Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 5

Kgosi e Phatsimisa Lesedi ka Bogosi

Kgosi e Phatsimisa Lesedi ka Bogosi

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Batho ba Modimo ba simolola go tlhaloganya boammaaruri jwa botlhokwa ka Bogosi, babusi ba jone, babusiwa ba jone ga mmogo le botlhokwa jwa go ikanyega

1, 2. Jesu o ne a itshupa ka tsela efe gore ke mokaedi yo o botlhale?

BONA ka leitlho la mogopolo mokaedi yo o nang le maitemogelo a ntse a lo bontsha motse o o kgatlhang thata e bile o le montle. Ke la ntlha wena le ba o tsamayang le bone lo bona motse ono, ka jalo, lo reetsa sengwe le sengwe se mokaedi wa lona a lo bolelelang sone. Ka dinako dingwe, wena le bajanala ba bangwe lo swegaswega pelo lo ipotsa gore dilo dingwe tse di mo motseng tse lo iseng lo di bone di ntse jang. Le fa go ntse jalo, fa lo botsa mokaedi wa lona ka dilo tseo, ga a lo bolelele sepe ka tsone go fitlha nako e e tshwanetseng e goroga, gantsi a dira jalo fa lo setse lo bona sengwe sa dilo tseo. Fa nako e ntse e ya, lo kgatlhiwa thata ke botlhale jwa gagwe ka gonne a lo bolelela se lo tshwanetseng go se itse ka nako e e tshwanetseng.

2 Bakeresete ba boammaaruri ba mo boemong jo bo tshwanang le jwa bajanala. Re ithuta ka tlhoafalo ka motse o o kgatlhang thata go gaisa metse e mengwe, “motse o o nang le metheo ya mmatota,” Bogosi jwa Modimo. (Baheb. 11:10) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a kaela balatedi ba gagwe, a ba bontsha kitso e e boteng ka Bogosi joo. A o ne a araba dipotso tsotlhe tsa bone le go ba bolelela sengwe le sengwe ka Bogosi ka nako e le nngwe? Nnyaa. O ne a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.” (Joh. 16:12) E re ka Jesu e ne e le mokaedi yo o botlhale go gaisa, o ne a se ke a imetsa barutwa ba gagwe ka kitso e ba neng ba ka se kgone go e sikara ka nako eo.

3, 4. (a) Jesu o ne a tswelela jang a ruta batho ba ba ikanyegang ka Bogosi jwa Modimo? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?

3 Jesu o ne a bua mafoko a a mo go Johane 16:12 mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng. Morago ga loso lwa gagwe, o ne a tla tswelela jang a ruta batho ba ba ikanyegang ka Bogosi jwa Modimo? O ne a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe jaana: “Moya wa boammaaruri o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.” * (Joh. 16:13) Re ka tsaya moya o o boitshepo e le mokaedi yo o pelotelele. Jesu o dirisa moya go ruta balatedi ba gagwe sengwe le sengwe se ba tlhokang go se itse ka Bogosi jwa Modimo—ka nako e ba tlhokang go se itse ka yone.

4 A re sekasekeng kafa moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ntseng o kaela ka gone Bakeresete ba ba peloephepa gore ba nne le kitso e e oketsegileng ka Bogosi. Sa ntlha, re tla sekaseka gore go tlile jang gore re tlhaloganye gore Bogosi jwa Modimo bo ne jwa simolola go busa leng. Go tswa foo, re tla sekaseka gore babusi ba Bogosi ke bomang  le tsholofelo e ba nang le yone, le gore babusiwa ke bomang le tsholofelo e ba nang le yone. Kwa bofelong, re tla bona kafa balatedi ba ga Keresete ba ileng ba tlhaloganya botoka se se bolelwang ke go ikanyega mo Bogosing.

Go Tlhaloganya Ngwaga wa Botlhokwatlhokwa

5, 6. (a) Baithuti ba Baebele ba ne ba na le dikgopolo dife tse di phoso ka go tlhomiwa ga Bogosi le ka thobo? (b) Ke eng fa dikgopolo tseo tse di phoso di ile tsa se ka tsa tsosa dipelaelo tsa gore a ruri Jesu o ne a kaela balatedi ba gagwe?

5 Jaaka re ithutile mo Kgaolo 2 ya buka eno, Baithuti ba Baebele ba ne ba fetsa masome a dingwaga ba bontsha gore 1914 e ne e tla nna ngwaga wa botlhokwa mo go diragadiweng ga boporofeti jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, ka nako eo ba ne ba dumela gore go nna gone ga ga Keresete go ne go simologile ka 1874, gore o ne a simolotse go busa ka 1878 le gore Bogosi bo ne bo se kitla bo tlhomiwa ka botlalo go fitlha ka Diphalane 1914. Gape ba ne ba dumela gore thobo e ne e tla dirwa go tloga ka 1874 go fitlha ka 1914 mme e ne e tla felela ka go phuthelwa ga batlodiwa kwa legodimong. A dikgopolo tseno tse di phoso di tsosa dipelaelo tsa gore a ruri Jesu o ne a kaela batho bano ba ba ikanyegang ka moya o o boitshepo?

6 Le e seng! Akanya gape ka setshwantsho se re simolotseng ka sone. A dilo tse bajanala ba neng ba di akanya le dipotso tsa bone tse di bontshang go swegaswega pelo di ne di tla dira gore ba belaele gore a mokaedi wa bone o a ikanyega? Legoka! Ka tsela e e tshwanang, le fa ka dinako dingwe batho ba Modimo ba leka go tlhaloganya dintlha dingwe tse di amanang le boikaelelo jwa ga Jehofa pele ga e nna nako ya gore moya o o boitshepo o ba kaele mo dintlheng tseo tsa boammaaruri, go bonala sentle gore Jesu o ba eteletse pele. Ka jalo, batho ba ba ikanyegang ba ikemiseditse go gakololwa, mme ka boikokobetso ba fetola dikgopolo tsa bone.—Jak. 4:6.

7. Batho ba Modimo ba ne ba segofadiwa ka matlhasedi afe a lesedi la semoya?

7 Mo dingwageng tsa morago ga 1919, batho ba Modimo ba ne ba segofadiwa ka matlhasedi a lesedi la semoya a a neng a ntse a oketsega. (Bala Pesalema 97:11.) Ka 1925, go ne ga kwalwa setlhogo sa botlhokwatlhokwa se se reng, “Go Tsalwa ga Setšhaba,” mo makasineng wa The Watch Tower. Se ne sa naya bosupi jo bo bonalang sentle jwa Dikwalo jo bo bontshang gore Bogosi jwa ga Mesia bo ne jwa tlhomiwa ka 1914, e le go diragatsa boporofeti jwa setshwantsho sa mosadi wa Modimo wa kwa legodimong yo o tsholang ngwana, jo bo mo go Tshenolo kgaolo 12. * Setlhogo seo se ne sa tswelela ka go bontsha gore dipogiso le mathata tse di neng tsa tlela batho ba ga Jehofa ka dingwaga tseo tsa ntwa, e ne e le ditshupo tse di bonalang sentle tsa gore Satane o ne a latlhetswe mo lefatsheng go tswa kwa legodimong, “a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshen. 12:12.

8, 9. (a) Go tlile jang gore botlhokwa jwa Bogosi jwa Modimo bo tlhomologe? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

8 Bogosi bo botlhokwa go le kana kang? Ka 1928, makasine wa The Watch Tower o ne wa gatelela gore Bogosi bo ne bo le botlhokwa thata go feta go bolokwa ga batho ka thekololo. Eleruri, Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa ga Mesia go itshepisa leina la gagwe, go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe le go diragatsa maikaelelo otlhe a gagwe malebana le batho.

9 Ke bomang ba ba neng ba tla busa le Keresete mo Bogosing joo? Ke bomang ba e neng e tla nna babusiwa ba mo lefatsheng ba Bogosi joo? Mme ke tiro efe e balatedi ba ga Keresete ba neng ba tshwanetse go tshwarega ka yone?

 Tiro ya Thobo e Tlhoma Mogopolo Thata mo Batlodiweng

10. Batho ba Modimo ba ne ba sa bolo go tlhaloganya eng ka ba ba 144 000?

10 Masome a dingwaga pele ga 1914, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba setse ba tlhaloganya gore balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ba 144 000 ba tla busa le ene kwa legodimong. * Baithuti bao ba Baebele ba ne ba lemoga gore palo eo e ne e le ya mmatota le gore ba palo eo ba ne ba simolotse go tlhophiwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

11. Kitso ya batho ba e neng e tla nna maloko a monyadiwa wa ga Keresete, e ne ya oketsega jang malebana le kabelo ya bone ya mo lefatsheng?

11 Mme gone, ba e neng e tla nna maloko a monyadiwa wa ga Keresete, ba ne ba abetswe go dira eng fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng? Ba ne ba lemoga gore Jesu o ne a ile a gatelela tiro ya go rera e bile a ile a e amanya le paka ya thobo. (Math. 9:37; Joh. 4:35) Jaaka re bone mo Kgaolo 2, ka lobaka lo lo rileng ba ne ba ntse ba akanya gore paka ya thobo e ne e tla tsaya lobaka lwa dingwaga di le 40 mme e ne e tla khutla fa batlodiwa ba phuthelwa kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, e re ka tiro e ne ya tswelela morago ga dingwaga tse 40, go ne go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse di tlhokang go tlhalosiwa. Gone jaanong re a itse gore paka ya thobo—paka ya go kgaoganya korong le mefero, e leng go ntsha Bakeresete ba ba tloditsweng ba boammaaruri mo Bakereseteng ba maaka—e ne ya simologa ka 1914. Jaanong e ne e le nako ya go tlhoma mogopolo mo go phutheng palo e e setseng ya setlhopha se se yang go tshela kwa legodimong!

Ngwaga wa 1914 o ne wa tshwaya tshimologo ya paka ya thobo (Bona serapa 11)

12, 13. Setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane a a lesome le sa ditalenta, se ile sa diragadiwa jang mo metlheng ya bofelo?

12 Go tloga ka 1919 go ya pele, Keresete o ne a tswelela a kaela motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gore a gatelele botlhokwa jwa tiro ya go rera. O ne a ba naya kabelo eo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Math. 28:19, 20) Gape o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla tlhoka go nna le dinonofo dife gore ba diragatse tiro eo ya go rera. O ne a bontsha seo jang? Mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome, o ne a bontsha gore batlodiwa ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna ba disitse e bile ba tsogile semoyeng, fa e le gore ba ne ba batla go fitlhelela mokgele wa bone o mogolo wa go nna le seabe mo moletlong o mogolo wa lenyalo kwa legodimong, fa Keresete a tla bo a kopana le “monyadiwa” wa gagwe, e leng ba ba 144 000. (Tshen. 21:2) Go tswa foo, mo setshwantshong sa ditalenta, Jesu o ne a ruta gore batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla tlhagafala mo go direng tiro ya go rera e a ba e neileng.—Math. 25:1-30.

 13 Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, batlodiwa ba ile ba itshupa gore ba nna ba ntshitse matlho dinameng e bile ba nna ba tlhagafetse. Ga go pelaelo gore ba tla duelwa ka ntlha ya go bo ba nna ba disitse! Mme gone, a tiro e kgolo ya thobo e ne e tla tlhoma mogopolo fela mo go feleletseng go phutha babusimmogo le Keresete ba ba 144 000?

Bogosi bo Phutha Babusiwa ba Jone ba mo Lefatsheng!

14, 15. Ke ditlhopha dife tse nnè tse go neng ga tlotliwa ka tsone mo bukeng ya The Finished Mystery?

14 Banna le basadi ba ba ikanyegang ga ba bolo go kgatlhegela thata go itse ka “boidiidi jo bogolo” (“bontsintsi jo bogolo,” King James Version) jo bo umakiwang mo go Tshenolo 7:9-14. Ga go gakgamatse go bo bontsi jwa dintlha tse di neng di buiwa ka kgang eno pele ga e nna nako ya gore Keresete a senole gore setlhopha seno se segolo ke bomang, di ile tsa sokamisa boammaaruri jo bo utlwalang sentle, jo bo motlhofo jo gone jaanong re bo itseng e bile re bo rata.

15 Ka 1917, buka ya The Finished Mystery e ne ya gatelela gore go na le “dikarolo kgotsa ditlhopha di le pedi tsa batho ba ba tla bolokwang ba ba yang go tshela kwa Legodimong, le dikarolo kgotsa ditlhopha di le pedi tsa batho ba ba tla bolokwang ba ba tlileng go tshela mo lefatsheng.” Ke bomang ba ba neng ba bopa ditlhopha tseo tse di sa tshwaneng, tse di tla bolokwang? Setlhopha sa ntlha e ne e le sa ba ba 144 000, ba ba tla busang le Keresete. Sa bobedi e ne e le sa ba bontsintsi jo bogolo. Ka nako eo, go ne go akanngwa gore setlhopha seo e ne e le sa batho ba ba ipitsang Bakeresete, ba ba neng ba sa ntse ba le mo dikerekeng tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Ba ne ba na le selekanyo se se rileng sa tumelo mme e sa lekana gore ba ka kgona go nna ba thokgame. Ka jalo, ba ne ba tla newa maemo a a kwa tlase kwa legodimong. Mme kaga ditlhopha tse di neng di tla tshela mo lefatsheng, go ne go akanngwa gore setlhopha sa boraro ke sa “batlotlegi ba bogologolo”—ba ba jaaka Aborahame, Moshe le ba bangwe—ba ba neng ba tla newa maemo a go laola ba setlhopha sa bonè, e leng batho ba bangwe ka kakaretso.

16. Ke matlhasedi afe a lesedi la semoya a a neng a phatsima ka 1923 le ka 1932?

16 Moya o o boitshepo o ne wa kaela jang balatedi ba ga Keresete gore ba tlhaloganye boammaaruri jo gone jaanong re bo ratang? Matlhasedi a lesedi la semoya a ne a nna a phatsima kgato ka kgato. Go simologa fela ka 1923, makasine wa The Watch Tower o ne wa lebisa tlhokomelo mo setlhopheng sa batho ba ba neng ba se na keletso ya go ya go tshela kwa legodimong, ba ba neng ba tla tshela mo lefatsheng ba busiwa ke Keresete. Ka 1932, makasine wa The Watchtower o ne wa bua ka Jonadabe (Jehonadabe), yo o neng a ikamanya le Jehu yo e neng e le Kgosi ya Iseraele e e tloditsweng ke Modimo, gore a mo eme nokeng mo ntweng kgatlhanong le kobamelo ya maaka. (2 Dikg. 10:15-17) Setlhogo seo se ne sa tlhalosa gore go na le setlhopha sa batho ba mo motlheng wa rona ba ba neng ba tshwana le Jonadabe, mme gape se ne sa re Jehofa o tla falotsa setlhopha seno “ka nako ya matshwenyego a Haramagedona,” gore se tshele mono mo lefatsheng.

17. (a) Ka 1935 go ne ga nna le phatsimo efe e kgolo ya lesedi la semoya? (b) Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba amiwa jang ke tsela e ntšha ya go tlhaloganya bontsintsi jo bogolo? (Bona lebokose le le reng, “ Re ne Ra Ikutlwa re Imologile Fela Thata.”)

17 Ka 1935, go ne ga phatsima lesedi le legolo la semoya. Kwa kopanong ya kgaolo e e neng e tshwaretswe kwa Washington, D.C., go ne ga tlhalosiwa gore bontsintsi jo bogolo ke setlhopha sa mo lefatsheng, e leng dinku tse di mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le  dipodi. (Math. 25:33-40) Bontsintsi jo bogolo e ne e tla nna karolo ya “dinku tse dingwe,” tse Jesu a neng a bua jaana ka tsone: “Tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa.” (Joh. 10:16) Fa sebui e bong J. F. Rutherford, a ne a botsa jaana: “A botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, ba ka ema?” batho ba ba neng ba feta halofo ya batlakopanong ba ne ba ema ka dinao! O ne a bolela jaana: “Bonang, bontsintsi jo bogolo!” Kgabagare ba le bantsi ba ne ba itumeletse thata go tlhaloganya tsholofelo ya bone ya isagwe.

18. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba tlhoma mogopolo jang mo bodireding mme seo se ne sa felela ka eng?

18 Fa e sa le go tloga ka nako eo, Keresete o ntse a kaela batho ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo go phutheng ba e tla nnang maloko a boidiidi jo bogolo, ba ba tla falolang pitlagano e kgolo ba tshela e bile ba babalesegile. Kwa tshimologong, go phuthiwa moo go ne go lebega go sa nne jaaka go ne go lebeletswe. Nako nngwe Mokaulengwe Rutherford o ne a re: “Go bonala ‘bontsintsi jo bogolo’ bo se kitla bo nna bontsi go le kalo.” Gone jaanong, ruri re kgona go bona kafa Jehofa a segofaditseng thobo thata ka gone fa e sa le go tloga ka nako eo! Ka kaelo ya ga Jesu le moya o o boitshepo, batlodiwa le ditsala tsa bone ba “dinku tse dingwe” ba ile ba nna sone se Jesu a ileng a se bolelela pele—“letsomane le le lengwe” le le direlang mmogo le kaelwa ke “modisa a le mongwe.”

Mokaulengwe Rutherford o ne a sa itse gore boidiidi jo bogolo bo ne bo tla nna bontsi go le kana kang (Go tswa kwa molemeng go ya kwa mojeng: Nathan H. Knorr, Joseph F. Rutherford, le Hayden C. Covington)

19. Re ka nna le seabe jang mo go oketseng boidiidi jo bogolo?

19 Batho ba bantsintsi ba ba ikanyegang ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, ba busiwa ke Keresete le babusimmogo le ene ba ba 144 000. A ga go itumedise go tlhatlhanya ka tsela e Keresete a kaetseng batho ba Modimo ka yone go tlhaloganya tsholofelo eno ya Dikwalo e e utlwalang sentle, e e malebana le isagwe? Ruri ke tshiamelo go bolelela ba re kopanang le bone mo bodireding tsholofelo eo! A re lekeng go tlhagafala go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone gore boidiidi jo bogolo bo tswelele bo oketsega, mme bo bake leina la ga Jehofa ka tsela e kgolo!—Bala Luke 10:2.

Boidiidi jo bogolo bo ntse bo oketsega

Se go Ikanyega mo Bogosing go se Bolelang

20. Phuthego ya ga Satane e bopilwe ka dikarolo dife, mme seno se ama jang go ikanyega ga Mokeresete?

20 Fa batho ba Modimo ba ntse ba ithuta ka Bogosi, gape ba ne ba tlhoka go tlhaloganya ka botlalo gore go ikanyega mo pusong eo ya kwa legodimong go kaya eng. Mo kgannyeng eno, ka 1922, makasine wa The Watch Tower o ne wa bontsha gore go na le diphuthego di le pedi, ya ga Jehofa le ya ga Satane, mme ya ga Satane e bopilwe ka dikarolo tsa kgwebo, bodumedi le dipolotiki. Batho ba ba ikanyegang mo Bogosing jwa Modimo jo bo eteletsweng pele ke Keresete, ga ba a tshwanela go tlhokomologa boikanyegi jwa bone ka go nna le seabe ka tsela e e sa tshwanelang mo go nngwe ya dikarolo tsa phuthego ya ga Satane. (2 Bakor. 6:17) Seo se kaya eng?

21. (a) Motlhanka yo o boikanyego o ile a nna a tlhagisa batho ba Modimo jang malebana le dikgwebo tse dikgolo? (b) Ka 1963, makasine wa The Watchtower o ne wa senola eng malebana le “Babelona o Mogolo”?

21 Dijo tsa semoya tse di tswang kwa motlhankeng yo o boikanyego di ile tsa nna tsa senola boferefere jo bo leng teng mo dikgwebong tse dikgolo e bile di ile tsa tlhagisa batho ba Modimo gore ba se ka ba ineela mo mekgweng ya tsone e e anameng ya go rata dikhumo. (Math. 6:24) Ka tsela e e tshwanang, dikgatiso tsa rona di ile tsa nna tsa tlhoma mogopolo mo go senoleng karolo ya bodumedi ya phuthego ya ga Satane. Ka 1963, makasine wa The Watchtower o ne wa bontsha sentle gore “Babelona o Mogolo” o ne a sa emele fela madumedi a a ipitsang a Bokeresete, mme gape o ne a emela mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Ka jalo, jaaka re tla bona  dintlha tse di oketsegileng mo Kgaolo 10 ya buka eno, batho ba Modimo mo dinageng tsotlhe le mo ditsong tsotlhe ba ile ba thusiwa go ‘tswa mo go ene,’ ba intlafatsa mo ditlwaelong tsotlhe tsa bodumedi jwa maaka.—Tshen. 18:2, 4.

22. Ka Ntwa ya Lefatshe ya I, bontsi jwa batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya jang kgakololo e e mo go Baroma 13:1?

22 Mme go tweng ka karolo ya dipolotiki ya phuthego ya ga Satane? A Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ka nna le seabe mo dintweng le dikgotlhang tsa ditšhaba? Ka Ntwa ya Lefatshe ya I, Baithuti ba Baebele ba ne ba tlhaloganya gore balatedi ba ga Keresete ga ba a tshwanela go bolaya batho ba bangwe. (Math. 26:52) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba akanya gore kgakololo e e mo go Baroma 13:1 ya gore re ikobele “balaodi ba bagolo,” e ne e kaya gore ba tshwanetse go tsenelela sesole, go apara diaparo tsa sesole le e leng go tshola dibetsa; mme gone, fa ba laelwa go bolaya baba ba bone, ba ne ba tshwanetse go thuntsha mo phefong.

23, 24. Ka Ntwa ya Lefatshe ya II, re ne re tlhaloganya jang Baroma 13:1, mme balatedi ba ga Keresete ba ne ba kaelwa jang gore ba tlhaloganye kgang eo ka nepo?

23 Fa Ntwa ya Lefatshe ya II e ne e runya ka 1939, makasine wa The Watchtower o ne wa nna le setlhogo se se neng se tlhalosa ka botlalo kgang ya boitlhaodi. Setlhogo seo se ne sa tlhalosa ka botlalo gore Bakeresete ba ne ba se kitla ba nna le seabe gotlhelele mo dintweng le dikgotlhang tsa ditšhaba tsa lefatshe la ga Satane. Ruri kaelo eo e ne e tlile ka nako e e tshwanetseng! Ka jalo, balatedi ba ga Keresete ba ne ba sirelediwa mo molatong wa tshololo ya madi e e setlhogo e ditšhaba di neng tsa nna le yone mo ntweng eo. Le fa go ntse jalo, go simologa ka 1929, dikgatiso tsa rona gape di ne di ile tsa tlhalosa gore balaodi ba bagolo ba go buiwang ka bone mo go Baroma 13:1 e ne e se babusi ba lefatshe, mme e ne e le Jehofa le Jesu. Go ne go sa ntse go tlhokega gore go tlhaloganngwe dilo ka tsela e e nepileng.

 24 Moya o o boitshepo o ne wa kaela balatedi ba ga Keresete gore ba lebe dilo ka yone tsela eo ka 1962, fa go ne go gatisiwa ditlhogo tsa botlhokwatlhokwa tse di tlhalosang Baroma 13:1-7, mo makasineng wa The Watchtower wa November 15 le wa December 1. Kgabagare batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya molaomotheo wa go ikobela balaodi ba lefatshe ka tsela e e lekanyeditsweng, o Jesu a neng a bua ka one mo mafokong ano a a itsegeng thata: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Luke 20:25) Gone jaanong Bakeresete ba boammaaruri ba tlhaloganya gore balaodi ba bagolo ke babusi ba lefatshe leno le gore Bakeresete ba tshwanetse go ba ikobela. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go ba ikobela ka tsela e e lekanyeditsweng. Fa balaodi ba lefatshe ba re laela gore re se ka ra ikobela Jehofa Modimo, re ba araba ka tsela eno e baaposetoloi ba bogologolo ba ileng ba araba ka yone: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Dit. 5:29) Mo Kgaolo 13 le 14 ya buka eno, re tla ithuta go le gontsi kafa batho ba Modimo ba ileng ba dirisa molaomotheo wa boitlhaodi jwa Bokeresete ka gone.

Ruri ke tshiamelo go bolelela batho tsholofelo ya Baebele ya botshelo jo bo sa khutleng!

25. Ke ka ntlha yang fa o anaanela tsela e moya o o boitshepo o re kaelang ka yone go tlhaloganya dilo malebana le Bogosi jwa Modimo?

25 Akanya ka dilo tsotlhe tse balatedi ba ga Keresete ba ileng ba di rutwa ka Bogosi mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng. Re ithutile gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe leng kwa legodimong le gore bo botlhokwa go le kana kang. Re tlhaloganya sentle ditsholofelo tse pedi tse di newang batho ba ba ikanyegang, tsholofelo ya go tshela kwa legodimong le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Mme gape, re a itse gore re ka bontsha jang gore re ikanyega mo Bogosing jwa Modimo fa re ntse re ikobela taolo ya balaodi ba lefatshe ka tsela e e lekanyeditsweng. Ipotse jaana: ‘A nka bo ke itse dithuto tseno tsa boammaaruri tsa botlhokwa fa Jesu Keresete a ka bo a sa kaela motlhanka wa gagwe yo o boikanyego wa mo lefatsheng gore a di tlhaloganye le go di ruta?’ Ruri ke tshegofatso go bo re kaelwa ke Keresete le moya o o boitshepo!

^ ser. 3 Go ya ka buka nngwe, lefoko la Segerika le le reng, “kaela” mo temaneng eo le raya, “go supa tsela.”

^ ser. 7 Pele ga moo, go ne go akanngwa gore ponatshegelo eo e ne e lebisitse mo ntweng e e neng e le magareng ga bodumedi jwa boheitane jwa Mmusomogolo wa Roma le Kereke ya Roma Katoliki.

^ ser. 10 Ka Seetebosigo 1880, makasine wa Zion’s Watch Tower o ne wa bontsha gore ba ba 144 000 e ne e tla nna Bajuda ba tlholego ba ba neng ba tla bo ba sokologile ka 1914. Le fa go ntse jalo, moragonyana mo go one ngwaga oo wa 1880, go ne ga gatisiwa tsela e e botoka ya go tlhaloganya kgang eno, e e batlang e tsamaisana le e re sa ntseng re tlhaloganya dilo ka yone go fitlha jaanong.