Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 2

Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong

Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Kafa batho ba Modimo ba ileng ba baakanyediwa go tlhomiwa ga Bogosi ka gone

1, 2. Ke tiragalo efe e kgolo e e kileng ya direga mo hisitoring ya lefatshe, mme ke eng fa go sa gakgamatse go bo go se na batho bape ba ba e boneng?

A O A tle o ipotse gore go ka bo go ne go ntse jang fa o ka bo o ne o tshela ka nako ya ditiragalo dingwe tse di tlhomologileng thata mo hisitoring? Batho ba le bantsi ba a tle ba ipotse jalo. Mme gone, akanya ka seno: Fa o ka bo o ne o tshela mo nakong eo e e tletseng ditiragalo, a o ne o ka kgona go bona ditiragalo tsa botlhokwa tse di neng di dira gore go nne le diphetogo? Gongwe o ne o ka se kgone go di bona. Ditiragalo tse di bontshang gore dipuso di a fela e bile e le tse go buiwang thata ka tsone mo dibukeng tsa hisitori, ga se gantsi batho ba lemoga gore di a direga. Ka tsela nngwe, bontsi jwa ditiragalo tsa hisitori di direga batho ba sa bone—mo matlong a segosi, mo matlwaneng a a kwa teng a baatlhodi kgotsa mo diofising tsa puso. Le fa go ntse jalo, diphetogo tseo di ama batho ba le dimilionemilione.

2 Go tweng ka tiragalo e kgolo thata e e kileng ya direga mo hisitoring ya lefatshe? Tiragalo eo e ile ya ama batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, e ile ya direga batho ba sa e bone. Tota re bua ka go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo kwa legodimong, puso ya ga Mesia e e sa bolong go solofediwa, e go ise go ye kae e tla fedisang tsamaiso eno yotlhe ya lefatshe. (Bala Daniele 2:34, 35, 44, 45.) E re ka go se na batho bape ba ba boneng tiragalo eo ya botlhokwa ya go tlhomiwa ga Bogosi, a re tshwanetse go swetsa ka gore Jehofa o ile a fitlhela batho tiragalo eo? Kgotsa a o ile a baakanyetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang tiragalo eo go sa le gale? Mma re bone.

‘Morongwa wa Me . . . O Tla Bula Tsela fa Pele ga Me’

3-5. (a) “Morongwa wa kgolagano” yo go buiwang ka ene mo go Malaki 3:1 e ne e le mang? (b) Go ne go tla diragala eng pele ga “morongwa wa kgolagano” a tla mo tempeleng?

3 Go tloga mo motlheng wa bogologolo, Jehofa o ne a ikemisetsa go baakanyetsa batho ba gagwe go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia. Ka sekai, ela tlhoko boporofeti jo bo mo go Malaki 3:1: “Bonang! ke roma morongwa wa me, mme [o tla] bula tsela fa pele ga me. Mme ka tshoganyetso go tla tla Morena wa boammaaruri mo tempeleng ya gagwe, yo lo mo senkang, le morongwa wa kgolagano yo lo itumelang mo go ene.”

4 Fa mafoko ano a diragadiwa mo motlheng wa rona, Jehofa yo e leng “Morena wa boammaaruri,” o ne a tla leng go tla go tlhatlhoba ba ba neng ba direla mo lolwapeng lwa mo lefatsheng lwa tempele ya gagwe ya semoya? Boporofeti jono bo tlhalosa gore Jehofa o ne a tla tla le “morongwa wa kgolagano.” Morongwa yoo e ne e le mang? E ne  e le Kgosi ya Bomesia e bong Jesu Keresete! (Luke 1:68-73) E re ka e ne e le Mmusi yo o sa tswang go tlhomiwa, o ne a tla tlhatlhoba le go itshekisa batho ba Modimo mo lefatsheng.—1 Pet. 4:17.

5 Le fa go ntse jalo, “morongwa” yo mongwe yo o umakiwang pele mo go Malaki 3:1 e ne e le mang? Motho yono yo go buiwang ka ene mo boporofeting, o ne a tla nna teng pele ga go nna gone ga Kgosi ya Bomesia. Mo masomeng a dingwaga pele ga 1914, a go na le mongwe yo o neng a “bula tsela” fa pele ga Kgosi ya Bomesia?

6. Ke mang yo o ileng a direla e le “morongwa” yo o neng a boleletswe pele, yo o neng a tla pele go tla go baakanyetsa batho ba Modimo ditiragalo tse di neng di larile kwa pele?

6 Mo kgatisong eno yotlhe, re tla bona dikarabo tsa dipotso tseo mo hisitoring e e kgatlhang ya batho ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona. Hisitori eno e bontsha gore kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne ga tlhaga setlhopha se le sengwe se sennye sa batho ba ba ikanyegang, se e neng e le sone fela Bakeresete ba boammaaruri mo gare ga Bakeresete ba bantsintsi ba maaka. Setlhopha seo se ne sa itsiwe e le Baithuti ba Baebele. Ba ba neng ba eteletse setlhopha seo pele—Charles T. Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene—eleruri ba ne ba direla e le “morongwa” yo o neng a boleletswe pele, ba naya batho ba Modimo kaelo ya semoya le go ba baakanyetsa ditiragalo tse di larileng kwa pele. Mma re tlotle ka ditsela di le nnè tsa kafa “morongwa” yoo a neng a dira jalo ka gone.

Go Obamela ka Boammaaruri

7, 8. (a) Ka dingwaga tsa bo1800, ke bomang ba ba neng ba simolola go senola gore thuto ya gore moya ga o swe ke maaka? (b) Ke dithuto dife tse dingwe tse C. T. Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene ba neng ba senola gore le tsone ke maaka?

7 Baithuti bao ba Baebele ba ne ba rapela ka tlhoafalo fa ba ithuta; ba dumalana ka se ba se ithutang, ba kopanya se ba se ithutileng, ba bo ba gatisa dithuto tse di tlhaloganngwang sentle tsa boammaaruri. Ka makgolokgolo a dingwaga, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a ntse a aparetswe ke lefifi la semoya; bontsi jwa dithuto tsa bone di ne di theilwe mo boheitaneng. Nngwe ya dithuto tsa bone tsa konokono ke ya gore moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo1800, batho bangwe ba le mmalwa ba ba neng ba ithuta Baebele ka tlhoafalo, ba ne ba sekaseka thuto eo ka kelotlhoko mme ba bona gore e ne e sa theiwa mo Lefokong la Modimo. Henry Grew, George Stetson le George Storrs ba ne ba kwala mme ba bua ka bopelokgale ba senola thuto eo ya maaka ya ga Satane. * Se ba ileng ba se ruta se ne sa ama thata C. T. Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene.

8 Setlhopha sa Baithuti ba Baebele se ne sa lemoga gore dithuto tse dingwe tse di tsamaisanang le thuto ya gore moya ga o swe, le tsone di ne di tlhakanya tlhogo e bile e le maaka—ka sekai, thuto ya gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong kgotsa ya gore Modimo o bogisa meya e e sa swang ya batho ba ba boikepo mo molelong wa dihele wa bosakhutleng. Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene ba ne ba nna pelokgale mme ba kwala ditlhogo tse dintsi mo dibukeng, mo dibukaneng, mo dipampitshaneng e bile ba dirisa dipuisano tse di gatisitsweng go senola maaka ao.

9. Makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa senola jang gore thuto ya Tharonngwe ke maaka?

9 Gape Baithuti ba Baebele ba ne ba senola gore thuto ya Tharonngwe e e neng e tseelwa kwa godimo thata ke maaka. Ka 1887, makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa re: “Dikwalo di tlhalosa sentle gore Jehofa le Morena wa rona Jesu ke batho ba ba farologaneng e bile di tlhalosa sentle kamano ya bone.” Go tswa foo setlhogo seo se ne sa umaka kafa go gakgamatsang ka gone go bo “kgopolo ya gore  Modimo ke tharonngwe—Medimo e meraro mo go a le mongwe, mme ka fa letlhakoreng le lengwe e le Modimo a le mongwe mo go e le meraro—e ile ya anama thata jaana le go amogelwa ke batho ba le bantsi. Kgang ya go bo thuto eno e ile ya anama jalo, e bontsha kafa kereke e neng e le mo borokong jo bogolo jwa semoya ka gone, fa mmaba a ntse a e bofa ka dikeetane tsa dithuto tsa maaka.”

10. Makasine wa Watch Tower o ne wa bontsha jang gore 1914 e ne e le ngwaga o o tshwailweng?

10 Fela jaaka setlhogo seno se se feletseng sa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence se ne se tlhalosa, makasine ono o ne o bua thata ka dipolelelopele tse di malebana le go nna gone ga ga Keresete. Bakwadi ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ba neng ba nna le seabe mo go kwalweng ga makasine ono, ba ne ba lemoga gore boporofeti jwa ga Daniele jo bo malebana le “metlha e le supa,” bo ne bo amana le nako ya go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo a a ka ga Bogosi jwa ga Mesia. Fa e sa le kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1870, ba ile ba bontsha gore 1914 e ne e le ngwaga o metlha e le supa e neng e tla fela ka one. (Dan. 4:25; Luke 21:24) Le fa gone bakaulengwe ba rona ba nako eo ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo bokao jwa ngwaga oo o o tshwailweng, ba ne ba bolela phatlalatsa se ba neng ba se itse mo lefatsheng lotlhe, mme le gone jaanong re sa ntse re bona diphelelo tsa tiro ya bone.

11, 12. (a) Mokaulengwe Russell o ne a leboga bomang thata ka ntlha ya se a neng a se ruta? (b) Tiro e Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba e dira masome a dingwaga pele ga 1914, e ne e le botlhokwa go le kana kang?

 11 Russell le ditsala tsa gagwe tse di ikanyegang ga ba a ka ba itlotlomatsa ba re ke bone ba ribolotseng boammaaruri le go tlhaloganya dithuto tseo tse di botlhokwa tsa boammaaruri. Russell o ile a lebogela thata thuso ya ba bangwe ba ba neng ba tla pele ga gagwe. Mo godimo ga moo, o ne a leboga Jehofa Modimo fela thata, ene yo o nang le boikarabelo jwa go ruta batho ba Gagwe se ba tshwanetseng go se itse ka nako e e ba tshwanetseng go se itse ka yone. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a segofatsa maiteko a ga Russell le ditsala tsa gagwe a go tlhaola boammaaruri mo dithutong tsa maaka. Fa dingwaga di ntse di ya, ba ne ba itshupa gore ba kgaogane e bile ba farologane thata le madumedi a a ipitsang a Bokeresete.

Mokaulengwe Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene ba ne ba buelela dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele

12 Ruri tiro e banna bao ba ba ikanyegang ba neng ba e dira go buelela dithuto tsa boammaaruri mo masomeng a dingwaga pele ga 1914, e ne e gakgamatsa! Fa makasine wa The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence wa November 1, 1917 o bua ka nako eo, o ne wa re: “Gompieno batho ba le dimilionemilione ba gololesegile mo poifong e e bakiwang ke dithuto tsa molelo wa dihele le dithuto tse dingwe tsa maaka . . . Boammaaruri jo bo simolotseng go elela dingwaga di feta masome a manè tse di fetileng, bo ntse bo oketsega ka bonya ka bonya mme bo tla tswelela bo oketsega go fitlha bo tlala mo lefatsheng lotlhe; mme ba ba bo ganetsang le bone ba ka nna ba leka go bo thibela jaaka e kete ba feela makhubu a lewatle le legolo ka lofeelo fela lo lo tlwaelegileng, ba leka go thibela Boammaaruri gore bo se ka jwa anamela mo lefatsheng lotlhe.”

13, 14. (a) “Morongwa” o ne a thusa jang go baakanyetsa Kgosi ya Bomesia tsela? (b) Re ka ithuta eng mo bakaulengweng ba rona ba ba tshetseng dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng?

13 Akanya ka seno: A batho ba ka bo ba ile ba ipaakanyetsa tshimologo ya go nna gone ga ga Keresete fa ba ne ba sa kgone go farologanya Jesu le Rraagwe e bong Jehofa? Le e seng! E bile ba ka bo ba ile ba se ka ba ipaakanya fa ba ne ba akanya gore mongwe le mongwe fela a ka amogela bosasweng, go na le gore e nne mpho e e tlhwatlhwakgolo e e newang fela balatedi ba ga Keresete ba le mmalwa ba ba ileng ba latela dikgato tsa gagwe gaufiufi; gape ba ne ba ka se ipaakanye fa ba ne ba akanya gore Modimo o tlhokofatsa batho mo molelong wa dihele ka bosakhutleng go se na tsholofelo ya kgololo! Ga go pelaelo gore “morongwa” o ne a baakanya tsela fa pele ga Kgosi ya Bomesia!

14 Mme go tweng ka rona gompieno? Re ka ithuta eng mo bakaulengweng ba rona ba ba tshetseng dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng? Le rona re tshwanetse go nna babadi le baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo. (Joh. 17:3) Fa lefatshe leno le ntse le bopama ka ntlha ya go tlhoka dijo tsa semoya, e kete keletso ya rona ya go ja dijo tsa semoya e ka tswelela e gola!—Bala 1 Timotheo 4:15.

“Tswang mo go Ene, Batho ba Me”

15. Ke eng se Baithuti ba Baebele ba neng ba se lemoga ka bonya ka bonya? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

15 Baithuti ba Baebele ba ne ba ruta gore go ne go tlhokega gore motho a ikgaoganye le dikereke tsa lefatshe. Ka 1879, makasine wa Watch Tower o ne wa bua ka “kereke ya Babelona.” A o ne o bua ka tatelano ya bomopapa? Kgotsa ka Kereke ya Roma Katoliki? Ka makgolokgolo a dingwaga, dikereke tsa Boporotesetanta di ne di re Babelona yo go buiwang ka ene mo boporofeting jwa Baebele o emela Kereke ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, ka bonya ka bonya Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore dikereke tsotlhe tsa madumedi a a  ipitsang a Bokeresete di ne di akarediwa mo go “Babelona” wa motlha wa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne tsotlhe di ne di ruta dithuto tsa maaka tse di tshwanang le tse re setseng re tlotlile ka tsone. * Fa nako e ntse e ya, dikgatiso tsa rona di ne tsa tlhalosa ka tlhamalalo se batho ba ba dipelo di ikanyegang ba e leng maloko a dikereke tsa Babelona ba tshwanetseng go se dira.

16, 17. (a) Bolumo III ya Millennial Dawn le makasine wa Watch Tower di ne tsa kgothaletsa batho jang go kgaogana gotlhelele le bodumedi jwa maaka? (b) Ke eng se se neng se dira gore ditlhagiso tsa nako eo di se ka tsa utlwala di le maatla? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

16 Ka sekai, ka 1891, Bolumo III ya Millennial Dawn e ne ya bua jaana fa e tlhalosa kafa Modimo a ganneng Babelona wa motlha wa gompieno ka gone: “Tsamaiso yotlhe—dikereke tsotlhe tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete—e gannwe.” E ne ya oketsa ka gore botlhe “ba ba sa mpampetseng dithuto tsa gagwe tsa maaka le ditiro tsa gagwe, jaanong ba laelwa gore ba ikgaoganye le ene.”

17 Ka Ferikgong 1900, makasine wa Watch Tower o ne wa gakolola botlhe ba ba neng ba sa ntse ba ikwadisitse mo mekgatlhong e e farologaneng ya dikereke tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete, ba ba neng ba sa ntse ba buelela tsela ya bone ba re: “Ke rata boammaaruri ka pelo ya me yotlhe, e bile ga se gantsi ke ya kerekeng.” Setlhogo seo se ne sa botsa jaana: “A mme gone go siame go nna karolo ya Babelona mme gape o le mo kobamelong ya boammaaruri? A seno ke go nna kutlo mo go tlhokegang . . . mo go itumedisang le mo go amogelesegang mo Modimong? Le e seng. Motho yoo [leloko la kereke] o ne a bolela phatlalatsa gore o tsena mo kgolaganong le mokgatlho o o rileng fa a ne a nna leloko la one, mme o tshwanetse go tswelela a tshela go dumalana le melawana yotlhe ya kgolagano eo ka boikanyegi go fitlha . . . a bolela phatlalatsa gore ga e tlhole e le leloko la mokgatlho oo.” Fa dingwaga di ntse di ya, molaetsa oo o ne wa gatelelwa thata. * Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go bolela phatlalatsa gore ba kgaogane gotlhelele le bodumedi jwa maaka.

18. Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore batho ba tswe mo Babelona o Mogolo?

18 Fa ditlhagiso tseo tsa gore batho ba tswe mo Babelona o Mogolo di ne di sa gatelelwe gangwe le gape, a Keresete yo e leng Kgosi e e sa tswang go tlhomiwa a ka bo a ile a nna le setlhopha se se rulagantsweng sa batlhanka ba ba tloditsweng mo lefatsheng? Seno se ne se ka se kgonege ka gonne Bakeresete ba ba gololesegileng mo botshwarong jwa Babelona ke bone fela ba ka obamelang Jehofa “ka moya le ka boammaaruri.” (Joh. 4:24) A le rona gompieno re ikemiseditse go nna re gololesegile mo bodumeding jwa maaka? A re tsweleleng re ikobela taelo eno: “Tswang mo go ene, batho ba me”!—Bala Tshenolo 18:4.

Go Phuthega Mmogo go Tla go Obamela

19, 20. Makasine wa Watch Tower o ne wa kgothaletsa jang batho ba Modimo gore ba phuthege mmogo go tla go obamela?

19 Baithuti ba Baebele ba ne ba ruta gore badumedimmogo ba tshwanetse go phuthega mmogo go tla go obamela, fa go kgonega. Mo Bakereseteng ba mmatota, go tswa mo bodumeding jwa maaka ga se gone fela mo go tlhokegang. Gape go botlhokwa go nna le seabe mo kobamelong e e itshekileng. Go simolola fela ka dikgatiso tsa ntlhantlha, makasine wa Watch Tower o ne o kgothaletsa babadi go phuthega mmogo go tla go obamela. Ka sekai, ka Phukwi 1880, Mokaulengwe Russell o ne a bua ka loeto lwa gagwe lo a neng a neela dipuo mo go lone, a bontsha kafa dipokano di le dintsi di neng di kgothatsa ka gone. Go tswa foo, o ne a kgothaletsa babadi gore ba mo romelele dikarata tse di neng di bontsha botswelelopele jwa bone—tse  dingwe tsa tsone di neng di tla gatisiwa mo makasineng wa Watch Tower. Ka boikaelelo bofe? “A rotlhe re itse . . . kafa Morena a lo segofatsang ka gone; gore a lo tswelela lo phuthega mmogo le ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya lona.”

Charles Russell a na le setlhopha sa ntlhantlha sa Baithuti ba Baebele kwa Copenhagen, Denmark, ka 1909

20 Ka 1882, go ne ga tlhaga setlhogo se se reng, “Go Kopana Mmogo,” mo makasineng wa Watch Tower. Setlhogo seo se ne se kgothaletsa Bakeresete go tshwara dipokano “gore ba solegelwe molemo, ba kgothatsane le go nonotshana.” Se ne sa re: “Ga go re sepe gore a go na le mongwe yo o rutegileng kgotsa yo o nang le bokgoni jo bo rileng mo gare ga lona. A mongwe le mongwe a tle le Baebele ya gagwe, pampiri le pensele, mme lo dirise didirisiwa dipe fela tse lo nang le tsone, tse di jaaka Khonkhodense ya Baebele, . . . kafa lo ka kgonang ka gone. Itlhopheleng setlhogo; kopang kaelo ya Moya gore lo se tlhaloganye; go tswa foo se baleng, akanyang ka sone, lo bo lo bapisa ditemana, fa lo dira jalo, ga go pelaelo gore lo tla kgona go itse boammaaruri.”

21. Phuthego ya kwa Allegheny, Pennsylvania e ne ya tlhoma sekao sefe malebana le dipokano le go dira maeto a bodisa?

21 Baithuti ba Baebele ba ne ba nna le ntlokgolo kwa Allegheny, Pennsylvania, U.S.A. Fa ba le koo, ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go kopana mmogo ba ikobela taelo e e tlhotlheleditsweng e e kwadilweng mo go Bahebera 10:24, 25. (E bale.) Moragonyana, mokaulengwe  mongwe yo o godileng yo o bidiwang Charles Capen o ne a gakologelwa dinako tsa fa a ne a ya dipokanong tseo, fa a ne a sa ntse a le mosimanyana. O ne a kwala jaana: “Ke sa ntse ke gopola nngwe ya ditemana tse di neng di kwadilwe mo loboteng lwa holo ya dikopano ya Mokgatlho. ‘Mong wa lona o mongwe, e bong Keresete; mme lotlhe lo bakaulengwe.’ Ke sa ntse ke gakologelwa temana eo sentle—ga go na setlhopha sa baruti kgotsa sa batho fela mo bathong ba ga Jehofa.” (Math. 23:8) Gape Mokaulengwe Capen o ne a gakologelwa dipokano tse di tlhotlheletsang, kgothatso e e lorato le tlhoafalo ya ga Mokaulengwe Russell fa a ntse a dira maiteko a go dira maeto a bodisa mo lelokong lengwe le lengwe la phuthego.

22. Batho ba ba ikanyegang ba ile ba tsibogela jang kgothatso ya gore ba nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme re ka ithuta eng mo go bone?

22 Batho ba ba ikanyegang ba ne ba latela sekao seo sa go kopana mmogo le go ikobela ditaelo tse ba neng ba di newa. Go ne ga tlhomiwa diphuthego mo dikgaolong tse dingwe, tse di jaaka Ohio le Michigan, mme go tswa foo le go ralala Amerika Bokone le kwa dinageng tse dingwe. Akanya ka seno: A ruri batho ba ba ikanyegang ba ka bo ba ile ba ipaakanyetsa go nna gone ga ga Keresete, fa ba ne ba sa thapisediwa go ikobela taelo e e tlhotlheleditsweng ya go kopana mmogo go tla go obamela? Le e seng! Go tweng ka rona gompieno? Re tshwanetse go nna re ikemiseditse go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, re dirisa tshono nngwe le nngwe go kopana mmogo le go agana semoyeng.

Go Rera ka Tlhagafalo

23. Makasine wa Watch Tower o ne wa tlhalosa jang ka tlhamalalo gore batlodiwa botlhe ba tshwanetse go nna bareri ba boammaaruri?

23 Baithuti ba Baebele ba ne ba ruta gore batlodiwa botlhe ba tshwanetse go nna bareri ba boammaaruri. Ka 1885, makasine wa Watch Tower o ne wa re: “Ga re a tshwanela go lebala gore mongwe le mongwe yo e leng leloko la setlhopha sa batlodiwa, o tloleditswe go  rera (Isa. 61:1), o bileditswe bodiredi.” Kgatiso ya 1888, e ne e na le kgothatso eno: “Thomo ya rona e utlwala sentle . . . Fa re e itlhokomolosa kgotsa re dira diipato, ga go pelaelo gore re tla bo re le batlhanka ba ba ditshwakga, e bile re tla bo re bontsha gore ga re tshwanelwe ke go bo re tloditswe.”

24, 25. (a) Ke eng se Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba se dira go na le go kgothaletsa fela batho go rera? (b) Mongwe wa barekisi ba dibuka o ne a tlhalosa jang tiro ya gagwe ka nako e go neng go se na dikoloi?

24 Mokaulengwe Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene ba ne ba sa kgothaletse fela batho go rera. Gape ba ne ba simolola go gatisa dipampitshana tse di neng di bidiwa Bible Students’ Tracts, tse moragonyana di neng tsa bidiwa Old Theology Quarterly. Babadi ba makasine wa Watch Tower ba ne ba amogela dipampitshana tseno ba bo ba di abela batho mahala.

Go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: ‘A tiro ya go rera ke selo sa konokono mo botshelong jwa me?’

25 Ba ba neng ba ineetse mo bodireding jwa nako e e tletseng ba ne ba bidiwa barekisi ba dibuka (colporteurs). Charles Capen yo o umakilweng pelenyana, e ne e le mongwe wa bone. Moragonyana o ne a gakologelwa jaana: “Ke ne ke dirisa dimmapa tsa United States Government Geological Survey go nthusa go rera mo karolong yotlhe ya Pennsylvania. Dimmapa tseno di ne di bontsha ditsela tsotlhe, di dira gore go nne motlhofo gore ke fitlhelele dikarolo tsotlhe tsa kgaolo nngwe le nngwe ka maoto. Ka dinako tse dingwe morago ga go tsamaya mosepele wa malatsi a mararo mo nageng yotlhe ke tsaya dikopo tsa motseletsele wa dibuka tsa Studies in the Scriptures, ke ne ke tle ke hire pitse le kara ya dipitse gore ke kgone go isetsa batho ba ba tsentseng dikopo, dibuka tsa bone. Gantsi balemirui ba ne ba tle ba mphe boroko. Ka nako eo go ne go se na dikoloi.”

Morekisi wa dibuka. Bona setshwantsho sa “Chart of the Ages” mo letlhakoreng la kolotsana

26. (a) Ke eng fa batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo tirong ya go rera gore ba ipaakanyetse go busa ga ga Keresete? (b) Go tla bo go le molemo gore re ipotse dipotso dife?

26 Ka nako eo go dira maiteko a go rera go ne go tlhoka gore motho a bo a le pelokgale e bile a tlhagafetse. A Bakeresete ba boammaaruri ba ka bo ba ile ba ipaakanyetsa go busa ga ga Keresete fa ba ne ba sa rutwa botlhokwa jwa tiro ya go rera? Ga go pelaelo gore ba ne ba ka se ipaakanye! Tota e bile, tiro eo e ne e tla nna karolo e e tlhomologileng ya go nna gone ga ga Keresete. (Math. 24:14) Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go ipaakanyetsa gore tiro eo e e bolokang matshelo e nne selo sa konokono mo botshelong jwa bone. Le gompieno go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A tiro ya go rera ke selo sa konokono mo botshelong jwa me? A ke ithontsha dilo dingwe gore ke kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirong eo?’

Bogosi Jwa Modimo bo a Tlhomiwa!

27, 28. Moaposetoloi Johane o ne a bona eng mo ponatshegelong, mme Satane le badimona ba gagwe ba ne ba tsibogela jang go tlhomiwa ga Bogosi?

27 Kgabagare ngwaga wa botlhokwa wa 1914 o o tletseng ditiragalo o ne wa goroga. Jaaka re ile ra tlotla kwa tshimologong ya kgaolo eno, ga go na batho bape ba ba ileng ba bona ditiragalo tse di itumedisang tse di neng di direga kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo e e neng e tlhalosa ditiragalo tseo ka tsela ya tshwantshetso. Leka go bona seno ka leitlho la mogopolo: Johane o bona “sesupo se segolo” kwa legodimong. “Mosadi” wa Modimo—phuthego ya gagwe ya dibopiwa tsa semoya tsa kwa legodimong—o moimana mme o belega ngwana wa mosimane. Re bolelelwa gore go ise go ye kae ngwana yono wa tshwantshetso o tla ‘disa ditšhaba tsotlhe ka thobane ya tshipi.’ Le fa go ntse jalo, fa ngwana yono a tsholwa, o “phamolelwa kwa Modimong le kwa setulong sa gagwe sa bogosi.” Go utlwala lentswe le le kwa  godimo kwa legodimong le re: “Jaanong go tlile poloko le maatla le Bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe.”—Tshen. 12:1, 5, 10.

28 Ga go pelaelo gore se Johane a neng a se bona mo ponatshegelong e ne e le go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia. Ruri eo e ne e le tiragalo e e itumedisang, mme ga se mongwe le mongwe yo o neng a e itumelela. Satane le badimona ba gagwe ba ne ba tlhabana le baengele ba ba ikanyegang, ba ba neng ba eteletswe pele ke Mikaele kgotsa Keresete. Seno se ne sa felela ka eng? Re bala jaana: “Kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”—Tshen. 12:7, 9.

Ka 1914, Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go lemoga sesupo sa go nna gone ga ga Keresete a sa bonale

29, 30. Morago ga go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia, maemo a ne a fetoga jang (a) mo lefatsheng? (b) kwa legodimong?

29 Dingwaga pele ga 1914, Baithuti ba Baebele ba ne ba ile ba bolela gore nako ya mathata e ne e tla simologa ka ngwaga oo o o tshwailweng. Mme gone, ba ne ba sa tlhomamisega gore polelelopele eo e ne e tla direga jang ka nepo. Fela jaaka ponatshegelo ya ga Johane e ne ya bontsha, jaanong Satane o ne a tla simolola go nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshen. 12:12) Ka 1914, go ne ga runya ntwa ya ntlha ya lefatshe mme sesupo sa go nna gone ga ga Keresete a le mo maatleng a bogosi se ne sa simolola go diragadiwa mo lefatsheng lotlhe. “Metlha ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo e ne ya simologa.—2 Tim. 3:1.

30 Le fa go ntse jalo, go ne go le boipelo kwa legodimong. Satane le badimona ba gagwe ba ne ba lelekilwe gore ba se ka ba tlhola ba boela koo. Pego ya ga Johane ya re: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!” (Tshen. 12:12) E re ka magodimo a ne a phepafaditswe e bile Jesu a tlhomilwe go nna Kgosi, jaanong Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tloga bo tsaya kgato mo boemong jwa batho ba Modimo mo lefatsheng. Bo ne bo tla tsaya kgato efe? Jaaka re bone kwa tshimologong ya kgaolo eno, Keresete yo e leng “morongwa wa kgolagano” o ne a tla direla pele e le moitshekisi wa batlhanka ba Modimo mo lefatsheng. Seo se ne se tla kaya eng?

Nako ya Teko

31. Malaki o ne a bolelela pele eng ka lobaka lwa go itshekisiwa, mme boporofeti joo bo ne jwa simolola go diragadiwa jang? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

31 Malaki o ne a bolelela pele gore lobaka lwa go itshekisiwa lo ne lo se kitla lo nna motlhofo. O ne a kwala jaana: “Ke mang yo o tla itshokelang letsatsi la go tla ga gagwe, e bile ke mang yo o tla emang fa a bonala? Gonne o tla bo a ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa llae ya batlhatswi ba matsela.” (Mal. 3:2) Ruri mafoko ao a ile a itshupa a le boammaaruri! Go simologa ka 1914, batho ba Modimo mo lefatsheng ba ne ba lebana le diteko tse dikgolo le mathata ka go latelana. Fa Ntwa ya Lefatshe ya I e ntse e fagile, bontsi jwa Baithuti ba Baebele ba ne ba bogisiwa setlhogo ba bo ba latlhelwa mo dikgolegelong. *

32. Morago ga 1916, go ne ga nna le dikhuduego dife tse di neng tsa ama batho ba Modimo mo phuthegong?

32 Tota le mo phuthegong go ne ga nna le dikhuduego. Ka 1916, Mokaulengwe Russell o ne a swa a na le dingwaga di le 64, mme bontsi jwa batho ba Modimo ba ne ba sala ba gamaregile. Loso lwa gagwe  lo ne lwa senola gore bangwe ba ne ba ikaegile thata ka sekao sa motho a le mongwe. Le fa gone Mokaulengwe Russell a ne a sa batle go tlotlomadiwa ka tsela e e ntseng jalo, bontsi bo ne bo na le boikutlo jwa go mo obamela. Ba ne ba akanya gore go senolwa ga boammaaruri ka bonya ka bonya go ne go feletse ka loso lwa gagwe, mme bangwe ba ne ba tatalala ba ganetsa maiteko ape fela a go tswelela pele. Boikutlo joo bo ne jwa dira gore go nne le botlhanogi jo bo neng jwa kgaoganya phuthego.

33. Go sa diragadiweng ga dilo dingwe tse batho ba Modimo ba neng ba di solofetse, e ne ya nna teko jang mo go bone?

33 Teko e nngwe e ne ya nna go sa diragadiwe ga se ba neng ba se solofetse. Le fa gone makasine wa Watch Tower o ne o nepile fa o bontsha gore 1914 ke ngwaga o Metlha ya Baditšhaba e neng e tla fela ka one, bakaulengwe ba ne ba sa ntse ba sa tlhaloganye se se neng se tla direga ka ngwaga oo. (Luke 21:24) Ba ne ba akanya gore ka 1914, Keresete o ne a tla tseela batlodiwa ba setlhopha sa monyadiwa kwa legodimong go ya go busa le ene. Ga go a ka ga diragala jaaka ba ne ba solofetse. Kwa bowelong jwa ngwaga wa 1917, makasine wa The Watch Tower o ne wa itsise gore lobaka lwa thobo lwa dingwaga di le 40 lo ne lo tla fela ka dikgakologo tsa 1918. Mme tiro ya go rera yone e ne ya se ka ya fela. E ne ya tswelela e atlega morago ga nako eo. Makasine oo o ne wa bontsha gore tota thobo e ne e fedile mme go ne go setse nako ya go ronopa. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba tlogela go direla Jehofa ka ntlha ya go kgobega marapo.

34. Go ne ga runya teko efe e kgolo ka 1918, mme ke eng fa madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a akanya gore batho ba Modimo ba “sule”?

34 Ka 1918, go ne ga nna le teko e kgolo. J. F. Rutherford, yo o neng a tlhatlhama C. T. Russell mo go eteleleng pele batho ba Modimo, o ne a tshwarwa le bakaulengwe ba bangwe ba le supa ba ba neng ba na le maikarabelo. Ba ne ba atlholelwa go tsenngwa mo kgolegelong lobaka lo loleele e se ka fa molaong mme ba tsenngwa mo kgolegelong ya puso kwa Atlanta, Georgia, U.S.A. Ka lobakanyana, go ne go lebega tiro ya batho ba Modimo e ka se tlhole e tswelela. Bontsi jwa baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba itumela. Ba ne ba ithaya ba re Baithuti ba Baebele ba ba letshwenyo ba ne ba “sule,” ba ka se tlhole ba nna le matshosetsi ka gonne “baeteledipele” ba bone ba ne ba tsentswe mo kgolegelong, ntlokgolo ya bone e e kwa Brooklyn e tswetswe e bile tiro ya go rera e ne e ganediwa kwa Amerika le kwa Yuropa. (Tshen. 11:3, 7-10) Ruri ba ne ba fositse!

Nako ya go Tsosolosiwa!

35. Ke eng fa Jesu a ne a letla gore balatedi ba gagwe ba ­lebane le mathata, mme o ne a tsaya kgato efe go ba thusa?

35 Baba ba boammaaruri ba ne ba sa itse gore Jesu o ne a letlile gore batho ba gagwe ba nne le mathata ano fela ka go bo ka nako eo Jehofa e ne e le “moitshekisi le montlafatsi wa selefera.” (Mal. 3:3) Jehofa le Morwawe ba ne ba tlhomamisegile gore batho ba ba ikanyegang ba ne ba tla tswa mo ditekong tseo tsa sekamolelo ba ntlafaditswe, ba itshekisitswe e bile ba tshwanelega sentle go feta le e leng pele gore ba direle Kgosi. Go tloga kwa tshimologong ya ngwaga wa 1919, go ne go bonala sentle gore moya wa Modimo o ne o dirile se baba ba batho ba gagwe ba neng ba akanya gore se ka se kgonege. Batho ba ba ikanyegang ba ne ba tsosolositswe! (Tshen. 11:11) Ga go pelaelo gore ka nako eo, Keresete o ne a diragatsa karolo ya konokono ya sesupo sa metlha ya bofelo. O ne a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e leng setlhopha se sennye sa banna ba  ba tloditsweng ba ba neng ba tla etelela pele batho ba gagwe ka go ba abela dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.—Math. 24:45-47.

36. Ke eng se se neng sa ­bontsha gore batho ba Modimo ba ne ba tsosolosiwa semoyeng?

36 Ka Mopitlwe 26, 1919, Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba ntshiwa mo kgolegelong. Go ise go ye kae, go ne ga rulaganngwa gore go nne le kopano ka Lwetse mo go one ngwaga oo. Go ne ga simololwa dithulaganyo tsa gore go gatisiwe makasine wa bobedi, o o neng o tla bidiwa The Golden Age. Makasine oo o ne o tla tsamaisana le wa The Watch Tower, mme o ne o diretswe go dirisiwa mo bodireding jwa tshimo. * Mo go one ngwaga oo, go ne ga gatisiwa kgatiso ya ntlha ya Bulletin, e gone jaanong e bidiwang bukana ya pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona. Go tloga fela kwa tshimologong, e ne e kgothaletsa bodiredi jwa tshimo. Ga go pelaelo gore go tloga ka 1919 go ya pele, go ne ga gatelelwa botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a dire gore tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e nne selo sa konokono mo go ene.

37. Mo dingwageng tsa morago ga 1919, bangwe ba ne ba bontsha jang gore ga ba ikanyege?

37 Tiro ya go rera e ne ya tswelela e itshekisa batlhanka ba ga Keresete, ka gonne bangwe ba bone ba ba neng ba le mabela e bile ba le boikgogomoso, ba ne ba sa ikemisetsa go dira tiro eo ya maemo a a kwa tlase. Ba ba neng ba sa ikemisetsa go dira tiro eo, ba ne ba kgaogana le ba ba neng ba ikanyega. Mo dingwageng tsa morago ga 1919,  bangwe ba ba sa ikanyegeng ba ne ba tenega mme ba swetsa ka go senya batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa leina le go kwala dikgatiso tsa maaka tse di ba latofatsang, tota le go ema nokeng ba ba neng ba ba ganetsa.

38. Ditsela tse balatedi ba ga Keresete ba mo lefatsheng ba neng ba atlega ka tsone le diphenyo tsa bone di re naya bosupi bofe?

38 Le fa gone balatedi ba ga Keresete ba mo lefatsheng ba ne ba tlhaselwa ka ditsela tseo, ba ne ba tswelela ba atlega e bile ba gola semoyeng. Ditsela tsotlhe tse ba neng ba atlega ka tsone le diphenyo tsotlhe tsa bone go tloga ka yone nako eo, di re naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Bogosi jwa Modimo bo a busa! Ke ka tshegetso ya Modimo le tshegofatso ya gagwe fela—tse a di nayang a dirisa Morwawe le Bogosi jwa ga Mesia—go bo setlhopha seno sa batho fela ba ba sa itekanelang, se neng se ka kgona go nna le diphenyo tse dintsi jalo mo lefatsheng la ga Satane le mo tsamaisong ya gagwe e e boikepo ya dilo!—Bala Isaia 54:17.

Mokaulengwe Rutherford o neela puo e e maatla kwa kopanong ya kgaolo dikgwedi di le mmalwa fela a sena go gololwa mo kgolegelong

39, 40. (a) Kgatiso eno e na le dikarolo dife? (b) Go ithuta kgatiso eno go tla go solegela molemo jang?

39 Mo dikgaolong tse di latelang, re tla sekaseka se Bogosi jwa Modimo bo se fitlheletseng mo lefatsheng mo dingwageng di le lekgolo fa e sa le bo tlhomiwa kwa legodimong. Karolo nngwe le nngwe ya buka eno e tla tlotla ka karolo e e rileng ya tiro ya Bogosi e e dirwang mo lefatsheng. Mo kgaolong nngwe le nngwe, go na le lebokose la poeletso le le tla thusang mongwe le mongwe wa rona go itlhatlhoba gore a bone gore Bogosi ke selo sa mmatota go le kana kang mo go ene. Mo dikgaolong tse di konelang, re tla tlotla ka se re ka se solofelang fa Bogosi bo tla mo bogautshwaneng go tla go senya ba ba boikepo le go tlisa lefatshe la paradaise. Go ithuta kgatiso eno go tla go solegela molemo jang?

40 Satane o batla go fedisa tumelo ya gago mo Bogosing jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla go nonotsha tumelo ya gago gore e go sireletse le gore o tswelele o nonofile. (Baef. 6:16) Ka jalo, re go kgothaletsa gore o rapele ka tlhoafalo fa o ithuta kgatiso eno. Tswelela o ipotsa jaana: ‘A Bogosi jwa Modimo ke selo sa mmatota mo go nna?’ Fa e le gore ke selo sa mmatota mo go wena gone jaanong, go ka direga thata gore o nne gone, o ikanyega e bile o eme Bogosi nokeng ka tlhagafalo, mo letsatsing le mongwe le mongwe yo o tshelang a tla bonang gore Bogosi jwa Modimo ke selo sa mmatota e bile bo a busa!

^ ser. 7 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Grew, Stetson le Storrs, bala buka ya Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi Jwa Modimo, tsebe 45-46.

^ ser. 15 Le fa gone Baithuti ba Baebele ba ile ba bona go tlhokega gore ba tswe mo mekgatlhong ya bodumedi e e neng e itsalantse le lefatshe, ka dingwagangwaga ba ne ba ntse ba tsaya batho ba ba neng ba ipolela fa ba dumela mo thekololong e bile ba bolela fa ba ineetse mo Modimong, e le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete, le fa gone e ne e se Baithuti ba Baebele.

^ ser. 17 Sengwe sa dilo tse di neng di dira gore ditlhagiso tsa nako eo di se ka tsa utlwala di le maatla, ke gore di ne di lebisitswe thata mo letsomanyaneng la ga Jesu la ba ba 144 000. Mo Kgaolo 5, re tla bona gore pele ga 1935, go ne go akanngwa gore “bontsintsi jo bogolo,” jaaka bo tlhalositswe mo go Tshenolo 7:9, 10, mo Baebeleng ya King James Version, bo ne bo tla akaretsa maloko a le mantsi a dikereke tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete le gore ba ne ba tla nna setlhopha sa bobedi se se tla newang tuelo ya kwa legodimong ka gonne kwa bofelong ba ne ba tla ema Keresete nokeng.

^ ser. 31 Ka Lwetse 1920, go ne ga nna le kgatiso e e kgethegileng ya makasine wa The Golden Age (o gone jaanong e leng Tsogang!) e e neng e tlhalosa ka botlalo makgetlo a mantsi a dipogiso ka nako ya ntwa—tse dingwe tsa tsone di neng di le setlhogo ka tsela e e tsitsibanyang mmele—kwa Canada, Engelane, Jeremane le kwa United States. Go farologana le moo, masome a dingwaga pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ne go se na dipogiso tse dintsi tsa mofuta oo.

^ ser. 36 Ka dingwagangwaga, makasine wa The Watch Tower o ne o kwaletswe segolobogolo maloko a letsomanyane gore ba kgone go solegelwa molemo fa ba ithuta ba le nosi.