Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 19

Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa

Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Tiro ya go aga mo lefatsheng lotlhe e ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi

1, 2. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ga ba bolo go itumelela go dira eng? (b) Ke eng se Jehofa a se lebang se le botlhokwatlhokwa?

BATLHANKA ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ga ba bolo go itumelela go aga dikago tse di bakang leina la gagwe. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo go agiweng ga motlaagana mme ba neelana ka bopelotshweu ka dilo tse di neng di tla dirisiwa mo go o ageng.—Ekes. 35:30-35; 36:1, 4-7.

2 Jehofa ga a lebe dilo tse di dirisiwang go aga e le tsa botlhokwatlhokwa mo go mo tlisetseng tlotlo e bile tota ga se dilo tse a di tsayang di le botlhokwa thata. (Math. 23:16, 17) Mpho e e mo tlisetsang tlotlo go di gaisa tsotlhe e a e tsayang e le ya botlhokwatlhokwa, ke kobamelo e a e neelwang ke batlhanka ba gagwe e e akaretsang moya wa bone o o ratang le tiro ya bone ya botlhaga. (Ekes. 35:21; Mar. 12:41-44; 1 Tim. 6:17-19) Ntlha eo e botlhokwa. Ka ntlha yang? Ka gonne dikago ga di ke di nnela ruri. Ka sekai, motlaagana le tempele ga di tlhole di le teng. Le fa gone dikago tseno di sa tlhole di le teng, Jehofa ga a lebala bopelotshweu le tiro ya bonatla ya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba neng ema nokeng go agiwa ga tsone.—Bala 1 Bakorintha 15:58; Bahebera 6:10.

3. Ke eng se re tla se sekasekang mo kgaolong eno?

3 Batlhanka ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona le bone ba berekile ka natla go aga mafelo a kobamelo. Ruri se re se fitlheletseng re kaelwa ke Kgosi Jesu Keresete se tlhomologile! Ga go pelaelo gore Jehofa o segofaditse maiteko a rona. (Pes. 127:1) Mo kgaolong eno, re tla sekaseka dingwe tsa ditiro tsa go aga tse di dirilweng le kafa di tliseditseng Jehofa tlotlo ka gone. Gape re tla utlwa go tswa mo go bangwe ba ba neng ba nna le seabe mo go fitlheleleng tiro eno.

Go Aga Diholo Tsa Bogosi

4. (a) Ke eng fa re tlhoka mafelo a a oketsegileng a kobamelo? (b) Ke eng fa makala mangwe a ile a kopanngwa? (Bona lebokose le le reng, “ Go Agiwa ga Makala—Go Dira Diphetogo ka Ntlha Ya se Se Tlhokegang.”)

4 Jaaka go tlotlilwe mo Kgaolo 16, Jehofa o batla gore re kopane mmogo go obamela. (Baheb. 10:25) Dipokano tsa rona ga di nonotshe tumelo ya rona fela mme gape di oketsa matlhagatlhaga a rona mo tirong ya go rera. Fa metlha eno ya bofelo e ntse e ya kwa bowelong, Jehofa o akofisa tiro eo. Ka ntlha ya seno, batho ba le dikete di le makgolokgolo ba ologela mo phuthegong ya gagwe ngwaga le ngwaga. (Isa. 60:22) Fa palo ya babusiwa ba Bogosi e  ntse e ntsifala, go nna le tlhokego e kgolo ya go aga dikago tsa bogatisetso gore go gatisiwe dikgatiso tsa Baebele. Gape re tlhoka mafelo a a oketsegileng a kobamelo.

5. Ke eng fa leina Holo ya Bogosi le tshwanela? (Bona le lebokose le le reng, “ Kereke ya New Light.”)

5 Kwa tshimologong ya batho ba ga Jehofa, Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore ba tlhoka go nna le mafelo a bone a go kopanela. Go bonala gore lengwe la mafelo a ntlha a kobamelo le ne la agiwa kwa West Virginia, U.S.A., ka 1890. Ka bo1930, batho ba ga Jehofa ba ne ba agile le go tlhabolola diholo di le dintsi, mme mafelo ao a ne a ise a newe leina le le a tlhaolang. Le fa go ntse jalo, ka 1935, Mokaulengwe Rutherford o ne a etela Hawaii, kwa go neng go agiwa holo e e neng e tshwaragane le ofisi e ntšha ya lekala gone. Fa Mokaulengwe Rutherford a ne a bodiwa gore kago eo e tshwanetse go bidiwa eng, o ne a araba jaana: “A ga lo akanye gore re tshwanetse ra e bitsa ‘Holo ya Bogosi,’ e re ka seo e le sone se re se dirang, e leng go rera mafoko a a molemo a Bogosi?” (Math. 24:14) Go ise go ye kae, holo eno e ne e se kitla e nna yone fela e bidiwang ka leina leo le le tshwanelang mme gape le ne le tla  dirisiwa go bitsa mafelo a le mantsi a go kopanela a a dirisiwang ke diphuthego tsa batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

6, 7. Go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi ka bofefo go ne ga felela ka eng?

6 Ka bo1970, go tlhokega ga Diholo Tsa Bogosi go ne go oketsega ka lobelo lo logolo. E le go tsibogela seno, bakaulengwe kwa United States ba ne ba tla ka mokgwa o o bofefo wa go aga dikago tse di tshwanelang sentle le tse dintle mo malatsing a le mmalwa fela. Ka 1983, go ne go setse go agilwe Diholo Tsa Bogosi tsa mofuta oo di ka nna 200 kwa United States le kwa Canada. Gore bakaulengwe ba kgone go fitlhelela tiro eno, ba ne ba simolola go tlhoma dikomiti tsa kago tsa kgaolo. Mokgwa ono o ne wa atlega thata mo e leng gore ka 1986, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhomamisa thulaganyo eo mme ka 1987, go ne go na le Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo (RBC) di le 60 kwa United States. * Ka 1992, dikomiti tseno di ne di tlhomilwe gape kwa Afrika Borwa, Argentina, Australia, Fora, Japane, Jeremane, Mexico le Spain. Ruri bakaulengwe ba ba berekang ka natla go aga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano ba tlhoka gore re ba eme nokeng ka gonne tiro e ba e dirang ke karolo ya tirelo e e boitshepo.

7 Diholo tseno tse di agilweng ka bofefo di ile tsa neela bosupi jo bo molemolemo mo bathong ba ba nnang mo mafelong a di neng tsa agiwa mo go one. Ka sekai, lekwalodikgang la kwa Spain le ne le na le setlhogo se se reng, “Tumelo e Sutisa Dithaba.” Fa lekwalodikgang leo le ne le akgela malebana le Holo ya Bogosi e e neng e agilwe ka mokgwa oo kwa toropong ya Martos, le ne la botsa jaana: “Go kgonega jang gore mo lefatsheng leno le le tletseng bopelotshetlha, go bo go na le baithaopi ba ba pelotshweu ba ba tswang kwa dikgaolong tse di farologaneng [tsa Spain] ba ba tlileng  mo Martos go tla go aga kago e e di fetileng tsotlhe ka bofefo, tolamo le thulaganyo jaana?” Setlhogo seo se ne sa araba potso eo ka go nopola mafoko a mongwe wa baithaopi yo e leng Mosupi fa a ne a re: “Se se dirang gore seno se atlege ke ka ntlha ya gore re batho ba ba rutwang ke Jehofa.”

Go Aga mo Dinageng Tse di Humanegileng

8. Ka 1999, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go nne le thulaganyo efe, mme ka ntlha yang?

8 Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ntse le ela kwa bokhutlong, batho ba ne ba thologela mo phuthegong ya ga Jehofa mo dinageng tse go nnang bakaulengwe ba ba sa itsholelang mo go tsone. Diphuthego tsa mo mafelong ao di ne tsa dira se di ka se kgonang go aga mafelo a go kopanela. Le fa go ntse jalo, mo dinageng dingwe, bakaulengwe ba ne ba patelesega go itshokela go sotliwa le tlhaolele ka gonne Diholo Tsa Bogosi tsa mo mafelong ao e ne e le tsa maemo a a kwa tlase fa di bapisiwa le mafelo a mangwe a kobamelo. Le fa go ntse jalo, go simologa ka 1999, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go nne le thulaganyo ya go potlakisa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng tse di humanegileng. E le gore go nne le go “lekalekanya,” madi a a tswang kwa dinageng tse di humileng thata a ne a dirisiwa go thusa dinaga tse di humanegileng. (Bala 2 Bakorintha 8:13-15.) Mme bakaulengwe le bokgaitsadi go tswa mo dinageng tse dingwe ba ne ba ithaopa go thusa ka tiro.

9. Ke tiro efe e e neng e lebega e tla fekeetsa, mme go ne ga fitlhelelwa eng?

9 Kwa tshimologong, go ne go lebega tiro eno e tla ba fekeetsa. Ka 2001, go ne ga nna le pego e e neng e bontsha gore go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di feta 18 300 mo dinageng di le 88 tse di humanegileng. Le fa go ntse jalo, ka kemonokeng ya moya wa  Modimo le ya Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete, ga go na tiro epe e e ka se kgonegeng. (Math. 19:26) Go tloga ka 1999 go fitlha ka 2013, e leng mo e ka nnang dingwaga di le15, batho ba Modimo ba agile Diholo Tsa Bogosi di le 26 849 ba dirisa thulaganyo eno. * Jehofa o tswelela pele go segofatsa tiro ya go rera mo e leng gore ka 2013, go ne go sa ntse go tlhokega gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi di le 6 500 mo dinageng tseo tse di humanegileng, mme gone jaanong go sa ntse go tlhokega di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga.

Go aga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng tse di humanegileng go na le dikgwetlho tse di farologaneng

10-12. Go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi go tlisitse tlotlo jang mo leineng la ga Jehofa?

10 Go agiwa ga Diholo tseo tsa Bogosi tse disha go tlisitse tlotlo jang mo leineng la ga Jehofa? Pego e e tswang kwa ofising ya lekala ya Zimbabwe e ne ya re: “Go le gantsi, mo kgweding e le nngwe fela fa go sena go agiwa Holo ya Bogosi e ntšha, palo ya batho ba ba nnang teng kwa dipokanong e menagana sebedi.” Mo dinageng di le dintsi, go lebega batho ba okaoka go kopanela le rona go fitlha re nna le lefelo le le siameng la go obamela. Le fa go ntse jalo, fela fa Holo ya Bogosi e sena go agiwa, ka bonako fela e a tlala go bo go tlhokega e nngwe. Mme gone, bontle jwa kago ga se jone fela bo gogelang batho kwa go Jehofa. Lorato lwa mmatota lwa Bokeresete lo lo bontshiwang ke ba ba agang diholo tseo le lone lo ama tsela e batho ba lebang phuthego ya Modimo ka yone. Sekaseka dikai di se kae.

11 Indonesia. Fa monna mongwe yo o neng a ntse a lebile fa go agiwa Holo ya Bogosi a ne a utlwa gore babereki botlhe ke baithaopi, o ne a re: “Ruri batho ke lona lo a gakgamatsa! Le fa gone lo sa duelwe, ke bone kafa mongwe le mongwe wa lona a berekang ka gone ka pelo yotlhe le ka boipelo. Ke akanya gore ga go na mokgatlho ope wa bodumedi o o tshwanang le wa lona!”

12 Ukraine. Mosadi mongwe yo o neng a tlhola a feta letsatsi le letsatsi fa lefelong le go neng go agiwa Holo ya Bogosi fa go lone o ne a swetsa ka gore badiri ke Basupi ba ga Jehofa le gore kago ya teng e ne e tlile go nna Holo ya Bogosi. O ne a re: “Ke ne ka utlwa ka Basupi ba ga Jehofa mo go nnake yo le ene e neng e le Mosupi. Fa ke ne ke lebile jaaka go berekwa, ke ne ka swetsa ka gore le nna ke batla go nna karolo ya lelapa leno la semoya. Ke ne ka bona mo lefelong leno kafa lorato lo bontshiwang ka gone.” Mosadi yono o ne a dumela go ithuta Baebele mme o ne a kolobediwa ka 2010.

13, 14. (a) O ithutile eng mo tseleng e banyalani bangwe ba ileng ba tsiboga ka yone morago ga go ela tlhoko se se neng se dirwa kwa go neng go agiwa Holo ya Bogosi gone? (b) Ke eng se o ka se dirang go tlhomamisa gore lefelo la lona la kobamelo le tlisa tlotlo mo leineng la ga Jehofa?

13 Argentina. Banyalani bangwe ba ne ba ya kwa mokaulengweng yo o neng a okametse lefelo le go neng go agiwa Holo ya Bogosi mo go lone. Monna o ne a re: “Re ntse re lebeletse ka kelotlhoko fa lo ntse lo aga Holo eno ya lona, mme . . . re dirile tshwetso ya gore re batla go ithuta ka Modimo mo lefelong leno.” Go tswa foo o ne a botsa jaana: “Ke eng se re tlhokang go se dira gore re tshwanelegele go kopanela fano?” Banyalani bano ba ne ba dumela go ithuta Baebele fa fela lelapa lotlhe le ne le ka letlelelwa go ithuta mmogo. Bakaulengwe ba ne ba dumalana le seno ka bongwefela jwa pelo.

14 O ka tswa o ile wa se ka wa nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go agiweng ga Holo ya lona ya Bogosi, mme gone, go sa  ntse go na le mo gontsi mo o ka go dirang go thusa lefelo la lona la kobamelo go tlisa tlotlo mo leineng la ga Jehofa. Ka sekai, o ka laletsa ka matlhagatlhaga batho ba o ithutang Baebele le bone, maeto a gago a go boela le batho ba bangwe fela mo tikologong gore ba nne gone kwa dipokanong mmogo le wena kwa Holong ya Bogosi. Gape o na le tshono ya go thusa go phepafatsa le go tlhokomela lefelo la lona la kobamelo. Fa o beela madinyana kwa tlhoko, o ka kgona go ntsha moneelo go thusa go tlhokomela Holo ya lona ya Bogosi kgotsa wa ntsha moneelo go thusa go aga mafelo ano a kobamelo mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. (Bala 1 Bakorintha 16:2.) Ditiro tseno tsotlhe di dira gore leina la ga Jehofa le bakwe le go feta.

Badiri ba ba ‘Ithaopang ka go Rata’

15-17. (a) Tiro e ntsi ya go aga e dirwa ke bomang? (b) Ke eng se o se ithutileng mo dikakgelong tsa banyalani ba ba diretseng mo diporojekeng tsa kago kwa dinageng di sele?

15 Bontsi jwa tiro ya go aga e e dirwang mo Diholong Tsa Bogosi, mo Diholong Tsa Dikopano le dikago tsa makala e dirwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lefelong leo. Le fa go ntse jalo, gantsi ba thusiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo dinageng tse dingwe ba ba nang le maitemogelo mo tirong ya go aga. Bangwe ba baithaopi bao ba rulagantse matshelo a bone gore ba kgone go bereka mo mafatsheng a sele dibeke di le dintsi. Ba bangwe ba ithaopile go direla dingwaga di le dintsi, ba ya gongwe le gongwe kwa ba romelwang gone go ya go aga.

Timo le Lina Lappalainen (Bona serapa 16)

16 Tiro ya go aga e e dirwang kwa dinageng tse dingwe e na le dikgwetlho tse di farologaneng mme gape e naya masego a a kgotsofatsang. Ka sekai, Timo le Lina ba ile ba ya kwa dinageng tsa kwa Amerika Borwa, Asia le Yuropa go ya go aga Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le diofisi tsa makala. Timo a re: “Mo dingwageng di le 30 tse di fetileng mo kabelong ya me, ke fetoletswe kabelo mo e ka nnang dingwaga dingwe le dingwe di le pedi.” Lina, yo o nyetsweng ke Timo dingwaga di le 25 tse di fetileng a  re: “Ke diretse le Timo kwa dinageng di le lesome tse di farologaneng. Go tlhokega maatla a mantsi le nako e ntsi go tlwaela dijo tse disha, tikologo e ntšha, puo e ntšha, tshimo e ntšha le go dira ditsala tse disha.” * A mme maiteko a bone a ba solegetse molemo? Lina a re: “Dikgwetlho di feletse ka gore re nne le masego a mantsi thata. Re ile ra bona lorato lwa Bokeresete le go amogelwa sentle e bile re bone kafa Jehofa a re tlhokomelang ka gone ka tsela e e lorato. Gape re bone tiragatso ya tsholofetso e Jesu a e neetseng barutwa ba gagwe e e mo go Mareko 10:29, 30. Re amogetse bomorwarraarona, bomorwadiarraarona le bommaarona ba semoya go menagane ga lekgolo.” Timo a re: “Go re kgotsofatsa fela thata go dirisa bokgoni jwa rona mo boikaelelong jo bo tlotlegang go gaisa, go nna le seabe mo go atoloseng dilo tsa Kgosi.”

17 Darren le Sarah, ba ba thusitseng mo diporojekeng tsa go aga kwa Afrika, Amerika Bogare, Amerika Borwa, Asia, South Pacific le Yuropa, ba ikutlwa gore ba amogetse go gaisa kafa ba neileng ka gone. Go sa kgathelesege dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone, Darren a re: “E nnile tshiamelo go bereka le bakaulengwe ba ba tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ke ile ka bona gore rotlhe re kopanngwa mmogo ke lorato lo re ratang Jehofa ka lone.” Sarah a re: “Ke ithutile go le gontsi go tswa mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng! Go bona kafa ba intshang setlhabelo ka gone go direla Jehofa, go ntlhotlheletsa gore ke tswelele ke dira bojotlhe jwa me.”

18. Boporofeti jo bo mo go Pesalema 110:1-3 bo diragadiwa jang?

18 Kgosi Dafide o ne a porofeta gore le fa babusiwa ba Bogosi jwa Modimo ba ne ba tla kopana le dikgwetlho, ba ne “ba tla ithaopa ka go rata” go dira dilo tse di direlwang Bogosi. (Bala Pesalema 110:1-3.) Botlhe ba ba nnang le seabe mo tirong e e emang nokeng Bogosi ba nna le seabe mo go diragatseng mafoko ao a baporofeti. (1 Bakor. 3:9) Dikago di le dintsi tsa diofisi tsa makala, Diholo Tsa Dikopano di le makgolokgolo le Diholo Tsa Bogosi di le dikete di le masomesome go ralala lefatshe, di naya bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Bogosi jwa Modimo ke selo sa mmatota e bile bo a busa. Ruri re na le tshiamelo e kgolo ya go direla Kgosi Jesu Keresete mo tirong e e tlisetsang Jehofa tlotlo e tota e mo tshwanelang!

^ ser. 6 Ka 2013, go ne go na le baithaopi ba feta 230 000 ba ba kwadisitsweng go direla le dikomiti tsa kago tsa kgaolo (RBC) di le 132 kwa United States. Ngwaga le ngwaga, dikomiti tseo di okamela go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi tse disha di ka nna 75 mme di thusa go tlhabolola kgotsa go baakanya diholo tse dingwe di ka nna 900 mo nageng eo.

^ ser. 9 Dipalo tseno ga di kopanyeletse Diholo Tsa Bogosi tse dintsi tse di neng tsa agiwa mo dinageng tse di seng mo thulaganyong eno.

^ ser. 16 Batlhanka le baithaopi ba ba direlang kwa dinageng di sele ba fetsa nako e ntsi ya bone ba bereka kwa mafelong a go agiwang mo go one, mme gape ba ema nokeng diphuthego tse di mo mafelong ao mo tirong ya go rera ka mafelobeke kgotsa mo maitseboeng.