1, 2. Ke leng Jesu a ileng a galefa, mme ka ntlha yang?

JESU o ne a galefile tota—mme e le ka lebaka le le utlwalang. O ka nna wa fitlhela go le thata go mo akanya a le mo seemong se se ntseng jalo ka gonne e ne e le monna yo o bonolo tota. (Mathaio 21:5) Mme gone, o ne a kgona go laola kgalefo eo ka gonne e ne e le kgalefo e e siameng. * Mme monna yono yo o ratang kagiso o ne a galefisitswe ke eng mo go kanakana? E ne e le tiragalo nngwe ya tshiamololo e e maswe tota.

2 Jesu o ne a rata tempele ya kwa Jerusalema thata. Mo lefatsheng lotlhe, e ne e le yone fela lefelo le le boitshepo le le neng le diretswe kobamelo ya ga Rraagwe wa kwa legodimong. Bajuda go tswa kwa dinageng tse dintsi ba ne ba tsamaya mesepele e meleele go ya go obamela teng. Tota le Baditšhaba ba ba boifang Modimo, ba ne ba tla kwa lelwapeng la tempele le le neng le diretswe gore ba le dirise. Mme fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a tsena mo tempeleng mme a bona sengwe se se sa itumediseng. Ebu, e ne e kete ke lefelo la marekisetso go na le go nna ntlo ya kobamelo! E ne e tletse ka bagwebi le baananyi ba madi. Mme gone, tshiamololo e e neng e dirwa moo e ne e le eng? Banna bano ba ne ba dirisa tempele ya Modimo go ja batho ntsoma—le e leng go ba tsietsa. Jang?—Johane 2:14.

3, 4. Ke ditiro dife tsa bogagapa tse di neng di dirwa mo ntlong ya ga Jehofa, mme ke kgato efe e Jesu a neng a e tsaya go baakanya dilo?

3 Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ntshitse taelo ya gore go dirisiwe fela mofuta o o rileng wa ledi go duela lekgetho la kwa tempeleng. Baeti ba ne ba tshwanelwa ke go ananya madi a bone gore ba nne le ledi leo. Ka jalo baananyi ba madi ba ne  ba baya ditafole tsa bone mo teng ga tempele, ba duedisa batho nako le nako fa ba ananya madi. Kgwebo ya go rekisa diphologolo le yone e ne e dira madi a mantsi. Baeti ba ba neng ba batla go ntsha ditlhabelo ba ne ba ka reka mo mogwebing ope fela mo motseng, mme badiredi ba tempele ba ne ba ka nna ba gana ditlhabelo tseo ba re ga se tse di tshwanelang. Le fa go ntse jalo, fa motho a reka ditlhabelo tse di rekisiwang mo teng ga tempele o ne a tlhomamisega gore di tla amogelwa. E re ka batho ba ne ba ikaegile gotlhelele ka baananyi bano, ka dinako tse dingwe ba ne ba duedisa batho ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. * Seno se ne se le maswe go feta le go rata madi go go feteletseng. Go ne go tshwana fela le tsietso!

“Tlosang dilo tse fano!”

4 Jesu o ne a ka se letle tshiamololo e e kalo. Lefelo leo e ne e le ntlo ya ga Rraagwe! O ne a loga seme sa megala mme a lelekela metlhape ya dikgomo le dinku kwa ntle ga tempele. Go tswa foo a atamela baananyi ba madi a bo a pitikolola ditafole tsa bone. Akanya fela madi ao otlhe a gasamela mo bodilong jo bo dirilweng ka mmabole! O ne a laela banna ba ba neng ba rekisa maphoi jaana a galefile: “Tlosang dilo tse fano!” (Johane 2:15, 16) Go bonala go se ope yo o neng a leka go ganetsana le monna yono yo o pelokgale.

“Morwa o Gotsitse Rraagwe”

5-7. (a) Botshelo jwa ga Jesu jwa pele ga a tla mo lefatsheng bo ile jwa tlhotlheletsa jang tsela e a dirisang tshiamiso ka yone, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe? (b) Keresete o ile a lwa jang le tshiamololo e e neng e ama bolaodi le leina la ga Jehofa?

5 Ke boammaaruri gore, bagwebi bano ba ne ba boa gape. Mo e ka nnang dingwaga tse tharo moragonyana, Jesu o ne a ba kgalemelela yone tshiamololo eo, mo lekgetlong leno a nopola mafoko a ga Jehofa ka namana a kgala batho ba ba fetotseng ntlo ya  Gagwe “legaga la dinokwane.” (Mathaio 21:13; Jeremia 7:11) Ee, fa Jesu a bona tsela ya bogagapa e batho ba neng ba tsiediwa ka yone le e tempele ya Modimo e neng e leswafadiwa ka yone, o ne a ikutlwa ka yone tsela e Rraagwe a neng a ikutlwa ka yone. Mme seno ga se gakgamatse! Jesu o ne a feditse dimilionemilione tse di se nang palo tsa dingwaga a rutwa ke Rraagwe wa kwa legodimong. Ka gone, o ne a tlhatlheletswe ka tshiamiso e Jehofa a nang le yone. O ne a nna sekao sa mmatota sa mafoko a a reng, “Morwa o gotsitse rraagwe.” Ka gone tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go bona kafa Jehofa a leng tshiamiso ka teng ke ka go sekaseka sekai sa ga Jesu Keresete.—Johane 14:9, 10.

6 Morwa yono yo o esi wa ga Jehofa o ne a le teng fa Satane a latofatsa Jehofa Modimo ka maaka le go bolela gore Jehofa ga a buse ka tshiamo. A go senya Modimo leina ruri! Morwa gape o ne a utlwa tatofatso ya ga Satane ya moragonyana ya gore ga go ope yo o neng a ka direla Jehofa ka go bo a mo rata, fa e se fela ka maitlhomo a bogagapa. Ga go pelaelo gore ditatofatso tseno tsa maaka di tshwanetse tsa bo di ile tsa utlwisa Morwa botlhoko tota. O tshwanetse a bo a ile a itumela tota go itse gore o tla nna le seabe sa botlhokwa mo go rarabololeng ditatofatso tseno! (2 Bakorintha 1:20) O ne a tla dira seo jang?

7 Jaaka fa re utlwile mo Kgaolong ya 14, Jesu Keresete o ne a araba ditatofatso tsa ga Satane tsa go belaela boikanyegi jwa dibopiwa tsa ga Jehofa ka karabo e e tlhamaletseng le ka tsela e e kgaolang kgang. Ka go dira jalo Jesu o ne a tlhoma motheo wa kgato ya makgaolakgang ya go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisiwa ga leina la Gagwe. E re ka Jesu e le Moemedi yo Mogolo wa ga Jehofa, o tla dira gore go nne le tshiamiso ya bomodimo mo lobopong lotlhe. (Ditiro 5:31) Tsela ya gagwe ya botshelo mo lefatsheng le yone e ne ya bontsha tshiamiso ya bomodimo. Jehofa o ne a bua jaana ka ene: “Ke tla tsenya moya wa me mo go ene, mme o tla tlhalosetsa ditšhaba se tshiamiso e leng sone.” (Mathaio 12:18) Jesu o ne a diragatsa mafoko ao jang?

 Jesu o Bontsha Sentle “se Tshiamiso e Leng Sone”

8-10. (a) Melao e e sa kwalwang ya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda e ne e rotloetsa jang go nyatsa batho ba e seng Bajuda le basadi? (b) Melao e e sa kwalwang e ile ya fetola molao wa ga Jehofa wa Sabata jang go nna mokgweleo o o boima?

8 Jesu o ne a rata Molao wa ga Jehofa e bile o ne a tshela ka one. Mme baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ne ba sokamisa Molao e bile ba sa o tlhalose sentle. Jesu o ile a ba raya a re: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! . . . Lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” (Mathaio 23:23) Barutisi bao ba Molao wa Modimo ba ne ba sa dire gore go bonale sentle “se tshiamiso e leng sone.” Go na le moo ba ne ba sokamisa tshiamiso ya Modimo. Jang? Akanya ka dikai di le mmalwa.

9 Jehofa o ne a laela batho ba gagwe gore ba nne ba itlhaotse mo ditšhabeng tsa baheitane tse di neng di ba dikologile. (1 Dikgosi 11:1, 2) Le fa go ntse jalo, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ba neng ba feteletsa dilo ba ne ba kgothaletsa batho go nyatsa batho botlhe ba e seng Bajuda. Tota e bile Mishnah e ne e na le molao ono: “Kgomo e se ka ya tlogelwa mo mafelong a baditšhaba ka gonne go belaelwa fa ba na le tlwaelo ya go tlhakanela dikobo le diphologolo.” Tsela eo e e maswe ya go tlhaola batho botlhe ba e seng Bajuda e ne e sa siama e bile e sa dumalane gotlhelele le se Molao wa ga Moshe o se kgothaletsang. (Lefitiko 19:34) Melao e mengwe e e itiretsweng ke batho e ne e nyenyefatsa basadi. Molao o o sa kwalwang o ne o bolela gore mosadi o ne a tshwanetse go tsamaya kwa morago ga monna wa gagwe e seng a bapile le ene. Monna o ne a laelwa gore a se ka a tlotla le mosadi mo mafelong a botlhe, le mosadi wa gagwe tota. Fela jaaka makgoba, basadi ba ne ba sa letlwe go ntsha bosupi mo dikgotlatshekelong. E bile go ne go na le thapelo e e tlwaelegileng e mo go yone banna ba neng ba leboga Modimo go bo e se basadi.

10 Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba bipa Molao wa Modimo ka melao le ditaelo tse dintsintsi tse di itlhometsweng ke batho. Ka sekai Molao wa Sabata o ne o laela fela gore go se ka ga dirwa ditiro ka letsatsi la Sabata, o tlhaola letsatsi leo go nna letsatsi la kobamelo, la go itapolosa semoyeng le la go ikhutsa. Le fa go ntse jalo, Bafarasai ba ile ba dira gore molao oo o nne mokgweleo o o  boima. Ba ile ba itlhoma go nna bone ba ba dirang tshwetso ya gore “tiro” eo ke eng. Ba ile ba kaya dilo tse di farologaneng tse 39 gore ke tiro, tse di jaaka go roba kana go tsoma. Dikarolwana tseno di ile tsa dira gore go nne le dipotso tse di sa feleng. Fa motho a ka bolaya letsetse ka Sabata a seo e ne e le go tsoma? Fa a ne a ka kgetla dithoro a di tlatsa seatla gore a di je fa a ntse a tsamaya, a o ne a roba? Fa a ne a ka fodisa motho yo o lwalang a seo e ne e le tiro? Ba ne ba araba dipotso tse di ntseng jalo ka go tlhoma melao e mentsi e e gagametseng.

11, 12. Jesu o ile a bontsha jang go nna kgatlhanong le ditlwaelo tse e seng tsa Dikwalo tsa Bafarasai?

11 Jesu o ne a ka thusa batho jang go itse se tota tshiamiso e leng sone mo maemong a a ntseng jalo? O ne a nna pelokgale go kgala baeteledipele bao ba bodumedi mo dithutong tsa gagwe le mo tseleng e a neng a tshela ka yone. Akanya pele ka dingwe tsa dithuto tsa gagwe. O ne a kgala melao ya bone e mentsintsi e e itiretsweng ke batho a sa potapote, a re: “Lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao ya lona e lo neng lwa e fetisa.”—Mareko 7:13.

12 Jesu o ne a ruta ka tlhamalalo gore Bafarasai ba ne ba le phoso malebana le molao wa Sabata—gore totatota ba ne ba sa tlhaloganye boikaelelo jwa mmatota jwa molao oo. O ne a tlhalosa gore Mesia ke “Morena wa sabata” mme ka gone o ne a na le tshwanelo ya go fodisa batho ka Sabata. (Mathaio 12:8) O ne a gatelela seno ka go fodisa batho phatlalatsa ka kgakgamatso ka Sabata. (Luke 6:7-10) Go fodisa batho jalo e ne e le pontsho e nnye fela ya go fodisa go a tlileng go go dira mo lefatsheng lotlhe ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. Puso eo ya Dingwaga Tse di Sekete ka boyone e tla nna Sabata wa mmatota o ka one batho botlhe ba ba ikanyegang kgabagare ba tla ikhutsetsang mokgweleo o o boima wa boleo le loso o o tsereng makgolokgolo a dingwaga.

13. Ke molao ofe o o neng wa nna teng ka ntlha ya bodiredi jwa ga Keresete jwa mo lefatsheng, mme o ne o farologana jang le molao o o tlileng pele ga one?

13 Gape Jesu o ne a bontsha sentle se tshiamiso e leng sone ka gonne fa a sena go wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng go ne ga nna le molao o mosha, “molao wa ga Keresete.” (Bagalatia 6:2) Molao ono o ne o farologana le Molao wa ga Moshe o o tlileng pele ga one ka gonne one o ne o ikaegile thata ka melaometheo e  seng ka ditaelo tse dintsi tse di kwadilweng. Mme gone, o ne o akaretsa ditaelo dingwe tse di tlhamaletseng. Nngwe ya tsone Jesu o ne a re ke “taelo e ntšha.” Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe botlhe gore ba ratane fela jaaka a ba ratile. (Johane 13:34, 35) Ee, lorato lwa go intsha setlhabelo e ne e tshwanetse go nna selo se se tlhaolang batho botlhe ba ba tshelang go ya ka “molao wa ga Keresete.”

Sekao se se Molemo sa Tshiamiso

14, 15. Jesu o bontshitse jang gore ga a itlhokomolose selekanyo se se lekanyeditsweng sa taolo e a e neetsweng, mme ke eng fa seno se kgothatsa?

14 Jesu o ne a se ka a ruta fela ka lorato. O ne a tshela go ya ka “molao wa ga Keresete.” O ne o bonala sentle mo tseleng e a neng a tshela ka yone. Akanya ka ditsela tse tharo tse sekao sa ga Jesu se bontshitseng sentle ka tsone se tota tshiamiso e leng sone.

15 Sa ntlha, Jesu o ne a leka ka bojotlhe go se dire ditiro dipe tsa tshiamololo. Gongwe o etse tlhoko gore ditiro tse dintsi tsa tshiamololo di bakwa ke fa ka boikgogomoso batho ba ba sa itekanelang ba itlhokomolosa selekanyo se se ba tshwanetseng sa taolo. Jesu o ne a se ka a dira jalo. Nako nngwe monna mongwe o ne a tla kwa go Jesu a bo a re: “Moruti, bolelela morwarre gore a kgaoganye boswa le nna.” Jesu o ne a araba jang? “Monna, ke mang yo o neng a ntlhoma go nna moatlhodi kgotsa mokgaoganyi mo go lona?” (Luke 12:13, 14) A seo ga se gakgamatse? Jesu o ne a na le botlhale, kgono ya go lemoga le taolo e a e filweng ke Modimo e e neng e feta ya motho ope fela mo lefatsheng; le fa go ntse jalo, o ne a gana go itsenya mo kgannyeng eo, e re ka a ne a sa newa taolo e e kgethegileng ya go dira jalo. Jesu ga a bolo go nna boikokobetso ka tsela eno, tota le ka diketekete tsa dingwaga tsa pele ga a nna motho. (Jude 9) Kgang ya go bo Jesu a ikanya Jehofa ka boikokobetso gore a mmontshe se tota tshiamiso e leng sone e re lemotsha sengwe se se molemo ka ene.

16, 17. (a) Jesu o ne a bontsha tshiamiso jang fa a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a dirisa tshiamiso ka kutlwelobotlhoko?

16 Sa bobedi, Jesu o ne a bontsha tshiamiso mo tseleng e a neng a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka yone. O ne a sa tlhaole. Go na le moo, o ne a leka ka tlhoafalo go fitlhelela  batho ba mefuta yotlhe, e ka ne ba humile kana ba humanegile. Bafarasai bone ba ne ba nyatsa batho ba ba humanegileng, ba e seng ba maemo ka go ba bitsa gore ke ba-am-ha·aʹret, kana “batho ba naga.” Jesu o ne a nna pelokgale mme a baakanya tshiamololo eo. Fa a ne a ruta batho dikgang tse di molemo—kana, tota le fa a ne a ja le batho, a ba fepa, a ba fodisa, kana le e leng go ba tsosa mo losong—o ne a dira dilo go ya ka tshiamiso ya Modimo yo a batlang go fitlhelela “batho ba mefuta yotlhe.” *1 Timotheo 2:4.

17 Sa boraro, Jesu o ne a dirisa tshiamiso ka kutlwelobotlhoko e kgolo. O ne a ipha matsapa a go thusa baleofi. (Mathaio 9:11-13) O ne a iketleeleditse go thusa batho ba ba neng ba se na maatla a go itshireletsa. Ka sekai, Jesu ga a ka a dumalana le baeteledipele ba bodumedi fa ba ne ba rotloetsa gore Baditšhaba botlhe ba se ka ba tshepiwa. O ne a thusa bangwe ba bone le go ba ruta ka bopelotlhomogi le mororo thomo ya gagwe ya konokono e ne e le mo Bajudeng. Fa modiredi wa masole wa Moroma a ne a lwalelwa ke motlhanka, o na a dumela go mo fodisa ka kgakgamatso, a re: “Ga ke ise ke bone tumelo e kgolo jaana mo go ope mo Iseraele.”—Mathaio 8:5-13.

18, 19. (a) Jesu o ne a buelela kgang ya go tlotla basadi ka ditsela dife? (b) Sekao sa ga Jesu se re thusa jang go bona kafa bopelokgale le tshiamiso di amanang ka teng?

18 Ka tsela e e tshwanang, Jesu ga a ka a ema nokeng dikgopolo tse di neng di aname malebana le basadi. Go na le moo, o ne a nna pelokgale mme a dira tshiamiso. Basadi ba Basamarea ba ne ba tsewa ba se phepa fela jaaka Baditšhaba. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a okaoka go rerela mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng sa Sikara. Tota e bile, mosadi yono e ne ya nna ene motho wa ntlha yo Jesu a neng a mo itlhalosetsa ka tlhamalalo gore ke ene Mesia yo o solofeditsweng. (Johane 4:6, 25, 26) Bafarasai ba ne ba bolela gore mosadi ga a tshwanela go rutwa Molao wa Modimo, mme Jesu ene o ne a fetsa nako e ntsi le maatla a ruta basadi.  (Luke 10:38-42) Le fa dingwao di ne di bolela gore basadi ba ka se ikanngwe gore ba ka neela bosupi jo bo ikanyegang, Jesu o ne a tlotla basadi bangwe ka go ba naya tshiamelo ya go nna bone batho ba ntlha go mmona morago ga gore a tsosiwe mo baswing. O ile a bo a ba laela gore ba ye go itsise barutwa ba gagwe ba banna ka tiragalo eno e e botlhokwa thata!—Mathaio 28:1-10.

19 Ee, Jesu o ne a bontsha ditšhaba sentle se tshiamiso e leng sone. Mo makgetlong a mantsi o ne a itsenya mo kotsing e kgolo gore a dire jalo. Sekao sa ga Jesu se re thusa go lemoga gore go emela tshiamiso ya boammaaruri go tlhoka bopelokgale. Go a tshwanela go bo a ile a bidiwa gore ke “Tau e e leng ya lotso lwa Juda.” (Tshenolo 5:5) Se lebale gore tau e tshwantshetsa tshiamiso ya bopelokgale. Le fa go ntse jalo, mo isagweng Jesu o tla tloga a tlisa tshiamiso e kgolo le go feta. O tla “baya tshiamiso mo lefatsheng” ka tsela ya mmatota.—Isaia 42:4.

Kgosi ya Bomesia e “Baya Tshiamiso mo Lefatsheng”

20, 21. Kgosi ya Bomesia e ile ya rotloetsa tshiamiso jang mo motlheng wa rona mo lefatsheng lotlhe le mo phuthegong ya Bokeresete?

20 Fa e sa le Jesu a nna Kgosi ya Bomesia ka 1914, o ile a rotloetsa tshiamiso mo lefatsheng. Jang? O ile a ema nokeng go diragadiwa ga boporofeti jwa gagwe jo bo mo go Mathaio 24:14. Balatedi ba ga Jesu ba ba mo lefatsheng ba ile ba ruta batho ba dinaga tsotlhe boammaaruri kaga Bogosi jwa ga Jehofa. Fela jaaka Jesu, ba ile ba rerela batho ba sa tlhaole, ba leka go neela batho botlhe—ba basha kana ba ba godileng, bahumi kana bahumanegi, banna kana basadi—tshono ya go itse Jehofa, Modimo wa tshiamiso.

21 Gape Jesu o rotloetsa tshiamiso mo phuthegong ya Bokeresete, e a leng Tlhogo ya yone. Jaaka fa go boleletswe pele, o e abela “dimpho tse e leng banna,” e leng bagolwane ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba ba etelelang pele mo phuthegong. (Baefeso 4:8-12) Fa banna bano ba dira tiro ya go disa letsomane le le rategang la Modimo, ba etsa sekao sa ga Jesu Keresete ka go dira gore dilo di dirwe ka tshiamiso. Ba nna ba gopotse gore Jesu o batla gore dinku tsa gagwe di tshwarwe ka tshiamiso—go sa kgathalesege maemo, go tlotlomala kana seemo sa itsholelo.

22. Jehofa o ikutlwa jang ka go anama ga tshiamololo gompieno mo lefatsheng, mme o tlhomile Morwawe go dira eng ka gone?

22 Le fa go ntse jalo, gautshwane mo isagweng, Jesu o tla tlhoma  tshiamiso mo lefatsheng ka tsela e e iseng e ko e nne gone. Tshiamololo e aname mo lefatsheng leno le le bosula. Ngwana mongwe le mongwe yo o swang ka ntlha ya tlala o swa jalo ka gonne go sa dirisiwa tshiamiso mme go se na lebaka le le utlwalang, segolobogolo fa re akanya ka madi le nako tse di senngwang mo go direng dibetsa tsa ntwa le mo go kgotsofatseng dikeletso tsa bopelotshetlha tsa batho ba ba ratang menate. Dimilionemilione tsa batho ba ba swang ngwaga le ngwaga go sa tlhokege, ba swa jalo ka ntlha ya mofuta o le mongwe fela wa e mentsi ya tshiamololo e yotlhe fela e dirang gore Jehofa a galefe ka kgalefo e e siameng. O tlhomile Morwawe gore a tlhabane ntwa ya tshiamo le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo gore a fedise tshiamololo go ya go ile.—Tshenolo 16:14, 16; 19:11-15.

23. Keresete o tla tlisa tshiamiso jang ka bosakhutleng morago ga Haramagedona?

23 Le fa go ntse jalo, tshiamiso ya ga Jehofa ga e tlhoke fela gore a nyeletse baikepi. Gape o tlhomile Morwawe go busa e le “Kgosana ya Kagiso.” Morago ga ntwa ya Haramagedona, puso ya ga Jesu e tla tlhoma kagiso mo lefatsheng lotlhe, mme o tla busa “ka tshiamiso.” (Isaia 9:6, 7) Morago ga moo Jesu o tla itumelela go fedisa tshiamololo yotlhe e e bakileng mahutsana le pogo e kgolo jaana mo lefatsheng. O tla boloka tshiamiso e e molemo ya ga Jehofa ka boikanyegi ka bosakhutleng. Ka gone, go botlhokwa thata gore re leke go etsa tshiamiso ya ga Jehofa gone jaanong. Mma re bone kafa re ka dirang seo ka teng.

^ ser. 1 Jesu ka go galefa jalo ka tsela e e siameng o ne a tshwana le Jehofa yo o ‘tlogang a galefela’ boikepo jotlhe. (Nahume 1:2) Ka sekai, fa Jehofa a sena go bolelela batho ba gagwe ba batsuolodi gore ba fetotse ntlo ya gagwe “logaga fela lwa dinokwane,” o ne a re: “Bogale jwa me le tšararego ya me di tshololelwa mo lefelong leno.”—Jeremia 7:11, 20.

^ ser. 3 Go ya ka Mishnah, batho ba ne ba ngongorega dingwaga moragonyana ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo e go neng go rekisiwa maphoi ka yone kwa tempeleng. Tlhwatlhwa eo e ne ya fokodiwa ka bonako ka diperesente di ka nna 99! Ke mang yo o neng a solegelwa molemo ke kgwebo eo e e dirang madi a mantsi? Borahisitori bangwe ba bolela gore marekisetso a kwa tempeleng e ne e le a lelapa la ga Moperesiti yo Mogolo Anase, mme a ne a direla lelapa la moperesiti yoo khumo e kgolo.—Johane 18:13.

^ ser. 16 Bafarasai ba ne ba dumela gore batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba sa itse Molao, ba ne ba “hutsegile.” (Johane 7:49) Ba ne ba bolela gore motho o ne a sa tshwanela go ruta batho ba ba ntseng jalo kana go dira kgwebo le bone kana go ja le bone le fa e le go rapela le bone. Go letla morwadio go nyalana le mongwe wa bone go ne go le maswe thata go feta go mo neela dibatana. Ba ne ba re batho bao ba ba nyatsegang ga ba tshwanelwe ke tsholofelo ya tsogo.