Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 14

Go Ema Nokeng ka Boikanyegi Puso ya Modimo e Seng Epe Gape

Go Ema Nokeng ka Boikanyegi Puso ya Modimo e Seng Epe Gape

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

E re ka batho ba Modimo ba ikanyega mo Bogosing, ba ipoloka e se karolo ya lefatshe

1, 2. (a) Ke molaomotheo ofe o o ntseng o kaela balatedi ba ga Jesu go fitlha mo motlheng wa rona? (b) Baba ba lekile jang go re fenya, mme seno se ne sa felela ka eng?

JESU o ne a eme fa pele ga ga Pilato, moatlhodi yo o maatla wa setšhaba sa Bajuda mme o ne a bua molaomotheo o o ntseng o kaela balatedi ba Gagwe ba boammaaruri go fitlha mo motlheng wa rona. O ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Joh. 18:36) Pilato o ne a dira gore Jesu a bolawe mme gone phenyo eo e ne ya nna ya nakwana. Jesu o ne a tsosiwa mo baswing. Babusibagolo ba Mmusomogolo o o maatla wa Roma ba ne ba leka go nyeletsa balatedi ba ga Keresete mme maiteko a bone a ne a itaya se fololetse. Bakeresete ba ne ba anamisa molaetsa wa Bogosi go ralala lefatshe la bogologolo.—Bakol. 1:23.

2 Morago ga go tlhomiwa ga Bogosi ka 1914, mengwe ya mephato ya sesole e e maatla thata ya mo hisitoring e ne ya leka go nyeletsa batho ba Modimo. Le fa go ntse jalo, ga go epe ya yone e e ileng ya re fenya. Dipuso di le dintsi le makoko a dipolotiki a le mantsi a ile a leka go re pateletsa go ba ema nokeng mo dikgogakgoganong tsa bone. Ga ba a ka ba atlega go re kgaoganya. Gompieno babusiwa ba Bogosi ba fitlhelwa mo e ka nnang mo setšhabeng sengwe le sengwe mo lefatsheng. Go ntse go le jalo, re seoposengwe mo bokaulengweng jwa boammaaruri jwa lefatshe lotlhe e bile re nna re sa itshunye nko ka gope mo dipolotiking tsa lefatshe. Go nna seoposengwe ga rona ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Bogosi jwa Modimo bo a busa le gore Kgosi Jesu Keresete o tsweletse ka go kaela, go itshekisa le go sireletsa babusiwa ba gagwe. Sekaseka kafa a ileng a dira seno ka gone, mme o ele tlhoko dingwe tsa diphenyo tsa semolao tse di nonotshang tumelo tse a re thusitseng ka tsone fa re ntse re tsweletse go ipoloka ‘re se karolo ya lefatshe.’—Joh. 17:14.

Kgangkgolo e e Ileng ya Nna ya Botlhokwa

3, 4. (a) Go ne ga nna le ditiragalo dife ka nako ya go tlhomiwa ga Bogosi? (b) A ka metlha batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya ka botlalo kgang ya boitlhaodi? Tlhalosa.

3 Fa Bogosi bo sena go tlhomiwa, go ne ga lara ntwa e e matlho mahibidu kwa legodimong mme Satane o ne a latlhelwa kwa tlase kwa lefatsheng. (Bala Tshenolo 12:7-10, 12.) Gape go ne ga nna le ntwa e kgolo mo lefatsheng, e e ileng ya leka boikemisetso jwa batho ba Modimo. Ba ne ba ititeile sehuba go sala sekao sa ga Jesu morago le go sa nne karolo ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong  ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo gore go ne go tla tlhokega go le kana kang gore ba se ka ba itshunya nko mo dikgannyeng tsotlhe tsa dipolotiki.

4 Ka sekai, Bolumo VI ya motseletsele wa Millennial Dawn, * e e neng ya gatisiwa ka 1904, e ne ya kgothaletsa Bakeresete go tila go nna le seabe mo ntweng. Le fa go ntse jalo, e ne e tlhalosa gore fa Mokeresete a ka patelediwa go tsenelela bosole, o tshwanetse go leka go kopa go dira mofuta wa tiro wa go sa nne le seabe mo ntweng. Fa kopo eno e ne e retela mme a romelwa kwa ntweng, o ne a tshwanetse go tlhomamisa gore ga a bolaye. Fa Herbert Senior yo o neng a nna kwa Boritane mme a kolobeditswe ka 1905 a ne a akgela ka maemo a nako eo, o ne a re: “Go ne go na le ketsaetsego e ntsi gareng ga bakaulengwe e bile go se na kaelo e e tlhamaletseng ya gore a go siame go tsenelela bosole mme o bo o sa nne le seabe mo ntweng.”

5. Makasine wa The Watch Tower wa September 1, 1915, o ne wa simolola go tokafatsa jang tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone?

5 Le fa go ntse jalo, makasine wa The Watch Tower wa September 1, 1915, o ne wa simolola go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang eno ka yone. O ne wa bua jaana malebana le dikakantsho tse di neng di le mo Studies in the Scriptures: “Re ipotsa gore a kgato eno e tla bo e sa supe go ineela.” Mme go tweng fa Mokeresete a ne a tshosediwa ka go thuntshiwa ka ntlha ya go bo a gana go apara diaparo tsa sesole le go dira ditiro tsa bosole? Setlhogo seo se ne sa re: “A go tla bo go le maswe go le kalo gore o thuntshiwe ka gonne o ikanyega mo Kgosaneng ya Kagiso e bile o gana go tlola taelo ya Gagwe, go na le go thuntshiwa o direla dikgosi tseno tsa lefatshe e bile o ka tswa o di ema nokeng mme gone go lebega o itlhokomolosa dithuto tsa Kgosi ya rona ya kwa Legodimong? Mo dintshong tseno tse pedi re bona go le botoka go tlhopha lwa ntlha—re ka mpa ra swa ka gonne re ikanyega mo Kgosing ya rona ya kwa Legodimong.” Le fa setlhogo seo se ne se na le kgang eno e e tlhotlheletsang, se ne sa konela jaana: “Ga re pateletse gore go dirwe jalo. Mme re akantsha fela.”

6. O ithutile eng mo sekaong sa ga Mokaulengwe Herbert Senior?

6 Bakaulengwe ba ne ba tlhaloganya gore go nna le seabe mo bosoleng go ne go le phoso mme ba ne ba ipaakanyeditse go lebana le ditlamorago tsa go gana go dira jalo. Herbert Senior yo o umakilweng pelenyana o ne a re: “Nna ke ne ke bona go se na pharologanyo magareng ga go folosa marumo mo sekepeng [tiro ya go sa nne le seabe mo ntweng] le go tlhatlhela marumo ano mo tlhobolong gore a dirisediwe go thuntsha.” (Luke 16:10) Mokaulengwe Senior o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne a gana go tsenelela tiro ya bosole ka ntlha ya segakolodi sa gagwe. Ene le bakaulengwe ba bangwe ba le banè ba ne ba le mo setlhopheng sa batho ba le 16 ba ba neng ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone, go akaretsa le banna ba ba neng ba tswa mo madumeding a mangwe, ba ba neng ba feditse nngwe ya nako ya bone e ba neng ba e atlholetswe kwa kgolegelong ya Richmond kwa Boritane, ba moragonyana ba neng ba bidiwa Richmond 16. Nako nngwe Herbert le ba bangwe ba ne ba romelwa ka bokukuntshwane kwa ntwa e neng e fagile gone kwa Fora. Fa ba le koo, ba ne ba atlholelwa go thuntshiwa. Ene le ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba bewa kwa pele ga setlhopha sa masole a a neng a tshwanetse go ba thuntsha, le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba bolawa. Go na le moo, katlholo ya bone e ne ya fokodiwa go nna dingwaga di le lesome mo kgolegelong.

“Ke ne ke tlhaloganya gore batho ba Modimo ba tshwanetse go nna ka kagiso le mongwe le mongwe, tota le fa go na le matshosetsi a ntwa.”—Simon Kraker (Bona serapa 7)

7. Fa Ntwa ya Lefatshe ya II e ne e runya, batho ba Modimo ba ne ba setse ba tlhaloganya eng?

 7 Fa Ntwa ya Lefatshe ya II e ne e runya, batho ba ga Jehofa botlhe ba ne ba tlhaloganya sentle se se neng se kaiwa ke go sa tseye letlhakore le gore ke eng se ba neng ba tlhoka go se dira e le gore ba sale sekao sa ga Jesu morago. (Math. 26:51-53; Joh. 17:14-16; 1 Pet. 2:21) Ka sekai, makasine wa The Watchtower wa November 1, 1939, o ne o na le setlhogo se se botlhokwa thata se se neng se re, “Boitlhaodi,” se se neng sa bua jaana: “Molao o batho ba kgolagano ya ga Jehofa ba tshwanetseng go laolwa ke one ke wa gore ba se ka ba itshunya nko gotlhelele mo ditšhabeng tse di lwang.” Fa Simon Kraker, yo moragonyana a neng a direla kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, New York, a akgela malebana le setlhogo seo, o ne a re: “Ke ne ke tlhaloganya gore batho ba Modimo ba tshwanetse go nna ka kagiso le mongwe le mongwe, tota le fa go na le matshosetsi a ntwa.” Dijo tseo tsa semoya di ne di tlile ka nako e e siameng mme di ne tsa thusa go baakanyetsa batho ba Modimo tlhaselo e kgolo thata e ba neng ba lebana le yone ka gonne ba ikanyega mo Bogosing.

Go Tshosediwa ke “Noka” ya Kganetso

8, 9. Boporofeti jwa ga Moaposetoloi Johane bo ne jwa diragadiwa jang?

8 Moaposetoloi Johane o ne a porofeta gore morago ga go tlhomiwa ga Bogosi ka 1914, kgogela e bong Satane Diabolo, o ne a tla leka go nyeletsa baemanokeng ba Bogosi jwa Modimo ka go kgwa noka ya tshwantshetso e e tswang mo molomong wa yone. * (Bala Tshenolo 12:9, 15.) Boporofeti joo jwa ga Johane bo ne jwa diragadiwa  jang? Go tloga ka bo1920 go ya pele, kganetso kgatlhanong le batho ba Modimo e ne ya oketsega ka bonako. Mokaulengwe Kraker le ene o ne a latlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go ikanyega mo Bogosing jwa Modimo fela jaaka go ne ga direga ka bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba nna kwa Amerika Bokone ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi. Tota e bile, ka nako ya ntwa, mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo dikgolegelong tsa puso kwa United States ka gonne ba gana go tsenela ntwa ka ntlha ya mabaka a bodumedi, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e dira diperesente di feta 67.

9 Diabolo le badiredi ba gagwe ba ne ba ikemiseditse go senya bothokgami jwa babusiwa ba Bogosi gongwe le gongwe kwa ba neng ba nna gone. Go ralala Afrika, Yuropa le United States, babusiwa bao ba ne ba tlisiwa fa pele ga dikgotlatshekelo le fa pele ga makgotla a batho a a rebolang gore a motshwarwa o tshwanetse go gololwa pele ga nako ya gagwe. Ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba ketekiwa le go golafadiwa ka ntlha ya go sa reketle mo boikemisetsong jwa bone jwa go sa tseye letlhakore. Kwa Jeremane, batho ba Modimo ba ne ba lebana le kgatelelo e kgolo ka ntlha ya go gana go galaletsa Hitler kgotsa go leka go tsenelela ntwa. Go fopholediwa gore batho ba ka nna 6 000 ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong ka nako ya puso ya Bonasi, mme Basupi ba Bajeremane le ba e seng ba Bajeremane ba feta 1 600 ba ne ba bolawa ke babogisi ba bone. Le fa go ntse go le jalo, ga go ka tsela epe Diabolo a ileng a kgona go gobatsa batho ba Modimo ka tsela e e nnelang ruri.—Mar. 8:34, 35.

“Lefatshe” le Kometsa “Noka”

10. “Lefatshe” le tshwantshetsa eng, mme le ile la tsereganya jang mo boemong jwa batho ba Modimo?

10 Boporofeti jo bo ileng jwa kwalwa ke moaposetoloi Johane bo ile jwa senola gore “lefatshe”—dikarolo tsa tsamaiso eno tse di tekatekano thata—le ne le tla kometsa “noka” ya pogiso, ka go dira jalo le thusa batho ba Modimo. Karolo eo ya boporofeti e ile ya diragadiwa jang? Mo masomeng a dingwaga a morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II, gantsi “lefatshe” le ile la tsereganya mo boemong jwa baemanokeng ba Bogosi jwa Bomesia ba ba ikanyegang. (Bala Tshenolo 12:16.) Ka sekai, dikgotlatshekelo tse di farologaneng tse di nang le tlhotlheletso di ile tsa sireletsa ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa, fa ba ne ba gana go tsenelela tirelo ya bosole le fa ba ne ba gana taelo ya go nna le seabe mo meletlong ya bosetšhaba. La ntlha, sekaseka dingwe tsa diphenyo tse dikgolo tse Jehofa a di neileng batho ba gagwe malebana le kgang ya go dira tiro ya bosole.—Pes. 68:20.

11, 12. Mokaulengwe Sicurella le Mokaulengwe Thlimmenos ba ne ba lebana le dikgang dife, mme seo se ne sa felela ka eng?

11 United States. Anthony Sicurella e ne e le mongwe wa bana ba le barataro ba ba godisitsweng ke batsadi ba Basupi. O ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 15. Fa a ne a na le dingwaga di le 21, o ne a ikwadisa mo setlhopheng se se kwadisetsang batho bosole gore ene ke modiredi wa bodumedi. Dingwaga di le pedi morago ga moo, ka 1950, o ne a tsenya kopo ya gore jaanong a kwadisiwe e le motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go dira tiro ya bosole. Le fa gone pego ya Federal Bureau of Investigation (FBI) e ile ya se ka ya bona sepe se se phoso ka ene, Lephata la Tshiamiso le ne la gana kopo ya gagwe. Fa kgetsi ya ga Mokaulengwe Sicurella e sena go sekwa makgetlo a le mmalwa kwa kgotlatshekelong e potlana, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya reetsa kgetsi ya gagwe  mme ya busetsa morago tshwetso ya kgotlatshekelo e potlana ka go dumalana le kopo ya ga Mokaulengwe Sicurella. Katlholo eo e ne ya thusa go thaya motheo o o tlhomameng o o neng o tla thusa mo dikgetsing tsa baagi ba United States ba ba neng ba sa batle go tsenelela tirelo ya bosole ka ntlha ya segakolodi.

12 Gerika. Ka 1983, Iakovos Thlimmenos o ne a bonwa molato wa gore ga a ikobela taelo ya go apara diaparo tsa sesole mme a atlholelwa go tsenngwa mo kgolegelong. Fa a sena go gololwa, o ne a tsenya kopo ya gore a letlelelwe go dira tiro ya diakhaonte, le fa go ntse jalo, kopo ya gagwe e ne ya kgaphelwa kwa thoko ka gonne a ne a na le rekoto ya tlolomolao. O ne a isa kgetsi ya gagwe kwa kgotlatshekelong, mme morago ga go latlhegelwa mo kgetsing eo kwa dikgotlatshekelong tsa Gerika, o ne a tsenya kopo kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (ECHR). Ka 2000, Lekgotla le Legolo la ECHR, le le neng le na le setlhopha sa baatlhodi ba le 17, le ne la dumalana le kopo ya ga Iakovos Thlimmenos, ka jalo, la thaya motheo wa dikgetsi tse di neng di tla sekwa mo nakong e e tlang kgatlhanong le tlhaolele. Pele ga katlholo eno, bakaulengwe ba feta 3 500 kwa Gerika, ba ne ba na le direkoto tsa tlolomolao ka gonne ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go sa tseye letlhakore. Morago ga katlholo eno e e molemo, Gerika e ne ya tlhoma molao wa go phimola direkoto tsotlhe tsa tlolomolao kgatlhanong le bakaulengwe bao. Gape molao o o nayang baagi botlhe ba Gerika tshwanelo ya go dira tiro e nngwe e e seng ya bosole, o o neng o ile wa tlhomiwa dingwaga di le mmalwa fela pele ga moo, o ne wa mametlelelwa fa go ne go tlhabololwa Molaomotheo wa Gerika.

“Pele ga ke tsena mo kgotlatshekelong, ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo mme ke ne ka utlwa kafa a neng a nthusa ka gone gore ke ritibale.”—Ivailo Stefanov (Bona serapa 13)

13, 14. O akanya gore re ka ithuta dithuto dife mo dikgetsing tse di amanang le Mokaulengwe Ivailo Stefanov le Mokaulengwe Vahan Bayatyan?

13 Bulgaria. Ka 1994, Ivailo Stefanov o ne a na le dingwaga di le 19 fa a ne a patelediwa go tsenelela bosole. O ne a gana go nna lesole kgotsa go dira ditiro tsa go sa nne le seabe mo ntweng tse di laolwang ke sesole. O ne a atlholelwa dikgwedi di le 18 mo kgolegelong, le fa go ntse jalo, o ne a ikuela kgatlhanong le tshwetso eo ka gonne a ne a na le tshwanelo ya go gana go tsenela sesole ka ntlha ya segakolodi sa gagwe. Kgetsi ya gagwe e ne ya feleletsa e isitswe kwa ECHR. Ka 2001, pele ga kgetsi e ka reediwa, puso e ne ya dira tumalano le Mokaulengwe Stefanov go rarabolola kgang ya bone kwa ntle ga kgotlatshekelo. Puso ya Bulgaria ga e a ka ya golola fela Mokaulengwe Stefanov mo melatong ya gagwe, mme gape e ne ya neela baagi botlhe ba Bulgaria kgololesego ya go dira ditiro tsa go sa nne le seabe mo ntweng, mme ya naya ba ba neng ba batla go dira jalo kgololesego eo. *

14 Armenia. Vahan Bayatyan o ne a lekane go dira tirelo ya bosole e e patelediwang ka 2001. * Ka ntlha ya segakolodi sa gagwe, o ne a gana go direla mo bosoleng mme o ne a latlhegelwa mo dikgetsing tsotlhe tsa boikuelo kwa dikgotlatshekelong tse dinnye. Ka Lwetse 2002, o ne a simolola katlholo ya gagwe ya dingwaga tse pedi le sephatlo mo kgolegelong mme o ne a gololwa morago ga dikgwedi di le lesome le sephatlo. Ka nako eo, o ne a ikuela kwa ECHR, e e neng ya reetsa kgetsi ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ka Diphalane 27, 2009, Kgotlatshekelo eo le yone e ne ya atlhola kgatlhanong le ene. Katlholo eo e ne e lebega e le tatlhegelo e e botlhoko mo bakaulengweng ba  kwa Armenia ba ba neng ba lebane le kgang e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, Lekgotla le Legolo la ECHR le ne la sekaseka katlholo eo gape. Ka Phukwi 7, 2011, Kgotlatshekelo e ne ya se ka ya bona Vahan Bayatyan molato. E ne e le lekgetlo la ntlha ECHR e tsaya tsia gore tshwanelo ya motho ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi se se laolwang ke bodumedi jwa gagwe, e tshwanetse go sirelediwa ka gonne a na le kgololesego ya go akanya, ya segakolodi le ya bodumedi. Katlholo eo ga e sireletse fela ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa mme gape e sireletsa batho ba le dimilione di le makgolokgolo mo dinageng tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa. *

Fa Bakaulengwe ba kwa Armenia ba ne ba ntshiwa mo kgolegelong morago ga gore kgotlatshekelo ya ECHR e se ka ya ba bona molato

Kgangkgolo ya Meletlo ya Bosetšhaba

15. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba gana go tsenela meletlo ya bosetšhaba?

15 Batho ba ga Jehofa ba tswelela ba ikanyega mo Bogosing jwa Bomesia e seng fela ka go gana go tsenelela bosole, mme gape ba dira jalo ka go gana ka tlotlo go tsenelela meletlo ya bosetšhaba. Segolobogolo fa e sa le Ntwa ya Lefatshe ya II e runya, moya wa boratanaga o ile wa anama mo lefatsheng lotlhe. Baagi ba dinaga di le dintsi ba ile ba tshwanelwa ke gore ba itlame gore ba tla ema nokeng naga  ya bone ka go buela maikano kwa godimo, go opela pina ya setšhaba kgotsa go obamela folaga ya naga. Le fa go ntse jalo, re naya Jehofa boineelo jwa rona jo bo feletseng. (Ekes. 20:4, 5) Ka ntlha ya seno, re ile ra lebana le morwalela wa dipogiso. Le fa go ntse jalo, Jehofa gape o ile a dirisa “lefatshe” go kometsa dingwe tsa dikganetso tseno. Ela tlhoko dingwe tsa diphenyo tsa botlhokwatlhokwa di le mmalwa fela tse Jehofa a re di neileng a dirisa Keresete mo kgannyeng eno.—Pes. 3:8.

16, 17. Lillian le William Gobitas ba ne ba lebana le kgang efe, mme o ithutile eng mo kgetsing ya bone?

16 United States. Ka 1940, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya dira katlholo e mo go yone baatlhodi ba le 8 mo go ba le 9 ba neng ba le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa mo kgetsing ya Minersville School District v. Gobitis. Lillian Gobitas, * yo o neng a na le dingwaga di le 12, le kgaitsadie e bong William yo o neng a na le dingwaga di le 10, ba ne ba batla go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa, ka jalo, ba ne ba gana go dumedisa folaga kgotsa go buela maikano kwa godimo. Ka ntlha ya seo, ba ne ba kobiwa kwa sekolong. Kgetsi ya bone e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang mme Kgotlatshekelo ya swetsa ka gore se sekolo se se dirileng se dumalana le molaomotheo ka gonne se ne se rotloetsa “kutlwano ya setšhaba.” Katlholo eo e ne ya tlhosetsa molelo wa dipogiso. Bana ba le bantsi ba Basupi ba ne ba kobiwa mo dikolong, Basupi ba ba godileng ba ne ba latlhegelwa ke ditiro mme Basupi ba le bantsi ba ne ba tlhaselwa setlhogo ke digopa. Buka ya The Lustre of Our Country ya re: “Go bogisiwa ga Basupi go tloga ka 1941 go ya go 1943 e ne ya nna go runya ga tlhaolele e kgolo go di gaisa ya bodumedi mo lekgolong la bomasomeamabedi la dingwaga kwa Amerika.”

17 Phenyo ya baba ba Modimo e ne le ya nakwana fela. Ka 1943, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya sekaseka kgetsi e nngwe e e neng e tshwana le kgetsi e e bidiwang Gobitis. Kgetsi eo e itsege e le West Virginia State Board of Education v. Barnette. Mo lekgetlong leno, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya naya Basupi ba ga Jehofa phenyo. E ne e le lekgetlo la ntlha mo hisitoring ya United States Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e gogela morago tshwetso ya yone mo lobakeng lo lokhutshwane jalo lwa nako. Morago ga katlholo eo, go bogisiwa phatlalatsa ga batho ba ga Jehofa mo United States go ne ga fokotsega fela thata. Ka ntlha ya seno, ditshwanelo tsa baagi botlhe ba United States di ne tsa tiisiwa.

18, 19. Pablo Barros a re o thusitswe ke eng gore a tswelele a nonofile, mme batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba ka etsa jang sekao sa gagwe?

18 Argentina. Pablo le Hugo Barros ba dingwaga tse robedi le supa ka tatelano, ba ne ba kobiwa kwa sekolong ka 1976, ka ntlha ya go sa nne le seabe mo moletlong wa go tsholediwa ga folaga. Nako nngwe mogokgo o ne a kgorometsa Pablo mme a mo itaya mo tlhogong. O ne a dira gore basimane bano ba sale ura e le nngwe morago ga sekolo, a leka go ba pateletsa go nna le seabe mo meletlong ya boratanaga. Fa Pablo a gopola tiragalo eo e e utlwisang botlhoko, o ne a re: “Fa e ne e se ka thuso ya ga Jehofa, nka bo ke sa kgona go emelana le kgatelelo ya go latlha bothokgami jwa me.”

19 Fa kgetsi ya bone e ne e tla kwa kgotlatshekelong, moatlhodi o ne a dumalana le tshwetso ya sekolo ya go koba Pablo le Hugo. Le fa go ntse jalo, go ne ga dirwa boikuelo ka go isa kgetsi ya bone kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Argentina. Ka 1979, Kgotlatshekelo  eo e ne ya busetsa morago tshwetso e e neng e tserwe ke kgotlatshekelo e potlana ka go bua mafoko ano: “Kotlhao e go buiwang ka yone [go kobiwa] ga e dumalane le tshwanelo ya molaomotheo ya go ithuta (Molawana 14) le boikarabelo jwa Naga jwa go tlhomamisa gore ngwana mongwe le mongwe o nna le thuto ya sekolo se sebotlana (Molawana 5).” Phenyo eo e ne ya solegela molemo bana ba Basupi ba ka nna 1 000. Bangwe ba bone ba ba neng ba tlile go kobiwa, ba ne ba se ka ba tlhola ba kobiwa mme ba bangwe ba ba jaaka Pablo le Hugo ba babotlana, ba ne ba amogelwa gape mo dikolong tsa puso.

Bontsi jwa Basupi ba babotlana ba itshupile ba ikanyega fa ba lekwa

20, 21. Kgetsi e e amanang le Roel le Emily Embralinag e nonotsha tumelo ya gago jang?

20 Philippines. Ka 1990, Roel Embralinag, * wa dingwaga di le 9, le kgaitsadie e bong Emily, wa dingwaga di le 10, mmogo le bana ba bangwe ba sekolo ba Basupi ba ka nna 66, ba ne ba kobiwa mo sekolong ka ntlha ya go se dumedise folaga. Leonardo, rraagwe Roel le Emily, o ne a buisana le balaodi ba sekolo mme ga retela. Fa kgang eno e ntse e ya magoletsa, Leonardo o ne a romela kopo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang. O ne a se na madi e bile a se na mmueledi yo o mo emelang. Lelapa leno le ne la rapela Jehofa ka tlhoafalo  le kopa kaelo. Fa seno se ntse se direga, bana ba ne ba sotliwa le go kgobiwa. Leonardo o ne a ikutlwa gore ga a na tshono epe ya go fenya kgetsi eno ka gonne a se na thapiso epe ya molao.

21 Se se neng sa diragala ke gore, lelapa leno le ne la emelwa ke Felino Ganal, mmueledi yo o neng a ile a berekela nngwe ya difeme tsa molao tse di tlotlegang mo nageng eo. Ka nako ya kgetsi, Mokaulengwe Ganal o ne a sa tlhole a berekela feme eo mme jaanong e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa kgetsi e ne e tlisiwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang, Kgotlatshekelo e ne ya atlhola ka bongwefela jwa pelo ka go sa bone Basupi molato mme ya phimola ditaelo tsa go leleka bana kwa sekolong. Le mo lekgetlong leno, ba ba neng ba leka go senya bothokgami jwa batho ba Modimo, ba ne ba retelelwa.

Boitlhaodi bo Felela ka Kutlwano

22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa re nnile le diphenyo tsa semolao tse di botlhokwatlhokwa di le dintsi jaana? (b) Bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe jo bo nang le kagiso, ke bosupi jwa eng?

22 Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba nnile le diphenyo tsa semolao tse di botlhokwatlhokwa di le dintsi jaana? Ga re na tlhotlheletso epe mo dipolotiking. Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse di farologaneng le mo dikgotlatshekelong tse di farologaneng, baatlhodi ba ba tekatekano ba ile ba re sireletsa mo tlhaselong e e setlhogo ya baganetsi ba ba ikemiseditseng mme fa ba ntse ba dira jalo, ba ile ba tlhoma sekao se se neng se tla dirisiwa mo molaomotheong go atlhola dikgetsi tse di neng di tla latela. Ga go pelaelo gore Keresete o ile a ema nokeng maiteko a rona a go nna le diphenyo tseo. (Bala Tshenolo 6:2.) Ke eng fa re lwa dintwa tse di ntseng jalo tsa semolao? Maikaelelo a rona ga se go fetola tsamaiso ya semolao. Go na le moo, mokgele wa rona ke go tlhomamisa gore re kgona go tswelela re direla Kgosi ya rona Jesu Keresete, re sa kgorelediwe.—Dit. 4:29.

23 Mo lefatsheng le le kgaogantsweng ke dikgotlhang tsa sepolotiki le le le kgautlantsweng ke letlhoo le le tseneletseng, Kgosi ya rona e e busang Jesu Keresete, o segofaditse maiteko a balatedi ba gagwe lefatshe ka bophara, a go ema ba sa tseye letlhakore. Maiteko a ga Satane a go leka go re kgaoganya le go re fenya, a foloditse. Bogosi bo phuthile batho ba le dimilionemilione ba ba ganang go “ithuta ntwa gape.” Go nna gone ga bokaulengwe jwa rona jo bo nang le kagiso jwa lefatshe lotlhe, ke kgakgamatso—ke bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore Bogosi jwa Modimo bo a busa!—Isa. 2:4.

^ ser. 4 Bolumo eno gape e itsewe ka setlhogo se se reng, The New Creation. Moragonyana dibolumo tsa Millennial Dawn di ne tsa bidiwa, Studies in the Scriptures.

^ ser. 8 Fa o batla go bona tlhaloso ya boporofeti jono, bala buka ya, Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! kgaolo 27, tsebe 184-186.

^ ser. 13 Gape tumalano eo e ne e akaretsa gore puso ya Bulgaria e neye batho botlhe ba ba sa batleng go tsenelela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone ditiro tsa go sa nne le seabe mo ntweng mo ditirong dingwe tse di okametsweng ke puso.

^ ser. 14 Go bona pego e e feletseng ya kgang eno, bala setlhogo se se reng,“Kgotlatshekelo ya Yuropa e Tshegetsa Ditshwanelo Tsa Batho Tsa go Gana ka Ntlha ya Segakolodi,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2012.

^ ser. 14 Mo lobakeng lwa dingwaga di le 20, puso ya Armenia e ne e tsentse Basupi ba babotlana ba feta 450 mo kgolegelong. Ka Ngwanatsele 2013, wa bofelo wa banna bano o ne a gololwa mo kgolegelong.

^ ser. 16 Sefane sa lelapa leno se ne se sa kwalwa sentle mo direkotong tsa kgotlatshekelo.

^ ser. 20 Sefane sa bone se ne se fositswe, se kwadilwe e le Ebralinag mo direkotong tsa kgotlatshekelo.