Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 29

“Go Itse Lorato Lwa ga Keresete”

“Go Itse Lorato Lwa ga Keresete”

1-3. (a) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a batle go tshwana le Rraagwe? (b) Ke dikarolo dife tsa lorato lwa ga Jesu tse re tla di sekasekang?

A O KILE wa bona mosimanyana yo monnye a leka go etsa rraagwe? A ka nna a etsa tsela e rraagwe a buang ka yone, a tsamayang ka yone, kana e a dirang dilo ka yone. Fa go ntse go ya, mosimanyana yono a ka nna a bo a itshwara ka tsela e rraagwe a itshwarang ka yone le go leba dilo tsa semoya ka tsela e a di lebang ka yone. Ee, lorato lo mosimanyana yono a ratang rraagwe yo o lorato ka lone le tsela e a mo tseelang kwa godimo ka yone, di mo tlhotlheletsa gore a batle go tshwana le rraagwe.

2 Go tweng ka kamano ya ga Jesu le Rraagwe wa selegodimo? Nako nngwe Jesu o ile a re: “Ke rata Rara.” (Johane 14:31) Ga go na ope yo o ka ratang Jehofa go feta Morwawe, yo o neng a nna le Rara lobaka lo loleele pele ga sebopiwa sepe se sengwe se nna gone. Lorato loo lo ne lwa tlhotlheletsa Morwa yono yo o ineetseng go batla go tshwana le Rraagwe.—Johane 14:9.

3 Mo dikgaolong tse di simololang tsa buka eno, re sekasekile tsela e Jesu a ileng a etsa ka botlalo go nna maatla, tshiamiso le botlhale ga ga Jehofa ka yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha jang lorato lwa ga Rraagwe? A re sekaseke dikarolo di le tharo tsa lorato lwa ga Jesu—moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo, go nna ga gagwe kutlwelobotlhoko ka bonolo le go iketleeletsa ga gagwe go itshwarela.

“Ga go Na Ope yo o Nang le Lorato lo Logolo go Feta Lono”

4. Jesu o ile a tlhoma jang sekao se se gaisang sa motho ope fela sa go nna le lorato lwa go intsha setlhabelo?

4 Jesu o tlhoma sekao se se di gaisang tsotlhe sa go nna le lorato lwa go intsha setlhabelo. Go intsha setlhabelo go akaretsa go nna pelotshweu o dira gore dilo tsa batho ba bangwe e nne tsone di tlang pele ga tsa gago. Jesu o ile a bontsha lorato lo lo ntseng jalo jang? Ene ka boene o ile a tlhalosa jaana: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe  mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) Jesu o ile a re ntshetsa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna setlhabelo ka go rata. E ne e le tsela e kgolo go gaisa tsotlhe ya go bontsha lorato e go se nang motho ope yo o kileng a e bontsha. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo le ka ditsela tse dingwe.

5. Ke ka ntlha yang fa go tlogela go tshela kwa legodimong ga Morwa yo o esi wa Modimo go bontsha go intsha setlhabelo ka lorato?

5 Pele ga Morwa yono yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a tla go tshela mo lefatsheng, o ne a na le maemo a magolo le a a sa tshwaneng le ape kwa legodimong. O ne a na le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa le matshutitshuti a dibopiwa tsa semoya. Le fa Morwa yono yo o rategang a ne a na le dilo tseno tse di molemo ka namana, “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.” (Bafilipi 2:7) O ne a dumela go tla go tshela mo gare ga batho ba baleofi mo lefatsheng leno le ‘le namaletseng mo maatleng a yo o boikepo.’ (1 Johane 5:19) A seno se ne se sa bontshe go intsha setlhabelo ka lorato ga Morwa Modimo?

6, 7. (a) Jesu o ile a bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa ka ditsela dife ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng? (b) Ke sekao sefe se se amang pelo sa go bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa se se kwadilweng mo go Johane 19:25-27?

6 Mo bodireding jotlhe jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, o ne a bontsha go intsha setlhabelo ka lorato ka ditsela tse di farologaneng. O ne a se bogagapa ka gope. O ne a tshwaregile thata ka bodiredi jwa gagwe mo a neng a itima dilo tsa manobonobo tse batho ba tlwaetseng go nna le tsone. O ne a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 8:20) E re ka Jesu e ne e le mmetli yo o setswerere, o ne a ka nna a dirisa nako nngwe ya gagwe go ikagela ntlo e e manobonobo kana go dira fanitšhara e ntle gore a itirele madi a mantsi.

7 Sekao sa ga Jesu se se amang pelo sa go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo se kwadilwe mo go Johane 19:25-27. Akanya fela ka dilo tse dintsi tse di ka tswang di ne di le mo mogopolong le mo pelong ya ga Jesu mo phirimaneng ya loso lwa gagwe. Fa a ntse a boga mo koteng ya tlhokofatso, o ne a amegile ka barutwa ba  gagwe, tiro ya go rera, mme segolobogolo ka boikanyegi jwa gagwe le tsela e bo neng bo tla ama leina la ga Rraagwe ka yone. Totatota, isagwe yotlhe ya batho e ne e ikaegile ka ene! Le fa go ntse jalo, nako e khutshwane pele ga Jesu a swa, o ne a bontsha go amega le ka mmaagwe e bong Maria, yo go bonalang e ne e le motlholagadi ka nako eo. Jesu o ne a kopa moaposetoloi Johane go tlhokomela Maria jaaka e kete ke mmaagwe ka namana, mme morago ga moo moaposetoloi yono o ne a tseela Maria kwa legaeng la gagwe. Ka gone Jesu o ne a dira dithulaganyo tsa gore mmaagwe a tlhokomelwe ka dilo tsa senama le tsa semoya. A tsela e e molemo ya go bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa!

“A Tlhotlheletsega go ba Tlhomogela Pelo”

8. Lefoko la Segerika le Baebele e le dirisang go tlhalosa tsela e Jesu a neng a le kutlwelobotlhoko ka yone le kaya eng?

8 Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko fela jaaka Rraagwe. Dikwalo di tlhalosa Jesu e le motho yo o neng a ithaopela go thusa batho ba ba neng ba le mo mathateng ka gonne a ne a amega thata ka bone. Baebele e tlhalosa kutlwelobotlhoko ya ga Jesu ka go dirisa lefoko la Segerika le le ranolwang e le ‘go tlhotlheletsega go tlhomoga pelo.’ Mokanoki mongwe a re: “Le tlhalosa . . . boikutlo jo bo amang motho kwa botennyeng jwa pelo. Ke lefoko le le maatla la Segerika le le dirisiwang go tlhalosa boikutlo jwa kutlwelobotlhoko.” Akanya ka maemo mangwe a mo go one Jesu a neng a tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko e e neng ya mo dira gore a tseye kgato.

9, 10. (a) Ke maemo afe a a neng a dira gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ye kwa lefelong le le sisibetseng? (b) Jesu o ne a tsiboga jang fa boidiidi bo tla go ba tshwenya kwa lefelong le le kwa thoko le ba neng ba ile kwa go lone mme ke ka ntlha yang fa a ile a dira jalo?

9 Go tlhotlheletsega go thusa batho semoyeng. Pego e e mo go Mareko 6:30-34 e bontsha selo sa konokono se se neng sa tlhotlheletsa Jesu go bontsha go tlhomoga pelo. Akanya ka tiragalo eno mo mogopolong wa gago. Baaposetoloi ba ne ba itumetse ka gonne ba ne ba sa tswa go wetsa loeto lo loleele lwa go rera. Ba ne ba boela kwa go Jesu mme ba mmegela ka matlhagatlhaga dilo tsotlhe tse ba di boneng le tse ba di utlwileng. Le fa go ntse jalo, boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne jwa kokoanela Jesu le barutwa ba gagwe mo ba neng ba se na nako ya go ja. E re ka Jesu a ne a le kelotlhoko  ka metlha, o ne a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lapile. O ne a ba raya a re: “Tlang, lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.” Ba ne ba tsena mo mokorong mme ba tsamaela kwa karolong e e kwa bokone ya Lewatle la Galalea go ya kwa lefelong le le sisibetseng. Le fa go ntse jalo, boidiidi joo bo ne jwa ba bona fa ba tsamaya. Ba bangwe le bone ba ne ba utlwela ka gone. Batho bano botlhe ba ne ba taboga ba iphaphathile ka lobopo lo lo kafa bokone mme ba goroga pele ga mokoro!

10 A Jesu o ne a galefisiwa ke gore batho bano ba ne ba tla go ba tshwenya mo lefelong leno le le kwa thoko? Legoka! O ne a amiwa pelo ke go bona boidiidi jono, jo palo ya jone e neng e le diketekete, bo mo letetse. Mareko o ne a kwala jaana: “[O ne] a bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” Jesu o ne a tsaya batho bano e le ba ba tlhokang thuso ya semoya. Ba ne ba tshwana le dinku tse di gasameng tse di se nang modisa yo o neng a tla di kaela le go di sireletsa. Jesu o ne a itse gore batho ba e seng ba maemo ba ne ba tlhokomologilwe ke baeteledipele ba bodumedi ba ba seng kutlwelobotlhoko, ba e neng e tshwanetse go nna badisa ba ba lorato. (Johane 7:47-49) O ne a tlhomogela batho bano pelo, ka jalo a simolola go ba ruta “ka ga bogosi jwa Modimo.” (Luke 9:11) Ela tlhoko gore Jesu o ne a tlhotlheletsega go tlhomogela batho bano pelo le pele ga a bona tsela e ka yone ba neng ba tla tsibogela se a neng a tla ba ruta sone. Ka mafoko a mangwe, o ne a ruta boidiidi ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko e seng ka ntlha ya tsela e ba neng ba tla amogela thuto ya gagwe ka yone.

“A otlolola seatla sa gagwe a mo ama”

11, 12. (a) Balepero ba ne ba tsewa jang mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, mme Jesu o ne a tsiboga jang fa a ne a atamelwa ke monna “yo o tletseng lepero”? (b) Go kgoma ga ga Jesu molepero yono go ka tswa go ile ga mo ama jang, mme se se neng sa diragalela ngaka nngwe se supa seno jang?

11 Go tlhotlheletsega go namola batho mo pogong. Batho ba ba neng ba lwala malwetse a a farologaneng ba ne ba kgona go lemoga gore Jesu o kutlwelobotlhoko, ka jalo ba ne ba rata go atamalana le ene. Seno se ne sa bonala thata fa Jesu a ne a atamelwa ke monna “yo o tletseng lepero” fa boidiidi bo ne bo mo setse morago. (Luke 5:12) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, balepero  ba ne ba tlhaolwa mo bathong go sireletsa batho ba bangwe gore ba se ka ba tshwaetsega. (Dipalo 5:1-4) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya borabi ba ne ba itlhomela melao e e gatelelang e e neng e dira gore batho ba nne setlhogo mo bathong ba ba tshwerweng ke lepero. * Mme gone, ela tlhoko tsela e Jesu a neng a tsibogela molepero ka yone: “Gape molepero mongwe a tla kwa go ene, a mo rapela e bile a obile lengole, a mo raya a re: ‘Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.’ Foo a tlhomoga pelo, mme ya re a otlolola seatla sa gagwe a mo ama, a mo raya a re: ‘Ke a batla. Ntlafala.’ Mme ka yone nako eo lepero la nyelela mo go ene, mme a ntlafala.” (Mareko 1:40-42) Jesu o ne a itse gore molao o ne o sa dumelele le gore molepero a bo a le foo. Le fa go ntse jalo, go na le gore Jesu a mo leleke, o ne tlhomoga pelo mo a neng a dira sengwe se se sa tlwaelegang. Jesu o ne a mo ama!

12 A o ka akanya fela kafa go ama molepero yono go ileng ga mo ama maikutlo ka teng? Ka sekai, akanya ka tiragalo eno. Dr. Paul Brand, yo e leng moitse wa bolwetse jwa lepero, o bolela ka molepero mongwe yo o neng a mo alafa kwa India. Ka nako ya fa ngaka eno e ne e tlhatlhoba lekawana leno le le tshwerweng ke lepero, e ne ya baya seatla sa yone mo legetleng la lone fa e ntse e le tlhalosetsa ka moranodi, kalafi e le neng le tlile go alafiwa ka yone. Molepero yono o ne a thubega ka selelo. Ngaka e ne ya botsa jaana: “A ke buile sengwe se se phoso?” Moranodi o ne a botsa lekawana leno ka puo ya gaabo mme a araba jaana: “Nnyaa, ngaka. A re o ledisiwa ke gore o beile seatla sa gago mo legetleng la gagwe. Go fetile dingwaga di le dintsi go se motho ope yo o mo amang.” Mo moleperong yo o neng a tla kwa go Jesu, go mo kgoma go ne ga mo ama ka tsela e e fetang eo. Morago ga go mo kgoma gangwe fela, bolwetse jo bo neng bo dirile gore a kgethololwe ke batho bo ne jwa fola!

13, 14. (a) Ke mokoloko ofe o Jesu a neng a kopana le one fa a atamela motse wa Naina, mme ke eng se se neng sa dira gore maemo ao e nne a a hutsafatsang thata? (b) Go nna kutlwelobotlhoko ga ga Jesu go ne ga mo tlhotlheletsa jang go thusa motlholagadi wa kwa Naina?

 13 Go tlhotlheletsega go namola batho mo khutsafalong. Jesu o ne a amega thata fa a bona batho ba le mo khutsafalong. Ka sekai, akanya ka pego e e mo go Luke 7:11-15. Seno se ne sa direga fa Jesu a ne a tloga a fitlha mo bogareng jwa bodiredi jwa gagwe, fa a ne a atamela dikarolo tse di kwa thoko tsa motse wa Galalea wa Naina. Fa Jesu a atamela kgoro ya motse o ne a kopana le mokoloko wa phitlho. Maemo ao a ne a utlwisa botlhoko thata. Lekawana lengwe le e neng e le morwa yo o esi le ne le tlhokafetse, mme mmaalone e ne e le motlholagadi. Go ka direga gore pele ga foo o ne a setse a kile a nna mo mokolokong o o ntseng jalo—wa monna wa gagwe. Mo lekgetlong leno e ne e le wa morwawe, yo gongwe e neng e le ene yo o mo tlhokomelang. Boidiidi jo bo neng bo na le ene bo ka tswa bo ne bo akaretsa batho ba ba hutsafetseng ba ba neng ba opela le ba ba neng ba letsa dipina tsa khutsafalo. (Jeremia 9:17, 18; Mathaio 9:23) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhoma matlho mo go mmaagwe yo o neng a hutsafetse thata, yo kwantle ga pelaelo a neng a tsamaya fa thoko ga setsholo sa setopo sa morwawe.

14 Jesu o ne a ‘tlhotlheletsega go tlhomogela mmè yono yo o hutsafetseng pelo.’ O ne a bua jaana le ene ka lentswe le le nametsang: “Tlogela go lela.” O ne a atamela ka bogagagwe mme a ama setsholo. Batho ba ba neng ba tshotse setsholo—gongwe le boidiidi jotlhe—ba ne ba ema. Jesu o ne a bua jaana ka lentswe le le nonofileng: “Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!” Go ne ga direga eng morago ga foo? “Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua,” jaaka e kete o ne a tsoga mo borokong jo bogolo! Go tswa foo go latela mafoko ano a a amang pelo: “Mme [Jesu] a mo naya mmaagwe.”

15. (a) Dipego tsa Baebele tse di buang ka tsela e Jesu a ileng a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo ka yone di bontsha jang gore go nna kutlwelobotlhoko go amana le go tsaya kgato? (b) Re ka etsa Jesu jang mo kgannyeng eno?

15 Re ithuta eng mo dipegong tseno? Mo go nngwe le nngwe ya tsone, ela tlhoko kafa kutlwelobotlhoko e amanang ka gone le go tsaya kgato. Jesu o ne a ka se lebe batho ba boga mme a bo a sa tlhotlheletsege go ba tlhomogela pelo, e bile o ne a se ke a ba tlhomogela  pelo jalo mme a bo a sa dire sepe ka gone. Re ka etsa sekao sa gagwe jang? Rona Bakeresete re na le boikarabelo jwa go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. Re tlhotlhelediwa segolobogolo ke go bo re rata Modimo. Le fa go ntse jalo, a re se lebale gore tiro eno le yone ke tiro ya go bontsha kutlwelobotlhoko. Fa re tlhomogela batho pelo jaaka Jesu, dipelo tsa rona di tla re tlhotlheletsa go dira sotlhe se re tla se kgonang go nna le seabe mo tirong ya go ba rerela dikgang tse di molemo. (Mathaio 22:37-39) Go tweng ka go bontsha badumedi ka rona kutlwelobotlhoko fa ba boga kana ba le mo khutsafalong? Re ka se kgone go fodisa malwetse a bone ka kgakgamatso kana go tsosa baswi. Le fa go ntse jalo, re ka bontsha kutlwelobotlhoko ka go tsaya kgato go bontsha gore re a amega kana go ba thusa ka tsela e e tshwanetseng.—Baefeso 4:32.

“Rara, ba Itshwarele”

16. Tsela e Jesu a neng a iketleeleditse go itshwarela ka yone e ne ya bonala jang le e leng ka nako ya fa a ne a le mo koteng ya tlhokofatso?

16 Jesu o ne a bontsha sentle lorato lo Rraagwe a nang le lone ka tsela e nngwe gape—o ne a “iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Tsela eno e a neng a iketleeleditse ka yone e ne ya bonala le ka nako ya fa a le mo koteng ya tlhokofatso. Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a patelesega go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong, a kokotetswe ka dimapo mo diatleng le mo maotong? A o ne a ikuela kwa go Jehofa gore a otlhaye babolai ba gagwe? Go na le moo, mangwe a mafoko a bofelo a ga Jesu e ne e le ano: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.”—Luke 23:34. *

17-19. Jesu o ne a bontsha ka ditsela dife gore o ne a itshwaretse moaposetoloi Petere yo o neng a Mo itatotse ka makgetlo a le mararo?

17 Gongwe sekao se se amang pelo se se bontshang kafa Jesu a  neng a itshwarela ka gone se ka bonwa mo tseleng e a neng a dirisana le moaposetoloi Petere ka yone. Ga go pelaelo gore Petere o ne a rata Jesu fela thata. Petere o ne a raya Jesu jaana mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe ka Nisane 14: “Morena, ke iketleeditse go tsena le wena mo kgolegelong le mo losong.” Le fa go ntse jalo, diura di sekae morago ga foo, Petere o ne a itatola Jesu ka makgetlo a le mararo! Baebele e re bolelela se se neng sa direga fa Petere a ne a mo itatola ka lekgetlo la boraro: “Mme Morena a retologa a leba Petere.” Petere o ne a “tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko” ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke boleo jwa gagwe jo bo masisi. Fa Jesu a sena go swa moragonyana mo letsatsing leo, moaposetoloi yono a ka tswa a ile a ipotsa gore, ‘A Morena o intshwaretse?’—Luke 22:33, 61, 62.

18 Go ne ga se ka ga tlhokega gore Petere a lete lobaka lo loleele go bona karabo. Jesu o ne a tsosiwa mo mosong wa Nisane 16, mme go bonala a ile a etela Petere ka namana mo go lone letsatsi leo. (Luke 24:34; 1 Bakorintha 15:4-8) Ke eng fa Jesu a ile a bontsha go amega jalo ka tsela e e kgethegileng ka moaposetoloi yono yo o ileng a Mo itatola setlhogo jalo? Jesu a ka tswa a ne a batla go tlhomamisetsa Petere yo o neng a ikwatlhaile gore o sa ntse a mo rata le gore o sa ntse a mo tsaya a le botlhokwa. Mme Jesu o ne a dira sengwe gape go nametsa Petere le e leng go feta.

19 Nako nngwe moragonyana, Jesu o ne a iponatsa mo barutweng ba gagwe kwa Lewatleng la Galalea. Mo lekgetlong leno, Jesu o ne a botsa Petere (yo o neng a sa tswa go itatola Morena gararo) ka makgetlo a le mararo gore a Petere o a mo rata. Morago ga lekgetlo la boraro Petere o ne a araba jaana: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o a lemoga gore ke a go rata.” Ee ruri, Jesu yo o neng a kgona go bona se se mo pelong, o ne a itse ka botlalo gore Petere o a mo rata. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a neela Petere tshono ya go bontsha gore o a mo rata. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a laela Petere go “fepa” le go “disa” ‘dinku tsa Gagwe tse dinnye.’ (Johane 21:15-17) Pelenyana ga moo, Petere o ne a abetswe tiro ya go rera. (Luke 5:10) Mme jaanong Jesu o ne a bontsha go mo tshepa ka tsela e e kgethegileng ka go mo neela boikarabelo jo bongwe jo bo masisi go feta—go tlhokomela ba e neng e tla nna balatedi ba ga Keresete. Nako e khutshwane morago ga foo, Jesu o ne a naya Petere boikarabelo jo bogolo mo tirong ya barutwa. (Ditiro 2:1-41) A  bo Petere a tshwanetse a bo a ile a nametsega jang ne go itse gore Jesu o ne a mo itshwaretse le gore o sa ntse a mo tshepa!

A o “Itse Lorato Lwa ga Keresete”?

20, 21. Re ka kgona jang “go itse lorato lwa ga Keresete” ka botlalo?

20 Lefoko la ga Jehofa le tlhalosa lorato lwa ga Keresete ka tsela e e molemo tota. Mme gone, re tshwanetse go tsibogela lorato lwa ga Jesu jang? Baebele e re kgothaletsa gore re “itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso.” (Baefeso 3:19) Jaaka fa re setse re bone, dipego tsa Efangele kaga botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe di re ruta go le gontsi ka lorato lwa ga Keresete. Le fa go ntse jalo, “go itse lorato lwa ga Keresete” ka botlalo ga go akaretse go itse fela se Baebele e se rutang ka ene.

21 Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “go itse” le kaya go “itse selo ka tsela ya mmatota go ya ka se se go diragaletseng.” Fa re bontsha lorato ka tsela e Jesu a neng a le bontsha ka yone—re intshetsa batho ba bangwe setlhabelo ka bopelotshweu, re ba utlwela botlhoko ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang, re ba itshwarela go tswa pelong—he re tla kgona go tlhaloganya sentle tsela e a neng a ikutlwa ka yone. Ka tsela eo, re tla kgona “go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso,” go ya ka se se re diragaletseng. Mme a re se lebale gore fa re ntse re leka ka natla go tshwana le Keresete, re tla atamalana thata le Modimo wa rona yo o lorato Jehofa, ene yo Jesu a neng a mo etsa ka botlalo.

^ ser. 11 Melao ya borabi e ne e laela gore go se ka ga nna le ope yo o atamelang molepero ka sekgala sa dikubita tse nnè (mo e ka nnang dimetara di le 1,8). Mme fa phefo e ne e foka motho o ne a tshwanetse go katoga molepero ka dikubita di le 100 (mo e ka nnang dimetara di le 45). Midrash Rabbah e umaka rabi mongwe yo o neng a iphitlhela balepero le yo mongwe yo o neng a tle a ba kolope ka matlapa gore ba mo katoge. Ka gone, balepero ba ne ba itse botlhoko jwa go ilwa le go ikutlwa ba nyadiwa le go se batliwe.

^ ser. 16 Karolo e e simololang ya Luke 23:34 ga ya akarediwa mo mekwalong mengwe ya bogologolo. Le fa go ntse jalo, e re ka mafoko ano a fitlhelwa mo mekwalong mengwe e e tlotlegang, a akareditswe mo go Thanolo ya Lefatshe le Lesha le mo dithanolong tse dingwe tse dintsi. Go bonala Jesu a ne a bua ka masole a Roma a a neng a mo bapotse. Ba ne ba sa itse se ba neng ba se dira, ka gonne ba sa itse gore tota Jesu e ne e le mang. Ke boammaaruri gore, baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba tlhotlheleditse gore a bolawe ba ne ba le molato go gaisa, ka gonne ba ne ba dirile jalo ba itse e bile e le ka letlhoo. Bontsi jwa bone bo ne bo ka se ka jwa itshwarelwa.—Johane 11:45-53.