Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 9

“Keresete Maatla a Modimo”

“Keresete Maatla a Modimo”

1-3. (a) Ke tiragalo efe e e tshosang e e neng ya diragalela barutwa kwa Lewatleng la Galalea, mme Jesu o ne a dira eng? (b) Ke eng fa go tshwanela gore Jesu a bidiwe gore ke “Keresete maatla a Modimo”?

BARUTWA ba ne ba tshogile. Ba ne ba raletse Lewatle la Galalea ka mokoro fa ba tlhaselwa ke matsubutsubu a diphefo ka tshoganyetso. Ga go pelaelo gore ba ne ba kile ba bona matsubutsubu mo letsheng leno pele ga foo—kana e bile, bangwe ba bone e ne e le batshwaraditlhapi ba ba nang le maitemogelo. * (Mathaio 4:18, 19) Mme seno e ne e le “phefo e kgolo ya matsubutsubu e e bogale,” e e neng ya dira gore ka bonako fela lewatle le galefe. Banna bano ba ne ba dira ka natla go laola mokoro mme matsubutsubu a ne a ba fekeetsa. Makhubu a a bilogang a ne a “itaaganela mo teng ga mokoro,” wa ba wa simolola go tlala ka metsi. Le fa go ne go tsogile khuduego e kalo, Jesu o ne a thulametse kwa lemoragong la mokoro, a lapile morago ga go tlhola letsatsi lotlhe a ruta boidiidi. Barutwa ba gagwe ba ne ba mo tsosa ba ikuela jaana ka ba ne ba tshogetse botshelo jwa bone: “Morena, re boloke, re tloga re nyelela!”—Mareko 4:35-38; Mathaio 8:23-25.

2 Jesu o ne a sa boife. O ne a kgalema phefo le lewatle jaana a sa tshabe sepe: “Kgaotsa! Didimala!” Ka yone nako eo, phefo le lewatle di ne tsa kokobela—matsubutsubu a ne a kgaotsa, makhubu a nyelela mme “ga nna le tshisibalo e kgolo.” Jaanong barutwa ba ne ba welwa ke poifo e e sa tlwaelegang. Ba ne ba raana ba re: “Tota yono ke mang?” Ee ruri, tota ke motho ofe yo o neng a ka kgona go kgalema phefo le lewatle jaaka e kete o kgalema ngwana yo o letshwenyo?—Mareko 4:39-41; Mathaio 8:26, 27.

3 Mme gone Jesu e ne e se motho fela yo o tshwanang le ba  bangwe. Maatla a ga Jehofa a ne a bonadiwa ka ene ka ditsela tse di sa tlwaelegang. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go mo tlhalosa sentle a re ke “Keresete maatla a Modimo.” (1 Bakorintha 1:24) Maatla a Modimo a bonadiwa ka Jesu ka ditsela dife? Mme tsela e Jesu a dirisang maatla ka yone e ka ama botshelo jwa rona jang?

Maatla a Morwa wa Modimo yo o Tsetsweng a le Esi

4, 5. (a) Jehofa o ne a abela Morwawe yo o tsetsweng a le esi maatla le taolo ya go dira eng? (b) Morwa yono o ne a thusiwa jang go kgona go diragatsa maikaelelo a ga Rraagwe a go bopa?

4 Akanya ka maatla a Jesu a neng a na le one pele a nna motho. Jehofa o ne a dirisa “maatla a gagwe a a sa feleng” fa a ne a bopa Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi, yo o neng a itsiwe e le Jesu Keresete. (Baroma 1:20; Bakolosa 1:15) Morago ga moo, Jehofa o ne a naya Morwa yo maatla a magolo le taolo, a mo abela tiro ya go diragatsa maikaelelo a Gagwe a go bopa. Baebele e bua jaana malebana le Morwa: “Dilo tsotlhe di ne tsa nna gone ka ene, mme kwantle ga gagwe ga go a nna gone selo le fa e le se le sengwe.”—Johane 1:3.

5 Re ka se kgone go tlhaloganya ka botlalo bogolo jwa kabelo eo. Akanya fela ka maatla a a tlhokegang go bopa dimilione tsa baengele ba ba maatla, lobopo lo re lo bonang ka dimilione tsa lone di le diketekete tsa masagaripa a dinaledi le lefatshe ka mefutafuta ya ditshedi tsa lone. Morwa yo o tsetsweng a le esi o ne a kgona go dira ditiro tseno ka thuso ya maatla a a fetang otlhe a a leng gone mo lobopong—moya o o boitshepo wa Modimo. Morwa yono o ne a itumelela thata go nna Modiri yo o Setswerere yo Jehofa a neng a mo dirisa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe.—Diane 8:22-31.

6. Jesu o ne a newa maatla le taolo efe fa a sena go swa mo lefatsheng a bo a tsosiwa?

6 A Morwa yono yo o tsetsweng a le esi o ne a ka newa maatla le taolo e e fetang eno? Jesu o ne a bua jaana morago ga loso le tsogo ya gagwe mo lefatsheng: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) Ee, Jesu o neilwe tshwanelo le bokgoni jwa go dirisa maatla a gagwe mo lobopong lotlhe. E re ka e le “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena,” o neilwe  taolo ya go “nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla”—a a bonalang le a a sa bonaleng—a a leng kgatlhanong le Rraagwe. (Tshenolo 19:16; 1 Bakorintha 15:24-26) Modimo “ga o a tlogela sepe se se seng mo taolong ya” ga Jesu—ke gore, kwantle fela ga Jehofa ka boene.—Bahebera 2:8; 1 Bakorintha 15:27.

7. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore go ka se direge gore Jesu a se ka a dirisa maatla a Jehofa a mo neileng one sentle?

7 A re tlhoka go tshwenyega gore Jesu a ka nna a se ka a dirisa maatla a gagwe sentle? Legoka! Jesu o rata Rraagwe thata ka jalo a ka se dire sepe se se tla mo utlwisang botlhoko. (Johane 8:29; 14:31) Jesu o itse sentle gore go ka se direge gore Jehofa a se ka a dirisa maatla a gagwe a magolo sentle. Jesu o iponetse ka matlho gore Jehofa o senka ditshono tsa “gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Ee ruri, Jesu o rata batho fela jaaka Rraagwe, ka jalo re ka tshepa re sa belaele gore Jesu ka metlha o tla dirisa maatla a gagwe ka tsela e e solegelang molemo. (Johane 13:1) Jesu o itiretse leina le lentle thata mo kgannyeng eno. A re sekaseke maatla a o neng a na le one fa a le mo lefatsheng le kafa a neng a tlhotlheletsega go a dirisa ka teng.

“Maatla mo . . . Lefokong”

8. Fa Jesu a sena go tlodiwa o ne a newa maatla a go dira eng, mme o ne a dirisa maatla a gagwe jang?

8 Go bonala fa go se dikgakgamatso dipe tse Jesu a ileng a di dira fa a sa ntse a gola kwa Nasaretha. Mme seo se ne sa fetoga fa a sena go kolobediwa ka 29 C.E., a le dingwaga di ka nna 30. (Luke 3:21-23) Baebele e re bolelela jaana: ‘Modimo o ne a mo tlotsa ka moya o o boitshepo le maatla, mme a tsamaya mo lefatsheng leo lotlhe a dira molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo.’ (Ditiro 10:38) A mafoko a a reng, “a dira molemo”—ga a bontshe gore Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe sentle? Fa a sena go tlodiwa, o ne a “nna moporofeti yo o maatla mo tirong le mo lefokong.”—Luke 24:19.

9-11. (a) Jesu o ne a ruta kae bontsi jwa dilo tse a neng a di ruta, mme o ne a lebana le kgwetlho efe? (b) Ke eng fa boidiidi bo ne bo gakgamadiwa ke tsela ya ga Jesu ya go ruta?

9 Jesu o ne a le maatla jang mo lefokong? Gantsi o ne a ruta  batho mo mafelong a a bulegileng—mo dintshing tsa matšha, mo mefapheng ya dithota, mo mebileng le mo marekisetsong. (Mareko 6:53-56; Luke 5:1-3; 13:26) Bareetsi ba gagwe ba ne ba ka itsamaela motlhofo fela fa e le gore ba ne ba sa kgatlhegele se a se buang. Mo motlheng oo wa pele go gatisiwa dibuka, bareetsi ba ba nang le kanaanelo ba ne ba tshwanelwa ke go ipolokela mafoko a gagwe mo mogopolong le mo pelong. Ka gone dithuto tsa ga Jesu di ne di tshwanelwa ke go nna tse di ngokang kgatlhego tota, tse di tlhaloganyegang sentle le tse di ka gakologelwang motlhofo. Mme Jesu o ne a se na bothata jwa go dira jalo. Ka sekai, akanya ka Thero ya gagwe ya kwa Thabeng.

10 Nako nngwe go sa le gale mo mosong ka 31 C.E., boidiidi bo ne jwa kgobokanela mo mofapheng wa thota gaufi le Lewatle la Galalea. Bangwe ba ne ba tswa kwa Judea le Jerusalema, bokgakala jwa dikilometara di le 100 go ya go tse 110. Ba bangwe ba ne ba tswa kwa kgaolong e e fa lobopong lwa lewatle ya Ture le Sidona kwa bokone. Batho ba le bantsi ba ba lwalang ba ne ba atamela Jesu go mo ama, mme o ne a ba fodisa botlhe. Fa go sa tlhole go na le motho ope mo go bone yo o lwalang bolwetse bope jo bo masisi, o ne a simolola go ba ruta. (Luke 6:17-19) Nako nngwe moragonyana fa a feditse go bua le bone, ba ne ba gakgamadiwa ke se ba neng ba se utlwile. Ka ntlha yang?

11 Dingwaga moragonyana, mongwe wa ba ba neng ba utlwile thero eo o ne a re: “Boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo.” (Mathaio 7:28, 29) Jesu o ne a bua le bone ka maatla a ba neng ba kgona go a utlwa. O ne a buelela Modimo e bile a tshegetsa dithuto tsa gagwe ka taolo ya Lefoko la Modimo. (Johane 7:16) Mafoko a ga Jesu a ne a utlwala, a ne a tlhalosa mabaka ka tsela e e tlhatswang pelo e bile dintlha tsa gagwe e se tse di ka ganediwang. Mafoko a gagwe a ne a ama dintlha tsa konokono e bile a ama dipelo tsa bareetsi ba gagwe. O ne a ba ruta tsela ya go bona boitumelo, tsela ya go rapela, tsela ya go senka Bogosi jwa Modimo le kafa ba ka ikagelang isagwe e e sireletsegileng ka teng. (Mathaio 5:3–7:27) Mafoko a gagwe a ne a ama dipelo tsa batho ba ba neng ba nyoretswe boammaaruri le tshiamo. Batho  ba ba ntseng jalo ba ne ba iketleeleditse go ‘iitatola’ le go tlogela sengwe le sengwe gore ba mo sale morago. (Mathaio 16:24; Luke 5:10, 11) A bosupi jo bogolo jang ne jwa maatla a mafoko a ga Jesu!

“Maatla mo Tirong”

12, 13. Jesu o ne a le “maatla mo tirong,” ka tsela efe, mme ke mefutafuta efe ya dikgakgamatso e o ileng a e dira?

12 Gape Jesu o ne a le “maatla mo tirong.” (Luke 24:19) Diefangele di umaka dikgakgamatso tse di fetang 30 tse a ileng a di dira—tsotlhe a di dira ka “maatla a ga Jehofa.” * (Luke 5:17) Dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne tsa ama matshelo a diketekete tsa batho. Di le pedi fela tsa dikgakgamatso tseno—go fepiwa ga banna ba le 5 000 mme moragonyana banna ba le 4 000 “kwantle ga basadi le bana ba babotlana”—go ne ga ama boidiidi jwa batho ba ka nna 20 000!—Mathaio 14:13-21; 15:32-38.

“Ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga lewatle”

13 Jesu o ne a dira dikgakgamatso tsa mefutafuta. O ne a na le taolo mo badimoneng, a ba leleka motlhofo fela. (Luke 9:37-43) O ne a na le maatla a go laola dilo tsa tlholego, a fetola metsi go nna beine. (Johane 2:1-11) O ne a gakgamatsa barutwa ba gagwe tota fa a ne a tsamaya mo godimo ga Lewatle la Galalea le le neng le tsubutlwa ke diphefo. (Johane 6:18, 19) O ne a kgona go fodisa malwetse, a fodisa bogole jwa mmele, malwetse a a sa foleng le matlhoko a a kotsi. (Mareko 3:1-5; Johane 4:46-54) O ne a dira diphodiso tseo ka ditsela tse di farologaneng. Jesu o ne a fodisa batho bangwe a le kgakala le bone fa ba bangwe a ile a ba kgoma ka namana. (Mathaio 8:2, 3, 5-13) Bangwe o ne a ba fodisa ka ponyo ya leitlho, ba bangwe bone a ba fodisa ka iketlo.—Mareko 8:22-25; Luke 8:43, 44.

14. Jesu o ne a bontsha gore o na le maatla a go tsosa baswi mo maemong a a ntseng jang?

14 Jesu o ne a na le maatla a a sa tshwaneng le ape a go tsosa baswi. Mo ditiragalong tse tharo tse di kwadilweng, o ne a tsosa baswi,  a busetsa mosetsana wa dingwaga tse 12 kwa go mmaagwe, a busetsa ngwana yo o esi kwa go mmaagwe wa motlholagadi a ba a busetsa monna mongwe kwa go bokgaitsadie ba ba mo ratang. (Luke 7:11-15; 8:49-56; Johane 11:38-44) Go ne go se na maemo ape a a mo palelang. O ne a tsosa mosetsana yono wa dingwaga tse 12 ka bonako fela fa a sena go swa. O ne a tsosa morwa wa motlholagadi yono yo o neng a le mo setsholong sa phitlho, kwantle ga pelaelo e le ka lone letsatsi le a suleng ka lone. Mme o ne a tsosa Lasaro mo lebitleng a sena go swa malatsi a le manè.

Go Dirisa Maatla Kwantle ga Bopelotshetlha, ka Maikarabelo Le ka Go Akanyetsa

15, 16. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a sa dirise maatla a gagwe ka bopelotshetlha?

15 A o ka akanya fela kafa maatla a Jesu a neng a na le one a neng a ka dirisiwa ka tsela e e sa siamang ka yone fa a ka bo a abetswe mmusi yo o sa itekanelang? Mme Jesu o ne a se na boleo. (1 Petere 2:22) O ne a se ka a ineelela go tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, go rata maemo le bogagapa tse di tlhotlheletsang batho ba ba sa itekanelang go dirisa maatla a bone go utlwisa batho ba bangwe botlhoko.

16 Jesu o ne a sa dirise maatla a gagwe ka bopelotshetlha, o ne a se ke a a dirisa gore a itsholegele molemo. Fa a ne a tshwerwe ke tlala, o ne a gana go fetola matlapa go nna dinkgwe. (Mathaio 4:1-4) Dithoto tsa gagwe tse e seng tsa sepe di ne di bontsha gore o ne a sa dirise maatla a gagwe go ikhumisa. (Mathaio 8:20) Go na le bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore o ne a dira ditiro tsa maatla e se ka maitlhomo a bogagapa. Fa a ne a dira dikgakgamatso, o ne a dira jalo ka go ithontsha dilo dingwe. Fa a ne a fodisa balwetse, maatla a ne a tswa mo go ene. O ne a kgona go utlwa maatla a tswa mo go ene tota le fa a sena go fodisa motho a le mongwe fela. (Mareko 5:25-34) Le fa go ntse jalo, o ne a letla boidiidi jwa batho bo mo kgoma, mme ba ne ba fola. (Luke 6:19) A moya wa go intsha setlhabelo ruri!

17. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a dirisa maatla a gagwe ka maikarabelo?

17 Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe ka maikarabelo. O ne a se ke a dira ditiro tsa maatla e le fela gore a bonwe kana e le fela go  itshupa. (Mathaio 4:5-7) O ne a gana go dira ditshupo fela gore a kgotsofatse Herode yo o neng a na le maitlhomo a a sa siamang. (Luke 23:8, 9) Go na le gore Jesu a itsise batho ka maatla a o neng a na le one, gantsi o ne a laela batho ba a ba fodisang gore ba se bolelele ope. (Mareko 5:43; 7:36) O ne a sa batle gore se batho ba se itseng ka ene se bo se ikaegile ka dipego tsa batho ba ba tseegileng maikutlo.—Mathaio 12:15-19.

18-20. (a) Ke eng se se neng se tlhotlheletsa tsela e Jesu a neng a dirisa maatla a gagwe ka yone? (b) O ikutlwa jang ka tsela e Jesu a neng a fodisa monna mongwe yo o susu ka yone?

18 Monna yono yo o maatla e bong Jesu, o ne a sa tshwane ka gope le babusi ba ba ileng ba dirisa maatla a bone ka go se amege gotlhelele ka dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang le tse di ba tshwenyang. Jesu o ne a amega ka batho. Go bona fela batho ba ba sotlegang go ne go mo ama pelo thata mo a neng a tlhotlheletsega go ba imolola mo pogong. (Mathaio 14:14) O ne a akanyetsa maikutlo a bone le dilo tse ba di tlhokang, mme tsela eno e a neng a amega ka batho ka yone e ne e tlhotlheletsa tsela e a dirisang maatla a gagwe ka yone. Sekai se se molemo sa seno se fitlhelwa mo go Mareko 7:31-37.

19 Ka nako eno, boidiidi jwa batho ba ne ba fitlhela Jesu mme ba tlisa batho ba bantsi ba ba lwalang kwa go ene mme o ne a ba fodisa botlhe. (Mathaio 15:29, 30) Le fa go le jalo, Jesu o ne a tlhopha monna mongwe go mo neela tlhokomelo e e kgethegileng. Monna yono e ne e le susu e bile a sa kgone go bua. Go ka direga gore Jesu o ile a lemoga kafa monna yono a neng a tshogile ka teng kana a tlhabilwe ke ditlhong. Ka ntlha ya go mo akanyetsa Jesu o ne a mo tseela kwa thoko—a mo ntsha mo boidiiding—a mo tseela kwa go se nang batho teng. Go tswa foo Jesu o ne a dirisa puo ya diatla go lemotsha monna yono se a neng a tlile go se dira. O ne “a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yono mme, fa a sena go kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe.” * (Mareko 7:33) Go tswa foo Jesu o ne a lelalela kwa legodimong  mme a rapela a fegelwa. Dikgato tseno di ne di tla raya monna yono di re, ‘Se ke tlogang ke go direla sone ke se dira ka maatla a Modimo.’ Go tswa foo Jesu o ne a re: “Bulega.” (Mareko 7:34) Ka yone nako eo monna yono o ne a boa a kgona go utlwa mme o ne a kgona go bua ka tsela e e tlwaelegileng.

20 A bo go ama pelo jang ruri go itse gore Jesu o ne a akanyetsa maikutlo a batho tota le fa a ne a dirisa maatla a o a filweng ke Modimo go fodisa ba ba bogang! A ga go re kgothatse go itse gore Jehofa o tlhomile Mmusi yo o lorato le yo o akanyetsang jaana go busa mo Bogosing jwa Bomesia?

Sesupo sa Dilo Tse di Tlang

21, 22. (a) Dikgakgamatso tsa ga Jesu e ne e le sesupo sa eng? (b) E re ka Jesu a kgona go laola maatla a tlholego, ke eng se re ka se lebelelang mo pusong ya gagwe ya Bogosi?

21 Ditiro tsa maatla tse Jesu a neng a di dira fa a le mo lefatsheng e ne e le sekai fela sa masego a magolo a a tlileng go nna gone mo pusong ya gagwe. Jesu o tlile go boa gape a dira dikgakgamatso mo lefatsheng le lesha la Modimo—mme e le mo lefatsheng lotlhe! Akanya ka dingwe tsa dilo tse di molemo tse di tlileng go direga.

22 Jesu o tla tsosolosa tikologo ya lefatshe gore e nne ka tsela e e molemo. Se lebale gore o ne a bontsha gore o kgona go laola maatla a tlholego ka go didimatsa matsubutsubu a diphefo. Ga go pelaelo he gore, mo pusong ya ga Keresete ya Bogosi, batho ba tla bo ba sa tlhoke go boifa go gobadiwa ke ditsuatsue, dithoromo tsa lefatshe, makgwamolelo kana masetlapelo a mangwe a tlholego. E re ka Jesu e le Modiri yo o Setswerere yo Jehofa a ileng a mo dirisa go bopa lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone, o tlhaloganya ka botlalo tsela e lefatshe le dirilweng ka yone. O itse kafa a ka dirisang dikungo tsa lone sentle ka teng. Mo pusong ya gagwe, lefatshe lotlhe le tla fetolwa Paradaise.—Luke 23:43.

23. Jesu o tla tlamela batho jang ka dilo tse ba di tlhokang fa a nna Kgosi?

23 Go tweng ka dilo tse batho ba di tlhokang? Bokgoni jwa ga Jesu jwa go fepa diketekete tsa batho, a dirisa dijonyana tse dinnye fela, bo re tlhomamisetsa gore puso ya gagwe e tla golola  batho mo tlaleng. Ee ruri, motlele wa dijo tse di abelwang batho ka go lekalekana, o tla fedisa tlala go ya go ile. (Pesalema 72:16) Tsela e a neng a kgona go fodisa malwetse ka yone e re bontsha gore balwetse, difofu, bosusu, le digole di tla fodisiwa—di fodisiwa ka botlalo le go ya go ile. (Isaia 33:24; 35:5, 6) Bokgoni jwa gagwe jwa go tsosa baswi bo re tlhomamisetsa gore bogolo jwa gagwe jwa go nna Kgosi ya selegodimo bo tla akaretsa maatla a go tsosa dimilionemilione tsa batho ba Rraagwe a itumelelang go ba gakologelwa.—Johane 5:28, 29.

24. Fa re ntse re akanya ka maatla a ga Jesu, re tshwanetse go nna re akantse eng, mme ka ntlha yang?

24 Fa re ntse re akanya ka maatla a ga Jesu, a re se lebale gore Morwa yono o etsa Rraagwe ka botlalo. (Johane 14:9) Ka gone, tsela e Jesu a dirisang maatla ka yone e bontsha sentle kafa Jehofa a dirisang maatla ka teng. Ka sekai, akanya ka tsela e e molemo e Jesu a neng a fodisa motho mongwe yo o tshwerweng ke lepero ka yone. Jesu o ne a ama monna yono mme a mo raya jaana, a tlhotlhelediwa ke go tlhomoga pelo: “Ke a batla.” (Mareko 1:40-42) Jehofa ka dipego tse di jaaka tseno, tota a re, ‘Eno ke tsela e ke dirisang maatla a me ka yone!’ A seno ga se go tlhotlheletse gore o bake Modimo wa rona yo o maatla otlhe le go mo lebogela go bo a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e molemo jaana?

^ ser. 1 Go tlwaelegile gore go runye matsubutsubu ka tshoganyetso kwa Lewatleng la Galalea. Ka ntlha ya go nna kwa tlase ga lewatle (ka mo e ka nnang dimetara di le 200 kwa tlase ga boalo jwa lewatle), phefo ya teng e mogote go feta ya mafelo a a fa gaufi, mme seno se dira gore go nne le diphefo tsa matsubutsubu. Diphefo tse di maatla di foka mo Mokgatšheng wa Joredane go tswa mo Thabeng ya Heremone, e e kwa bokone. Go ka ritibala ka nakwana mme go tloge go runye diphefo tse di maatla tsa matsubutsubu.

^ ser. 12 Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe Diefangele di sobokanya dikgakgamatso tse dintsi ka tlhaloso e le nngwe fela e e akaretsang. Ka sekai, ka nako nngwe “motse otlhe” o ne wa tla kwa go ene mme o ne a fodisa “ba le bantsi” ba ba lwalang.—Mareko 1:32-34.

^ ser. 19 Go kgwa mathe e ne e le mokgwa kgotsa letshwao la go fodisa le le neng le amogelega mo Bajudeng le mo Baditšhabeng, mme go dirisa mathe go alafa go umakwa mo dikwalong tsa borabi. Jesu a ka tswa a ile a kgwa mathe e le fela go lemotsha monna yono gore o tloga a mo fodisa. Le fa maemo e ka tswa e le afe, Jesu o ne a sa dirise mathe e le mofuta wa kalafi ya tlholego.