Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 13

Bareri ba Bogosi ba Isa Kgetsi ya Bone Kwa Kgotlatshekelong

Bareri ba Bogosi ba Isa Kgetsi ya Bone Kwa Kgotlatshekelong

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, batho ba gagwe ba lebana le kganetso ya semolao mo tirong ya bone ya go rera

1, 2. (a) Ke eng se baeteledipele ba bodumedi ba ileng ba kgona go se dira ka tiro ya go rera, mme baaposetoloi ba ne ba tsibogela seo jang? (b) Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ne ba gana go ikobela thibelo ya go rera?

KE NAKWANA fela morago ga Pentekosete ya 33 C.E. Phuthego ya Bokeresete mo Jerusalema e na le dibeke di le mmalwa fela e tlhomilwe. Ga go pelaelo gore Satane o bona eno e le nako e e siameng ya go tlhasela phuthego ya Bokeresete. O batla go fedisa phuthego eno pele ga e nonofa. Ka bonako fela, Satane o laola ditiragalo ka botlhale mo e leng gore baeteledipele ba bodumedi ba feleletsa ba thibela tiro ya go rera ka Bogosi. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba tswelela ba rera ka bopelokgale mme bontsi jwa banna le basadi ba nna “badumedi mo Moreneng.”—Dit. 4:18, 33; 5:14.

Baaposetoloi ba ne ba ipela “ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe”

2 E re ka baganetsi ba galefile, ba tlhasela gape—mo lekgetlong leno ba tsenya baaposetoloi botlhe mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, mo bosigong joo, moengele wa ga Jehofa o bula dikgoro tsa kgolegelo mme fa letsatsi le tlhaba baaposetoloi ba tsweletse gape ka go rera! Ba tshwarwa gape ba bo ba isiwa kwa babusing, ba ba latofatsang baaposetoloi ka gore ba tlola molao o o kgatlhanong le go rera. Baaposetoloi ba araba jaana ka bopelokgale: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” Babusi ba shakgala fela thata mo e leng gore ba batla go ‘bolaya’ baaposetoloi. Mo nakong eo e e thata, morutisi wa Molao yo o tseelwang kwa godimo e bong Gamaliele o bua jaana a tlhagisa babusi: “Itlhokomeleng . . . Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng.” Se se gakgamatsang ke gore babusi ba amogela kgakololo ya gagwe mme ba lesa baaposetoloi ba tsamaya. Ke eng se banna bao ba ba ikanyegang ba se dirang? Ba le pelokgale, ba tswelela “ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.”—Dit. 5:17-21, 27-42; Dia. 21:1, 30.

3, 4. (a) Ke mokgwa ofe o Satane a sa bolong go o dirisa go tlhasela batho ba Modimo? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno le mo go tse pedi tse di latelang?

3 Kgetsi eo ya kwa kgotlatshekelong e e neng ya tshwarwa ka 33 C.E., e ne e le kganetso ya semolao ya ntlha e phuthego ya Bokeresete e neng ya lebana le yone mme gone e ne e se ya bofelo. (Dit. 4:5-8; 16:20; 17:6, 7) Mo motlheng wa rona, Satane o sa ntse a tlhotlheletsa baganetsi ba kobamelo ya boammaaruri gore ba pateletse balaodi go thibela tiro ya rona ya go rera. Baganetsi ba ile ba pega batho ba Modimo melato e e farologaneng ya gore ba tlola molao. Mongwe wa melato eo ke wa gore re kgobera tolamo ya setšhaba—re batho ba ba letshwenyo. O mongwe ke wa gore re baepapuso; mme o mongwe ke wa gore re bagwebi—babapatsi. Ka dinako tse di tshwanetseng, bakaulengwe ba rona ba ile ba ya kwa dikgotlatshekelong go  ya go bontsha fa ditatofatso tseo e le maaka. Dikgetsi tseo di ile tsa nna le diphelelo dife? Dikatlholo tse di ileng tsa dirwa ke dikgotlatshekelo masome a dingwaga a a fetileng di go ama jang gompieno? A re sekasekeng dikgetsi di le mmalwa tsa dikgotlatshekelo mme re bone gore di ile tsa thusa ka ditsela dife “mo go sireletseng le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.”—Bafil. 1:7.

4 Mo kgaolong eno, re tla tlhoma mogopolo mo tseleng e ka yone re ileng ra sireletsa tshwanelo ya rona ya go nna le kgololesego ya go rera. Dikgaolo tse pedi tse di latelang di tla sekaseka dingwe tsa dintwa tsa semolao tse re ileng ra di lwa fa re ntse re kgaratlhela go tswelela re se karolo ya lefatshe e bile re tshela ka melao ya Bogosi.

Batho ba ba Letshwenyo—Kgotsa Babueledi ba ba Ikanyegang ba Bogosi Jwa Modimo?

5. Mo bowelong jwa bo1930, ke eng fa bareri ba Bogosi ba ne ba tshwarwa, mme ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba akanyetsa go tsaya kgato efe?

5 Mo bowelong jwa bo1930, ditoropokgolo le dinaga go ralala United States of America di ne tsa batla go pateletsa Basupi ba ga Jehofa go nna le mofuta mongwe wa lekwalotetla kgotsa laesense fa ba batla go nna le seabe mo bodireding jwa bone. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ga ba a ka a kopa dilaesense tseo. Laesense e ka nna ya phimolwa, e bile ba ne ba dumela gore ga go na puso epe e e nang le tetla ya go itshunya nko mo taolong e Jesu a e neileng Bakeresete ya go rera molaetsa wa Bogosi. (Mar. 13:10) Ka ntlha ya seo, bareri ba Bogosi ba le makgolokgolo ba ne ba tshwarwa. Ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ne ba tsibogela seo ka go akanyetsa go isa kgang kwa kgotlatshekelong. Ba ne ba solofetse gore ba tla bontsha gore Naga e thibetse Basupi e se ka fa molaong gore ba ka diragatsa tshwanelo ya bone ya bodumedi ka kgololesego. Mme ka 1938 go ne ga diragala sengwe se se neng sa dira gore kgetsi eno e nne e e tlhomologileng. Go ne ga diragala eng?

6, 7. Ke eng se se neng sa diragalela boora Cantwell?

6 Mo mosong wa Labobedi, Moranang 26, 1938, Newton Cantwell, yo o dingwaga di le 60; mosadi wa gagwe, Esther; le barwa ba bone e bong Henry, Russell le Jesse—botlhe ka botlhano e le babulatsela ba ba kgethegileng—ba ne ba tswa ba ikaeletse go ya go fetsa letsatsi lotlhe ba rera kwa toropokgolong ya New Haven, Connecticut. Tota ba ne ba ipaakanyeditse go ya go fetsa lobaka lo lo fetang letsatsi. Ka ntlha yang? Ba ne ba setse ba kile ba tshwarwa makgetlo a le mmalwa, ka jalo, ba ne ba lemoga gore ba ka nna ba tshwarwa gape. Le fa go ntse jalo, se boora Cantwell ba neng ba itse gore se tlile go diragala ga se a ka sa fokotsa keletso ya bone ya go rera molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba goroga kwa New Haven ka dikoloi tse pedi. Newton o ne a kgweetsa koloi ya lelapa e e neng e rwele dikgatiso tsa Baebele le difonokerafo tse dinnye, fa Henry yo o dingwaga di le 22 ene a ne a kgweetsa koloi ya sebuelagodimo. Eleruri go ne ga diragala fela jaaka ba ne ba solofetse, diura di se kae fela ba ne ba emisiwa ke mapodise.

7 La ntlha go ne ga tshwarwa Russell, yo o dingwaga di le 18, mme morago ga tshwarwa Newton le Esther. Jesse yo o dingwaga di le 16, o ne a bona a le kgakajana fa batsadi ba gagwe le morwarraagwe ba ne ba tsewa ke mapodise. Henry o ne a rera mo karolong e nngwe ya toropo, ka jalo, Jesse yo mmotlana o ne a setse a le nosi. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya fonokerafo ya gagwe a bo a tswelela a rera. Banna  ba babedi ba Bakatoliki ba ne ba letla Jesse gore a ba tshamekele puo e e rekotilweng ya ga Mokaulengwe Rutherford, ya setlhogo se se reng, “Baba.” Mme fa ba ntse ba reeditse puo eo, ba ne ba galefa fela thata mo ba neng ba batla go itaya Jesse. O ne a tswa fa go bone a ritibetse, mme ka bonako fela morago ga moo, lepodise le ne la mo emisa. Ka jalo, le ene o ne a feleletsa a tshwerwe. Mapodise ga a ka a latofatsa Kgaitsadi Cantwell mme a ne a latofatsa Mokaulengwe Cantwell le barwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ba ne ba gololwa ka madi mo go lone letsatsi leo.

8. Ke ka ntlha yang fa kgotlatshekelo e ile ya bona Jesse Cantwell molato wa go nna motho yo o letshwenyo?

8 Dikgwedi di le mmalwa moragonyana ka Lwetse 1938, lelapa la ga Cantwell le ne la tlhagelela kwa kgotlatshekelong e e neng e seka kgetsi ya bone kwa New Haven. Newton, Russell le Jesse ba ne ba bonwa molato wa gore ba kopa madi ba se na laesense. Le fa go ne ga dirwa boikuelo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Connecticut, Jesse o ne a bonwa molato wa go feretlha batho gore go se ka ga nna le kagiso—wa gore ke motho yo o letshwenyo. Ka ntlha yang? Ka gonne banna ba babedi ba Bakatoliki ba ba neng ba ile ba reetsa puo eo ba ne ba naya bosupi kwa kgotlatshekelong gore puo eo e ne e tlhapatsa bodumedi jwa bone e bile e ba kgopisitse. Bakaulengwe ba ba neng ba na le maikarabelo mo phuthegong ba ne ba gwetlha tshwetso eo ka go ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya United States—kgotlatshekelo e e di fetang tsotlhe mo nageng eo.

9, 10. (a) Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya atlhola jang kgetsi ya boora Cantwell? (b) Re sa ntse re solegelwa molemo jang ke katlholo eo?

9 Go simologa ka Mopitlwe 29, 1940, Moatlhodimogolo Charles E. Hughes le baatlhodimmogo le ene ba le robedi, ba ne ba reetsa  Mokaulengwe Hayden Covington, yo e leng mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa fa a ne a neela mabaka a a tshegetsang kgang ya Basupi. * Fa mmueledi wa naga ya Connecticut a ne a neela mabaka a gagwe ka maiteko a go bontsha gore Basupi ke batho ba ba letshwenyo, moatlhodi mongwe o ne a botsa jaana: “A ga se boammaaruri gore molaetsa o Keresete Jesu a neng a o bolela phatlalatsa o ne o sa ratiwe ke batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe?” Mmueledi yoo wa naga o ne a araba jaana: “Ke boammaaruri, e bile fa ke gakologelwa sentle se Baebele ya me e se buang, e tlhalosa gape se se neng sa diragalela Jesu fa a ne a bolela molaetsa oo phatlalatsa.” Ruri mafoko ao a ne a senola se tota e leng boammaaruri! Mmueledi o ne a amanya Basupi le Jesu mme a amanya naga le batho ba ba neng ba bona Jesu molato, a dira jalo a sa lemoge. Ka Motsheganong 20, 1940, kgotlatshekelo e ne ya dumalana ka bongwefela jwa pelo gore Basupi ga ba na molato.

Hayden Covington (fa pele, fa gare), Glen How (ka fa molemeng), le ba bangwe ba tswa mo kgotlatshekelo morago ga phenyo ya semolao

10 Katlholo eo ya Kgotlatshekelo e ne e le botlhokwa ka tsela efe? E ne ya oketsa tshireletsego e batho ba nang le yone ya go nna le tshwanelo ya go dira ka kgololesego se bodumedi jwa bone bo batlang gore ba se dire, gore go se nne le puso, naga kgotsa puso ya kgaolo e e rileng e e ka thibelang semolao kgololesego ya bodumedi. Mo godimo ga moo, Kgotlatshekelo e ne ya bona gore boitshwaro jwa ga Jesse “ga bo na . . . matshosetsi mo kagisong le mo tolamong ya setšhaba.” Ka jalo, katlholo eo e ne ya tlhomamisa sentle gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kgobere tolamo ya setšhaba. Ruri eo e ne e le phenyo ya semolao ya makgaolakgang ya batlhanka ba Modimo! E sa ntse e re solegela molemo jang? Mmueledi mongwe yo e leng Mosupi a re: “Tshwanelo ya gore motho a dire ka kgololesego se bodumedi jwa gagwe bo batlang gore a se dire a sa boife gore a ka thibelwa ka tsela e e sa siamang, e dira gore le rona Basupi ba gone jaanong re kgone go rerela ba bangwe molaetsa wa tsholofelo mo mafelong a re nnang mo go one.”

Baepapuso—Kgotsa Baboledi ba Boammaaruri?

Pampitshana ya, Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada

11. Bakaulengwe ba rona ba ne ba bolotsa letsholo lefe kwa Canada, mme ka ntlha yang?

11 Mo dingwageng tsa bo1940, Basupi ba ga Jehofa kwa Canada ba ne ba lebana le kganetso e e setlhogo. Ka jalo, ka 1946, e re ka bakaulengwe ba rona ba ne ba batla go itsise phatlalatsa gore Naga e ba amogile tshwanelo ya go obamela ka kgololesego, ba ne ba bolotsa letsholo la malatsi a le 16 la go tsamaisa pampitshana e e reng Quebec’s Burning Hate for God and Christ and Freedom Is the Shame of All Canada. Pampitshana eo ya ditsebe di le nnè e ne ya baya mo mpaananeng dikhuduego tse di neng di tlhotlhelediwa ke baruti, bosetlhogo jwa mapodise le thubakanyo e e neng e dirwa ke digopa kgatlhanong le bakaulengwe ba rona mo kgaolong ya Quebec. Pampitshana eo e ne ya re: “Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba tshwarwa e se ka fa molaong. Go na le melato e ka nna 800 e e pegilweng basupi ba ga Jehofa kwa Greater Montreal.”

12. (a) Baganetsi ba ne ba tsibogela jang letsholo la pampitshana? (b) Bakaulengwe ba rona ba ne ba pegwa molato wa eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

12 Tonakgolo ya Quebec e bong Maurice Duplessis, a dirisana le Mokadinale wa Roma Katoliki e bong Villeneuve, o ne a tsibogela pampitshana eo ka go bolotsa “ntwa e e se nang kutlwelobotlhoko” kgatlhanong le Basupi. Ka bonako fela palo ya ditsheko tseo tsa Basupi e ne ya oketsega go tswa go 800 go ya go 1 600. Kgaitsadi mongwe wa  mmulatsela o ne a re: “Mapodise a ne a re tshwara gantsintsi mo e leng gore re ne re sa tlhole re gopola gore re tshwerwe ga kae.” Basupi ba ba neng ba tshwarwa ba tsamaisa pampitshana eo ba ne ba pegwa molato wa gore ba gatisa “dikgatiso tsa boepapuso tse di senyang puso leina.” *

13. Ke bomang ba ntlha go sekisediwa ditatofatso tsa boepapuso, mme kgotlatshekelo e ne ya atlhola kgetsi eo jang?

13 Ka 1947, Mokaulengwe Aimé Boucher le bomorwadie e bong Gisèle yo o dingwaga di le 18, le Lucille yo o dingwaga di le 11, e ne ya nna bone ba ntlha go sekisediwa ditatofatso tsa boepapuso. Ba ne ba ile ba tsamaisa dipampitshana tsa Quebec’s Burning Hate gaufi le masimo a bone a a mo dithabeng tse di kwa borwa jwa Toropokgolo ya Quebec, mme go ne go le thata go akanya gore ke batho ba ba letshwenyo, ba ba se nang molao. Mokaulengwe Boucher e ne e le motho yo o boikobo e bile a le bonolo, yo o neng a tlhokometse masimo a gagwe a sa tshwenye ope mme ka dinako dingwe o ne a tle a ye kwa toropong ka karaki e e gogiwang ke pitse. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gagwe ba ne ba ntse ba itshoketse mefuta mengwe ya go sotliwa e e neng e tlhalosiwa mo pampitshaneng eo. Moatlhodi wa kgotlatshekelo e e neng e seka kgetsi eo ya bone, yo o neng a tlhoile Basupi, o ne a gana go dumela bosupi jo bo neng bo bontsha gore boora Boucher ga ba na molato. Go na le moo, o ne a ema mo letlhakoreng la mosekisi la gore pampitshana eo e ne e rotloetsa bobaba le gore boora Boucher ba tshwanetse go bonwa molato. Ka jalo, tsela e moatlhodi a neng a leba dilo ka yone e ne le gore: Ke molato go bua boammaaruri! Aimé le Gisèle ba ne ba bonwa molato wa gore ba gatisa dikgatiso tsa boepapuso tse di senyang puso leina, le e leng Lucille yo mmotlana o ne a fetsa malatsi a mabedi mo kgolegelong. Bakaulengwe ba ne ba ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Canada, kgotlatshekelo e e di fetang tsotlhe mo nageng eo, e e neng ya dumela go reetsa kgetsi ya bone.

14. Bakaulengwe kwa Quebec ba ne ba tsiboga jang mo dingwageng tsa fa ba ne ba bogisiwa?

14 Go ntse go le jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba pelokgale kwa Quebec ba ne ba tswelela ba rera molaetsa wa Bogosi le fa ba ne ba lebane le ditlhaselo tse di setlhogo le tse di sa feleng—gantsi ba nna le diphelelo tse di tlhomologileng. Mo dingwageng di le nnè morago ga go simolola letsholo la go tsamaisa pampitshana ka 1946, palo ya Basupi kwa Quebec e ne ya oketsega go tswa go 300 go ya go 1 000! *

15, 16. (a) Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Canada e ne ya atlhola jang kgetsi ya boora Boucher? (b) Phenyo eo e ne ya ama jang bakaulengwe ba rona le batho ba bangwe?

15 Ka Seetebosigo 1950, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Canada e e feletseng, e e neng e na le baatlhodi ba le robongwe, e ne ya reetsa kgetsi ya ga Aimé Boucher. Dikgwedi di le thataro moragonyana, ka Sedimonthole 18, 1950, Kgotlatshekelo e ne ya se ka ya re bona molato. Ka ntlha yang? Mokaulengwe Glen How, mmueledi wa Basupi, o ne a tlhalosa gore Kgotlatshekelo e dumalane le mabaka a a neetsweng ke mosekisiwa a gore “boepapuso” bo tlhoka gore motho a bo a tlhotlheletsa thubakanyo kgotsa go tsogologela puso. Le fa go ntse jalo, pampitshana eo “e ne e se na tlhotlheletso e e ntseng jalo mme e ne e le mofuta wa kgololesego ya go bua o o ka fa molaong.” Mokaulengwe How o ne a oketsa ka gore: “Ke ne ka iponela ka matlho kafa Jehofa a neng a re naya phenyo ka gone.” *

16 Ruri tshwetso e e neng ya tsewa ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne e le phenyo e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. E ne ya rutlolola motheo wa dikgetsi tsotlhe tse dingwe tse 122 tse di neng di  ise di atlholwe, tse mo go tsone Basupi kwa Quebec ba neng ba latofaditswe ka gore ke baepapuso ba ba dirang dikgatiso tse di senyang puso leina. Gape, katlholo eo e ne e kaya gore baagi ba Canada le ba Dinaga tse di dirileng Kgolagano le Boritane, jaanong ba na le kgololesego ya go bua matshwenyego a bone malebana le tsela e puso e dirang dilo ka yone. Mo godimo ga moo, phenyo eno e ne ya fedisa tlhaselo ya Quebec ya go gataka kgololesego ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tlhotlhelediwa ke kereke le puso. *

Babapatsi—Kgotsa Barongwa ba ba Tlhagafetseng ba Bogosi Jwa Modimo?

17. Dipuso dingwe di sa ntse di leka jang go laola ditiro tsa rona tsa go rera?

17 Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, le gompieno batlhanka ba ga Jehofa ‘ga se babapatsi ba lefoko la Modimo.’ (Bala 2 Bakorintha 2:17.) Le fa go ntse jalo, dipuso dingwe di sa ntse di leka go laola ditiro tsa rona tsa bodiredi di dirisa melao e e laolang tsa kgwebo. A re sekasekeng dikgetsi tse pedi tsa kgotlatshekelo, tse di neng tsa rarabolola kgang ya gore a Basupi ba ga Jehofa ke babapatsi kgotsa badiredi.

18, 19. Balaodi ba kwa Denmark ba ile ba leka jang go thibela tiro ya go rera?

18 Denmark. Ka Diphalane 1, 1932, go ne ga tlhongwa molao o mosha o o neng o dira gore go rekisa dikgatiso o se na laesense ya babapatsi, go se ka ga nna ka fa molaong. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ga ba a ka ba kopa laesense eo. Mo letsatsing le le latelang, baboledi ba le batlhano ba ne ba fetsa letsatsi ba rera kwa Roskilde, toropo e e dikilometara di feta 30 kwa bophirima jwa Copenhagen, e leng motsemoshate. Fa letsatsi le wela, mongwe wa baboledi e bong August Lehmann, o ne a nyeletse. O ne a tshwaretswe go rekisa dithoto a se na laesense.

19 Ka Sedimonthole 19, 1932, August Lehmann o ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelong. O ne a dumela gore o ne a etela batho a ba fa dikgatiso tsa Baebele, mme o ne a latola gore o ne a bapatsa. Kgotlatshekelo e e neng e seka kgetsi eo e ne ya dumalana le ene. E ne ya re: “Mosekisiwa . . . o kgona go itlamela ka madi, mme [ga] a dira lotseno e bile ga a na maitlhomo a go dira seo, go na le moo, tiro e a e dirang e dirile gore a latlhegelwe ke madi.” Kgotlatshekelo e ne ya dumalana le Basupi mme ya atlhola gore tiro ya ga Lehmann ga e ka ke “ya tlhalosiwa e le kgwebo.” Le fa go ntse jalo, baba ba batho ba Modimo ba ne ba ikemiseditse go thibela tiro ya go rera mo nageng yotlhe. (Pes. 94:20) Mosekisi wa puso o ne a nna a ikuela go fitlha a feleletsa a le kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya naga. Bakaulengwe ba rona ba ne ba tsibogela seo jang?

20. Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Denmark e ne ya atlhola jang, mme bakaulengwe ba rona ba ne ba tsibogela seo jang?

20 Mo bekeng ya pele ga tsheko ya kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang, Basupi go ralala Denmark ba ne ba oketsa tiro ya bone ya go rera. Ka Labobedi, Diphalane 3, 1933, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya itsise tshwetso ya yone. E ne ya dumalana le kgotlatshekelo e potlana gore August Lehmann o ne a sa tlola molao. Katlholo eno e ne e kaya gore Basupi ba ne ba ka tswelela ba rera ka kgololesego. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba oketsa tiro ya bone ya go rera le go feta e le go bontsha gore ba anaanela go bo Jehofa a ba thusitse go fenya kgetsi eno ya semolao. Fa e sa le Kgotlatshekelo e tsaya tshwetso eo, bakaulengwe ba rona kwa Denmark ba ntse ba kgona go dira bodiredi jwa bone kwantle ga go kgorelediwa ke puso.

Basupi ba ba pelokgale kwa Denmark ka bo1930

21, 22. Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e ne ya dira tshwetso efe malebana le kgetsi ya ga Mokaulengwe Murdock?

 21 United States. Ka Sontaga, Tlhakole 25, 1940, mmulatsela yo o bidiwang Robert Murdock Jr., le Basupi ba bangwe ba le supa, ba ne ba tshwarwa fa ba ntse ba rera kwa Jeannette, toropokgolo e e gaufi le Pittsburgh, mo nageng ya Pennsylvania. Ba ne ba bonwa molato wa gore ga ba a reka laesense ya go aba dikgatiso. Ba ne ba ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya United States mme ya dumela go reetsa kgetsi ya bone.

22 Ka Motsheganong 3, 1943, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya itsise katlholo ya yone, e e neng e femela Basupi. Kgotlatshekelo e ne ya nna kgatlhanong le kgang ya gore motho o tshwanetse go nna le laesense ka gonne seo e ne e le “go mo duedisetsa go ipelela tshwanelo e a e neilweng ke Molaomotheo wa Puso.” Kgotlatshekelo e ne ya fedisa molao oo wa toropokgolo e re “o amoga batho kgololesego ya go gatisa e bile o ba amoga kgololesego ya go dira se bodumedi jwa bone bo batlang gore ba se dire.” Fa Moatlhodi William O. Douglas a ne a itsise maikutlo a bontsi jwa baatlhodi ba Kgotlatshekelo, o ne a re tiro ya Basupi ba ga Jehofa “ga se fela go ruta; e bile ga se fela go anamisa dikgatiso tsa bodumedi. E di akaretsa tsotlhe.” O ne a oketsa ka gore: “Mofuta ono wa tiro ya bodumedi o tsewa o le botlhokwa thata . . . fela jaaka kobamelo ya mo dikerekeng le go rera go tswa mo seraleng.”

23. Ke ka ntlha yang fa diphenyo tsa kgotlatshekelo tsa 1943 di le botlhokwa mo go rona gompieno?

23 Katlholo eno ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne e le phenyo e kgolo ya semolao ya batho ba Modimo. E ne ya bontsha  sentle se tota re leng sone—badiredi ba Bakeresete, e seng bagwebi. Mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng ka 1943, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fenya dikgetsi di le 12 mo go tse 13 tse ba neng ba di isitse kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang, go akaretsa le kgetsi ya Murdock. Ditshwetso tseno tsa kgotlatshekelo e ile ya nna motheo o o tlhomameng o o neng o tla thusa mo dikgetsing tsa bosheng tse mo go tsone baganetsi ba rona ba ileng ba gwetlha gape tshwanelo ya rona ya go rera molaetsa wa Bogosi phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

24. Re tsiboga jang fa puso e thibela tiro ya rona ya go rera?

24 Rona batlhanka ba ga Jehofa, re anaanela thata fa dipuso di re letla go nna le tshwanelo ya semolao ya go rera molaetsa wa Bogosi re gololesegile. Le fa go ntse jalo, fa puso e thibela tiro ya rona ya go rera, se re se dirang fela ke go fetola mekgwa ya rona e re e dirisang, re bo re tswelela ka tiro ya rona ka ditsela tse dingwe tse re ka di kgonang. Fela jaaka baaposetoloi, “re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Dit. 5:29; Math. 28:19, 20) Mme gape, re ikuela kwa dikgotlatshekelong gore di tlose thibelo mo ditirong tsa rona. Ela tlhoko dikai tseno tse pedi.

25, 26. Ke ditiragalo dife tsa kwa Nicaragua tse di neng tsa dira gore go nne le kgetsi ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang, mme go ne ga felela ka eng?

25 Nicaragua. Ka Ngwanatsele 19, 1952, mokaulengwe wa morongwa e bile e le motlhanka wa lekala, e bong Donovan Munsterman, o ne a tsena kwa Ofising ya Tsa Batswakwa kwa Managua, e leng motsemoshate. O ne a ile a laelwa gore a tlhagelele kwa go Captain Arnoldo García, yo o neng a eteletse pele ofisi eo. Moeteledipele yoo o ne a bolelela Donovan gore Basupi ba ga Jehofa botlhe mo Nicaragua ba “thibetswe gore ba se ka ba tswelela ba ruta dithuto tsa bone le go tlotlomatsa ditiro tsa bone tsa bodumedi.” Fa Captain García a ne a bodiwa lebaka la seo, o ne a tlhalosa gore Basupi ga ba a letlelelwa ke modiredi wa puso go dira bodiredi jwa bone le gore ba ne ba latofadiwa ka gore ke bakomonise. Balatofatsi ba rona e ne e le bomang? Baruti ba Roma Katoliki.

Bakaulengwe kwa Nicaragua ka nako ya thibelo

 26 Ka bonako fela, Mokaulengwe Munsterman o ne a ikuela kwa Lephateng la Puso le Bodumedi le kwa go Poresidente Anastasio Somoza García, mme seo ya nna matsapa a bophiri fela. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba fetola tsela e ba dirang dilo ka yone. Ba ne ba tswala Holo ya Bogosi, ba kopanela e le ditlhopha tse dinnye, ba emisa go rera mo mebileng, mme gone ba ne ba sa ntse ba rera molaetsa wa Bogosi. Ka yone nako eo, ba ne ba tsenya kopo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya kwa Nicaragua gore e fedise thibelo eo. Makwalodikgang a ne a anamisa thata thibelo eo le dintlha tsa kopo ya bone, mme Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya dumela go reetsa kgetsi eo. Go ne ga felela ka eng? Ka Seetebosigo 19, 1953, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya itsise phatlalatsa tshwetso e e neng e e dirile ka bongwefela jwa pelo, e e neng e bontsha gore ga e bone Basupi molato. Kgotlatshekelo e ne ya lemoga gore thibelo eo e ne e gatakile molaomotheo o o tlhomamisang kgololesego ya batho ya go bua le go dira, ya segakolodi le ya go bontsha se motho a se dumelang. Gape e ne ya laela gore go boe go nne le tirisano gareng ga puso ya Nicaragua le Basupi, fela jaaka pele.

27. Ke ka ntlha yang fa batho ba kwa Nicaragua ba ne ba gakgamaditswe ke tshwetso ya Kgotlatshekelo, mme bakaulengwe ba ne ba leba phenyo eo jang?

27 Batho ba kwa Nicaragua ba ne ba gakgamaditswe ke gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne e eme mo letlhakoreng la Basupi. Go tla go fitlha ka nako eo, baruti ba ne ba ntse ba na le tlhotlheletso e kgolo mo e leng gore Kgotlatshekelo e ne e tila go nna le dikgogakgogano le bone. Gape, taolo ya badiredi ba bagolo ba puso e ne e le maatla mo e leng gore e ne e le ka sewelo Kgotlatshekelo e nnang kgatlhanong le ditshwetso tsa bone. Bakaulengwe ba rona ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba ne ba fentse ka gonne Kgosi ya bone e ile ya ba sireletsa le ka go bo ba ile ba tswelela ba rera.—Dit. 1:8.

28, 29. Mo magareng a bo1980, ke ditiragalo dife tse di neng di sa lebelelwa tse di neng tsa direga kwa Zaire?

28 Zaire. Mo magareng a bo1980, go ne go na le Basupi ba ka nna 35 000 kwa Zaire, e gone jaanong e bidiwang Democratic Republic of Congo. Lekala le ne le aga dikago tse disha e le go lepalepana le koketsego e e neng e tsweletse ya ditiro tse di direlwang Bogosi. Ka Sedimonthole 1985, go ne ga tshwarwa kopano ya ditšhabatšhaba kwa Kinshasa, e leng motsemoshate, mme baemedi ba le 32 000 ba ba tswang mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe ba ne ba tlatsa setadiamo sa motsemoshate oo. Mme jaanong, maemo a batlhanka ba ga Jehofa a ne a simolola go fetoga. Go ne ga diragala eng?

29 Mokaulengwe Marcel Filteau, morongwa yo o tswang kwa Quebec, Canada, yo o neng a bogisiwa ka nako ya puso ya ga Duplessis, o ne a direla kwa Zaire ka nako eo. O ne a tlhalosa se se neng sa diragala jaana: “Ka Mopitlwe 12, 1986, bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba neelwa lekwalo le le neng le bolela gore mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa Zaire o thibetswe e bile ga o ka fa molaong.” Thibelo eo e ne e saennwe ke poresidente wa naga e bong, Mobutu Sese Seko.

30. Komiti ya Lekala e ne e tlhoka go dira tshwetso efe e e masisi, mme e ne ya swetsa ka go dira eng?

30 Letsatsi le le latelang radio ya setšhaba e ne ya itsise jaana: “Ga re kitla re tlhola re utlwa ka Basupi ba ga Jehofa gape mo [Zaire].” Ka ponyo ya leitlho pogiso e ne ya latela. Diholo tsa Bogosi di ne tsa senngwa, mme bakaulengwe ba rona ba ne ba kgothosiwa, ba tshwarwa, ba tlhatlhelwa mo dikgolegelong le go ketekiwa. Tota le bana ba Basupi ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Ka Diphalane 12, 1988, puso e ne ya gapa dithoto tsa phuthego ya Modimo, mme Balebedi  ba Naga, e leng setlhopha sengwe sa mophato wa masole, ba ne ba iphara ka bodipa mo dikagong tsa lekala. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba kwalela Poresidente Mobutu, ba ikuela kwa go ene, mme ga a a ka a ba araba. Ka nako eo, Komiti ya Lekala e ne ya tshwanelwa ke go dira tshwetso eno e e masisi: “A re ikuele kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang kgotsa re lete?” Timothy Holmes, yo ka nako eo e neng e le morongwa e bile e le mookamedi wa Komiti ya Lekala, o gakologelwa jaana: “Re ne ra kopa botlhale le kaelo kwa go Jehofa.” Fa komiti e sena go sekaseka le go rapela ka kgang eno ka tlhoafalo, e ne ya swetsa ka gore e ne e ise e nne nako ya go tsaya kgato ya semolao. Go na le moo, ba ne ba tlhoma mogopolo mo go tlhokomeleng bakaulengwe le mo go batleng ditsela tse dingwe tsa go tswelela ka tiro ya go rera.

“Ka nako ya tsheko, re ne ra bona kafa Jehofa a kgonang go fetola dilo ka gone”

31, 32. Ke tshwetso efe e e gakgamatsang e e neng ya dirwa ke Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Zaire, mme e ne ya ama jang bakaulengwe ba rona?

31 Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa. Kgatelelo e ne ya fokotsega mo Basuping, mme go tlotla ditshwanelo tsa batho go ne ga oketsega mo nageng eo. Komiti ya Lekala e ne ya swetsa ka gore jaanong ke nako ya gore ba gwetlhe thibelo eo ka go ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Boatlhodi ya Zaire. Se se gakgamatsang ke gore Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e ne ya dumela go reetsa kgetsi ya bone. Mme ka Ferikgong 8, 1993, dingwaga di ka nna supa morago ga poresidente a sena go ntsha taelo ya thibelo, Kgotlatshekelo e ne ya atlhola gore kgato e e tserweng ke puso kgatlhanong le Basupi, e ne e se ka fa molaong, mme thibelo e ne ya tlosiwa. Akanya fela gore seo se ne se kaya eng! Baatlhodi ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka go phimola tshwetso e e neng e tserwe ke poresidente ya naga! Mokaulengwe Holmes a re: “Ka nako ya tsheko, re ne ra bona kafa Jehofa a kgonang go fetola dilo ka gone.” (Dan. 2:21) Phenyo eno e ne ya nonotsha tumelo ya bakaulengwe ba rona. Ba  ne ba dumela gore Kgosi, Jesu, o ne a kaetse batho ba gagwe gore ba itse gore ba tshwanetse go tsaya kgato leng le gone jang.

Basupi kwa Democratic Republic of Congo ba ipelela kgololesego ya bone ya go obamela Jehofa

32 E re ka thibelo e ne e tlositswe, ofisi ya lekala e ne ya letlwa go tlisa barongwa, go aga dikago tse disha tsa lekala le go amogela dikgatiso tsa Baebele go tswa kwa dinageng tse dingwe. * Ruri batlhanka ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba ipedisiwa ke go bona kafa Jehofa a sireletsang ka gone batho ba gagwe semoyeng!—Isa. 52:10.

“Jehofa ke Mothusi wa Me”

33. Re ithuta eng ka go sekaseka tshobokanyo eno e khutshwane ya dikgetsi di le mmalwa tsa dikgotlatshekelo?

33 Go sekaseka dintwa dingwe tsa semolao go re bontsha gore Jesu o diragaditse tsholofetso eno ya gagwe: “Ke tla lo naya molomo le botlhale, tse baganetsi ba lona botlhe ba le mmogo ba se kitlang ba kgona go emelelana le tsone kgotsa go di ganetsa.” (Bala Luke 21:12-15.) Ka dinako dingwe, go ile ga bonala sentle gore Jehofa o ile a tsosa boGamaliele ba motlha wa gompieno gore ba sireletse batho ba gagwe kgotsa o ile a tlhotlheletsa baatlhodi le babueledi ba ba pelokgale gore ba emele tshiamiso. Jehofa o ile a pipina dibetsa tsa baganetsi ba rona. (Bala Isaia 54:17.) Kganetso ga e ka ke ya emisa tiro ya Modimo.

34. Ke ka ntlha yang fa diphenyo tsa rona tsa semolao di tlhomologile thata jaana, mme di naya bosupi bofe? (Bona le lebokose le le reng, “ Diphenyo Tse di Tlhomologileng Tsa Kgotlatshekelokgolo Tse di Neng Tsa Tsweletsa go Rera ka Bogosi.”)

34 Ke ka ntlha yang fa diphenyo tsa rona tsa semolao di tlhomologile thata jaana? Akanya ka seno: Basupi ba ga Jehofa ga se batho ba ba tumileng kgotsa ba ba nang le tlhotlheletso. Ga re boute, ga re eme matsholo a dipolotiki nokeng kgotsa go leka go tlhotlheletsa batho ba dipolotiki. Mo godimo ga moo, bangwe ba rona ba ba sekisiwang kwa dikgotlatshekelokgolo gantsi ba tsewa e le batho “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” (Dit. 4:13) Ka jalo, go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, dikgotlatshekelo ga di patelesege go le kalo go atlhola kgatlhanong le baganetsi ba rona ba ba maatla ba dipolotiki le ba bodumedi gore di re atlholele ka tshiamiso. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape dikgotlatshekelo di ile tsa re sireletsa! Diphenyo tsa rona tsa semolao di naya bosupi jwa gore re tsamaya “mo ponong ya Modimo, re patilwe ke Keresete.” (2 Bakor. 2:17) Ka jalo, re bolela jaana phatlalatsa le moaposetoloi Paulo: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa.”—Baheb. 13:6.

^ ser. 9 Kgetsi eno ya, Cantwell v. State of Connecticut, e ne e le ya ntlha mo go tse 43 tse di neng tsa isiwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya United States, tse Mokaulengwe Hayden Covington a neng a tla di seka a femela bakaulengwe. O ne a tlhokafala ka 1978. Motlholagadi wa gagwe, Dorothy, o ne a direla ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala ka 2015, a na le dingwaga di le 92.

^ ser. 12 Molato oo o ne o theilwe mo molaong o o neng o tlhomilwe ka 1606. O ne o letla baagi ba ba tlhomilweng go dira tshwetso fa go atlholwa kgetsi ya tlolomolao, gore ba bone motho molato fa ba akanya gore se a se buileng se rotloetsa bobaba—tota le fa se mosekisiwa a se buang e le boammaaruri.

^ ser. 14 Ka 1950, badiredi ba nako e e tletseng ba le 164 ba ne ba direla kwa Quebec—go akaretsa baalogi ba Gileade ba le 63 ba ba neng ba amogetse kabelo ya bone ka go rata, le fa gone ba ne ba tlile go lebana le kganetso e e setlhogo.

^ ser. 15 Mokaulengwe W. Glen How e ne e le mmueledi yo o pelokgale yo go tloga ka 1943 go fitlha ka 2003, a neng a lwa ka botlhale dintwa tsa semolao tsa Basupi ba ga Jehofa di le makgolokgolo kwa Canada le kwa dinageng tse dingwe.

^ ser. 16 Go bona dintlha tse di oketsegileng ka kgetsi eno, bala setlhogo se se reng, “Tlhabano Ga se Ya Lona, Mme ke ya Modimo” mo makasineng wa Tsogang! wa April 22, 2000, tsebe 18-24 (ka Seesemane).

^ ser. 32 Kwa bofelong, Balebedi ba Naga ba ne ba tswa mo dikagong tsa lekala; mme go ne ga agiwa dikago tse disha tsa lekala kwa lefelong le lengwe.