Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 3

Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe

Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Jehofa o senola tsela e boikaelelo jwa gagwe bo tlhaloganngwang ka yone kgato ka kgato, mme o bo senolela fela batho ba ba mmoifang

1, 2. Jehofa o ntse a senola jang boikaelelo jwa gagwe jo bo malebana le batho?

BATSADI ba ba lorato ba akaretsa bana ba bone fa ba tlotla ka dikgang tse di amang lelapa. Le fa go ntse jalo, ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba ba imetsa ka tshedimosetso e ntsi. Ba ba bolelela fela dilo tse ba akanyang gore ba setse ba godile mo ba ka di tlhaloganyang.

2 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ntse a senola boikaelelo jwa gagwe jo bo malebana le batho kgato ka kgato. Mme o ntse a dira jalo fa fela a bona e le nako e e tshwanetseng. Ela tlhoko tshobokanyo e khutshwane ya kafa Jehofa a ileng a senola boammaaruri ka Bogosi ka gone go ralala hisitori.

Ke Eng fa Bogosi bo Tlhokega?

3, 4. A Jehofa o ne a laolela go sa le gale se se neng se tla direga mo hisitoring ya batho? Tlhalosa.

3 Kwa tshimologong, Bogosi jwa ga Mesia e ne e se karolo ya boikaelelo jwa ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o ne a sa laolela go sa le gale gore go tla direga eng mo hisitoring ya batho; boammaaruri ke gore o ne a ba bopile ba na le kgololesego ya go itlhophela. Ka jalo, o ne a bolelela Adame le Efa boikaelelo jwa gagwe malebana le batho fa a ne a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Gen. 1:28) Gape Jehofa o ne a lebeletse gore ba ikobele melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang. (Gen. 2:16, 17) Adame le Efa ba ne ba ka tlhopha go tswelela ba ikanyega. Fa bone le ditlogolwana tsa bone ba ka bo ba ile ba dira jalo, re ne re ka se tlhoke Bogosi jo bo eteletsweng pele ke Keresete, gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe. Gone jaanong lefatshe le ka bo le tletse ka batho ba ba itekanetseng, botlhe e le baobamedi ba ga Jehofa.

4 Botsuolodi jwa ga Satane, Adame le Efa ga bo a ka jwa dira gore Jehofa a tlogele boikaelelo jwa gagwe jwa go tlatsa lefatshe ka batho ba ba itekanetseng. Go na le moo, Jehofa o ne a fetola tsela e a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone. Boikaelelo jwa gagwe ga bo tshwane le terena e e tshwanetseng go tsamaya mo seporong gore e goroge kwa e yang teng, mme e ka nna ya ntshiwa mo seporong ke se batho ba bangwe ba se dirang. Fa Jehofa a bolela boikaelelo jwa gagwe, ga go na maatla ape mo lobopong a a ka thibelang gore bo diragadiwe. (Bala Isaia 55:11.) Fa go nna le  kgwetlho e e lekang go thibela tsela e Jehofa a batlang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka yone, o dirisa tsela e nngwe. * (Ekes. 3:14, 15) Fa a bona go tshwanela, o bolelela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tsela e ntšha e a tla e dirisang go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe.

5. Jehofa o ne a tsibogela jang botsuolodi jwa kwa Edene?

5 Fa Jehofa a ne a tsibogela botsuolodi jwa kwa Edene, o ne a ikaelela go tlhoma Bogosi. (Math. 25:34) Ka nako eo e go neng go bonala batho ba se na tsholofelo, Jehofa o ne a senola sedirisiwa se a neng a tla se dirisa go busetsa batho mo boemong jwa kwa tshimologong le go dirolola kutlobotlhoko e e bakilweng ke maiteko a lefela a ga Satane a go batla go laola. (Gen. 3:14-19) Le fa go ntse jalo, ga a ka a senola dintlha tsotlhe tse di malebana le Bogosi ka nako e le nngwe.

Jehofa o Simolola go Senola Boammaaruri ka Bogosi

6. Jehofa o ne a solofetsa eng, mme o ne a se ka a senola eng?

6 Mo boporofeting jwa ntlhantlha, Jehofa o ne a solofetsa gore go tla nna le “losika” longwe lo lo tla tapetang noga. (Bala Genesise 3:15.) Le fa go ntse jalo, ka nako eo ga go a ka ga senolwa dintlha dipe ka losika loo le ka losika lwa noga. Tota e bile, Jehofa ga a ka a phatsimisa lesedi le lentsi mo dintlheng tseo ka dingwaga di ka nna 2 000. *

7. Ke eng fa Jehofa a ile a tlhopha Aborahame, mme ke thuto efe ya botlhokwa e re ithutang yone mo ntlheng eno?

7 Kgabagare, Jehofa o ne a tlhopha Aborahame gore e nne ene yo losika lo tla tswang mo go ene. Aborahame o ne a tlhophiwa ka gonne o ne a “reeditse lentswe la [ga Jehofa].” (Gen. 22:18) Re ithuta thuto ya botlhokwa mo ntlheng eno—Jehofa o senolela fela ba ba mmoifang ka tlotlo boikaelelo jwa gagwe.—Bala Pesalema 25:14.

8, 9. Jehofa o ne a senolela Aborahame le Jakobe dintlha dife ka ga losika lo lo solofeditsweng?

8 Fa Jehofa a ne a bua le tsala ya gagwe e bong Aborahame a dirisa moengele, ka lekgetlo la ntlha o ne a senola ntlha eno ya botlhokwa malebana le losika lo lo solofeditsweng: Gore losika loo e tla nna motho. (Gen. 22:15-17; Jak. 2:23) Mme gone, motho yono o ne a tla tapeta noga jang? Noga e ne e le mang? Moragonyana fa lesedi le ntse le phatsima, dipotso tseno di ne di tla arabiwa.

9 Jehofa o ne a swetsa ka gore losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo setlogolwaneng sa ga Aborahame e bong Jakobe, monna yo o neng a supa tumelo e kgolo mo Modimong. (Gen. 28:13-22) Jehofa o ne a dirisa Jakobe go senola gore Yo o Solofeditsweng e ne e tla nna setlogolwana sa ga morwa Jakobe e bong Juda. Jakobe o ne a porofeta gore setlogolwana seo sa ga Juda se ne se tla amogela “lore lwa segosi,” lo lo tshwantshetsang maatla a go busa, le gore ‘ditšhaba di ne di tla utlwa ene’ yoo. (Gen. 49:1, 10) Fa Jehofa a ne a dira kitsiso eo, o ne a bontsha gore Yo o Solofeditsweng o ne a tla nna mmusi kana kgosi.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a senolela Dafide le Daniele boikaelelo jwa gagwe?

10 Dingwaga di ka nna 650 morago ga motlha wa ga Juda, Jehofa o ne a senolela setlogolwana sa ga Juda e bong Kgosi Dafide, dintlha tse di oketsegileng ka boikaelelo jwa gagwe. Jehofa o ne a tlhalosa Dafide e le ‘monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe.’ (1 Sam. 13:14; 17:12; Dit. 13:22) E re ka Dafide a ne a boifa Modimo ka tlotlo, Jehofa o ne a tlhopha go dira kgolagano le ene, a mo  solofetsa gore mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe o tla busa ka bosakhutleng.—2 Sam. 7:8, 12-16.

11 Dingwaga di ka nna 500 moragonyana, Jehofa o ne a dirisa moporofeti Daniele go senola ngwaga o o tlhomameng o Yo o Tloditsweng kgotsa Mesia a neng a tla tlhaga ka one mo lefatsheng. (Dan. 9:25) Jehofa o ne a tsaya Daniele e le ‘mongwe yo o botlhokwatlhokwa.’ Ka ntlha yang? Ka gonne Daniele o ne a tlotla Jehofa fela thata e bile a mo direla a sa kgaotse.—Dan. 6:16; 9:22, 23.

12. Daniele o ne a bolelelwa gore a dire eng, mme ka ntlha yang?

12 Le fa gone Jehofa a ile a dirisa baporofeti ba ba ikanyegang ba ba jaaka Daniele go kwala dintlha di le dintsi ka losika lo lo solofeditsweng, e bong Mesia, e ne e ise e nne nako ya ga Jehofa gore batlhanka ba gagwe ba tlhaloganye ka botlalo bokao jwa se a neng a ba tlhotlheleditse go se kwala. Ka sekai, fa Daniele a sena go bontshiwa ponatshegelo e e neng e akaretsa go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo, o ne a bolelelwa gore a kane boporofeti joo go fitlha nako e Jehofa a e beileng. Ka nako eo e e neng e tla nna mo isagweng, kitso ya boammaaruri e ne “e tla nna ntsi.”—Dan. 12:4.

Jehofa o ne a dirisa banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Daniele go kwala dintlha tse di malebana le Bogosi jwa ga Mesia

Jesu o Phatsimisa Lesedi ka Boikaelelo Jwa Modimo

13. (a) Losika lo lo solofeditsweng e ne e le mang? (b) Jesu o ne a phatsimisa lesedi jang mabapi le boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15?

13 Jehofa o ne a tlhalosa sentle gore Jesu ke ene losika lo lo solofeditsweng, setlogolwana sa ga Dafide, se se neng se tla busa e le Kgosi. (Luke 1:30-33; 3:21, 22) Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, go ne ga nna jaaka e kete letsatsi le phatsimisetsa batho kitso ka boikaelelo jwa Modimo. (Math. 4:13-17) Ka sekai, Jesu o ne a fedisa dipelaelo dipe fela tsa gore “noga” e e umakiwang mo go Genesise 3:14, 15 e ne e le mang, fa a ne a bitsa Diabolo “mmolai” le “ramaaka.” (Joh. 8:44) Mo tshenolong e Jesu a neng a e naya Johane, o ne a tlhalosa “noga ya kwa tshimologong” e le “e e bidiwang Diabolo le Satane.” * (Bala Tshenolo 1:1; 12:9.) Mo go yone tshenolo eo, Jesu o ne a bontsha kafa kgabagare ene—losika lo lo solofeditsweng—a tla diragatsang boporofeti jo bo neng jwa bolelwa kwa Edene mme a nyeletse Satane gore a se tlhole a nna teng.—Tshen. 20:7-10.

14-16. A ka metlha barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lemoga bokao jo bo feletseng jwa boammaaruri jo Jesu a neng a bo senola? Tlhalosa.

14 Jaaka fa re bone mo Kgaolo 1 ya buka eno, Jesu o ne a bua thata ka Bogosi. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha a neng a bolelela barutwa ba gagwe dintlha tsotlhe tse ba neng ba batla go di itse. Le fa a ne a tle a bue dintlha dingwe ka tlhamalalo, go ne ga tsaya lobaka—ka dinako dingwe dingwaga di le makgolo moragonyana—gore balatedi ba ga Keresete ba simolole go lemoga bokao jo bo feletseng jwa boammaaruri jo Mong wa bone a neng a ba bo senoletse. Ela tlhoko dikai dingwe.

15 Ka 33 C.E., Jesu o ne a tlhalosa sentle gore babusimmogo le ene ba ba neng ba tla thusa Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, ba ne ba tla tsewa mo lefatsheng mme ba tsosediwe go ya go tshela kwa legodimong e le dibopiwa tsa semoya. Le fa go ntse jalo, barutwa ba gagwe ga ba a ka ba tlhaloganya se a neng a ba senolela sone ka yone nako eo. (Dan. 7:18; Joh. 14:2-5) Ka one ngwaga oo, Jesu o ne a dirisa ditshwantsho go bontsha gore Bogosi bo ne bo se kitla bo tlhomiwa go fitlha go fetile nako e telele a sena go boela kwa  legodimong. (Math. 25:14, 19; Luke 19:11, 12) Barutwa ga ba a ka ba tlhaloganya ntlha eno ya botlhokwa mme moragonyana ba ne ba botsa Jesu yo o tsositsweng mo baswing jaana: “A o busetsa bogosi mo Iseraele mo nakong eno?” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a swetsa ka gore a se ka a ba senolela dintlha tse di oketsegileng ka yone nako eo. (Dit. 1:6, 7) Gape Jesu o ne a ruta gore go ne go tla nna le “dinku tse dingwe,” tse e neng e se kitla e nna karolo ya “letsomanyane” la babusimmogo le ene. (Joh. 10:16; Luke 12:32) Balatedi ba ga Keresete ba ne ba se ka ba tlhaloganya sentle gore ditlhopha tseno tse pedi di kaya eng go fitlha go setse go fetile lobaka Bogosi bo sena go tlhomiwa ka 1914.

16 Go ne go na le dilo di le dintsi tse Jesu a neng a ka di bolelela barutwa ba gagwe fa a ne a sa ntse a na le bone mo lefatsheng, mme o ne a itse gore ba ne ba ka se kgone go di sikara. (Joh. 16:12) Ga go pelaelo gore kitso e e oketsegileng e e malebana le Bogosi e ne ya senolwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Le fa go ntse jalo, e ne e ise e nne nako ya gore kitso eo e nne ntsi.

Kitso ya Boammaaruri e Nna Ntsi mo ‘Motlheng wa Bokhutlo’

17. Re tshwanetse go dira eng gore re tlhaloganye boammaaruri jwa Bogosi, mme re tlhoka eng gape?

17 Jehofa o ne a solofetsa Daniele gore ‘mo motlheng wa bokhutlo,’ ba le bantsi ba ne ba tla “ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri” ka boikaelelo jwa Modimo e ne e tla nna ntsi. (Dan. 12:4) Ba ba batlang go nna le kitso eo, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba e bone. Tshupiso nngwe e bontsha gore mofuta mongwe wa lediri la Sehebera e leng “go ya kwa le kwa,” le tlhalosa kgopolo ya mongwe a tlhatlhoba buka ka kelotlhoko le ka tsela e e tseneletseng. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore re tlhatlhoba Baebele go le kana kang, re ka se tlhaloganye sentle boammaaruri kaga Bogosi fa Jehofa a sa re thuse go bo tlhaloganya.—Bala Mathaio 13:11.

18. Batho ba ba boifang Jehofa ba ile ba bontsha jang tumelo le boikokobetso?

18 Fela jaaka Jehofa a ile a senola boammaaruri kaga Bogosi kgato ka kgato mo dingwageng tsa pele ga 1914, o tsweletse ka go  dira jalo le mo nakong eno ya bokhutlo. Jaaka Kgaolo 4 le 5 mo bukeng eno di tla bontsha, mo dingwageng tse di fetang 100 tse di fetileng, batho ba Modimo ba ne ba tshwanelwa ke go fetola tsela e ba tlhaloganyang dilo ka yone ka makgetlo a le mmalwa. A seo se bontsha gore Jehofa ga a ba eme nokeng? Nnyaa, le e seng! O ba ema nokeng. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ba boifang Jehofa ba ne ba bontsha dinonofo tse pedi tse a di ratang—tumelo le boikokobetso. (Baheb. 11:6; Jak. 4:6) Batlhanka ba ga Jehofa ba na le tumelo ya gore ditsholofetso tsotlhe tse di mo Lefokong la Modimo di tla direga. Ba bontsha boikokobetso fa ba amogela gore ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore ditsholofetso tseo di tla diragadiwa jang. Boikutlo joo jwa boikokobetso bo tlhalosiwa mo makasineng wa The Watch Tower, wa March 1, 1925, o o neng o re: “Re a itse gore Morena ke ene mophutholodi ka boene, le gore o tla phuthololela batho ba gagwe Lefoko la gagwe, ka tsela ya gagwe e e molemo le ka nako ya gagwe e e tshwanetseng.”

“Morena . . . o tla phuthololela batho ba gagwe Lefoko la gagwe, ka tsela ya gagwe e e molemo le ka nako ya gagwe e e tshwanetseng”

19. Gone jaanong Jehofa o letlile gore re tlhaloganye eng, mme ka ntlha yang?

19 Fa Bogosi bo ne bo tlhomiwa ka 1914, batho ba Modimo ba ne ba na le kitso e e sa felelang ya kafa dipolelelopele tse di malebana le Bogosi di neng di tla diragadiwa ka gone. (1 Bakor. 13:9, 10, 12) Fa re ntse re tlhagafaletse go bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo, ka dinako dingwe re ne re dira ditshwetso tse diphoso. Fa dingwaga di ntse di ya, re ne ra lemoga gore go botlhale go latela mafoko a mangwe a a neng a kwadilwe mo makasineng wa The Watch Tower o o umakilweng mo serapeng se se fetileng. Setlhogo seo se ne sa re: “Go bonala go le molemo gore re latele molao ono wa gore boporofeti bo ka se tlhaloganngwe ka botlalo go fitlha bo diragadiwa kgotsa fa bo ntse bo tsweletse bo diragadiwa.” E re ka jaanong re le gaufi le bowelo jwa metlha ya bofelo, dipolelelopele di le dintsi tse di malebana le Bogosi di setse di diragaditswe mme tse dingwe di ntse di a diragadiwa. Ka gonne batho ba Modimo ba le boikokobetso e bile ba itetla go gakololwa, Jehofa o letlile gore tsela e re tlhaloganyang boikaelelo jwa gagwe ka yone e felele. Kitso ya boammaaruri e setse e le ntsi!

 Go Dira Diphetogo mo Tseleng e Dilo di Tlhaloganngwang ka Yone e Nna Teko mo Bathong ba Modimo

20, 21. Go dira diphetogo mo tseleng e go tlhaloganngwang dilo ka yone go ne ga ama jang Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

20 Fa Jehofa a tokafatsa tsela e re tlhaloganyang boammaaruri ka yone, boemo jwa dipelo tsa rona bo a lekwa. A tumelo le boikokobetso di tla re tlhotlheletsa go amogela diphetogo? Bakeresete ba ba neng ba tshela mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebana le teko e e ntseng jalo. Ka sekai, akanya o le Mokeresete wa Mojuda o tshela ka nako eo. O tlotla Molao wa ga Moshe fela thata e bile o le motlotlo ka boswa jwa setšhaba sa gaeno. Jaanong o amogela makwalo a a tlhotlheleditsweng a a tswang kwa go moaposetoloi Paulo, a a bontshang gore ga lo tlhole lo tlamiwa ke Molao e bile Jehofa o ganne Baiseraele ba tlholego mme o itlhophetse Iseraele wa semoya yo o kopanyeletsang Bajuda le Baditšhaba. (Bar. 10:12; 11:17-24; Bagal. 6:15, 16; Bakol. 2:13, 14) Wena o ka bo o ile wa tsiboga jang?

21 Bakeresete ba ba boikokobetso ba ne ba amogela tlhaloso ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng mme Jehofa o ne a ba segofatsa. (Dit. 13:48) Ba bangwe ba ne ba gana diphetogo tseo mme ba batla go ngangatlela tsela e bone ba tlhaloganyang dilo ka yone. (Bagal. 5:7-12) Fa batho bao ba ne ba ka se fetole tsela e ba lebang dilo ka yone, ba ne ba tla latlhegelwa ke tshono ya go nna babusimmogo le Keresete.—2 Pet. 2:1.

22. O ikutlwa jang ka tsela e e tokafaditsweng e re tlhaloganyang dilo ka yone malebana le boikaelelo jwa Modimo?

22 Mo masomeng a bosheng a dingwaga, Jehofa o ntse a tokafatsa tsela e re tlhaloganyang Bogosi ka yone. Ka sekai, o re thusitse go bona sentle gore ba ba tla nnang babusiwa ba Bogosi ba tla kgaoganngwa leng le ba ba sa batleng go reetsa, fela jaaka dinku di kgaoganngwa le dipodi. Gape o re rutile gore palo e e feletseng ya ba ba 144 000 e tla felela leng, gore ke eng se se kaiwang ke ditshwantsho tsa ga Jesu tse di malebana le Bogosi le gore motlodiwa wa bofelo o tla tsosediwa leng go ya go tshela kwa legodimong. * O tsibogela jang dithuto tseno tse di tokafaditsweng? A di nonotsha tumelo ya gago? A o di leba e le bosupi jwa gore Jehofa o tswelela a ruta batho ba gagwe ba ba boikokobetso? Tshedimosetso e e mo bukeng eno e tla nonotsha tsela e o tlhatswegileng pelo ka yone gore Jehofa o senolela ba ba mmoifang boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato.

^ ser. 4 Leina la Modimo ke mofuta wa lediri la Sehebera le le rayang, “go nna.” Leina la ga Jehofa le kaya gore ke Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe. Bona lebokose le le reng, “Bokao Jwa Leina la Modimo,” mo go tsebe 43.

^ ser. 6 Le fa gone gompieno lobaka lono lo ka lebega lo le loleele thata, re tshwanetse go gopola gore batho ba kile ba bo ba tshela lobaka lo loleele thata. Adame o ne a tshela ka lobaka lo le longwe lwa nako le Lameke, rraagwe Noa. Lameke ene o ne a tshela ka lobaka lo le longwe lwa nako le Sheme, morwa Noa. Sheme ene o ile a tshela ka lobaka lo le longwe lwa nako le Aborahame.—Gen. 5:5, 31; 9:29; 11:10, 11; 25:7.

^ ser. 13 Lefoko “Satane,” le tlhaga ka makgetlo a le 18 mo Dikwalong tsa Sehebera, fa le dirisiwa go tlhalosa motho. Le fa go ntse jalo, lefoko “Satane,” le tlhaga ka makgetlo a feta 30 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Go a tshwanela go bo Dikwalo tsa Sehebera di sa bue thata ka Satane, mme di tlhomile mogopolo thata mo go tlhaloseng Mesia. Fa Mesia a goroga, o ne a senola Satane ka botlalo, e leng ntlha ya botlhokwa e e tlhagang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.

^ ser. 22 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka dithuto tseno tse di tokafaditsweng, bona dikgatiso tse di latelang tsa Tora ya Tebelo: October 15, 1995, tsebe 23-28; January 15, 2008, tsebe 20-24; July 15, 2008, tsebe 17-21; July 15, 2013, tsebe 9-14.