Dipuo tse di rekotilweng tse di neng di tshamekiwa ka fonokerafo di ne di dirisiwa jang, mme gone di ne di sa kgone go fitlhelela eng?

4 Dipuo tse di rekotilweng. Ka bo1930 go fitlha ka bo1940, baboledi ba ne ba dirisa dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng, tse di neng di tshamekiwa ka difonokerafo tse dinnye. Puo nngwe le nngwe e e rekotilweng e ne e tsaya metsotso e e kwa tlase ga e le metlhano. Ka dinako dingwe dipuo tseo di ne di na le ditlhogo tse dikhutshwane tse di jaaka “Tharonngwe,” “Pakatori” le “Bogosi.” Dipuo tseo tse di rekotilweng di ne di dirisiwa jang? Mokaulengwe Clayton Woodworth Jr., yo o neng a kolobediwa ka 1930 kwa United States o ne a re: “Ke ne ke tsamaya ke tshotse fonokerafo e nnye e e tshwanang le sutukheisi, e e tshegediwang ke seporeng fa e bulwa, e e nang le tshitswana e ke neng ke tshwanetse go e baya sentle mo letlhakoreng la rekoto gore e kgone go tshameka sentle. Fa ke fitlha fa kgorong, ke ne ke bula fonokerafo, ke bo ke baya tshitswana mo e tshwanetseng go nna teng go tswa foo ke bo ke letsa bele ya lebati. Fa mong wa ntlo a bula kgoro, ke ne ke re, ‘Ke na le molaetsa o o botlhokwa o nka ratang gore o o utlwe.’” Batho ba ne ba tsiboga jang? Mokaulengwe Woodworth a re, “gantsi beng ba matlo ba ne ba arabela sentle. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba tswala mabati. Mo makgetlong a mangwe ba ne ba akanya gore ke rekisa difonokerafo.”

Ka 1940, go ne go na le dipuo tse di rekotilweng di feta 90 mme go ne go setse go dirilwe direkoto di feta milione

5 Ka 1940, go ne go na le dipuo tse di rekotilweng di feta 90 mme go ne go setse go dirilwe direkoto di feta milione. John E. Barr, yo ka nako eo e neng e le mmulatsela kwa Boritane mme moragonyana a direla e le leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a re: “Go tloga ka 1936 go fitlha ka 1945, fonokerafo e ne e le mopati wa me  ka metlha. Tota e bile, ka nako eo ke ne ke ikutlwa ke latlhegile fa ke sa e tsaya. Go ne go kgothatsa thata go utlwa lentswe la ga Mokaulengwe Rutherford fa o le fa kgorong; go ne go utlwala e kete o na le wena. Mme gone, fonokerafo e ne e sa kgone go fitlhelela karolo ya bodiredi ya go ruta, e ne e sa kgone go ama dipelo tsa batho.”

6, 7. (a) Dikarata tsa go neela bosupi di ne di thusa jang, mme gone di ne di tlhaela mo go eng? (b) Ke ka tsela efe Jehofa a neng a ‘tsenya mafoko mo melomong ya rona’?

6 Dikarata tsa go neela bosupi. Go simologa ka 1933, baboledi ba ne ba kgothalediwa go dirisa dikarata tsa go neela bosupi fa ba le mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo. Karata ya go neela bosupi e ne e le bophara jwa disentimetara di ka nna 7,6 le boleele jwa disentimetara di ka nna 12,7. E ne e na le molaetsa o mokhutshwane wa Baebele le tlhaloso ya kgatiso nngwe e e theilweng mo Baebeleng e mong wa ntlo a ka nnang le yone. Mmoledi o ne a naya mong wa ntlo karata a bo a mo kopa gore a e bale. Lilian Kammerud, yo kgabagare a neng a direla e le morongwa kwa Puerto Rico le Argentina o ne a re: “Ke ne ke rata dikarata tsa go neela bosupi.” Ke ka ntlha yang fa a ne a ikutlwa jalo? O ne a re: “Ga se rotlhe ba re neng re na le bokgoni jwa go bua. Ka jalo, e ne ya nthusa gore ke tlwaele go ya kwa bathong.”

Karata ya go neela bosupi (Sentadiana))

7 Mokaulengwe David Reusch, yo o neng a kolobediwa ka 1918, o ne a bua jaana: “Dikarata tsa go neela bosupi di ne di thusa bakaulengwe ka gonne bontsi jwa bone ba ne ba ikutlwa e kete ba ka se kgone go bua se se tshwanetseng.” Le fa go ntse jalo, sedirisiwa seno se ne se na le mo se tlhaelang teng. Mokaulengwe Reusch o ne a re: “Ka dinako tse dingwe re ne re kopana le batho ba ba neng ba akanya gore ga re kgone go bua. Ka tsela nngwe, bontsi jwa rona re ne re sa kgone go bua. Mme gone, Jehofa o ne a re baakanyetsa gore re ye kwa bathong re le badiredi ba gagwe. Go ise go ye kae, o ne a tla tsenya mafoko mo melomong ya rona ka go re ruta go dirisa Dikwalo fa re le mo bodireding. Seno se ne sa fitlhelelwa go dirisiwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se se neng sa simologa ka bo1940.”—Bala Jeremia 1:6-9.

8. O ka letla jang Keresete gore a go thapise?

8 Dibuka. Fa e sa le ka 1914, batho ba ga Jehofa ba ile ba gatisa dibuka tse di farologaneng di feta 100 tse di tlotlang ka ditlhogo tsa Baebele. Dingwe tsa dibuka tseo di ne di diretswe segolobogolo go thapisa baboledi go nna badiredi ba ba nang le bokgoni. Anna Larsen, kwa Denmark, yo o nang le dingwaga di ka nna 70 e le mmoledi, a re: “Jehofa o re thusitse gore re nne baboledi ba ba nang le bokgoni jo bo oketsegileng a dirisa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le dibuka tse di neng di dirisiwa mo go sone tse re neng ra di newa. Ke gopola gore buka ya ntlha ya dibuka tseo e ne e le, Theocratic Aid to Kingdom Publishers, e e neng ya gololwa ka 1945. Morago ga moo go ne ga latela buka ya, ‘Equipped for Every Good Work,’ e e neng ya gatisiwa ka 1946. Gone jaanong re na le buka ya, Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e e gatisitsweng ka 2001.” Eleruri Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le dibuka tse di dirisiwang mo go sone, di nnile le seabe se segolo fa Jehofa a ntse a dira gore “re tshwanelege sentle go nna badiredi.” (2 Bakor. 3:5, 6) A o setse o ikwadisitse mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? A o tla le buka ya Sekolo sa Bodiredi beke le beke fa o tla dipokanong o bo o lebelela mo go yone fa  molebedi wa sekolo a e dirisa? Fa o dira jalo, o tla bo o letla Keresete gore a go thapise go nna morutisi yo o botoka.—2 Bakor. 9:6; 2 Tim. 2:15.

9, 10. Dibuka di nnile le seabe sefe mo go jaleng le mo go nosetseng dipeo tsa boammaaruri?

9 Gape Jehofa o ile a re thusa ka go dira gore phuthego ya gagwe e dire dibuka tse di thusang baboledi go tlhalosa dithuto tsa motheo tsa Baebele. Buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng e ne e solegela molemo thata. E ne ya gatisiwa la ntlha ka 1968 mme ka bonako fela e ne ya ama batho. Kgatiso ya Kingdom Ministry ya November 1968 e ne ya re: “Batho ba le bantsi ba ne ba batla buka ya Boamarure mo e leng gore ka Lwetse, bogatisetso jwa Mokgatlho jwa kwa Brooklyn bo ne jwa dira thulaganyo e e kgethegileng ya gore go berekwe bosigo.” Setlhogo seo se ne sa oketsa ka gore: “Nako nngwe ka Phatwe, palo ya dibuka tsa Boamarure tse batho ba neng ba di batla e ne e feta palo e re neng re na le yone ka milione le halofo!” Ka 1982, go ne go setse go gatisitswe dikhopi tsa buka eno di feta dimilione di le 100 ka dipuo di le 116. Mo dingwageng di le 14 go tloga ka 1968 go fitlha ka 1982, buka ya Boamarure e ne e thusitse batho ba feta milione gore ba nne baboledi ba Bogosi. *

10 Ka 2005, go ne ga gololwa sedirisiwa se sengwe se se tlhomologileng sa go ithuta Baebele e leng buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Go setse go gatisitswe dikhopi tsa yone di ka nna dimilione di le 200 ka dipuo di le 256! Mme seno se ne sa felela ka eng? Mo dingwageng di le supa fela, go tloga ka 2005 go fitlha ka 2012, batho ba le dimilione di ka nna 1,2 ba ne ba nna baboledi ba dikgang tse di molemo. Mo lobakeng loo lwa nako, palo ya batho ba re ithutang Baebele le bone e ne ya tlhatloga go tswa go dimilione di ka nna 6 go ya go dimilione di feta 8,7. Ga go pelaelo gore Jehofa o segofatsa maiteko a rona a go jala dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi le go di nosetsa.—Bala 1 Bakorintha 3:6, 7.

11, 12. Go dumalana le ditemana tse di umakilweng, dimakasine tsa rona di ile tsa itebaganya le ditlhopha dife tse di farologaneng tsa batho?

11 Dimakasine. Kwa tshimologong, makasine wa The Watch Tower o ne o kwalelwa segolobogolo ba “letsomanyane,” ba ba nang le ‘pitso ya selegodimo.’ (Luke 12:32; Baheb. 3:1) Ka Diphalane 1, 1919, phuthego ya ga Jehofa e ne ya golola makasine o mongwe, o o neng o diretswe go kgatlha batho ba bangwe ba e seng ba setlhopha seo. Makasine oo o ne o ratiwa thata ke Baithuti ba Baebele le batho ba bangwe, mo e leng gore ka dingwaga tse dintsi, o ne o anamisiwa thata go feta makasine wa The Watch Tower. La ntlha, makasine oo o ne o bidiwa, The Golden Age. Ka 1937, leina la one le ne la fetolwa go nna, Consolation. Mme ka 1946 o ne wa bidiwa, Awake!

12 Ka masomesome a dingwaga, mokgwa le tsela e dimakasine tsa The Watch Tower le Awake! di lebegang ka yone e ne ya nna ya fetoga, le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa tsone ga bo ise bo fetoge—go itsise Bogosi jwa Modimo le go thusa batho gore ba nne le tumelo mo Baebeleng. Gompieno, Tora ya Tebelo e gatisiwa e le makasine o o ithutiwang le makasine wa batho botlhe. Makasine o o ithutiwang o itebagantse le “ba ntlo”—e leng botlhe ba “letsomanyane” le “dinku tse dingwe.” * (Math. 24:45; Joh. 10:16) Makasine wa batho botlhe o itebagantse segolobogolo le ba ba iseng ba itse boammaaruri mme ba tlotla Baebele le Modimo. (Dit. 13:16) Makasine wa  Tsogang! one o itebagantse le batho ba ba itseng go le gonnye fela ka Baebele le ka Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Dit. 17:22, 23.

13. Ke eng se o bonang se kgatlha ka dimakasine tsa rona? (Tlotla ka tšhate e e reng, “ Dipego Tsa Lefatshe Lotlhe Tsa Dikgatiso.”)

13 Mo tshimologong ya ngwaga wa 2014, kgwedi le kgwedi go ne ga gatisiwa dikhopi tsa makasine wa Tsogang! di le dimilione di feta 44 le tsa makasine wa Tora ya Tebelo di le dimilione di ka nna 46. Makasine wa Tsogang! o ne o ranolelwa mo dipuong di ka nna 100, mme makasine wa Tora ya Tebelo o ne o ranolelwa mo dipuong di feta 200, e leng se se neng se dira gore e nne tsone dimakasine tse di ranolelwang mo dipuong di le dintsi e bile di anamisiwa thata go gaisa dimakasine dipe fela mo lefatsheng! Tiro eno e kgolo e e fitlheletsweng ga e a tshwanela go re gakgamatsa. Dimakasine tseno di na le molaetsa o Jesu a ileng a re o tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.—Math. 24:14.

14. Ke eng se re ntseng re tlhagafaletse go se rotloetsa, mme ka ntlha yang?

14 Baebele. Ka 1896, Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba fetola leina la mokgatlho o ba neng ba o dirisa go dira dikgatiso gore le akaretse lefoko Baebele; mme o ne wa itsege e le Watch Tower Bible and Tract Society. Phetogo eno e ne e tshwanela ka gonne Baebele e ne e ntse e le yone sedirisiwa se segolo mo go anamiseng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Luke 24:27) Go dumalana le leina leo la mokgatlho la semolao, batlhanka ba Modimo ba ntse ba tlhagafaletse go rotloetsa go anamisiwa ga Baebele le gore batho ba e bale. Ka sekai, ka 1926, re ne ra dirisa metšhini ya rona go gatisa The Emphatic Diaglott, e leng thanolo ya Baebele ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e e kwadilweng ke Benjamin Wilson. Go simologa ka 1942, re ne ra gatisa ra bo ra anamisa dikhopi di ka nna 700 000 tsa Baebele e e feletseng ya King James Version. Dingwaga di le pedi fela moragonyana, re ne ra simolola go gatisa Baebele ya American Standard Version e e dirisang leina Jehofa ka makgetlo a le 6 823. Ka 1950, re ne re setse re anamisitse dikhopi tsa yone di feta 250 000.

15, 16. (a) Ke eng se o se ratang ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha? (Tlotla ka lebokose le le reng, “ Go Akofisa go Ranolwa ga Baebele.”) (b) O ka letla Jehofa jang gore a ame pelo ya gago?

15 Ka ngwaga wa 1950, go ne ga gololwa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ya Seesemane. Ka 1961 go ne ga gololwa bolumo e le nngwe ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e feletseng. Thanolo eno e tlotlomatsa Jehofa ka go busetsa leina la gagwe mo le neng le tlhaga teng mo mekwalong ya ntlhantlha ya Sehebera. Gape leina la Modimo le tlhaga ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ile ya tlhabololwa makgetlo a le mmalwa go tlhomamisa gore e nepile le gore e balega motlhofo, bosheng jaana e ile ya tlhabololwa ka 2013. Ka 2013, go ne go setse go gatisitswe dikhopi tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha di le dimilione di feta 201, e feletse kana e le dikarolo dingwe tsa yone ka dipuo di le 121.

16 Batho bangwe ba ile ba tsibogela jang go bala Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya bone? Monna mongwe wa kwa Nepal o ne a re: “Ka dingwaga di le dintsi, thanolo ya bogologolo ya Se-Nepal e re neng re na le yone e ne e le thata go tlhaloganngwa, ka gonne e ne e dirisa puo ya bogologolo. Mme gone jaanong re kgona go tlhaloganya Baebele botoka ka gonne e dirisa puo e re e dirisang letsatsi le letsatsi.” Fa mosadi mongwe kwa Central African Republic  a ne a simolola go bala thanolo ya Se-Sango, o ne a simolola go lela mme a re: “Eno ke puo e e nkamang pelo.” Fela jaaka mosadi yoo, mongwe le mongwe wa rona a ka letla Jehofa go ama pelo ya gagwe ka go bala Lefoko la Gagwe letsatsi le letsatsi.—Pes. 1:2; Math. 22:36, 37.

Go Anaanela Didirisiwa le Thapiso E re E Newang

17. O ka bontsha jang gore o anaanela didirisiwa le thapiso e o e newang, mme fa o dira jalo o tla solegelwa molemo jang?

17 A o anaanela didirisiwa le thapiso e e tswelelang e Kgosi Jesu Keresete a re nayang yone? A o ipha nako ya go bala dikgatiso tse phuthego ya Modimo e di gatisang e bile o di dirisa go thusa ba bangwe? Fa go le jalo, o tla ikutlwa jaaka Kgaitsadi Opal Betler yo o neng a kolobediwa ka Diphalane 4, 1914. Kgaitsadi Opal o ne a re: “Go ralala dingwaga, nna le mogatsake [Edward] re ne ra dirisa fonokerafo le dikarata tsa go neela bosupi. Re ne ra neela bosupi ka ntlo le ntlo re dirisa dibuka, dibukana le dimakasine. Re ne ra nna le seabe mo matsholong, mo megwantong le mo go anamiseng melaetsa e e gatisitsweng. Moragonyana re ne ra thapisediwa go dira dipoelo [tse gone jaanong di bidiwang maeto a go boela] le go tshwara dithuto tsa Baebele mo magaeng a batho ba ba kgatlhegang. Re ne re nna re tshwaregile mme gone botshelo jwa rona bo ne bo itumedisa.” Jesu o ne a solofetsa gore babusiwa ba gagwe ba ne ba tla nna ba tshwaregile ka go jala, ka go roba le go ipela mmogo. Fela jaaka kgaitsadi Opal, batho ba le dimilionemilione ba ka supa gore tsholofetso eo e boammaaruri.—Bala Johane 4:35, 36.

18. Re na le tshiamelo efe?

18 Batho ba le bantsi ba ba iseng ba nne batlhanka ba Kgosi ba ka nna ba akanya gore batho ba Modimo ‘ga ba a rutega e bile ke batho fela.’ (Dit. 4:13) A ko o akanye fela! Kgosi e dirile gore batho ba yone ba e leng batho fela e nne bagatisi ba ba di gogang kwa pele mo go gatiseng, ba ba dirang dingwe tsa dikgatiso tse di ranolelwang mo dipuong di le dintsi e bile e le tse di anamisiwang thata mo hisitoring! Sa botlhokwa le go feta, o re thapisitse e bile o re kgothaleditse go dirisa didirisiwa tseno go anamisetsa dikgang tse di molemo kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe. Ruri re na le tshiamelo e kgolo ya go bereka le Keresete mo go jaleng dipeo tsa boammaaruri le mo go phutheng barutwa!

^ ser. 2 Mo dingwageng tse di lesome fela tse di fetileng, batho ba ga Jehofa ba ile ba dira dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di feta dibilione di le 20. Mo godimo ga moo, Web Site ya rona ya jw.org, jaanong e ka dirisiwa ke batho ba ba fetang dibilione tse 2,7 ba ba dirisang Internet.

^ ser. 9 Dingwe tsa dikgatiso tsa go ithuta Baebele tse di neng tsa thusa baboledi go ruta batho boammaaruri jwa Baebele ke, The Harp of God (e e neng ya gatisiwa ka 1921), “Let God Be True” (e e neng ya gatisiwa ka 1946), O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise (e e neng ya gatisiwa ka 1982) le Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng (e e neng ya gatisiwa ka 1995).

^ ser. 12 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013, tsebe 23, serapa 13, o o tlotlang ka tsela e e tokafaditsweng e re tlhaloganyang ka yone gore “ba ntlo” ke bomang.