Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 23

‘O re Ratile Pele’

‘O re Ratile Pele’

1-3. Ke dilo dife tse di dirileng gore loso lwa ga Jesu lo se ka lwa tshwana le dintsho tse dingwe mo hisitoring?

LETSATSI lengwe go le dikgakologo mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, monna mongwe yo o se nang molato o ne a sekisiwa, a latofadiwa ka melato e a sa e dirang, mme morago a tlhokofadiwa go fitlha a swa. E ne e se la ntlha motho a atlholelwa loso ka bosetlhogo le tshiamololo e e ntseng jalo; e bile ka maswabi, e ne e se la bofelo go direga selo se se ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, loso loo lo ne lo sa tshwane le dintsho tse dingwe.

2 Fa monna yoo a ntse a boga mo diureng tsa gagwe tse di botlhoko tsa bofelo, legodimo ka bolone le ne la supa fa tiragalo eo e le ya botlhokwa. Le mororo e ne e le motshegare o mogolo, ka tshoganyetso lefifi le ne la aparela naga eo. Go ya kafa mokwadi mongwe wa hisitori a tlhalosang ka teng, “lesedi la letsatsi le ne la nyamela.” (Luke 23:44, 45) Morago ga foo, pele fela ga monna yono a swa, o ne a bua mafoko ano a a sa lebalegeng: “Go diragaditswe!” Ee ruri, o ne a kgona go dira sengwe se se molemo tota ka go ntsha botshelo jwa gagwe. Setlhabelo sa gagwe e ne e le tiro e kgolo go gaisa tsotlhe ya lorato e e kileng ya dirwa ke motho.—Johane 15:13; 19:30.

3 Ee, monna yoo e ne e le Jesu Keresete. Tsela e a neng a boga le go swa ka yone mo letsatsing leo la mahutsana la Nisane 14, 33 C.E., e itsege sentle. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se gantsi se tlhokomologiwang. Le fa Jesu a ile a boga setlhogo, go na le mongwe yo o ileng a boga le e leng go feta. Tota e bile, mo letsatsing leo go na le mongwe yo o neng a ntsha setlhabelo se segolo go gaisa—tiro ya lorato e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ke ope fela mo lobopong. Ke tiro efe eo? Karabo e re neela matseno a a tshwanelang sentle a kgang e e botlhokwa go gaisa tsotlhe: Lorato lwa ga Jehofa.

 Tiro e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Lorato

4. Go ne ga tla jang gore lesole la Roma le lemoge gore Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng, mme lesole leo le ne la swetsa ka goreng?

4 Molaodi wa masole a Roma yo o neng a tlhokometse go bolawa ga ga Jesu o ne a gakgamadiwa ke go fifala go go neng ga direga pele ga loso lwa ga Jesu le thoromo e kgolo ya lefatshe e e neng ya latela. O ne a re: “Eleruri yono e ne e le Morwa Modimo.” (Mathaio 27:54) Ruri Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. Lesole leo le ne le tsentse letsogo mo go bolaweng ga Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo Mogodimodimo! Tota Morwa yono o ne a ratwa ke Rraagwe go le kana kang?

5. Lobaka lo loleele lo Jehofa a lo feditseng a na le Morwawe kwa legodimong lo ka tshwantshiwa jang?

5 Baebele e bitsa Jesu e re ke “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) A ko o akanye fela—Morwa wa ga Jehofa o ne a nna gone pele lobopo lo nna gone. Ka gone he, Rre le Morwa ba nnile mmogo lobaka lo lo kana kang? Baitsesaense bangwe ba fopholetsa gore lobopo lo nnile teng dingwaga di ka nna dimilione di le dikete tse 13 tse di fetileng. A o ka kgona go akanya gore lobaka loo lo kana kang? Fa lefelo lengwe le le bontshang popego ya dinaledi le leka go thusa batho go tlhaloganya lobaka lo lobopo lo nnileng gone ka lone go ya kafa baitsesaense ba fopholetsang ka teng, le ne la dirisa mola o o tshwantshetsang nako o o boleele jwa dimetara tse 110. Fa batho ba ba etetseng koo ba ntse ba tsamaya mo moleng oo wa nako, kgato nngwe le nngwe e ba e tsayang e emela dingwaga di ka nna dimilione tse 75 tsa go nna gone ga lobopo. Kwa bofelong jwa mola oo wa nako, hisitori yotlhe ya batho e tshwailwe ka mothalo o le mongwe o o lekanang le thiri e le nngwe ya moriri wa motho! Mme le fa phopholetso eno e ka tswa e nepile, mola oo otlhe wa nako o ka se ka wa lekana go emela nako yotlhe ya botshelo jwa Morwa wa ga Jehofa! O ne a ntse a tshwaregile ka go dira eng mo dingwageng tseo tsotlhe?

6. (a) Morwa wa ga Jehofa o ne a tshwaregile ka eng pele ga a tla go nna motho? (b) Jehofa le Morwawe ba na le kamano ya mofuta ofe?

6 Morwa o ne a itumelela go nna “modiri yo o setswerere” wa ga Rraagwe. (Diane 8:30) Baebele ya re: “Kwantle ga [Morwa] ga go a nna gone selo le fa e le se le sengwe.” (Johane 1:3) Ka gone Jehofa le Morwawe ba ne ba dira mmogo gore dilo tsotlhe tse dingwe di  nne gone. A bo ba nnile le nako e e monate le e e itumedisang thata jang ne! Batho ba le bantsi ba tla dumela gore lorato lwa motsadi le ngwana lo nonofile ka tsela e e gakgamatsang. Mme lorato ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Ke mang wa rona he yo o ka lekang go fopholetsa maatla a kamano e e nang le lobaka lo lo kanakana? Ruri Jehofa Modimo le Morwawe ba dirilwe seoposengwe ke kamano ya lorato e e nonofileng go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng.

7. Fa Jesu a ne a kolobediwa, Jehofa o ne a bontsha jang kafa a ikutlwang ka teng ka Morwawe?

7 Le fa go ntse jalo, Rre o ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go tsalwa e le lesea. Seo se ne se bolela gore Jehofa o ne a tla fetsa masome a sekae a dingwaga kwa legodimong a kgaoditse kamano e e molemo e a nang le yone le Morwawe yo a mo ratang. A ntse a le kwa legodimong, O ne a leba Jesu ka kgatlhego e kgolo jaaka fa a ne a gola go nna monna yo o itekanetseng. Fa Jesu a le dingwaga di ka nna 30, o ne a kolobediwa. Ga re tlhoke go fopholetsa gore Jehofa o ne a ikutlwa jang ka ene. Rre o ne a bua jaana ka boene a le kwa legodimong: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) E re ka Jesu a ile a diragatsa dilo tsotlhe tse di neng di boleletswe pele, tsotlhe tse a neng a di kopilwe, Rraagwe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota!—Johane 5:36; 17:4.

8, 9. (a) Jesu o ne a diragalelwa ke eng ka Nisane 14, 33 C.E., mme go ne ga ama Rraagwe wa selegodimo jang? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a letla gore Morwawe a boge a bo a swe?

8 Mme gone, Jehofa o ile a ikutlwa jang ka Nisane 14, 33 C.E.? O ne a ikutlwa jang fa Jesu a ne a okwa mme go tswa foo a bo a tshwarwa ke segopa bosigo? Fa Jesu a itatolwa ke ditsala tsa gagwe mme a bo a isiwa tshekong e e seng kafa molaong? Fa a ntse a sotlwa, a kgwelwa mathe le go itewa ka mabole? Fa a ntse a setlakwa, nama ya mokwatla wa gagwe e bo e shemega? Fa a ntse a kokotelwa matsogo le maoto mo koteng mme a bo a tlogelwa a akgega foo batho ba mo tlhapaola? Rre o ne a ikutlwa jang fa Morwawe yo a mo ratang a tlhaeletsa ka ntlha ya manokonoko a botlhoko jo bo ngomolang pelo? Jehofa o ne a ikutlwa jang fa Jesu a ne a hema la bofelo, le fa Morwawe yo o rategang jaanong a sa tlhole a le teng, e le la ntlha fa e sa le dilo tsotlhe di simolola go bopiwa?—Mathaio 26:14-16, 46, 47, 56, 59, 67; 27:38-44, 46; Johane 19:1.

‘Modimo . . . o ile a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi’

 9 Re gakega go tlhalosa. E re ka Jehofa a na le maikutlo, ga re na mafoko a a maatla go tlhalosa botlhoko jo a neng a bo utlwa fa Morwawe a ne a swa. Se re ka kgonang go se tlhalosa fela ke se se dirileng gore Jehofa a letle gore seo se diragale. Ke eng fa Rre a ile a itetla gore a utlwe botlhoko jalo? Jehofa o re senolela sengwe se se molemo mo go Johane 3:16—temana ya Baebele e e botlhokwa jaana mo e ileng ya bidiwa gore ke Efangele e nnye. Ya re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Ka jalo, se se dirileng gore Jehofa a dire jalo ke: lorato. Mpho ya ga Jehofa—go romela Morwawe go tla go boga le go re swela—e ne e le tiro ya lorato e kgolo go gaisa tsotlhe.

Lorato Lwa Modimo lo a Tlhalosiwa

10. Ke eng se batho ba se tlhokang, mme go diragetse eng ka bokao jwa lefoko “lorato”?

10 Lefoko “lorato” le kaya eng? Lorato lo ile lwa tlhalosiwa e le selo se segolo go gaisa tsotlhe tse batho ba di tlhokang. Batho ba senka lorato go tloga fa ba tsholwa go fitlha ba swa, ba gola sentle fa ba lo bontshiwa, e bile ba a koafala ba bo ba swa fa ba sa lo bontshiwe. Le fa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang ke gore, ga go motlhofo go lo tlhalosa. Ke boammaaruri gore batho ba bua thata ka lorato. Go na le dibuka tse dintsintsi, dipina le maboko a a buang ka lone. Mme ga se ka metlha di tlhalosang bokao jwa lorato sentle. Tota e bile, lefoko leno le dirisiwa thata jaana mo bokao jwa lone jwa mmatota bo bonalang bo tswapoga.

11, 12. (a) Ke kae koo re ka ithutang go le gontsi ka lorato teng, mme ke eng fa re ka ithuta ka lone koo? (b) Ke mefuta efe ya lorato e puo ya bogologolo ya Segerika e neng e na le yone, mme ke lefoko lefe la “lorato” le le dirisiwang gantsi go feta a mangwe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.) (c) A·gaʹpe ke eng?

11 Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta lorato ka tsela e e utlwalang sentle. Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e bolela jaana: “Lorato lo ka itsiwe fela go ya ka ditiro tse lo di tlhotlheletsang.” Pego ya Baebele ka ditiro tsa ga Jehofa e re ruta go le gontsi ka lorato lwa gagwe—kamego e e molemo e a nang le yone ka dibopiwa tsa gagwe. Ka sekai, ke eng se se neng se ka senola go le gontsi ka nonofo eno go feta tiro e e molemolemo ya lorato e e  tlhalositsweng pelenyana e Jehofa ka boene a neng a e dira? Mo dikgaolong tse di latelang, re tla bona dikai tse dingwe tse dintsi tse di bontshang kafa lorato lwa ga Jehofa lo dirang ka teng. Mo godimo ga moo, re ka nna le lesedinyana fa re tlhatlhoba mafoko a ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng go ranola lefoko “lorato.” Mo puong ya bogologolo ya Segerika, go ne go na le mafoko a manè a a ranolang “lorato.” * Mo go one, lefoko le le dirisiwang gangwe le gape mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika ke a·gaʹpe. Thanodi nngwe ya Baebele e bitsa lefoko leno e re ke “mofuta wa lorato o o nonofileng go e gaisa yotlhe e motho a ka akanyang ka yone.” Ka ntlha yang?

12 A·gaʹpe ke lorato lo lo kaelwang ke melaometheo. Ka gone ga se lorato fela lwa go gapiwa maikutlo ke motho mongwe. Lo akaretsa dilo di le dintsi, lo akanyetsa thata e bile lo pelontle. Mo godimo ga tseno tsotlhe, lorato lwa a·gaʹpe ga lo bogagapa ka gope. Ka sekai, leba Johane 3:16 gape. “Lefatshe” le Modimo o le ratileng thata jaana mo a ileng a le ntshetsa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ke lefe? Ke lefatshe le e leng batho ba ba neng ba ka rekololwa. Le akaretsa batho ba le bantsi ba ba tshelang botshelo jwa go dira boleo. A Jehofa o rata batho bao ka tsela ya go ba dira ditsala tsa gagwe, ka tsela e a neng a rata Aborahame yo o ikanyegang ka yone? (Jakobe 2:23) Nnyaa, go na le moo Jehofa ka lorato o bontsha go nna molemo mo bathong botlhe, tota le fa seno se tlhoka gore a latlhegelwe thata. O batla gore botlhe ba ikwatlhaye mme ba fetole ditsela tsa bone. (2 Petere 3:9) Batho ba le bantsi ba dira jalo. O itumelela go amogela batho bano go nna ditsala tsa gagwe.

13, 14. Ke eng se se bontshang gore gantsi a·gaʹpe e akaretsa go kgatlhegela motho ka botsalano?

13 Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba na le pono e e phoso ka a·gaʹpe. Ba akanya gore ke mofuta wa lorato o o sa ameng maikutlo mme o ama tlhaloganyo fela. Boammaaruri ke gore gantsi a·gaʹpe  e akaretsa go nna le maikutlo a go kgatlhegela motho ka botsalano. Ka sekai, fa Johane a ne a kwala a re, “Rara o rata Morwa,” o ne a dirisa popego ya lefoko a·gaʹpe. A lorato lo lo ntseng jalo ga lo na maikutlo a go kgatlhegela motho ka botsalano? Ela tlhoko gore Jesu o ne a re, “Rara o rata Morwa,” a dirisa popego ya lefoko phi·leʹo. (Johane 3:35; 5:20) Gantsi lorato lwa ga Jehofa lo akaretsa go amega maikutlo ka bopelonomi ka batho. Le fa go ntse jalo, lorato lwa gagwe ga lo ke lo tlhotlhelediwa ke go tseega maikutlo fela. Ka metlha lo kaelwa ke melaometheo ya gagwe e e molemo le e e siameng.

14 Jaaka fa re bone, dinonofo tsotlhe tsa ga Jehofa ke tsa maemo a a kwa godimo, di molemo e bile di a kgatlha. Mme lorato lo kgatlha go di gaisa tsotlhe. Ga go na sepe se se re atamalanyang thata jaana le Jehofa jaaka lone. Selo se se itumedisang ke gore, lorato gape ke nonofo e e di fetang tsotlhe. Re itse seo jang?

“Modimo ke Lorato”

15. Baebele ya reng ka nonofo ya ga Jehofa ya lorato, mme mafoko ao a tlhomologile ka tsela efe? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)

15 Baebele e bua sengwe ka lorato se e se keng e se bua ka dinonofo tse dingwe tsa konokono tsa ga Jehofa. Dikwalo ga di re Modimo ke maatla kana Modimo ke tshiamiso kana le e leng gore Modimo ke botlhale. O na le dinonofo tseo, ke ene motswedi wa konokono wa tsone mme ga go na ope yo o tshwanang le ene ka dinonofo tseo tse tharo. Le fa go ntse jalo, go buiwa kgang eno e e botlhokwa thata ka nonofo ya bonè: “Modimo ke lorato.” * (1 Johane 4:8) Seo se kaya eng?

16-18. (a) Ke eng fa Baebele e re “Modimo ke lorato”? (b) Mo dibopiweng tsotlhe tsa mo lefatsheng, ke eng fa motho e le letshwao le le tshwanelang sentle go emela nonofo ya ga Jehofa ya lorato?

16 Mafoko a a reng, “Modimo ke lorato” ga se mafoko fela a a sa reng sepe, jaaka e kete ga twe, “Modimo o lekana le lorato.” Re ka  se ka ra nepa dilo fa re ka fetola mafoko ano re re “lorato ke Modimo.” Jehofa ga a lekane ka gope le nonofo fela e e sa tsheleng. Ke motho yo o nang le maikutlo le dinonofo tse di farologaneng go akaretsa le lorato. Le fa go ntse jalo, lorato ke nonofo e e tseneletseng kwa teng mo go Jehofa. Ka gone buka nngwe e bua jaana ka temana eno: “Botho jwa konokono jwa Modimo ke lorato.” Ka kakaretso re ka akanya jaana ka kgang eno: Maatla a ga Jehofa a mo kgontsha go dira dilo. Tshiamiso le botlhale jwa gagwe di mo kaela tsela e a tshwanetseng go dira dilo ka yone. Mme lorato lwa ga Jehofa lone lo mo tlhotlheletsa go dira dilo. Mme ka metlha o dirisa dinonofo tse dingwe tsa gagwe a di kopantse le lorato.

17 Gantsi go tle go twe Jehofa ke mothofatso wa lorato. Ka gone, fa re batla go ithuta ka lorato lwa melaometheo, re tshwanetse go ithuta ka Jehofa. Ke boammaaruri gore re ka bona nonofo eno e e molemo le mo bathong. Mme ke eng fa re ka e bona le mo go bone? Ka nako ya fa Jehofa a ne a bopa dilo, o ne a bua mafoko ano a go bonalang a ile a a bua le Morwawe: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Genesise 1:26) Mo dibopiweng tsotlhe tsa mo lefatsheng, ke batho fela ba ba ka tlhophang go rata mme ka gone ba etsa Rraabone wa selegodimo. Se lebale gore Jehofa o ne a dirisa dibopiwa tse di farologaneng go tshwantshetsa dinonofo tsa gagwe tsa konokono. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhopha motho yo e leng sebopiwa sa gagwe sa maemo a a kwa godimo go feta tsotlhe mo lefatsheng go tshwantshetsa nonofo ya Gagwe e kgolo, e leng lorato.—Esekiele 1:10.

18 Fa lorato lwa rona e le lo lo laolwang ke melaometheo, e se lwa bogagapa, re a bo re bontsha fa re na le nonofo e kgolo ya ga Jehofa. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Johane a ile a kwala a re: “Mme rona, re a rata, ka gonne a re ratile pele.” (1 Johane 4:19) Mme gone Jehofa o re ratile pele ka ditsela dife?

Jehofa o Tsere Kgato Pele

19. Ke eng fa go ka twe lorato lo nnile le seabe se segolo mo tirong ya ga Jehofa ya go bopa?

19 Lorato ga se selo se sesha. Kana gone, ke eng se se tlhotlheleditseng Jehofa go simolola go bopa? E ne e se ka go bo a ne a jewa ke bodutu a tlhoka mongwe go mo ntsha bodutu. Jehofa o feletse e bile o kgotsofetse, ga a tlhoke sepe se motho yo mongwe a ka mo  abelang sone. Mme lorato lwa gagwe ke lone lo lo neng lwa mo tlhotlheletsa go batla go abelana boipelo jwa botshelo le dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale tse di neng di ka anaanela mpho e e ntseng jalo. “Tshimologo ya popo ka Modimo” e ne e le Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (Tshenolo 3:14) Go tswa foo Jehofa o ne a dirisa Modiri yono wa Setswerere go dira gore dilo tsotlhe tse dingwe di nne gone, a simolola ka baengele. (Jobe 38:4, 7; Bakolosa 1:16) Ka go bo ditshedi tseno tse di maatla tsa semoya di bopilwe di na le kgololesego, botlhale le maikutlo, di ne di na le tshono ya go nna le kamano ya lorato—gareng ga tsone ka botsone, mme go feta moo le Jehofa Modimo. (2 Bakorintha 3:17) Ka gone, di ne tsa rata ka gonne di ratilwe pele.

20, 21. Adame le Efa ba ne ba na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o a ba rata, le fa go ntse jalo, ba ile ba tsibogela seo jang?

20 Go ne go ntse jalo le ka batho. Go tloga fela kwa tshimologong, Adame le Efa ba ne ba bontshiwa lorato lo logolo. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ka leba gone mo legaeng la bone la Paradaise mo Edene, ba ne ba bona bosupi jwa lorato lo Rara a ba ratang ka lone. Ela tlhoko se Baebele e se bolelang: “Jehofa Modimo a jala tshingwana mo Edene, go ela kwa botlhaba, mme a baya gone motho yo a mmopileng.” (Genesise 2:8) A o kile wa ya kwa tshingwaneng kana kwa phakeng e ntle thata? O ne wa kgatlhiwa thata ke eng mo go yone? A e ne e le lesedi le le neng le phatsima mo matlhareng a a ipopileng go nna lesuthu? Mebalabala e mentle mo tshingwaneng ya dithunya? Modumo o o utlwalang kwa tlase wa go phothosela ga metsi, go opela ga dinonyane le go tswirinya ga ditshenekegi? Go tweng ka menko e e monate ya ditlhare, maungo le dithunya? Le fa go ntse jalo, gompieno ga go na paraka epe e e ka tshwanang le e e neng e le kwa Edene. Ka ntlha yang?

21 Tshingwana eo e ne e lemilwe ke Jehofa ka boene! E tshwanetse ya bo e ne e le bontle jo bo ka se kang jwa tlhalosiwa. E ne e na le setlhare sengwe le sengwe se sentle kana sa maungo a a monate. Tshingwana eo e ne e na le metsi a a lekaneng go e nosetsa, e le kgolo sentle e bile e tletse ka mefutafuta ya diphologolo. Adame le Efa ba ne ba na le sengwe le sengwe se se neng se ka dira gore botshelo jwa bone e nne jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang, go akaretsa le tiro e e itumedisang le botsala jo bo molemo. Jehofa o ne a ba ratile pele, ka jalo ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a gore le  bone ba mo rate jalo. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba dira jalo. Go na le gore ba ikobele Rraabone wa selegodimo ka lorato, ba ne ba mo tsuologela ka bogagapa.—Genesise, kgaolo 2.

22. Tsela e Jehofa a neng a tsibogela botsuolodi jwa kwa Edene ka yone e bontsha jang gore lorato lwa gagwe lo a ikanyega?

22 Seo se tshwanetse sa bo se ile sa utlwisa Jehofa botlhoko ruri! Mme gone, a botsuolodi joo bo ile jwa kgwaralatsa pelo ya gagwe e e lorato? Nnyaa! “Bopelonomi jwa gagwe jwa lorato [kana, “lorato lo lo ikanyegang,” ntlhanyana e e kwa tlase mo NW] ke jwa bosakhutleng.” (Pesalema 136:1) Ka gone, ka yone nako eo o ne a ikaelela go dira dithulaganyo tse di lorato tsa go rekolola bana bape fela ba ga Adame le Efa ba ba neng ba na le tshekamelo ya go dira tshiamo. Jaaka fa re bone, dithulaganyo tseo di ne di akaretsa setlhabelo sa thekololo sa Morwawe yo o rategang, tse di neng tsa tlhoka Rara go latlhegelwa thata.—1 Johane 4:10.

23. Lengwe la mabaka a go bo Jehofa e le “Modimo yo o itumetseng” ke lefe, mme ke potso efe e e botlhokwa e e tla sekasekwang mo kgaolong e e latelang?

23 Ee, go tloga fela kwa tshimologong, Jehofa o tsere kgato pele go bontsha gore o rata batho. O bontshitse ka ditsela tse dintsi gore ‘o re ratile pele.’ Lorato lo rotloetsa kutlwano le boipelo, ka gone ga go gakgamatse go bo Jehofa a tlhalosiwa e le “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Le fa go ntse jalo, go tlhaga potso e e botlhokwa. A ruri Jehofa o rata batho ka bongwe? Kgaolo e e latelang e tla bua ka kgang eo.

^ ser. 11 Lediri phi·leʹo, le le kayang “go nna le kamego ka, go kgatlhegela, kana go atamalana le (jaaka ga motho le tsala ya gagwe e kgolo kana mokaulengwe),” le dirisiwa gantsi mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Popego ya lefoko stor·geʹ, kana lorato lwa ba lelapa, le dirisitswe mo go 2 Timotheo 3:3 go bontsha gore lorato loo lo tla bo lo tlhaela fela thata mo metlheng ya bofelo. Eʹros, kana lorato lwa thatano gareng ga monna le mosadi ga lo a dirisiwa mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika le fa gone go buiwa ka mofuta oo wa lorato mo Baebeleng.—Diane 5:15-20.

^ ser. 15 Mafoko a mangwe mo Dikwalong a batla a tshwana le ano. Ka sekai, “Modimo ke lesedi” le “Modimo . . . ke molelo o o lailang.” (1 Johane 1:5; Bahebera 12:29) Le fa go ntse jalo, mafoko ano a tshwanetse go tlhaloganngwa e le tshwantshiso fela ka gonne a tshwantsha Jehofa le dilo tse di bonwang ka matlho. Jehofa o tshwana le lesedi, ka gonne o boitshepo e bile o siame. Ga go na “lefifi,” kana leswe mo go ene. Gape a ka tshwantshiwa le molelo ka gonne o na le maatla a go nyeletsa.