Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 10

“Nnang Baetsi ba Modimo” mo go Diriseng Maatla

“Nnang Baetsi ba Modimo” mo go Diriseng Maatla

1. Batho ba ba sa itekanelang ba wela motlhofo mo seraing sefe se se bofitlha?

“GA GO ope yo o nang le maatla yo o sa lebanwang ke serai se se bofitlha.” Mafoko ao a mmoki wa lekgolo la bo19 la dingwaga a re lemotsha kotsi nngwe e e bofitlha: go se dirise maatla sentle. Ka maswabi, batho ba ba sa itekanelang ba wela motlhofo mo seraing seno. Ee ruri, go ralala hisitori ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Go dirisa maatla kwantle ga lorato go ile ga felela ka gore batho ba boge setlhogo.

2, 3. (a) Ke eng se se gakgamatsang ka tsela e Jehofa a dirisang maatla ka yone? (b) Maatla a rona a ka akaretsa eng, mme re tshwanetse go dirisa jang maatla ao otlhe?

2 Mme gone, a ga go gakgamatse go bo Jehofa Modimo, yo o nang le maatla a a seng kana ka sepe, a se ke a dirisa maatla ao ka tsela e e sa siamang? Jaaka fa re bone mo dikgaolong tse di fetileng, ka metlha o dirisa maatla a gagwe—e ka ne e le a go bopa, a go nyeletsa, a go sireletsa kana a go tsosolosa—ka tsela e e dumalanang le maikaelelo a gagwe a lorato. Fa re akanya ka tsela e a dirisang maatla a gagwe ka yone, re tlhotlheletsega go atamalana le ene. Mme seo le sone se ka re tlhotlheletsa gore re ‘nne baetsi ba Modimo’ malebana le tsela e re dirisang maatla ka yone. (Baefeso 5:1) Mme gone ke maatla afe a rona bathonyana ba e seng ba sepe re nang le one?

3 Se lebale gore motho o bopilwe “mo setshwanong sa Modimo” le kafa tshwanong ya gagwe. (Genesise 1:26, 27) Ka gone, le rona re na le maatla—le fa gone e le ka selekanyo se se rileng fela. Maatla a rona a ka akaretsa bokgoni jwa go dira dilo dingwe, go bereka; go nna le taolo mo bathong ba bangwe; bokgoni jwa go tlhotlheletsa ba bangwe segolobogolo batho ba ba re ratang; nonofo ya mmele; kana dikhumo. Mopesalema o ile  a bua jaana ka Jehofa: “O na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Ka gone, tota Modimo ke ene motswedi wa maatla ape a re ka tswang re na le one e ka ne e le ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo. Ka gone re batla go a dirisa ka tsela e e tla mo itumedisang. Re ka dira seo jang?

Selo sa Botlhokwa ke Lorato

4, 5. (a) Selo sa botlhokwa se se ka re thusang go dirisa maatla sentle ke sefe, mme sekao sa Modimo ka boene se bontsha seno jang? (b) Lorato lo tla re thusa jang go dirisa maatla a rona sentle?

4 Selo sa botlhokwa se se ka re thusang go dirisa maatla sentle ke lorato. A sekai sa Modimo ka boene ga se bontshe seno? Se lebale se re se tlotlileng ka dinonofo tsa Modimo tse nnè tsa konokono—maatla, tshiamiso, botlhale le lorato—mo Kgaolong ya 1. Mo dinonofong tseno tse nnè ke efe e e di fetang tsotlhe? Ke lorato. Temana ya 1 Johane 4:8 ya re: “Modimo ke lorato.” Ee, nonofo ya konokono ya ga Jehofa ke lorato; lo tlhotlheletsa dilo tsotlhe tse a di dirang. Ka gone tsela nngwe le nngwe e a dirisang maatla ka yone e tlhotlhelediwa ke lorato e bile e solegela batho ba ba mo ratang molemo.

5 Le rona lorato lo tla re tlhotlheletsa go dirisa maatla a rona sentle. Kana e bile Baebele e re bolelela gore lorato lo “pelonomi” mme ga lo “ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Ka gone, lorato lo ka se re letle go nna makgwakgwa kana setlhogo mo bathong ba re nang le selekanyo se se rileng sa taolo mo go bone. Go na le moo re tla tshwara batho ba bangwe ka seriti, mme re tla baya maikutlo a bone le dilo tse ba di tlhokang kwa pele ga tsa rona.—Bafilipi 2:3, 4.

6, 7. (a) Poifomodimo ke eng, mme ke eng fa nonofo eno e ka re thusa go tila go se dirise maatla sentle? (b) Tlhalosa setshwantsho se se bontshang kafa go boifa go kgopisa Modimo go amanang ka teng le go rata Modimo.

6 Lorato lo amana le nonofo e nngwe e e ka re thusang go tila go se dirise maatla sentle: poifomodimo. Nonofo eno e botlhokwa go le kana kang? Diane 16:6 ya re: “Motho o fapoga bosula ka go boifa Jehofa.” Ruri go se dirise maatla sentle ke nngwe ya ditsela tse di bosula tse re tshwanetseng go di fapoga. Poifomodimo  e tla re thibela gore re se tshware batho ba re nang le taolo mo go bone makgwakgwa. Ka ntlha yang? Sengwe sa botlhokwa ke gore, re a itse gore re ikarabela mo Modimong ka tsela e re tshwarang batho bao ka yone. (Nehemia 5:1-7, 15) Mme gone, poifomodimo ga e akaretse seo fela. Mafoko a puo ya ntlhantlha a a ranotsweng e le “poifo” gantsi a kaya go nna le tlotlo e e boteng ka Modimo le go mo tseela kwa godimo. Ka gone, Baebele e amanya poifo le go rata Modimo. (Duteronome 10:12, 13) Go boifa Modimo jalo ka tlotlo go akaretsa go boifa go mo kgopisa—e seng fela ka go bo re boifa matswela a gone, go na le moo, ka go bo re mo rata tota.

7 Ka sekai: Akanya ka kamano e e molemo ya mosimane yo monnye le rraagwe. Mosimane o kgona go bona gore rraagwe o a mo rata e bile o a mo kgatlhegela. Mme gape mosimane o lemoga le dilo tse rraagwe a di lebeletseng mo go ene, e bile o a itse gore rraagwe o tla mo otlhaya fa a sa itshware sentle. Mosimane yono ga a tshelele mo poifong ya go tshaba rraagwe lebaibai. Go na le moo, o rata rraagwe thata. Mosimane o itumelela go dira dilo tse di tla itumedisang rraagwe. Go ntse jalo le ka go boifa Modimo. Ka gonne re rata Jehofa, Rraarona wa selegodimo, re tshaba go dira sepe fela se se ka mo dirang gore a ‘utlwe botlhoko mo pelong.’ (Genesise 6:6) Go na le moo, re batla go mo ipedisa pelo. (Diane 27:11) Ke gone ka moo re batlang go dirisa maatla a rona sentle. A re sekaseke ka kelotlhoko kafa re ka dirang seno ka gone.

Mo Lelapeng

8. (a) Banna ba na le taolo efe mo lelapeng, mme e tshwanetse go dirisiwa jang? (b) Monna a ka bontsha jang gore o tlotla mosadi wa gagwe?

8 Akanya pele ka mo lelapeng. Baefeso 5:23 ya re, “monna ke tlhogo ya mosadi.” Monna o tshwanetse go dirisa jang taolo eno e a e filweng ke Modimo? Baebele e laela banna go nna le basadi ba bone ‘go ya ka kitso, ba ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa.’ (1 Petere 3:7) Leina la Segerika le le ranotsweng e le “tlotlo” le kaya “tlhwatlhwa, boleng, . . . maitseo.” Dipopego tse dingwe tsa lefoko leno di ranotswe e le “dimpho”  le “botlhokwa.” (Ditiro 28:10; 1 Petere 2:7) Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe a ka se ka a mo itaya; e bile a ka se mo tlhabise ditlhong kana go mo nyatsa mo bathong, a mo dira gore a ikutlwe a se botlhokwa. Go na le moo, o mo tsaya a le botlhokwa mme o mo tshwara ka tlotlo. O bontsha ka mafoko le ka ditiro—mo sephiring kana phatlalatsa—gore o tlhwatlhwakgolo mo go ene. (Diane 31:28) Monna yo o ntseng jalo ga a dire fela gore mosadi wa gagwe a mo rate le go mo tlotla, mme sa botlhokwa le go feta, o dira gore a amogelwe ke Modimo.

Banna le basadi ba dirisa maatla a bone sentle fa ba tshwarana ka lorato le ka tlotlo

9. (a) Basadi ba na le maatla afe mo lelapeng? (b) Ke eng se se ka thusang mosadi go dirisa bokgoni jwa gagwe go ema monna wa gagwe nokeng, mme seno se ka felela ka eng?

9 Basadi le bone ba na le selekanyo se se rileng sa maatla mo lelapeng. Baebele e re bolelela ka basadi ba ba molemo, ba le mororo ba ne ba sa itlhokomolose botlhogo jo bo siameng, ba ileng ba tsaya matsapa a go tlhotlheletsa banna ba bone ka tsela e e molemo kana ba ba thusa go tila go dira ditshwetso tse di phoso. (Genesise 21:9-12; 27:46–28:2) Mosadi a ka nna le mogopolo o o bofefo go feta monna wa gagwe, kana a ka nna le bokgoni jo monna a se nang jone. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go nna le “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe le go mo ‘ikobela jaaka a ikobela Morena.’ (Baefeso 5:22, 33) Fa mosadi a dira jalo ka boikaelelo jwa go itumedisa Modimo, seo se ka mo thusa go dirisa bokgoni jwa gagwe go ema monna wa gagwe nokeng go na le go mo nyatsa kana go leka go mo laola. ‘Mosadi yoo yo o botlhale tota’ o dirisana mmogo le monna wa gagwe go aga lelapa. Ka go dira jalo o ipoloka a na le kagiso le Modimo.—Diane 14:1.

10. (a) Modimo o abetse batsadi taolo efe? (b) Lefoko “kotlhao” le kaya eng, mme e tshwanetse ya neelwa jang? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

10 Batsadi le bone ba na le taolo e ba e neilweng ke Modimo. Baebele e gakolola jaana: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Mo Baebeleng, lefoko “kotlhao” le ka kaya “go godisa, go thapisa le go laya.” Bana ba tlhoka kotlhao; ba gola sentle fa ba beelwa ditaelo, dikiletso le dithibelo tse di tlhamaletseng. Baebele e amanya kotlhao  kana tao e e ntseng jalo le lorato. (Diane 13:24) Ka gone, le ka motlha “thupa ya kotlhao” ga ya tshwanela go nna ka tsela ya go sotla—mo maikutlong kana mo mmeleng. * (Diane 22:15; 29:15) Fa batsadi ba otlhaya bana ka tsela e e makgwakgwa kana e e setlhogo ba sa ba bontshe lorato, ba a bo ba sa dirise taolo ya bone ya botsadi sentle mme seo se ka sulafatsa maikutlo a bana. (Bakolosa 3:21) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa bana ba otlhaiwa sentle ka tekatekano, seo se ba lemotsha gore batsadi ba bone ba a ba rata e bile ba amegile ka ga gore ba fetoga batho ba mofuta ofe.

11. Bana ba ka dirisa maatla a bone jang ka tsela e e siameng?

11 Go tweng ka bana? Ba ka dirisa jang maatla a bone ka tsela e e siameng? Diane 20:29 ya re: “Bontle jwa makau ke maatla a bone.” Ruri ga go na tsela e e molemo go feta fa basha ba dirisa nonofo le matlhagatlhaga a bone mo go direleng ‘Mmopi wa rona ya Mogolo.’ (Moreri 12:1) Basha ba tshwanetse go gakologelwa gore dilo tse ba di dirang di ka ama maikutlo a batsadi ba bone. (Diane 23:24, 25) Fa bana ba ikobela batsadi ba bone ba ba boifang Modimo mme ba kgomarela tsela e e siameng, ba itumedisa batsadi ba bone. (Baefeso 6:1) Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo “itumedisa thata mo Moreneng.”—Bakolosa 3:20.

Mo Phuthegong

12, 13. (a) Bagolwane ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka taolo ya bone mo phuthegong? (b) Tshwantsha lebaka la go bo bagolwane ba tshwanetse go tshwara letsomane ka bonolo.

12 Jehofa o re abetse balebedi go etelela dilo pele mo phuthegong ya Bokeresete. (Bahebera 13:17) Banna bano ba ba tshwanelegang ba tshwanetse ba dirisa taolo e ba e neilweng ke Modimo go thusa letsomane ka dilo tse le di tlhokang le go le nonotsha semoyeng. A maemo ano a bagolwane a ba naya lebaka la go gatelela badumedikabone? Legoka! Bagolwane ba  tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tekatekano le jwa boikokobetso ka maemo a bone mo phuthegong. (1 Petere 5:2, 3) Baebele e laela balebedi jaana: “Lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Ditiro 20:28) Leno ke lebaka le le nonofileng la gore mongwe le mongwe mo letsomaneng a tshwarwe ka bonolo.

13 Re ka tshwantsha kgang eno jaana. Tsala ya gago e kgolo e go kopa go e tlhokomelela sengwe sa botlhokwa. O itse gore tsala ya gago e rekile selo seno ka madi a mantsi. A o ne o ka se tshware selo seno ka masisi o nna ketlotlhoko thata ka sone? Modimo le ene o abetse bagolwane boikarabelo jwa go tlhokomela sengwe se a se tsayang se le botlhokwa thata: phuthego, e maloko a yone a tshwantshiwang le dinku. (Johane 21:16, 17) Jehofa o rata dinku tsa gagwe fela thata—tota o di rata thata jaana mo a ileng a di reka ka madi a a tlhwatlhwakgolo a Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Ga go na tlhwatlhwa e e fetang eno e Jehofa a neng a ka reka dinku tsa gagwe ka yone. Bagolwane ba ba boikokobetso ba nna ba akantse ka seno mme ba tshwara dinku tsa ga Jehofa ka tsela e e siameng.

‘Maatla a Loleme’

14. Loleme lo na le maatla a go dira eng?

14 Baebele ya re: “Loso le botshelo di mo maatleng a loleme.” (Diane 18:21) Ee ruri, loleme lo ka baka tshenyo e kgolo. Ke mang wa rona yo a iseng a utlwe botlhoko jwa mafoko a a tlhabang kana le e leng a a kgobang? Mme gape loleme lo na le maatla a go baakanya. Diane 12:18 ya re: “Loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” Ee, mafoko a a kgothatsang a a molemo a ka tshwana le go tshasa setlolo se se thobang pelo. Akanya ka dikai dingwe.

15, 16. Re ka dirisa loleme ka ditsela dife go kgothatsa ba bangwe?

15 Lokwalo lwa 1 Bathesalonika 5:14 lo kgothatsa jaana: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.” Ee, tota le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka tshwenyega thata mo maikutlong. Re ka thusa ba ba ntseng jalo jang? Ba akgole ka tsela e  e tlhamaletseng e e tswang pelong gore ba bone gore Jehofa o ba tsaya ba le botlhokwa. Tlotla le bone ka mafoko a a maatla a a mo ditemaneng tsa Baebele o ba bontsha gore eleruri Jehofa o amega ka ba ba “pelo e phatlogileng,” le ba ba “moya o pitlaganeng” e bile o a ba rata. (Pesalema 34:18) Fa re dirisa maatla a loleme lwa rona go kgothatsa batho ba bangwe, re bontsha gore re etsa Modimo wa rona yo o pelotlhomogi, “yo o gomotsang ba ba sulafetseng pelo.”—2 Bakorintha 7:6.

16 Gape re ka dirisa maatla a loleme lwa rona go kgothatsa batho ba ba tlhokang kgothatso thata. A modumedikawena o swetswe ke yo a mo ratang? Mafoko a kutlwelobotlhoko a a bontshang go amega a ka gomotsa yo o swetsweng. A mokaulengwe mongwe kana kgaitsadi yo o tsofetseng o ikutlwa a sa tlhole a le botlhokwa? Mafoko a a bontshang go akanyetsa a ka tlhomamisetsa ba ba tsofetseng gore ba tsewa ba le botlhokwa e bile ba a anaanelwa. A mongwe o tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng? Go founela motho yono yo o lwalang kana go ya kwa go ene ka namana go mo kgothatsa go ka mo thusa thata gore a ikutlwe botoka. Mmopi wa rona o tshwanetse a bo a itumela jang ruri fa re dirisa maatla a puo go bua mafoko a a “molemo go aga” ba bangwe!—Baefeso 4:29.

Go bolela dikgang tse di molemo—tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go dirisa maatla a rona

17. Ke tsela efe e e botlhokwa e re ka dirisang loleme lwa rona ka yone go solegela batho ba bangwe molemo, mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

 17 Ga go na tsela e e botlhokwa ya go dirisa maatla a loleme go gaisa go lo dirisetsa go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Diane 3:27 ya re: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” Re na le boikarabelo jwa go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tse di namolang botshelo. Go ne go se kitla go siama gore re ipolokele molaetsa ono o o potlakileng o Jehofa a re fileng one ka bopelotshweu jaana. (1 Bakorintha 9:16, 22) Mme gone Jehofa o batla gore re nne le seabe go le kana kang mo tirong eno?

 Go Direla Jehofa ka “Nonofo Yotlhe” ya Rona

18. Jehofa o lebeletse eng mo go rona?

18 Go rata Jehofa ga rona go re tlhotlheletsa go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Jehofa o lebeletse eng mo go rona mo kgannyeng eno? Sengwe se rotlhe re ka kgonang go se aba, le fa seemo sa rona sa botshelo e ka tswa e le sefe: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” (Bakolosa 3:23) Jesu o ne a bua jaana fa a ne a bolela taelo e kgolo go di gaisa tsotlhe: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mareko 12:30) Ee, Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a mo rate a bo a mo direle ka moya otlhe.

19, 20. (a) E re ka moya o akaretsa pelo, mogopolo le nonofo, ke eng fa dinonofo tseno tse dingwe le tsone di umakwa mo go Mareko 12:30? (b) Go direla Jehofa ka moya otlhe go bolelang?

19 Go direla Modimo ka moya otlhe go bolelang? Moya ke motho ka bogotlhe ga gagwe, ka bokgoni jotlhe jwa gagwe jwa mmele le jwa tlhaloganyo. E re ka moya o akaretsa pelo, mogopolo le nonofo, ke eng fa Mareko 12:30 e umaka le dinonofo tseno tse dingwe? Akanya ka sekai seno. Mo metlheng ya Baebele, motho o ne a ka ithekisa ka boene (moya wa gagwe) go nna lekgoba. Le fa go ntse jalo, lekgoba leno le ka nna la se ka la direla mong wa lone ka pelo yotlhe; le ka nna la se ka la dirisa nonofo yotlhe ya lone kana bokgoni jotlhe jwa gagwe jwa tlhaloganyo go dira ditiro tsa mong wa lone. (Bakolosa 3:22) Ka gone, go bonala Jesu a ile a umaka dinonofo tseno tse dingwe go gatelela gore re se ka ra tlogela sepe kwa morago mo tirelong ya rona go Modimo. Go direla Modimo ka moya otlhe go bolela go dira ka bojotlhe, re dirisa nonofo le maatla a rona otlhe ka mo re ka kgonang ka teng mo tirelong ya gagwe.

20 A go dira ka moya otlhe go bolela gore rotlhe re dirise nako e e tshwanang le maatla a a lekanang mo bodireding? Seo se ka se kgonege ka gonne maemo a rona le bokgoni jwa rona ga bo tshwane. Ka sekai, motho yo mosha yo o itekanetseng sentle  mo mmeleng le yo o matlhagatlhaga a ka kgona go fetsa nako e ntsi mo tirong ya go rera go feta motho yo botsofe bo mo amogileng nonofo. Motho yo o sa nyalang yo o se nang maikarabelo a lelapa a ka kgona go dira tiro e ntsi go feta yo o nang le maikarabelo a go tlhokomela lelapa. A bo re tshwanetse go leboga jang ne fa re na le nonofo e bile maemo a rona a re letla go ka dira go le gontsi mo bodireding! Ke boammaaruri gore ga re batle go nna le moya wa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso mo kgannyeng eno re ipapisa le bone. (Baroma 14:10-12) Go na le moo, re batla go dirisa maatla a rona go kgothatsa ba bangwe.

21. Ke tsela efe e e botoka le e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe ya go dirisa maatla a rona?

21 Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo mo go diriseng maatla a gagwe sentle. Re batla go mo etsa ka bojotlhe ka mo rona batho ba re sa itekanelang re ka kgonang ka teng. Re ka dirisa maatla a rona sentle ka go tshwara ba re nang le taolo e e rileng mo go bone ka seriti. Mo godimo ga moo, re batla go dira ka moya otlhe mo tirong ya go rera e e namolang matshelo e Jehofa a re abetseng yone. (Baroma 10:13, 14) Se lebale, Jehofa o a itumela fa o dira sotlhe se wena—moya wa gago—o ka se kgonang. A pelo ya gago ga e go tlhotlheletse go batla go dira ka bojotlhe jo o ka bo kgonang mo tirong ya Modimo yo o ntseng jalo yo o akanyetsang le yo o lorato? Ga go na tsela epe e e botoka kana e e botlhokwa ya go dirisa maatla go feta eno.

^ ser. 10 Mo metlheng ya Baebele, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “thupa” le ne le kaya thobanyane kana thupana e e jaaka e modisa a neng a e dirisa go kaela dinku ka yone. (Pesalema 23:4) “Thupa” ya taolo ya batsadi le yone e naya kgopolo ya kaelo e e lorato, e seng kotlhao e e makgwakgwa kgotsa e e setlhogo.