SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Kafa Keresete a thusitseng balatedi ba gagwe ka gone go lwela gore ba amogelwe semolao le go nna le tshwanelo ya go ikobela melao ya Modimo

1, 2. (a) Ke eng se se go supelang gore o moagi wa Bogosi jwa Modimo? (b) Ke eng fa ka dinako dingwe Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke go lwela kgololesego ya bodumedi?

A O MOAGI wa Bogosi jwa Modimo? Ee ruri go ntse jalo, ka gonne o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! Mme ke eng se se go supelang gore o moagi? Ga se lekwalo la mosepele kgotsa setlankana sengwe sa puso. Go na le moo, bosupi jwa seno bo ikaegile ka tsela e o obamelang Jehofa Modimo ka yone. Kobamelo ya boammaaruri ga e akaretse fela se o se dumelang. E akaretsa le se o se dirang—go ikobela ga gago melao ya Bogosi jwa Modimo. Mo go rona rotlhe, kobamelo e ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo, go akaretsa tsela e re tlhokomelang malapa a rona ka yone tota le tsela e re tsibogelang ka yone dikgang dingwe tsa kalafi.

2 Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha lefatshe le re tshelang mo go lone le tlotlang boagi jwa rona jo re bo ngomaelang thata kgotsa se re tlhokang go se dira gore re tshele tumalanong le melao ya boagi joo. Dipuso dingwe di lekile go thibela kobamelo ya rona kgotsa go e nyeletsa gotlhelele. Ka dinako dingwe, babusiwa ba ga Keresete ba ile ba tlhoka go lwela kgololesego ya go tshela tumalanong le melao ya Kgosi ya Bomesia. A seno se a gakgamatsa? Nnyaa. Gantsi batho ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, ba ile ba tshwanelwa ke go lwela kgololesego ya go obamela Jehofa.

3. Batho ba Modimo ba ile ba lwa ntwa efe mo motlheng wa ga Kgosigadi Esethere?

3 Ka sekai, mo metlheng ya ga Kgosigadi Esethere, batho ba Modimo ba ne ba tshwanelwa ke go lwela gore ba tswelele ba tshela. Ka ntlha yang? Tonakgolo e e boikepo e bong Hamane, o ne a akantsha Kgosi Ahasueruse wa Baperesia gore Bajuda botlhe ba ba nnang mo kgaolong e e laolwang ke kgosi, ba bolawe ka gonne “melao ya bone e farologane le ya batho ba bangwe botlhe.” (Eseth. 3:8, 9, 13) A Jehofa o ne a phuaganya batlhanka ba gagwe? Nnyaa, o ne a segofatsa maiteko a ga Esethere le Moredekai fa ba ne ba ikuela kwa kgosing ya Peresia gore e sireletse batho ba Modimo.—Eseth. 9:20-22.

4. Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?

4 Go tweng ka motlha wa gompieno? Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, ka dinako dingwe dipuso tsa lefatshe di ile tsa ganetsa Basupi ba ga Jehofa. Mo kgaolong eno, re tla sekaseka dingwe tsa ditsela tse dipuso tseo di ileng tsa leka ka tsone go thibela tsela ya rona ya go obamela. Re tla tlhoma mogopolo mo dikarolong tse tharo tse di tlwaelegileng: (1) tshwanelo ya rona ya go nna phuthego le go obamela jaaka re batla, (2) kgololesego ya go tlhopha kalafi e e dumalanang le melaometheo ya Baebele, le (3) tshwanelo ya batsadi ya go  godisa bana go ya ka melao ya ga Jehofa. Mo karolong nngwe le nngwe, re tla bona kafa baagi ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Bomesia, ba ileng ba lwa ka bopelokgale ka gone go sireletsa boagi jwa bone jo bo botlhokwatlhokwa le kafa maiteko a bone a ileng a segofadiwa ka gone.

Go Lwela go Amogelwa Semolao le go Nna le Kgololesego ya Dilo Tsa Botlhokwatlhokwa

5. Go letlelelwa semolao go solegela Bakeresete ba boammaaruri molemo jang?

5 A re tlhoka go letlelelwa semolao ke dipuso tsa batho gore re obamele Jehofa? Nnyaa, mme gone tetla ya semolao e dira gore go nne motlhofo mo go rona go tsweletsa kobamelo ya rona—ka sekai, re tlhoka go kopana ka kgololesego mo Diholong tsa rona tsa Bogosi le mo Diholong Tsa Dikopano, go gatisa le go amogela dikgatiso tsa Baebele, le go rerela baagelani ba rona dikgang tse di molemo phatlalatsa re sa kgorelediwe. Mo dinageng di le dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba kwadisitswe semolao e bile ba ipelela kgololesego ya go obamela e e tshwanang le e maloko a madumedi a mangwe a a letleletsweng semolao a nang le yone. Le fa go ntse jalo, go ile ga direga eng fa dipuso di ne di gana go re letlelela semolao kgotsa di leka go re thibela go nna le kgololesego ya dilo tsa botlhokwatlhokwa?

6. Mo masimologong a bo1940, Basupi ba ga Jehofa kwa Australia ba ne ba lebana le kgwetlho efe?

6 Australia. Mo masimologong a bo1940, molaodimogolo wa Australia o ne a tsaya bodumedi jwa rona “bo le kotsi” ka gonne bo ne bo le kgatlhanong le maiteko a ntwa. Basupi ba ile ba thibelwa. Ba ne ba sa kgone go kopana mmogo kgotsa go rera phatlalatsa, ditiro tsa kwa Bethele di ne tsa emisiwa mme Diholo tsa Bogosi di ne tsa gapiwa. Tota e bile go nna le dikgatiso tsa Baebele, le gone go ne go ileditswe. Morago ga gore Basupi ba kwa Australia ba direle ditiro tsa bone mo sephiring ka dingwaga di le mmalwa, ba ne ba gololesega. Ka Seetebosigo 14, 1943, Kgotlatshekelokgolo ya Australia e ne ya gogela morago thibelo eo.

7, 8. Tlhalosa ntwa ya kgololesego ya kobamelo e bakaulengwe ba rona ba ileng ba e lwa go ralala dingwaga kwa Russia.

7 Russia. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fetsa masomesome a dingwaga ba thibetswe ke puso ya Bokomonise mme kgabagare ba ne ba kwadisiwa ka 1991. Morago ga go kgaogana ga dinaga tse pele e neng e le karolo ya Soviet Union, re ne ra kwadisiwa semolao ke Puso ya Russia ka 1992. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae baganetsi bangwe—segolobogolo ba ba neng ba amana le Kereke ya Orthodox ya Russia—ba ne ba tshwenngwa ke go bo palo ya rona e oketsega ka lobelo lo logolo. Baganetsi ba ne tsenya motseletsele wa dingongorego tse tlhano tsa tlolomolao kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa mo magareng a 1995 le 1998. Nako le nako, mosekisi o ne a sa bone bosupi bope jwa tlolomolao. Baganetsi bao ba ba ititeileng sehuba ba ne ba tlhatlhela kgetsi ya ngongorego ka 1998. Basupi ba ne ba fenya lekgetlo la ntlha, le fa go ntse jalo, baganetsi ba ne ba ganana le katlholo eo mme Basupi ba latlhegelwa mo kgetsing ya boikuelo ka Motsheganong 2001. Kgetsi eo e ne ya simolola go sekwa gape ka Diphalane wa one ngwaga oo, mme ga felela ka gore go dirwe tshwetso ka 2004 ya go tswala mokgatlho o o kwadisitsweng semolao o o dirisiwang ke Basupi kwa Moscow, le go thibela ditiro tsa one.

8 Morago ga moo, go ne ga runya pogiso e kgolo. (Bala 2 Timotheo 3:12.) Basupi ba ne ba tlhorontshiwa e bile ba tlhaselwa. Dikgatiso tsa bone tsa bodumedi di ne tsa gapiwa; go hira kgotsa go aga  matlo a go obamela go ne go thibetswe fela thata. Akanya fela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba ikutlwa jang fa ba ne ba lebane le mathata a a ntseng jalo! Basupi ba ne ba tsentse kopo kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho (ECHR) ka 2001, mme ba ne ba isa tshedimosetso e e oketsegileng kwa Kgotlatshekelong ka 2004. Ka 2010, ECHR e ne ya dira tshwetso. Kgotlatshekelo e ne ya lemoga sentle gore go thibelwa ga Basupi kwa Russia, go ne go tlhotlhelediwa ke tlhaolele ya bodumedi, mme e ne ya atlhola gore go ne go se na lebaka la go dumalana le ditshwetso tsa dikgotlatshekelo tse dipotlana, ka gonne go ne go se na bosupi jwa gore Basupi ba tlotse molao. Gape Kgotlatshekelo e ne ya lemoga gore maikaelelo a thibelo eo e ne e le go amoga Basupi ditshwanelo tsa bone tsa semolao. Tshwetso ya Kgotlatshekelo e ne ya ema nokeng tshwanelo ya Basupi ya go nna le kgololesego ya bodumedi. Le fa gone balaodi ba ba farologaneng ba Russia ba ile ba gana go dira tumalanong le katlholo ya ECHR, batho ba Modimo mo nageng eo ba ile ba nonotshiwa thata ke diphenyo tseo.

Titos Manoussakis (Bona serapa 9)

9-11. Batho ba ga Jehofa kwa Gerika ba ile ba lwela jang kgololesego ya go kopana mmogo, mme seno se ile sa nna le diphelelo dife?

9 Gerika. Ka 1983, Titos Manoussakis, o ne a hira phaposi kwa Heraklion, kwa Crete gore setlhotswana sa Basupi ba ga Jehofa se kgone go kopanela teng go obamela. (Baheb. 10:24, 25) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, moruti wa Orthodox o ne a tsenya ngongorego kwa balaoding ba puso, a le kgatlhanong le gore Basupi ba dirise phaposi eo go obamela. Ka ntlha yang? Lebaka fela e le gore dilo tse Basupi ba di dumelang di farologana le tse di dumelwang kwa Kerekeng ya Orthodox! Balaodi ba ne ba tsaya kgato ya semolao ba latofatsa Titos Manoussakis le Basupi ba bangwe ba le bararo ka tlolomolao. Ba ne ba atlholelwa go duela madi le go nna dikgwedi tse pedi mo kgolegelong. E re ka Basupi e le baagi ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo, ba ne ba tsaya gore katlholo ya kgotlatshekelo e tsuolola kgololesego ya bone ya go obamela, ka jalo, ba ne ba isa kgetsi ya bone kwa dikgotlatshekelong tse dipotlana mme labofelo ba isa kopo ya bone kwa ECHR.

10 Kgabagare ka 1996, ECHR e ne ya ntsha katlholo e e neng e sa solofelwa, e e neng ya tlogela baganetsi ba kobamelo e e itshekileng ba gamaregile. Kgotlatshekelo e ne ya tlhalosa gore “Basupi ba ga Jehofa ba wela mo ‘bodumeding jo bo itseweng’ jaaka go tlhalosiwa mo molaong wa Gerika,” le gore ditshwetso tsa dikgotlatshekelo tse dipotlana “di ne di amile ka tlhamalalo kgololesego ya bone ya bodumedi.” Gape Kgotlatshekelo e ne ya tlhalosa gore ga se boikarabelo jwa puso ya Gerika go “swetsa ka gore a ditumelo tsa bodumedi kgotsa mekgwa e e dirisiwang go bontsha ditumelo tseo e ka fa molaong.” Dikatlholo tse di neng di ntshitswe kgatlhanong le Basupi di ne tsa phimolwa, mme kgololesego ya bone ya go obamela e ne ya tlotlomadiwa!

11 A phenyo eo e ne ya dira gore dilo di boele meriting kwa Gerika? Ka maswabi, ga go a ka ga nna jalo. Kgabagare ka 2012, go ne ga rarabololwa kgetsi e e tshwanang kwa Kassandreia, kwa Gerika, morago ga ntwa ya semolao ya lobaka lo loleele e e tsereng dingwaga di ka nna 12. Mo lekgetlong leno, kganetso e ne e rulagantswe ke bishopo wa Orthodox. Lekgotla la Puso e leng kgotlatshekelo e kgolo thata  ya botsamaisi ya Gerika, le ne la atlhola kgetsi eo ka go sa bone batho ba Modimo molato. Tshwetso eo e ne ya umaka molaomotheo wa Gerika o o neng o tlhomamisa go nna le kgololesego ya bodumedi mme ya ganetsa tatofatso e e neng e dirwa gangwe le gape ya gore Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jo bo sa itsiweng. Kgotlatshekelo e ne ya re: “Dithuto tsa ‘Basupi ba ga Jehofa’ ga di a fitlhega, ka jalo, di bolela gore ke bodumedi jo bo itsegeng.” Maloko a phuthego e potlana ya Kassandreia a ipelela gore jaanong a kgona go nna le dipokano tsa kobamelo mo Holong ya bone ya Bogosi.

12, 13. Baganetsi ba ile ba leka jang go “rera mathata ka taelo” kwa Fora, mme seno se ile sa felela jang?

12 Fora. Baganetsi bangwe ba batho ba Modimo ba ile ba dirisa leano la go “rera mathata ka taelo.” (Bala Pesalema 94:20.) Ka sekai, mo magareng a bo1990, balaodi ba lekgetho kwa Fora ba ile ba simolola go tlhatlhoba dikgang tsa madi tsa mongwe wa mekgatlho ya semolao e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang kwa Fora o o bidiwang Association Les Témoins de Jéhovah (ATJ). Tona ya Tsa Kabo ya Madi o ne a senola maikaelelomagolo a tlhatlhobo eo jaana: “Tlhatlhobo eno e ka feleletsa ka gore mokgatlho ono o tswalwe semolao kgotsa o sekisediwe tlolomolao . . . , e leng se se ka nnang sa fokotsa ditiro tsa one kgotsa go o pateletsa go di emisa gotlhelele mo nageng ya rona.” Le fa gone mo tlhatlhobong eo go ne ga se ka ga fitlhelwa ditiro dipe tsa go sa ikanyege, balaodi ba lekgetho ba ne ba duedisa ATJ lekgetho le le kwa godimo thata. Fa leano leo le ne le ka atlega, le ne le ka dira gore bakaulengwe ba rona ba sale ba sena sepe se ba ka se dirang fa e se fela go tswala ofisi ya lekala le go rekisa dikago e le gore ba duele lekgetho le le kwa godimo thata. Kgang eno e ne e hutsafatsa fela thata, mme batho ba Modimo ga ba a ka ba itlhoboga. Basupi ba ne ba emelana ba sa ineele le go sa tshwarwe sentle mono mme ba feleletsa ba isitse kgetsi kwa ECHR ka 2005.

13 Kgotlatshekelo e ne ya ntsha katlholo ka Seetebosigo 30, 2011. E ne ya ntsha lebaka la gore tshwanelo ya kgololesego ya bodumedi e tshwanetse go thibela Naga go sekaseka gore a dithuto tsa bodumedi di ka fa molaong kgotsa gore a tsela e di bontshiwang ka yone e ka fa molaong, kwantle ga fa tota maemo a tlhoka gore go dirwe jalo. Gape Kgotlatshekelo e ne ya re: “Go duedisiwa lekgetho . . . go ne go amogile mokgatlho oo dithoto tsa one tsa botlhokwa thata, ka jalo, seo se ne se o thibela go tlhomamisa gore maloko a one a gololesega go dira dikarolo tsotlhe tsa kobamelo ya bone kafa ba ka kgonang ka gone.” Ka bongwefela jwa pelo, Kgotlatshekelo e ne ya dira tshwetso e e emang Basupi ba ga Jehofa nokeng! Se se neng sa itumedisa batho ba ga Jehofa ke gore kgabagare puso ya Fora e ne ya busa madi otlhe a lekgetho a na le morokotso, a a neng a tserwe mo ATJ, mme go dumalana le taelo ya Kgotlatshekelo, puso e ne ya emisa go duedisa Basupi madi a a neng a duelwa ka ntlha ya go dirisa dikago tsa lekala.

O ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya ka metlha, ba gone jaanong ba bogang ka ntlha ya tshiamololo ya semolao

14. O ka nna le seabe jang mo go lweleng kgololesego ya kobamelo?

14 Fela jaaka Esethere le Moredekai ba bogologolo, gompieno batho ba ga Jehofa ba lwela go nna le kgololesego ya go obamela Jehofa ka tsela e a ba e laetseng. (Eseth. 4:13-16) A le wena o ka nna le seabe? Ee. O ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya ka metlha, ba gone jaanong ba bogang ka ntlha ya tshiamololo ya semolao. Dithapelo tse di ntseng jalo di ka nna thuso e e maatla mo  bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba lebaneng le mathata le dipogiso. (Bala Jakobe 5:16.) A Jehofa o tsaya kgato ka ntlha ya dithapelo tse di ntseng jalo? Diphenyo tsa rona kwa dikgotlatshekelong di bontsha gore ruri o dira jalo!—Baheb. 13:18, 19.

Kgololesego ya go Tlhopha Kalafi e e Dumalanang Le se Re se Dumelang

15. Batho ba Modimo ba akanyetsa dintlha dife malebana le tiriso ya madi?

15 Jaaka re bone mo Kgaolo 11, baagi ba Bogosi jwa Modimo ba amogetse kaelo e e utlwalang sentle ya Dikwalo ya gore ba tile go dirisa madi ka tsela e e sa siamang, e leng selo se se anameng thata gompieno. (Gen. 9:5, 6; Lefi. 17:11; bala Ditiro 15:28, 29.) Le fa gone re sa amogele go tshelwa madi, re batlela rona le batho ba re ba ratang kalafi e e molemo thata ka mo go ka kgonegang ka gone, fa fela kalafi eo e sa thulane le melao ya Modimo. Dikgotlatshekelokgolo tsa dinaga tse dintsi di ile tsa amogela gore batho ba na le tshwanelo ya go tlhopha kgotsa go gana kalafi go ya kafa segakolodi sa bone le ditumelo tsa bone di batlang ka gone. Le fa go ntse jalo, mo dinageng dingwe, batho ba Modimo ba ile ba lebana le dikgwetlho tse di boima mo kgannyeng eno. A re sekasekeng dikai dingwe.

16, 17. Kgaitsadi wa kwa Japane o ne a newa kalafi efe e e neng ya mo tlogela a gamaregile, mme dithapelo tsa gagwe di ne tsa arabiwa jang?

16 Japane. Misae Takeda, mmalelapa wa dingwaga di le 63 wa kwa Japane, o ne a tlhoka go dirwa karo e kgolo. E re ka e le moagi yo o ikanyegang wa Bogosi jwa Modimo, o ne a tlhalosetsa ngaka ya gagwe sentle gore o batla go alafiwa kwantle ga go tshelwa madi. Le fa go ntse jalo, dikgwedi morago ga moo, o ne a gamarega fa a utlwa gore o ne a tshelwa madi ka nako ya karo. E re ka Kgaitsadi Takeda a ne a ikutlwa a tlontlolotswe e bile a tsieditswe, o ne a tlhatlhela kgetsi kgatlhanong le dingaka le kokelo ka Seetebosigo 1993. Mosadi yono yo o boingotlo wa lentswe le le bonolo le le le kwa tlase, o ne a na le tumelo e e sa reketleng. O ne a naya bosupi ka bopelokgale mo kgotlatshekelong e e neng e tletse ka batho, mme a tswelela a eme mo lefelong le go emang basupi mo go lone lobaka lo lo fetang ura, le fa gone a ne a le bokoa. O ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelong lekgetlo la bofelo kgwedi fela pele ga a tlhokafala. A ga re kgatlhiwe ke bopelokgale jwa gagwe le tumelo ya gagwe? Kgaitsadi Takeda o ne a re o ne a dira mokokotlelo ka metlha a kopa Jehofa gore a mo segofatse mo ntweng ya gagwe. O ne a tlhatswegile pelo gore dithapelo tsa gagwe di tla arabiwa. A mme go ne ga nna jalo?

17 Dingwaga di le tharo morago ga loso lwa ga Kgaitsadi Takeda, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Japane e ne ya ntsha katlholo e e mo emang nokeng—e dumela gore go ne go le phoso go mo tshela madi ka gonne seo se ne se le kgatlhanong le dikeletso tsa gagwe tse a neng a di ba boleletse. Tshwetso e e neng ya dirwa ka Tlhakole 29, 2000, e ne ya tlhalosa gore “tshwanelo ya go dira tshwetso” mo dikgannyeng tse di ntseng jalo e “tshwanetse go tlotlwa e le ditshwanelo tsa motho.” Re lebogela boikemisetso jwa ga Kgaitsadi Takeda jwa go lwela kgololesego ya gagwe ya go tlhopha kalafi e e dumalanang le segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele, gone jaanong Basupi kwa Japane ba kgona go alafiwa ba sa tshoge gore ba ka patelediwa go tshelwa madi.

Pablo Albarracini (Bona serapa 18 go ya go 20)

18-20. (a) Kgotlatshekelo ya boikuelo kwa Argentina e ne ya ema nokeng jang tshwanelo ya motho ya go gana go tshelwa madi a dirisa karata ya ditaelo tsa kalafi? (b) Re ka bontsha jang gore re ikobela boeteledipele jwa ga Keresete malebana le go sa dirise madi sentle?

18 Argentina. Baagi ba Bogosi ba ka ipaakanyetsa jang maemo a mo go one go ka tlhokegang gore ba direlwe tshwetso ya kalafi fa ba  le mo seemong sa go sa ikutlwe? Re ka tsamaya re tshotse lekwalo la semolao le le tla re buelelang, fela jaaka Pablo Albarracini a ne a dira. Ka Motsheganong 2012, o ne a thuntshiwa gantsintsi fa magodu a ne a leka go utswa. O ne a amogelwa kwa kokelong a sa ikutlwe, ka jalo, o ne a sa kgone go tlhalosa boemo jwa gagwe malebana le go tshelwa madi. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwere karata ya ditaelo tsa kalafi e e tladitsweng sentle e a neng a ile a e saena dingwaga di feta nnè pelenyana. Le fa gone seemo sa gagwe se ne se le masisi e bile dingaka dingwe di akanya gore, e le gore botshelo jwa gagwe bo bolokiwe, go tlhokega gore a tshelwe madi, ba tsa kalafi ba ne ba ikemiseditse go tlotla dikeletso tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, rraagwe Pablo yo e neng e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a amogela tetla ya kgotlatshekelo gore a fetole dikeletso tsa ga morwawe.

19 Ka bofefo, mmueledi yo o neng a emetse mosadi wa ga Pablo, o ne a tsenya kopo ya boikuelo. Mo diureng di se kae, kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya phimola taelo ya kgotlatshekelo e nnye mme ya atlhola gore dikeletso tsa molwetse tse di tlhalositsweng sentle mo karateng ya ditaelo tsa kalafi, di tshwanetse go tlotliwa. Rraagwe Pablo o ne a ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Argentina. Le fa go ntse jalo, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya se ka ya bona “mabaka ape a go belaela gore [karata ya ditaelo tsa kalafi ya ga Pablo e e tlhalosang sentle gore ke eng fa a gana go tshelwa madi] e dirilwe ka temogo, ka maikaelelo le kgololesego.” Kgotlatshekelo e ne ya re: “Motho mongwe le mongwe yo o godileng, o na le bokgoni jwa go ntsha ditaelo go sa le gale malebana le botsogo jwa [gagwe], e bile a ka dumela kgotsa a gana kalafi e e rileng . . . Ditaelo tseno di tshwanetse go amogelwa ke ngaka e e ikarabelelang.”

A o tladitse karata ya gago ya ditaelo tsa kalafi?

20 Mokaulengwe Albarracini o ne a fola a bo a nna tshenene gape. Ene le mosadi wa gagwe ba leboga thata gore o ne a tlatsa karata ya ditaelo tsa kalafi. Ka go tsaya kgato eo e e motlhofo—mme e le ya botlhokwa—o ne a bontsha gore o ineela mo go Keresete, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. A wena le lelapa la gago lo tsere dikgato tse di tshwanang le tsa gagwe?

April Cadoreth (Bona serapa 21 go ya go 24)

21-24. (a) Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Canada e ne ya dira jang tshwetso e e tlhomologileng malebana le bana le tiriso ya madi? (b) Kgetsi eno e ka kgothatsa jang batlhanka ba babotlana ba ga Jehofa?

21 Canada. Ka tlwaelo fela, dikgotlatshekelo di amogela gore batsadi ba na le tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore ke kalafi efe e e molemo go gaisa e e siametseng bana ba bone. Ka dinako dingwe, dikgotlatshekelo di ile tsa ba tsa atlhola gore ngwana yo o godileng sentle mo tlhaloganyong, o tshwanetse go tlotliwa fa go tla mo go direng ditswetso tse di malebana le kalafi. Go ne ga nna jalo ka April Cadoreth. Fa a ne a le dingwaga di le 14, o ne a amogelwa kwa bookelong ka ntlha ya seemo se se maswe sa go dutlela madi mo teng. Dikgwedi di le mmalwa pele ga foo, o ne a ile a tlatsa karata ya Advance Medical Directive, e e neng e na le ditaelo tse di bontshang gore ga a tshwanelwa go tshelwa madi, tota le fa go na le maemo a tshoganyetso. Ngaka e e neng e alafa April e ne ya tlhopha go itlhokomolosa ditaelo tse di utlwalang sentle tse di tlhalosang dikeletso tsa gagwe mme ya kopa taelo ya kgotlatshekelo gore e mo tshele madi. O ne a tshelwa dikgetsana di le tharo tsa disele tse dikhibidu tsa madi ka pateletso. Morago ga moo April o ne a tshwantsha se se mo diragaletseng le go betelelwa.

 22 April le batsadi ba gagwe ba ne ba isa kgetsi ya bone kwa dikgotlatshekelong gore ba direlwe tshiamiso. Morago ga dingwaga tse pedi, kgetsi e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Canada. Le fa gone April a ile a latlhegelwa fa a ne a gwetlha molao o o neng o letlelela kgotlatshekelo go laela gore ngwana wa dingwaga tse di ka fa tlase ga 16 a newe kalafi e e rileng, Kgotlatshekelo e ne ya laela gore a duelwe ditshenyegelo tsa kgetsi ya gagwe ya ba ya ntsha katlholo e e mo emang nokeng ene le bana ba bangwe ba ba tlhapogetsweng sentle mo tlhaloganyong, ba ba batlang go dirisa tshwanelo ya bone go itirela tshwetso ya go itlhophela kalafi. Kgotlatshekelo e ne ya re: “Mo kgannyeng ya kalafi, bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16, ba tshwanetse go letlelelwa go itirela tshwetso e le go leka go bontsha gore tsela e ba lebang dilo ka yone malebana le kalafi nngwe e ba e tlhophileng, e bontsha gore ba lekane sentle go ka ikemela ka go ntsha maikutlo a bone e bile ba tlhapogetswe sentle mo tlhaloganyong.”

23 Kgetsi eno e tlhomologile ka gonne Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya rarabolola ditshwanelo tsa molaomotheo tsa bana ba ba tlhapogetsweng sentle mo tlhaloganyong. Pele ga katlholo eno, kgotlatshekelo ya Canada e ne e ka ntsha tetla ya gore ngwana wa  dingwaga tse di ka fa tlase ga 16 a newe kalafi, fa kgotlatshekelo e bona gore kalafi eo e tla solegela ngwana yoo molemo. Le fa go ntse jalo, fa e sa le go dirwa katlholo eno, kgotlatshekelo ga e ka ke ya ntsha tetla ya kalafi epe fela kgatlhanong le keletso ya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16 pele ga e ka ba neela tshono ya gore ba itshupe gore a ba tlhapogetswe sentle mo tlhaloganyong go ka itirela ditshwetso.

“Go intumedisa fela thata go itse gore ke nnile le seabe se sennye mo go lekeng go galaletsa leina la Modimo le go supa gore Satane ke moaki”

24 A ntwa eno ya dingwaga di le tharo e ne e le botlhokwa? April a re “Ee!” E re ka gone jaanong e le mmulatsela e bile a na le botsogo jo bo siameng, o tlhalosa jaana: “Go intumedisa fela thata go itse gore ke nnile le seabe se sennye mo go lekeng go galaletsa leina la Modimo le go supa gore Satane ke moaki.” Se se diragaletseng April se bontsha gore bana ba ka kgona go nna ba nitame ba le pelokgale, ba itshupa gore ke baagi ba mmatota ba Bogosi jwa Modimo.—Math. 21:16.

Kgololesego ya go Godisa Bana Tumalanong le Melao ya ga Jehofa

25, 26. Ka dinako dingwe go tsoga seemo sefe fa go nna le tlhalo?

25 Jehofa o naya batsadi boikarabelo jwa go godisa bana ba bone tumalanong le melao ya gagwe. (Dute. 6:6-8; Baef. 6:4) Boikarabelo joo bo a gwetlha, mme go nna maswe le go feta fa go tla nako ya tlhalo. Morago ga tlhalo, batsadi ba ka nna le maikutlo a a farologaneng ka tsela e bana ba tshwanetseng go godisiwa ka yone. Ka sekai, motsadi yo e leng Mosupi a ka nna a gatelela gore ngwana o tshwanetse go godisiwa ka melao ya Bokeresete, mme motsadi yo e seng Mosupi ene a ka nna a ganetsana le seo. Mme gone, motsadi yo e leng Mosupi o tshwanetse go lemoga ka tlotlo gore le fa tlhalo e fedisa gotlhelele kamano ya lenyalo, kamano gareng ga bana le batsadi e a tswelela.

26 Motsadi yo e seng Mosupi a ka nna a kopa kgotlatshekelo gore e mo neye tetla ya go godisa ngwana kgotsa bana e le gore a kgone go laola gore bana ba godisiwa jang ka tsela ya bodumedi. Bangwe ba bolela gore go godisiwa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go kotsi. Ba ka nna ba ntsha mabaka a gore bana ba tla timiwa tshono ya go ipelela meletlo ya botsalo, mekete ya malatsi a boikhutso mme fa go tlhagile maemo a tshoganetso a kalafi, ga ba kitla ba tshelwa madi go “boloka botshelo” jwa bone. Se se itumedisang ke gore, dikgotlatshekelo di le dintsi di akanyetsa se se tla solegelang ngwana molemo go na le go atlhola gore a ba bona bodumedi jwa motsadi yo mongwe bo le kotsi. A re sekasekeng dikai dingwe.

27, 28. Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Ohio e ne ya tsibogela jang tatofatso ya gore go godisiwa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go kotsi mo ngwaneng?

27 United States. Ka 1992, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Ohio e ne ya sekaseka kgetsi e mo go yone rre yo e seng Mosupi a neng a bolela gore go tla bo go le kotsi gore morwawe yo monnye a ka godisiwa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Kgotlatshekelo e potlana e ile ya dumalana le ene mme ya naya rre yoo tetla ya go godisa morwawe. Mmè wa ngwana yono e bong Jennifer Pater, o ne a newa ditshwanelo tsa go etela ngwana, mme a laelwa gore a se ka a “ruta ngwana kgotsa go mmontsha sepe se se amanang le tumelo ya Basupi ba ga Jehofa ka tsela epe fela.” Taelo eno ya kgotlatshekelo e potlana e ne e akaretsa dilo tse dintsi mo e leng gore e ne e ka kaya gore Kgaitsadi Pater a ka se kgone le go bua le morwawe Bobby ka Baebele kgotsa ka melao ya yone ya boitsholo! A o ka akanya fela gore o ne a ikutlwa jang? Jennifer o ne a utlwile botlhoko fela thata, mme  a re o ne a ithuta go nna pelotelele le go leta Jehofa gore a tseye kgato. O gopola jaana, “Jehofa o ne a na le nna ka metlha.” Mmueledi wa gagwe yo o neng a thusiwa ke phuthego ya ga Jehofa, o ne a ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Ohio.

28 Kgotlatshekelo e ne ya se ka ya dumalana le tshwetso ya kgotlatshekelo e potlana, mme e ne ya re: “Batsadi ba na le tshwanelo ya botlhokwatlhokwa ya go ruta bana ba bone, go akaretsa le tshwanelo ya go bua le bone ka melao ya boitsholo le ya bodumedi.” Kgotlatshekelo e ne ya re fa go se na bosupi jo bo bontshang gore melao ya bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa e ka nna kotsi mo boitekanelong jwa ngwana jwa mo mmeleng le mo mogopolong, kgotlatshekelo ga e na tshwanelo ya go thibela motsadi go nna le tshwanelo ya go godisa ngwana ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Kgotlatshekelo e ne ya se ka ya bona bosupi bope jwa gore dilo tse Basupi ba di dumelang di ka nna kotsi mo mogopolong le mo botsogong jwa ngwana.

Dikgotlatshekelo di le dintsi di ile tsa atlhola ka go ema nokeng ditshwanelo tsa go godisa bana tsa batsadi ba Bakeresete

29-31. Goreng fa kgaitsadi mongwe kwa Denmark a ne a amogiwa tshwanelo ya go godisa morwadie, mme Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Denmark e ne ya dira tshwetso efe mo kgannyeng eo?

29 Denmark. Anita Hansen o ne a lebana le kgwetlho e e tshwanang fa monna yo a neng a kile a nyalana le ene a ne a kopa kgotlatshekelo gore a newe tetla ya go godisa Amanda wa dingwaga tse supa. Le fa gone ka 2000 kgotlatshekelo ya kgaolo e ne e neile Kgaitsadi Hansen tetla ya go godisa ngwana, rraagwe Amanda o ne a ikuela kwa kgotlatshekelokgolo, mme e ne ya fetola katlholo ya kgotlatshekelo ya kgaolo mme ya naya rraagwe Amanda tetla ya go mo godisa. Kgotlatshekelokgolo e ne ya re ka gonne batsadi ba ne ba na le maikutlo a a farologaneng ka botshelo malebana le bodumedi, rre o ne a ka nna mo boemong jo bo botoka go ka rarabolola dikgotlhang  tseo. Ka jalo re ka re, Kgaitsadi Hansen o ne a amogiwa tshwanelo ya go godisa Amanda ka gonne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!

30 Fa Kgaitsadi Hansen a ne a lebane le maemo ano a a thata, ka dinako dingwe o ne a fuduegile maikutlo mo e leng gore o ne a sa itse gore a rapelele eng. A re, “mme gone dikgopolo tse di mo go Baroma 8:26 le 27 di ne di nkgomotsa fela thata. Ka metlha ke ne ke ikutlwa gore Jehofa o tlhaloganya se ke batlang go se bua. O ne a mpeile leitlho e bile a na le nna ka metlha.”—Bala Pesalema 32:8; Isaia 41:10.

31 Kgaitsadi Hansen o ne a ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Denmark. Fa Kgotlatshekelo e ne e ntsha katlholo, e ne ya re: “Tshwetso ya gore ke mang yo o tla godisang ngwana e tla ikaega ka bosupi jo bo tlhomameng jwa tshekatsheko ya gore ke eng se tota se tla solegelang ngwana molemo.” Gape, Kgotlatshekelo e ne ya gatelela gore tshwetso ya gore ke mang yo o tla godisang ngwana e tshwanetse go ikaega ka gore motsadi mongwe le mongwe o itshwara jang fa go na le dikgotlhang, e seng go ikaega ka “dithuto le boemo” jwa Basupi ba ga Jehofa. Kgaitsadi Hansen o ne a wela makgwafo fela thata fa Kgotlatshekelo e ne e bontsha gore o a tshwanelega e le motsadi, mme ya boa gape ya mo neela tetla ya go godisa Amanda.

32. Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ne ya sireletsa batsadi ba Basupi jang kgatlhanong le tlhaolele?

32 Dinaga tse di farologaneng kwa Yuropa. Mo dikgetsing tse dingwe, dikganetsano tsa semolao tse di malebana le tetla ya go godisa bana, di ile tsa feleletsa di fetetse le ka kwa ga dikgotlatshekelo tse dikgolo thata mo nageng. Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR) le yone e ile ya sekaseka dikgetsi tseno. Mo dikgetsing di le pedi, ECHR e ne ya lemoga gore dikgotlatshekelo tse dipotlana tsa naga, di ile tsa tshwara batsadi ba Basupi ka tsela e e farologaneng le e ba tshwarang batsadi ba e seng Basupi ka yone, e le fela ka ntlha ya mabaka a bodumedi. E re ka ECHR e ne ya re boitshwaro jo bo ntseng jalo ke tlhaolele, e ile ya atlhola gore “go tlhaola motho fela ka gonne lo farologane ka bodumedi, ga go amogelesege.” Mmè mongwe wa Mosupi yo o neng a solegelwa molemo ke tshwetso eo ya ECHR, o ne a bontsha kafa a neng a imologile mo maikutlong ka gone mme a re, “go utlwisa botlhoko tota go latofadiwa ka go nna kotsi mo baneng ba me, fa tota se ke neng ke leka go se dira e ne e le go ba neela se ke neng ke akanya gore se molemo thata mo go bone—go ba godisa ka tsela ya Bokeresete.”

33. Batsadi ba Basupi ba ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Bafilipi 4:5?

33 Mme gone, batsadi ba Basupi ba ba lebaneng le dikgwetlho tsa semolao tsa go nna le tshwanelo ya go jalela melao ya Baebele mo dipelong tsa bana ba bone, ba leka ka natla go bontsha moya wa go nna tekatekano. (Bala Bafilipi 4:5.) Fela jaaka ba anaanela go nna le tshwanelo ya go thapisa bana ba bone ka tsela ya Modimo, gape ba amogela gore motsadi yo e seng Mosupi, le ene o na le seabe mo maikarabelong a botsadi fa a tlhopha go dira jalo. Motsadi yo e leng Mosupi o tshwanetse go tsaya maikarabelo a go thapisa ngwana a le masisi go le kana kang?

34. Gompieno batsadi ba Bakeresete ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa Bajuda ba mo motlheng wa ga Nehemia?

34 Sekai sa motlha wa ga Nehemia se na le tshedimosetso e e botlhokwa. Bajuda ba ne ba dira ka natla go baakanya le go tsosolosa dipota tsa Jerusalema. Ba ne ba itse gore go dira jalo go tla ba sireletsa le malapa a bone mo ditšhabeng tsa baba tse di neng di ba dikologile. Ka ntlha ya seo, Nehemia o ne a ba rotloetsa jaana: “Lo lwele  bomorwarraalona, bomorwaalona le bomorwadialona, basadi ba lona le magae a lona.” (Neh. 4:14) Mo Bajudeng bao, go lwa moo go ne go le botlhokwa fela thata. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, batsadi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba dira ka natla go godisetsa bana ba bone mo tseleng ya boammaaruri. Ba a itse gore bana ba bone ba faraferwe ke ditlhotlheletso tse di sa siamang kwa sekolong le mo tikologong e ba nnang mo go yone. Ditlhotlheletso tse di ntseng jalo di ka nna tsa ba tsa kukunela mo lelapeng ka metswedi ya tshedimosetso. Batsadi, se lebaleng gore go tlhokega maiteko a a tseneletseng go lwela bomorwaalona le bomorwadialona gore lo dire gore ba nne mo tikologong e e babalesegileng e ba ka kgonang go tlhogonolofala semoyeng mo go yone.

Nna o Tlhatswegile Pelo Gore Jehofa o Tla Ema Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri

35, 36. Ke melemo efe e Basupi ba ga Jehofa ba nnileng le yone ka ntlha ya go bo re ile ra lwela ditshwanelo tsa rona tsa semolao, mme wena o ititeile sehuba go dira eng?

35 Ruri Jehofa o segofaditse maiteko a phuthego ya gagwe ya motlha wa gompieno fa e ntse e lwela go nna le tshwanelo ya go obamela ka kgololesego. Ka go lwela ditshwanelo tsa bone tsa semolao, gantsi batho ba Modimo ba ile ba kgona go neela bosupi jo bo maatla kwa dikgotlatshekelong le mo setšhabeng ka kakaretso. (Bar. 1:8) Nngwe ya diphelelo tse di molemo mo diphenyong tse dintsi tsa bone tsa semolao ke gore di ile tsa nonotsha ditshwanelo tsa setšhaba mo bathong ba le bantsi ba e seng Basupi. Le fa go ntse jalo, rona batho ba Modimo ga re balweladiphetogo; e bile ga re kgatlhegele go itlhatswa leina. Mo godimo ga tsotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lwela ditshwanelo tsa bone tsa semolao kwa dikgotlatshekelong e le go leka go tlhomamisa le go tsweletsa kobamelo e e itshekileng.—Bala Bafilipi 1:7.

36 E kete le ka motlha re ka se ka ra tsaya motlhofo dithuto tsa tumelo tse re ka ithutang tsone mo go ba ba ileng ba lwela go nna le kgololesego ya go obamela Jehofa! Gape, a re tsweleleng re ikanyega, re tlhatswegile pelo gore Jehofa o ema nokeng tiro ya gagwe e bile o tswelela a re naya nonofo ya go dira thato ya gagwe.—Isa. 54:17.