Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 1

“Bona! Yono ke Modimo wa Rona”

“Bona! Yono ke Modimo wa Rona”

1, 2. (a) O ne o ka rata go botsa Modimo dipotso dife? (b) Moshe o ne a botsa Modimo eng?

A O KA akanya o tlotla le Modimo? Go akanya ka gone fela go a tshosa—Molaodimogolo wa lobopo a tlotla le wena! O simolola o okaoka, mme moragonyana o kgona go mo araba. O a go reetsa, o a go araba, e bile o dira gore o ikutlwe o gololesegile go mmotsa potso epe fela e o batlang go e mmotsa. Mme jaanong, o ne o ka mmotsa potso efe?

2 Bogologolo, monna mongwe o ne a nna mo boemong jo bo ntseng fela jalo. Leina la gagwe e ne e le Moshe. Mme gongwe o tla gakgamadiwa ke potso e a neng a tlhopha go e botsa Modimo. O ne a se ka a botsa ka ga gagwe, ka isagwe ya gagwe, kana le e leng ka mathata a batho. Go na le moo, o ne a botsa leina la Modimo. O ka nna wa gakgamadiwa ke seno ka gonne Moshe o ne a setse a itse leina la Modimo. Ka jalo, potso ya gagwe e tshwanetse ya bo e ne e na le bokao jo bogolwane. Tota e bile, e ne e le potso e e botlhokwa go gaisa epe fela e Moshe a neng a ka e botsa. Karabo ya yone e re ama rotlhe. E ka go thusa go tsaya kgato e e botlhokwa e e ka dirang gore o atamalane le Modimo. Jang? Mma re sekaseke motlotlo oo o o sa tshwaneng le ope.

3, 4. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa felela ka gore Moshe a tlotle le Modimo, mme kgangkgolo ya motlotlo wa bone e ne e le eng?

3 Moshe o ne a na le dingwaga tse 80. O ne a feditse dingwaga di le masome a manè a kgaogane le batho ba gaabo, Baiseraele, ba e neng e le makgoba kwa Egepeto. Letsatsi lengwe, fa a ntse a disitse matsomane a mogogwadie, o ne a bona tiragalo e e sa etlwaelegang. O ne a bona sekhi se tuka mme se sa she. Se ne sa nna sa tuka dikgabo jalo jaaka letshwao mo thabeng. Moshe o ne a atamela go tla go se keleka. O tshwanetse a bo a ile a gakgamala tota fa a utlwa lentswe le bua le ene le tswa mo gare ga molelo! Modimo o ne a tlotla le Moshe lobakanyana lo loleele a dirisa mmueledi wa gagwe wa moengele. Mme jaaka fa o ka tswa o itse, gone foo Modimo o ne a laela Moshe yo o neng a okaoka  gore a tlogele botshelo joo jo bo iketlileng mme a boele kwa Egepeto go ya go golola Baiseraele mo bokgobeng.—Ekesodo 3:1-12.

4 Ka nako eo, Moshe o ne a ka nna a botsa Modimo potso nngwe le nngwe fela. Le fa go le jalo, ela tlhoko potso e a neng a tlhopha go e botsa: “A re tseye gore jaanong ke gorogile mo go bomorwa Iseraele mme ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogologolwane o nthomile kwa go lona,’ mme ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’ Ke tla ba raya ke reng?”—Ekesodo 3:13.

5, 6. (a) Potso ya ga Moshe e re ruta boammaaruri bofe jo bo botlhokwa? (b) Ke eng se se tlontlololang se se dirilweng ka leina la Modimo? (c) Ke eng fa go le botlhokwa thata jaana go bo Modimo a senoletse batho leina la gagwe?

5 Selo sa pele se potso eo e re rutang sone ke gore Modimo o na le leina. Ga re a tshwanela go tlhaetsa boammaaruri jono matlho. Mme gone, batho ba le bantsi ba dira jalo. Leina la Modimo le ile la tlosiwa mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele mme mo boemong jwa lone ga tsenngwa direto tse di jaaka “Morena” le “Modimo.” Seno ke sengwe sa dilo tse di utlwisang botlhoko le tse di tlontlololang go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ka mabaka a bodumedi. Kana gone, selo sa ntlha se o se dirang fa o kopana le mongwe ke eng? A ga o mmotse leina? Go ntse fela jalo le ka go itse Modimo. Ga se tlhokaina, yo o nnang kgakala fela le rona yo re ka se kang ra mo itse kgotsa go mo tlhaloganya. Le fa a sa bonwe ka matlho, ke motho, e bile o na le leina—Jehofa.

6 Mo godimo ga moo, fa Modimo a senola leina la gagwe, re a bo re tlile go bona sengwe se segolo le se se itumedisang. O batla gore re mo itse. O batla gore re tlhophe go dira sengwe se se molemo go gaisa tsotlhe tse re ka di dirang mo botshelong—go atamalana le ene. Mme gone Jehofa ga a re bolelela leina la gagwe fela. O re boleletse le ka motho yo le mo emelang.

Bokao Jwa Leina la Modimo

7. (a) Go tlhaloganngwa gore leina la Modimo le kaya eng? (b) Tota Moshe o ne a batla go itse eng fa a ne a botsa Modimo leina la Gagwe?

7 Jehofa ke ene yo o iphileng leina la gagwe le le nang le bokao jo bo botlhokwa. Go tlhaloganngwa gore leina “Jehofa” le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Ga a tshwane le ope mo lobopong  lotlhe ka gonne o dirile dilo tsotlhe e bile o dira gore maikaelelo a gagwe otlhe a diragale. Seo ka bosone ke selo se se tshosang thata. A mme seo ke sone fela se se bolelwang ke leina la Modimo? Go bonala Moshe a ne a batla go itse go le gontsi ka lone. Aitsane o ne a itse gore Jehofa ke Mmopi e bile o ne a itse leina la Modimo. E ne e se gone a utlwang ka leina la Modimo. Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga batho ba ntse ba le dirisa. Ga go pelaelo gore fa Moshe a ne a botsa Modimo leina, o ne a batla go itse ka mong wa leina leo. Tota o ne a re: ‘Ke bolelele batho ba gago ba Iseraele eng ka wena se se tla dirang gore ba nne le tumelo mo go wena, se se tla ba tlhatswang pelo gore ruri o tla ba golola?’

8, 9. (a) Jehofa o ne a araba potso ya ga Moshe jang, mme ke eng se se phoso ka tsela e gantsi karabo ya Gagwe e ranolwang ka yone? (b) Polelwana e e reng “Ke tla nna se ke tla nnang sone,” e kaya eng?

8 Jehofa o ne a mo araba ka go senola karolo nngwe e e kgatlhang ya botho jwa gagwe, e leng sengwe se se amanang le bokao jwa leina la gagwe. O ne a raya Moshe a re: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Dithanolo tse dintsi tsa Baebele di ranotse temana eno jaana: “Ke yo ke leng ene.” Mme dithanolo tse di ranotsweng ka kelotlhoko di bontsha gore e ne e se kgang fela ya gore Modimo o tlhomamisa go nna gone ga gagwe. Go na le moo, Jehofa o ne a ruta Moshe—mme le rona rotlhe—gore o ne a “tla nna,” kana o ne a tla tlhopha gore ene ka boene a nne sepe fela se se neng se tlhokega gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Thanolo ya ga J. B. Rotherham e opa kgomo lonaka fa e ranola temana eno jaana: “Ke Tla Nna sengwe le sengwe se ke batlang go nna sone.” Moitse mongwe wa Sehebera sa Baebele o tlhalosa polelwana eno jaana: “Seemo kana bothata le fa e ka nna bofe jo bo tlhagang . . . , Modimo o tla ‘nna’ tharabololo ya jone.”

9 Seo se ne se bolela eng mo Baiseraeleng? Le fa ba ne ba ka lebana le sekgoreletsi sefe, le fa maemo a ba ka iphitlhelang ba le mo go one a ne a ka nna thata go le kae, Jehofa o ne a tla nna sengwe le sengwe fela se a tlhokang go nna sone gore a ba golole mo bokgobeng le go ba tlisa mo Nageng e e Solofeditsweng. Ruri leina leo le ne la dira gore ba ikanye Modimo. Le rona gompieno le ka re tlhotlheletsa fela jalo. (Pesalema 9:10) Ka ntlha yang?

10, 11. Leina la ga Jehofa le re kgothaletsa jang go mo tsaya e le Rre yo o tsamaisanang le maemo le yo o molemo go gaisa botlhe ba re ka ba akanyang? Tshwantsha.

 10 Ka sekai: Batsadi ba a itse gore ba tshwanetse go tsamaisana le maemo go le kana kang fa ba ntse ba godisa bana ba bone. Mo letsatsing le le lengwe fela motsadi a ka tshwanelwa ke go nna mooki, seapei, morutabana, mootlhai, moatlhodi le tse dingwe. Batsadi ba le bantsi ba ikutlwa ba fekeediwa ke maikarabelo a mantsi a ba tshwanelwang ke go a sikara. Ba lemoga tsela e bana ba bone ba ba ikanyang ka botlalo ka yone, ka metlha ba dumela ba se na pelaelo gore Papa kana Mama o tla kgona go ba thusa go ikutlwa botoka fa ba le mo ditlhabing, o tla kgona go ba rarabololela dikgotlhang tsotlhe, o tla kgona go ba baakanyetsa setshamekisi sepe fela se se robegileng le go ba arabela dipotso dipe fela tse di tlhagang mo megopolong ya bone e e sekeng e kgaotsa go batla go itse. Batsadi bangwe ba ikutlwa ba se na bokgoni, e bile ka dinako tse dingwe ba ikutlwa ba bolaisiwa pelo ke go tlhaela ga bone ka namana. Ba ikutlwa ba palelwa gotlhelele ke maikarabelo ano a mantsintsi.

11 Jehofa le ene ke motsadi yo o lorato. Mme gone, le fa a se ke a itlhokomolosa melao ya gagwe e e molemo, ga a palelwe ke go nna sepe fela se a tlhokang go nna sone e le gore a tlhokomele bana ba gagwe ba mo lefatsheng ka tsela epe fela e e molemo. Ka gone, leina la gagwe Jehofa, le re kgothaletsa go mo tsaya e le Rre yo o molemo go gaisa botlhe ba re ka akanyang ka bone. (Jakobe 1:17) Go ise go ye kae Moshe le Baiseraele ba bangwe botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba lemoga gore Jehofa o ntse fela jaaka leina la gagwe le kaya. Ba ne ba sala ba akabetse fa ba bona a nna Molaodi wa Sesole yo o sa fenngweng, Molaodi wa dilo tsotlhe tsa tlholego, Moneimolao yo o sa tshwaneng le ope, Moatlhodi, Motlhami wa Dipolane, Moabi wa dijo le metsi, Mosomaredi wa diaparo le ditlhako—le tse dingwe.

12. Boikutlo jwa ga Faro ka Jehofa bo ne bo farologana jang le jwa ga Moshe?

12 Modimo o ile a dira gore leina la gagwe le itsiwe ka tsela eno, o senotse dilo tse di kgatlhang tse di malebana le motho yo leina leo le mo emelang, mme gape o bontshitse gore se a se buileng ka ga gagwe se boammaaruri. Ga go pelaelo gore, Modimo  o batla gore re mo itse. Re tsibogela seno jang? Moshe o ne a batla go itse Modimo. Keletso eo e kgolo e ne ya tlhotlheletsa tsela ya ga Moshe ya botshelo mme ya dira gore a atamalane thata le Rraagwe wa selegodimo. (Dipalo 12:6-8; Bahebera 11:27) Ka maswabi, ke ba se kae fela ba batho ba motlha wa ga Moshe ba ba neng ba na le keletso e e ntseng jalo. Fa Moshe a ne a umaka Jehofa ka leina mo go Faro, mmusi yoo yo o boikgogomoso wa Moegepeto o ne a fetola a re: “Jehofa ke mang?” (Ekesodo 5:2) E ne e se gore Faro o batla go itse go ya pele ka Jehofa. Go na le moo, e ne e le fela go nyatsa gore Modimo wa Iseraele ga a botlhokwa e bile ga a kae sepe. Tsela e e ntseng jalo ya go leba dilo e aname tota gompieno. E dira gore batho ba se ka ba bona boammaaruri jo bo botlhokwa go gaisa—gore Jehofa ke Morena Molaodimogolo.

Morena Molaodimogolo Jehofa

13, 14. (a) Ke eng fa Baebele e bitsa Jehofa ka direto tse dintsi, mme dingwe tsa tsone ke dife? (Bona lebokoso le le reng, “ Dingwe Tsa Direto Tsa ga Jehofa.”) (b) Ke eng fa Jehofa e le ene fela yo o tshwanelwang ke go bidiwa “Morena Molaodimogolo”?

13 Jehofa o tsamaisana thata jaana le maemo mo e leng gore Dikwalo di mmitsa sentle ka direto tse di farologaneng. Ga se gore direto tseno di tsaya maemo a leina la gagwe; go na le moo, di re ruta dilo tse dingwe tse di bolelwang ke leina la gagwe. Ka sekai, o bidiwa gore ke “Morena Molaodimogolo Jehofa.” (2 Samuele 7:22) Sereto seo sa maemo a a kwa godimo, se se tlhagang ka makgetlo a le makgolokgolo mo Baebeleng, se re itsise maemo a ga Jehofa. Ke ene fela yo o nang le tshwanelo ya go nna Mmusi wa lobopo lotlhe. Akanya lebaka la gone.

14 Jehofa ga a tshwane le ope ka gonne ke Mmopi. Tshenolo 4:11 ya re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Ga go motho ope yo mongwe yo o ka tshwanelwang ke mafoko ano a a tlotlomatsang. Sengwe le sengwe se se leng gone mo lobopong se gone ka ntlha ya ga Jehofa! Ga go pelaelo gore, Jehofa o tshwanelwa ke tlotlo, maatla le kgalalelo  ka gonne e le Morena Molaodimogolo le Mmopi wa dilo tsotlhe.

15. Ke eng fa Jehofa a bidiwa “Kgosi ya bosakhutleng”?

15 Sereto se sengwe se se dirisiwang mo go Jehofa fela ke “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Timotheo 1:17; Tshenolo 15:3) Seno se bolela eng? Ga go motlhofo go tlhaloganya seno sentle ka megopolo ya rona e e tlhaelang, mme gone, Jehofa ke wa bosakhutleng ka kgopolo ya gore ga a na tshimologo e bile ga a na bokhutlo. Pesalema 90:2 ya re: “O Modimo le eleng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” Ka gone, Jehofa ga a na tshimologo; o sa le a ntse a le teng. O bidiwa sentle go twe ke “Mogologolo wa Malatsi”—o sa le a ntse a le teng go tloga kwa bosasimologeng pele ope fela kana sepe fela se nna teng mo lobopong! (Daniele 7:9, 13, 22) Tota ke mang yo o ka nnang le mabaka a a utlwalang a go belaela tshwanelo ya gagwe ya go nna Morena Molaodimogolo?

16, 17. (a) Ke eng fa re sa kgone go bona Jehofa, mme ke eng fa seo se sa tshwanela go re gakgamatsa? (b) Jehofa ke motho wa mmatota go feta sepe fela se re ka se bonang kana go se kgoma ka tsela efe?

16 Mme gone, batho bangwe ba belaela tshwanelo eo ya gagwe fela jaaka Faro. Selo sengwe se se bakang seno ke gore batho ba ba sa itekanelang ba dumela thata se ba kgonang go se bona ka matlho. Ga re kgone go bona Morena Molaodimogolo. Ke motho wa semoya, yo o ka se bonweng ka matlho. (Johane 4:24) Kwantle ga moo, fa motho wa nama le madi a ne a ka ema fa pele ga Jehofa Modimo ka tsela ya mmatota o ne a ka swa. Jehofa ka boene o ne a raya Moshe a re: “Ga o kgone go bona sefatlhego sa me, ka gonne ga go na motho yo o ka mponang a bo a sala a tshela.”—Ekesodo 33:20; Johane 1:18.

17 Seo ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Moshe o ne a bona fela bontlhanngwe jwa kgalalelo ya ga Jehofa, kafa go bonalang ka teng, go ne ga dirisiwa moengele e le moemedi. Go ne ga felela ka eng? Morago ga foo sefatlhego sa ga Moshe se ne sa fetsa nakonyana se “ntsha marang.” Baiseraele ba ne ba tshaba le e leng go leba sefatlhego sa ga Moshe ka tlhamalalo. (Ekesodo 33:21-23; 34:5-7, 29, 30) Ga go pelaelo he gore, ga go na motho ope yo o ka kgonang go leba kgalalelo yotlhe ya Morena Molaodimogolo!  A seno se bolela gore ga se motho wa mmatota fela ka go bo re sa kgone go mmona le go mo kgoma? Nnyaa, go na le dilo tse dintsi tse re dumelang gore di teng mme re sa kgone go di bona—ka sekai, phefo, makhubu a radio le megopolo. Mo godimo ga moo, Jehofa o nnetse ruri, ga a amiwe ka gope ke go feta ga nako, tota le e leng dimilionemilione tse di se nang palo tsa dingwaga! Ka gone, ke motho wa mmatota go feta selo sepe fela se re ka se kgomang kana go se bona, ka gonne dilo tse re di bonang ka matlho di a onala e bile di a nyelela. (Mathaio 6:19) A mme re tshwanetse go mo tsaya fela e le maatla mangwe a a kgakala, a a se nang maikutlo kana e le Tshimologo fela e e sa tlhaloganyegeng? Mma re bone.

Modimo yo o Nang le Botho

18. Esekiele o ne a newa ponatshegelo efe, mme difatlhego tse nnè tsa ‘dibopiwa tse di tshelang’ tse di bapileng le Jehofa di tshwantshetsa eng?

18 Le fa re sa kgone go bona Modimo, go na le ditemana tse di kgatlhang mo Baebeleng tse di re thusang go tlhodumela kwa legodimong ka bolone. Sekai sengwe ke kgaolo ya ntlha ya Esekiele. Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo ya phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo, e a neng a e bona e le kara e kgolo ya selegodimo. Selo se se kgatlhang go feta ke tsela e go tlhalosiwang dibopiwa tse di maatla tsa semoya tse di dikologileng Jehofa ka yone. (Esekiele 1:4-10) ‘Dibopiwa tseno tse di tshelang’ di amana thata le Jehofa mme tebego ya tsone e re bolelela sengwe se se botlhokwa ka Modimo o di o direlang. Sengwe le sengwe sa tsone se na le difatlhego tse nnè—sa poo, sa tau, sa ntsu le sa motho. Go bonala di tshwantshetsa dinonofo tse nnè tse dikgolo tsa botho jwa ga Jehofa.—Tshenolo 4:6-8, 10.

19. Ke nonofo efe e e tshwantshediwang ke (a) sefatlhego sa poo? (b) sefatlhego tsa tau? (c) sefatlhego sa ntsu? (d) sefatlhego sa motho?

19 Mo Baebeleng, poo gantsi e tshwantshetsa maatla, mme seno se tshwanela tota ka gonne ke phologolo e e nang le maatla a a boitshegang. Kafa letlhakoreng le lengwe, tau gantsi e tshwantshetsa tshiamiso ka gonne tshiamiso ya boammaaruri e tlhoka bopelokgale, e leng selo se ditau di itsegeng thata ka sone. Dintsu di itsege thata ka matlho a tsone a a bogale a a kgonang go bona le dilo tse dinnye di le bokgakala jwa dikilometara di le dintsintsi.  Ka gone sefatlhego sa ntsu se tshwantshetsa sentle botlhale jwa Modimo jo bo kgonang go bonela kgakala. Sefatlhego sa motho sone? Ebu, e re ka motho a dirilwe mo setshwanong sa Modimo, o na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa ditshedi tse dingwe jwa go bontsha nonofo ya Modimo e e di gaisang tsotlhe—lorato. (Genesise 1:26) Dikarolo tseno tsa botho jwa ga Jehofa—maatla, tshiamiso, botlhale le lorato—di gatelelwa gantsi jaana mo Dikwalong mo e leng gore di ka bidiwa gore ke tsone dinonofo tsa Modimo tsa konokono.

20. A re tshwanetse go tshwenyega gore botho jwa ga Jehofa bo ka tswa bo fetogile, mme ke eng fa o araba jalo?

20 A re tshwanetse go tshwenyega gore gongwe Modimo a ka tswa a ile a fetoga mo diketeketeng tsa dingwaga fa e sa le a tlhalosiwa mo Baebeleng? Nnyaa, botho jwa Modimo ga bo fetoge. O re bolelela jaana: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Jehofa o itshupa e le Rre yo o molemo ka tsela e a tsibogelang seemo sengwe le sengwe ka yone, ga a fetofetoge fela ka go phadimoga. O supa dikarolo tsa botho jwa gagwe tse di tshwanelang thata. Mo dinonofong tseno tse nnè, lorato ke lone lo lo di fetang tsotlhe. Lo bonala tota mo go sengwe le sengwe se Modimo a se dirang. O dirisa maatla, tshiamiso le botlhale jwa gagwe ka lorato. Tota e bile, Baebele e bua sengwe se se sa tlwaelegang  ka Modimo le nonofo eno ya gagwe. Ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ela tlhoko gore ga e re Modimo o na le lorato kgotsa Modimo o lorato. Go na le moo, ya re Modimo ke lorato. Lorato, sone se tota a leng sone, lo mo tlhotlheletsa mo dilong tsotlhe tse a di dirang.

“Bona! Yono ke Modimo wa Rona”

21. Re tla ikutlwa jang fa re ntse re tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa botoka?

21 A o kile wa bona ngwananyana yo monnye a supetsa ditsala tsa gagwe rraagwe, a bua jaana ka boipelo e bile a le motlotlo, “Papa ke yole”? Baobamedi ba Modimo le bone ba na le lebaka le le molemo la go ikutlwa jalo ka Jehofa. Baebele e bolelela pele gore go tla tla nako ya gore batho ba ba ikanyegang ba tlhaeletse jaana: “Bona! Yono ke Modimo wa rona.” (Isaia 25:8, 9) Fa o ntse o nna le kitso e e oketsegileng ka dinonofo tsa ga Jehofa, o tla ikutlwa thata o na le Rre yo o ba gaisang botlhe ba o ka akanyang ka bone.

22, 23. Baebele e tlhalosa jang Rraarona wa selegodimo, mme re itse jang gore o batla gore re atamalane le ene?

22 Ga se Rre yo o seng lorato, yo o re tlhokomologang—go sa kgathalesege kafa badumedi bangwe le borafilosofi ba ileng ba mo tlhalosa ka teng. Re ne re ka se ka ra rata go atamalana le Modimo yo o seng lorato, mme Baebele ga e tlhalose Rraarona wa selegodimo a ntse jalo. Go na le moo, e mmitsa “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) O na le maikutlo a a nonofileng le a a bonolo. O “utlwa botlhoko mo pelong” fa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di itlhokomolosa ditaelo tse a di beetseng tsone gore di solegelwe molemo. (Genesise 6:6; Pesalema 78:41) Mme gone fa re dira dilo ka botlhale go ya ka Lefoko la gagwe, re ‘ipedisa pelo’ ya gagwe.—Diane 27:11.

23 Rraarona o batla gore re atamalane le ene. Lefoko la gagwe le re kgothaletsa gore re ‘mo apaape re mmatle mme ruri re mmone, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Mme gone, batho fela ba ba sa itekanelang ba ka kgona jang go atamalana le Morena Molaodimogolo wa lobopo?