Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 16

“O Dire Tshiamiso” fa o Tsamaya le Modimo

“O Dire Tshiamiso” fa o Tsamaya le Modimo

1-3. (a) Ke eng fa re kolota Jehofa? (b) Ke eng se Mofalotsi wa rona yo o lorato a re kopang sone?

AKANYA o gaeletswe mo sekepeng se se nwelang. Fa o setse o re o a itlhoboga, mofalotsi o a goroga a bo a go gogela mo lefelong le le babalesegileng. A bo o wela dibete jang ne fa mofalotsi a go tlosa mo lefelong la kotsi a bo a re: “Jaanong o babalesegile”! A o ne o ka se ikutlwe o kolota motho yoo? Tota o ne o tla bo o mo kolota botshelo jwa gago.

2 Ka tsela nngwe, seno se tshwana le se Jehofa a re diretseng sone. Ruri re a mo kolota. Kana e bile, o re abetse thekololo, a dira gore re kgone go namolwa mo maatleng a a setlhogo a boleo le loso. Re ikutlwa re babalesegile go itse gore fa fela re dumela mo setlhabelong seo se se botlhokwa, maleo a rona a a itshwarelwa, mme isagwe ya rona ya bosakhutleng e babalesegile. (1 Johane 1:7; 4:9) Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 14, thekololo ke tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e Jehofa a re bontshitseng lorato le tshiamiso ka yone. Re tshwanetse go tsibogela seo jang?

3 Go a tshwanela gore re akanyetse se Mofalotsi wa rona yo o lorato a re kopang sone. Jehofa o bua jaana ka moporofeti Mika: “O go boleletse se se molemo, wena motho wa mo lefatsheng. Mme Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” (Mika 6:8) Ela tlhoko gore sengwe sa dilo tse Jehofa a re kopang tsone ke gore re “dire tshiamiso.” Re ka dira seo jang?

Go Latelela ‘Tshiamo ya Boammaaruri’

4. Re itse jang gore Jehofa o batla gore re tshele ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe ya tshiamo?

4 Jehofa o batla gore re tshele go ya ka melao ya gagwe e e kaga se se siameng le se se sa siamang. E re ka melao ya gagwe e siame e bile e sa gobelele, fa re tshela go ya ka yone re a bo re latelela  tshiamiso le tshiamo. Isaia 1:17 ya re: “Ithuteng go dira molemo; batlang tshiamiso.” Lefoko la Modimo le re laela gore re ‘batle tshiamo.’ (Sefania 2:3) Gape le re kgothaletsa gore re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri.” (Baefeso 4:24) Tshiamo ya boammaaruri—tshiamiso ya boammaaruri—ga e utlwane le thubakanyo, boitshekologo le boitsholo jo bo sa siamang, ka gonne dilo tseno ga di tsamaisane le go nna boitshepo.—Pesalema 11:5; Baefeso 5:3-5.

5, 6. (a) Ke eng fa go tshela go ya ka melao ya ga Jehofa e se mokgweleo o o bokete mo go rona? (b) Baebele e bontsha jang gore go latelela tshiamo ke kgato e e sa kgaotseng?

5 A go tshela go ya ka melao ya ga Jehofa ya tshiamo ke mokgweleo o o bokete? Nnyaa. Motho yo o nang le pelo e e ratang Jehofa ga a tseye melao ya gagwe e le mokgweleo o o bokete. Ka go bo re rata Modimo wa rona le se a leng sone, re batla go tshela ka tsela e e tla mo itumedisang. (1 Johane 5:3) Se lebale gore Jehofa “o rata ditiro tse di siameng.” (Pesalema 11:7) Fa ruri re batla go etsa tshiamiso kana tshiamo ya Modimo, re tshwanetse go rata se Jehofa a se ratang le go ila se a se ilang.—Pesalema 97:10.

6 Ga go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba latelele tshiamo. Re tshwanetse go apola botho jwa bogologolo le mekgwa ya jone e e sa siamang mme re apare jo bosha. Baebele e bolela gore botho jo bosha bo ‘ntšhafadiwa’ ka kitso e e leng ya boammaaruri. (Bakolosa 3:9, 10) Lefoko ‘ntšhafadiwa’ le bontsha gore go apara botho jo bosha ke kgato e e sa kgaotseng, e e tlhokang maiteko a magolo. Le fa re ka tswa re kgaratlha go le kana kang go dira se se siameng, go na le dinako tse ka tsone tshekamelo ya rona ya go dira boleo e re dirang gore re leofe ka mogopolo, ka lefoko kana ka ditiro.—Baroma 7:14-20; Jakobe 3:2.

7. Re tshwanetse go ikutlwa jang fa re tla re palelwa mo maitekong a rona a go latelela se se siameng?

7 Re tshwanetse go ikutlwa jang fa re tla re palelwa mo maitekong a rona a go latelela tshiamo? Ke boammaaruri gore, re ka se batle go mpampetsa boleo. Mme gape, ga re a tshwanela go ineela, re nna le maikutlo a gore diphoso tsa rona di dira gore re se ka ra tshwanelega go direla Jehofa. Modimo wa rona yo o  pelontle o dirile thulaganyo e ka yone a thusang batho ba ba ikwatlhayang ka pelo yotlhe go boela kwa go ene. Akanya ka mafoko ano a a kgothatsang a ga moaposetoloi Johane: “Ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa leofa.” Mme go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, fa mongwe a leofa [ka ntlha ya boleo jo re tsetsweng ka jone], re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete.” (1 Johane 2:1) Ee, Jehofa o ntshitse Jesu go nna setlhabelo sa thekololo e le gore re tle re kgone go Mo direla ka tsela e a e amogelang le fa re le batho ba ba dirang boleo. A seno ga se re tlhotlheletse go batla go dira ka natla e le gore re itumedise Jehofa?

Dikgang Tse di Molemo le Tshiamiso ya Modimo

8, 9. Go bolelwa ga dikgang tse di molemo go bontsha jang gore Jehofa o tshiamiso?

8 Re ka dira tshiamiso—tota e bile re ka etsa tshiamiso ya Modimo—ka go nna le seabe ka botlalo mo go rereleng batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Tshiamiso ya ga Jehofa e amana jang le dikgang tse di molemo?

9 Jehofa ga a ne a fedisa tsamaiso eno e e boikepo a sa tlhagisa batho pele. Jesu o ile a bua jaana mo boporofeting jwa gagwe malebana le se se tla diregang mo nakong ya bofelo: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mareko 13:10; Mathaio 24:3) Lefoko “pele” le bontsha gore tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e tla salwa morago ke ditiragalo tse dingwe. Ditiragalo tseo di akaretsa pitlagano e kgolo e e boleletsweng pele, e e tla felelang ka gore go senngwe baikepi le e morago ga yone go tla latelang lefatshe le lesha la tshiamo. (Mathaio 24:14, 21, 22) Ruri ga go ope yo o tla bong a le boammaaruri fa a ka pega Jehofa molato wa gore o ile a gobelela baikepi. Ka go dira gore batho ba tlhagisiwe pele, o naya batho bao nako e ntsi ya gore ba fetoge mo ditseleng tsa bone e le gore ba se ka ba senngwa.—Jona 3:1-10.

Re bontsha tshiamiso ya Modimo fa re itsise batho dikgang tse di molemo re sa tlhaole

10, 11. Go nna ga rona le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo go bontsha batho tshiamiso ya Modimo jang?

10 Tiro ya rona ya go rera dikgang tse di molemo e bontsha batho tshiamiso ya Modimo jang? Sa ntlha, ke selo se se molemo  gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang go thusa batho ba bangwe go bona poloko. Akanya gape ka setshwantsho sele sa go namolwa mo sekepeng se se nwelang. Fa o setse o babalesegile mo sekepeng sa phalotso o tla batla go thusa batho ba bangwe ba ba sa ntseng ba le mo metsing. Ka tsela e e tshwanang le rona re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba ba sa ntseng ba kgaratlha mo “metsing” a lefatshe leno le le boikepo. Ke boammaaruri gore ba le bantsi ba gana molaetsa wa rona. Mme gone fa fela Jehofa a sa ntse a le pelotelele le bone, re na le boikarabelo jwa go ba naya tshono ya gore ba “fitlhe mo boikwatlhaong” mme ka jalo ba tshwanelwe ke go bolokwa.—2 Petere 3:9.

11 Fa re rerela batho botlhe ba re kopanang le bone dikgang tse di molemo, re bontsha tshiamiso ka tsela e nngwe e e botlhokwa: Re bontsha go se tlhaole. Se lebale gore “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Fa re batla go etsa tshiamiso ya Gagwe, ga re a tshwanela go tlhaola batho. Go na le moo, re tshwanetse go rerela batho ba bangwe dikgang tse di molemo go sa kgathalesege lotso lwa bone, maemo a bone mo setšhabeng kana a tsa madi. Ka go dira jalo re naya batho botlhe ba ba reetsang tshono ya go utlwa dikgang tse di molemo le go di amogela.—Baroma 10:11-13.

Tsela e re Tshwarang ba Bangwe ka Yone

12, 13. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go nna bonako go atlhola batho ba bangwe? (b) Kgakololo ya ga Jesu ya go re “tlogelang go atlhola” le “tlogelang go bona molato” e kayang? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)

12 Gape re ka dira tshiamiso ka go tshwara batho ba bangwe ka tsela e Jehofa a re tshwarang ka yone. Go ka nna motlhofo go nnela go atlhola batho ba bangwe, re ba tshwayatshwaya diphoso le go belaela maitlhomo a bone. Mme ke mang wa rona yo o neng a ka rata gore Jehofa a nnele go sekaseka maitlhomo a gagwe le makoa a gagwe ka tsela e e setlhogo? Jehofa ga a dirisane le rona jalo. Mopesalema o ne a re: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) A ga re itumelele gore Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko le yo o sa gobeleleng ga a nnele go touta diphoso tsa rona?  (Pesalema 103:8-10) Ka jalo he, re tshwanetse go tshwara batho ba bangwe jang?

13 Fa re tlhaloganya tsela e tshiamiso ya Modimo e leng kutlwelobotlhoko ka yone, ga re ne re nna bonako go atlhola ba bangwe mo dilong tse tota di sa re ameng, dilo tse e seng tsa sepe. Jesu o ne a tlhagisa jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Mathaio 7:1) Go ya ka pego ya ga Luke, Jesu o ne a oketsa jaana: “Tlogelang go bona molato, mme ga lo na go bonwa molato ka gope.” * (Luke 6:37) Jesu o ne a bontsha gore o a itse gore batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go atlhola ba bangwe. Ope fela wa bareetsi ba gagwe yo o neng a na le tlwaelo ya go atlhola ba bangwe setlhogo o ne a tshwanetse go e tlogela.

14. Ke mabaka afe a a tshwanetseng go re dira gore re ‘tlogele go atlhola’ batho ba bangwe?

14 Ke eng fa re tshwanetse go ‘tlogela go atlhola’ batho ba bangwe? Selo sa ntlha, re na le taolo e e lekanyeditsweng. Morutwa Jakobe o re gopotsa jaana: “Go na le a le mongwe yo e leng moneimolao e bile e le moatlhodi”—Jehofa. Ka gone Jakobe o botsa jaana ka tlhamalalo: “O mang go bo o atlhola moagelani wa gago?” (Jakobe 4:12; Baroma 14:1-4) Mo godimo ga moo, ka ntlha ya tshekamelo ya rona ya go dira boleo go ka nna motlhofo gore re atlhole ba bangwe ka tsela e e gobelelang. Maikutlo a le mantsi le maitlhomo—go akaretsa le go gobelela, boikgogomoso, lefufa le go ipona tshiamo—a ka dira gore re nne le pono e e sokameng ka batho ba bangwe. Re na le makoa a mangwe gape, mme go akanya ka one go tshwanetse ga re thiba gore re se ka ra nna bonako go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. Ga re kgone go bona se se mo dipelong tsa batho; e bile re ka se kgone go itse maemo otlhe a ba bangwe ba leng mo go one. Ka jalo, re bomang go ka akanyetsa badumedi ka rona gore ba na le maitlhomo  a a sa siamang kana go ba tshwaya diphoso mo maitekong a ba a dirang mo tirelong ya Modimo? A bo go le botoka jang ne go etsa Jehofa ka go senka dilo tse di molemo mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba rona go na le go tlhoma mogopolo mo diphosong tsa bone!

15. Ke tsela efe ya go bua le go tshwara batho e e sa letlelelweng ka gope mo baobameding ba Modimo, mme ka ntlha yang?

15 Go tweng ka ba malapa a rona? Ka maswabi, gompieno mo lefatsheng, tsela e e setlhogo go gaisa tsotlhe ya go atlhola ba bangwe e direga mo lefelong le go neng go tshwanetse ga rena kagiso mo go lone—mo lelapeng. Go tlwaelegile go utlwa ka banna, basadi kana batsadi ba ba sotlang ba malapa a bone ka go nnela go ba gobolola ka mafoko kana go ba setlaka. Mme go dirisa mafoko a a tlhabang, a a kgobang le go nna makgwakgwa, ga go letlelelwe ka gope mo baobameding ba Modimo. (Baefeso 4:29, 31; 5:33; 6:4) Kgakololo ya ga Jesu ya gore re ‘tlogele go atlhola’ le gore re ‘tlogele go bona molato’ e dira le mo lelapeng.  Se lebale gore go dira tshiamiso go akaretsa gore re tshware ba bangwe ka tsela e Jehofa a re tshwarang ka yone. Mme Modimo wa rona ga a ke a nna makgwakgwa kana setlhogo fa a dirisana le rona. Go na le moo, o “pelonomi tota” mo go ba ba mo ratang. (Jakobe 5:11) A bo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se etsang!

Bagolwane ba Dira “Gore go Nne le Tshiamiso”

16, 17. (a) Jehofa o lebeletse eng mo bagolwaneng? (b) Go tshwanetse ga dirwa eng fa moleofi a sa bontshe go ikwatlhaya ka mmatota, mme ka ntlha yang?

16 Rotlhe re na le boikarabelo jwa go dira tshiamiso, mme bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ke bone ba segolobogolo ba nang le boikarabelo jwa go dira jalo. Ela tlhoko tsela ya boporofeti e “dikgosana,” kana bagolwane ba tlhalosiwang ka yone mo go Isaia: “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.” (Isaia 32:1) Ee, Jehofa o lebeletse gore bagolwane ba dire dilo ka tshiamiso. Ba ka dira seo jang?

17 Banna bano ba ba tshwanelegang semoyeng ba a itse gore phuthego e tshwanetse go nna e le phepa e le gore go dirwe dilo ka tshiamiso kana tshiamo. Ka dinako tse dingwe bagolwane ba tshwanelwa ke go atlhola batho ba ba dirileng maleo a a masisi. Fa ba dira jalo, ga ba lebale gore tshiamiso ya Modimo e batla gore ba nne kutlwelobotlhoko fa go kgonega. Ka gone ba leka go thusa motho yo o dirileng boleo gore a ikwatlhaye. Mme go tweng fa moleofi yoo a sa bontshe go ikwatlhaya go tswa pelong le mororo ba lekile go mo thusa? Lefoko la ga Jehofa le ba laela go dira tshiamiso ka botlalo ka go tsaya kgato eno e e gagametseng: “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.” Seno se bolela gore a lelekwe mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11-13; 2 Johane 9-11) Bagolwane ba utlwa botlhoko fa ba tshwanelwa ke go tsaya kgato e e ntseng jalo, mme gone, ba a lemoga gore seo se a tlhokega e le gore ba boloke phuthego e le phepa semoyeng le mo boitshwarong. Tota le fa ba tsaya kgato eo, ba nna ba solofetse gore letsatsi lengwe moleofi yoo o tla itharabologelwa mme a boele mo phuthegong.—Luke 15:17, 18.

18. Bagolwane ba nna ba gopotse eng fa ba neela ba bangwe kgakololo e e theilweng mo Baebeleng?

 18 Go dira tshiamiso gape go akaretsa go neela kgakololo e e theilweng mo Baebeleng fa e tlhokega. Ke boammaaruri gore, bagolwane ga ba nnele go senka diphoso mo bathong ba bangwe. E bile ga ba nne ba letetse tshono ya go ba kgalemela. Mme gone go ka direga gore modumedi ka bone a tseye “kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga.” Bagolwane ba tla tlhotlheletsega go ‘leka go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya wa bonolo’ ba sa lebale gore tshiamiso ya Modimo ga e setlhogo e bile ga e makgwakgwa. (Bagalatia 6:1) Ka gone bagolwane ga ba na ba garuma motho yono yo o dirileng phoso kana go mo tlhaba ka mafoko. Go na le moo, kgakololo e e neelwang ka lorato e kgothatsa yo o e newang. Tota le fa bagolwane ba kgalema motho ka tlhamalalo—ba mmontsha ka tlhomamo matswela a tsela e e seng botlhale e a e tsereng—ga ba lebale gore modumedi ka bone yo o dirileng phoso ke nku ya letsomane la ga Jehofa. * (Luke 15:7) Fa kgakololo kana kgalemelo e neelwa ka lorato e bile e tlhotlhelediwa ke lorato, go ka direga thata gore e lolamise yo o dirileng phoso.

19. Bagolwane ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso dife, mme ba tshwanetse go dira ditshwetso tseo ba ikaegile ka eng?

19 Gantsi bagolwane ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di amang badumedi ka bone. Ka sekai, gangwe le gape bagolwane ba a kopana go sekaseka fa bakaulengwe ba bangwe mo phuthegong ba tshwanelega go buelelwa go nna bagolwane kana batlhanka ba bodiredi. Bagolwane ba itse gore go botlhokwa gore ba se ka ba gobelela. Ba letla gore ba kaelwe ke ditekanyetso tsa Modimo fa ba dira ditshwetso tse di ntseng jalo, ba sa ikaege ka maikutlo a bone ka namana. Ka gone ba tsaya dikgato tseo ‘kwantle ga go atlholela pele, ba sa dire sepe go ya ka tshekamelo ya go tsaya letlhakore.’—1 Timotheo 5:21.

20, 21. (a) Bagolwane ba leka ka natla go dira eng, mme ka ntlha yang? (b) Bagolwane ba ka dira eng go thusa “meya e e tshwenyegileng maikutlo”?

 20 Bagolwane ba diragatsa tshiamiso ya Modimo ka ditsela tse dingwe gape. Fa Isaia a sena go bolelela pele gore bagolwane ba ne ba tla dira “gore go nne le tshiamiso,” o ne a tswelela a re: “Mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isaia 32:2) Ka gone, bagolwane ba leka ka natla go kgothatsa le go lapolosa badumedi ka bone.

21 Gompieno batho ba le bantsi ba tlhoka go kgothadiwa ka ntlha ya mathata a mantsi a a ngomolang pelo. Bagolwane, lo ka dira eng go thusa “meya e e tshwenyegileng maikutlo”? (1 Bathesalonika 5:14) Ba reetseng ka go ba tlhomogela pelo. (Jakobe 1:19) Ba ka tswa ba tlhoka go bolelela mongwe yo ba mo tshepang  dilo tse di ba ‘tshwenyang le go ba tlhobaetsa’ mo pelong. (Diane 12:25) Ba kgothatseng lo ba itsise gore Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba a ba tlhoka, ba ba tsaya ba le botlhokwa e bile ba a ba rata. (1 Petere 1:22; 5:6, 7) Mo godimo ga moo, lo ka rapela le bone le go ba rapelela. Go ka ba gomotsa thata fa ba utlwa bagolwane ba ba rapelela go tswa pelong. (Jakobe 5:14, 15) Modimo wa tshiamiso ga a kitla a tlhokomologa maiteko a gago a lorato a go thusa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.

Bagolwane ba bontsha tshiamiso ya ga Jehofa fa ba kgothatsa ba ba ngomogileng pelo

22. Re ka etsa tshiamiso ya ga Jehofa ka ditsela dife, mme go ka nna le matswela afe?

22 Ke boammaaruri gore, re atamalana thata le Jehofa ka go etsa tshiamiso ya gagwe! Fa re tshela go ya ka melao ya gagwe e e siameng, fa re itsise batho ba bangwe dikgang tse di molemo tse di namolang botshelo le fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa batho ba bangwe go na le go senka diphoso tsa bone, re a bo re bontsha tshiamiso ya Modimo. Bagolwane, fa lo boloka phuthego e le phepa, fa lo neela kgakololo e e agang e e tswang mo Dikwalong, fa lo dira ditshwetso lo sa tlhaole le fa lo kgothatsa ba ba ngomogileng pelo, lo a bo lo bontsha tshiamiso ya Modimo. Go tshwanetse ga bo go itumedisa Jehofa tota fa a leba a le kwa legodimong a bo a bona batho ba gagwe ba leka ka natla go ‘dira tshiamiso’ fa ba tsamaya le Modimo wa bone!

^ ser. 13 Dithalono dingwe tsa re “lo se ka lwa atlhola” le “lo se ka lwa bona molato.” Dithanolo tseo di ka naya motho kgopolo ya gore “lo se ka lwa simolola go atlhola” le “lo se ka lwa simolola go bona molato.” Le fa go ntse jalo, bakwadi ba Baebele fano ba ne ba dirisa mafoko a kganetso a a leng mo go paka-jaanong (tsweletso). Ka gone ditiragalo tse di tlhalosiwang fano di ne di tsweletse mme di tshwanelwa ke go kgaodiwa.

^ ser. 18 Mo go 2 Timotheo 4:2, Baebele e bolela gore ka dinako tse dingwe bagolwane ba tshwanetse go ‘kgalemela, go kgalema ba tiisitse le go rotloetsa.’ Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “rotloetsa” (pa·ra·ka·leʹo) le ka kaya “go kgothatsa.” Lefoko la Segerika le le amanang le leo e leng pa·raʹkle·tos, le ka kaya mmueledi mo tshekong. Ka gone le fa bagolwane ba kgalema batho ba ba tlhokang thuso ya semoya, ba ba kgalema ba tiisitse, ba tshwanetse go dira jalo ka tsela ya go ba thusa.