Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 21

Jesu o Senola “Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong”

Jesu o Senola “Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong”

1-3. Batho ba e kileng ya bo e le baagelani ba ga Jesu ba ne ba tsibogela jang thuto ya gagwe, mme ba ne ba se ka ba lemoga eng ka ene?

BABOGEDI ba ne ba gamaregile. Lekawana Jesu le ne le eme fa pele ga bone mo sinagogeng le ruta. Ba ne ba mo itse sentle—o goletse mo motseng wa bone, mme o ne a feditse dingwaga e le mmetli wa legong mo motseng wa bone. Gongwe bangwe ba bone ba ne ba nna mo matlong a Jesu a ileng a thusa go a aga, kana gongwe ba ne ba lema masimo a bone ka megoma le dijokwe tse di neng di dirilwe ke ene. * Mme gone, ba ne ba tla tsibogela jang thuto ya motho yono yo e kileng ya bo e le mmetli?

2 Bontsi jwa batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba tshwarwa ke kgakge, ba botsa jaana: “Monna yono o tsere kae botlhale jono?” Mme gape ba ne ba re: “Yono ke mmetli wa dikgong morwa Marea.” (Mathaio 13:54-58; Mareko 6:1-3) Ka maswabi, batho bano ba e kileng ya bo e le baagelani ba ga Jesu ba ne ba nna le kakanyo ya gore, ‘Mmetli yono ke motho fela yo o tshwanang le rona wa mo motseng.’ Ba ne ba gana go mo dumela le mororo a ne a bua mafoko a botlhale. Ba ne ba sa lemoge gore botlhale jo a neng a ba bolelela jone e ne e se jwa gagwe.

3 Gone mme Jesu o ne a tsere kae botlhale jono? O ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu ke yo “mo go rona a leng botlhale jo bo tswang kwa Modimong.” (1 Bakorintha 1:30) Botlhale jwa ga Jehofa bo senolwa ka Morwawe, e bong Jesu. Ee ruri, seo se ne se le boammaaruri thata jaana mo Jesu a neng a ka re: “Nna le Rara re mongwe fela.” (Johane 10:30) A re sekasekeng dilo tse tharo tse Jesu a neng a bontsha “botlhale jo bo tswang kwa Modimong” ka tsone.

 Se a Neng a se Ruta

4. (a) Setlhogo sa molaetsa wa ga Jesu e ne e le sefe, mme ke eng fa se ne se le botlhokwa thata? (b) Ke eng fa kgakololo ya ga Jesu e ne e thusa ka metlha e bile e solegela bareetsi ba gagwe molemo?

4 Sa ntlha, akanya ka se Jesu a neng a se ruta. Setlhogo sa molaetsa wa gagwe e ne e le “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) Seo se ne se le botlhokwa thata ka ntlha ya seabe se Bogosi bo tlileng go nna le sone mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa le mo go leretseng batho masego a a nnetseng ruri. Fa Jesu a ntse a ruta gape o ne a neela batho kgakololo e e molemo malebana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. O ne a itshupa e le “Mogakolodi yo o Gakgamatsang” yo go boleletsweng pele ka ene. (Isaia 9:6) Ee ruri, ke eng se se neng se ka dira gore kgakololo ya gagwe e se nne e e molemo? O ne a na le kitso e e tseneletseng ka Lefoko la Modimo le thato ya gagwe, a tlhaloganya batho sentle, e bile a rata batho thata. Ke gone ka moo ka metlha kgakololo ya gagwe e neng e thusa e bile e solegela bareetsi ba gagwe molemo thata. Jesu o ne a bua “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” Ee ruri, fa kgakololo ya gagwe e sekegelwa tsebe, e dira gore motho a bolokwe.—Johane 6:68.

5. Dingwe tsa dilo tse Jesu a neng a di umaka mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng ke dife?

5 Thero ya kwa Thabeng ke sekai se se tlhomologileng sa botlhale jo bo sa tshwaneng le bope jo bo fitlhelwang mo dithutong tsa ga Jesu. Thero eno, jaaka fa e begilwe mo go Mathaio 5:3–7:27, e ne e ka nna ya neelwa mo metsotsong e le 20 fela. Le fa go ntse jalo, kgakololo ya yone e ama dinako tsotlhe—le gompieno e sa ntse e tshwanela fela jaaka e ne e ntse fa e ne e neelwa la ntlha. Jesu o ne a umaka dikgang tse di farologaneng, go akaretsa le tsela ya go tokafatsa dikamano le ba bangwe (5:23-26, 38-42; 7:1-5, 12), tsela ya go ipoloka o le phepa mo boitsholong (5:27-32) le tsela ya go tshela botshelo jo bo itumedisang (6:19-24; 7:24-27). Mme gone, Jesu o ne a se ka a bolelela bareetsi ba gagwe fela gore tsela e e botlhale ya go dira dilo ke efe; o ne a ba bontsha yone ka go ba tlhalosetsa, go akantshana le bone le go ba neela bosupi.

6-8. (a) Jesu o ntsha mabaka afe a a tshwanetseng go pateletsa motho go tila go tlhobaela? (b) Ke eng se se bontshang gore kgakololo ya ga Jesu e bontsha botlhale jo bo tswang kwa godimo?

 6 Ka sekai, akanya ka kgakololo e e molemo ya ga Jesu malebana le kafa go ka lebanwang le go tlhobaela ka dikhumo ka teng, e e tlhalositsweng mo go Mathaio kgaolo 6. “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng.” (Temana 25) Dijo le diaparo ke dilo tsa konokono tse re di tlhokang, mme ke ga tlholego fela gore re tshwenyege ka tsela ya go nna le tsone. Mme gone Jesu o re bolelela gore re ‘tlogele go tlhobaela’ ka dilo tse di ntseng jalo. * Ka ntlha yang?

7 Utlwa kafa Jesu a tlhalosang mabaka ka teng ka tsela e e tlhatswang pelo. E re ka Jehofa a re abetse botshelo le mmele, a a ka se ka a kgona go re tlamela ka dijo gore re tswelele re tshela le go re tlamela ka diaparo go apesa mmele oo? (Temana 25) Fa Modimo a kgona go tlamela dinonyane ka dijo le go apesa dithunya ka bontle, a bo a ka kgona go tlhokomela baobamedi ba gagwe ba batho thata jang ne! (Temana 26, 28-30) Ruri ga go na lebaka la go tlhobaela go sa tlhokege. Go ka se ka ga oketsa botshelo jwa rona le fa e le ka sephatlonyana fela. * (Temana 27) Re ka tila tlhobaelo jang? Jesu o re gakolola jaana: Tswelelang pele lo dira gore kobamelo ya Modimo e tle pele mo botshelong jwa lona. Batho ba ba dirang jalo ba ka tlhomamisega gore Rraabone wa selegodimo o ‘tla ba okeletsa’ dilo tsotlhe tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi. (Temana 33) Jesu o konela ka go neela kakantsho e e molemo go gaisa tsotlhe—itebaganye le maikarabelo a letsatsi le le lengwe fela. Ke eng fa o oketsa ditlhobaelo tsa gompieno ka tsa ka moso? (Temana 34) Kwantle ga moo, ke eng fa o itlhobaetsa go sa tlhokege ka dilo tse di ka nnang tsa se ka tsa direga? Go dirisa kgakololo eo e e molemo go  ka re thusa go se ikatle tlhogo mo lefatsheng leno le le tletseng ka dilo tse di ngomolang pelo.

8 Ga go pelaelo gore kgakololo e Jesu a neng a e neela e sa ntse e le mosola gompieno fela jaaka fa e ne e neelwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. A seo ga se supe botlhale jo bo tswang kwa godimo? Tota le kgakololo e e molemo go gaisa tsotlhe e e tswang mo bagakoloding ba motho e tle e siiwe ke nako mme go ise go ye kae e fetolwe kana e tseelwe maemo ke e nngwe. Le fa go ntse jalo, dithuto tsa ga Jesu tsone di sa ntse di le molemo tota le morago ga go nna gone ka lobaka lo loleele. Mme seo ga se a tshwanela go re gakgamatsa, ka gonne Mogakolodi yo o Gakgamatsang yono o ne a bua “mafoko a Modimo.”—Johane 3:34.

Mokgwa wa Gagwe wa go Ruta

9. Masole mangwe a ne a reng ka thuto ya ga Jesu, mme ke eng fa seno e ne e se go feteletsa dilo?

9 Selo sa bobedi se Jesu a neng a bontsha botlhale jwa Modimo ka sone e ne e le mokgwa wa gagwe wa go ruta. Nako nngwe masole mangwe a a neng a laetswe go ya go mo tshwara a ne a boa a iphotlhere, a re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” (Johane 7:45, 46) Ba ne ba sa feteletse dilo. Jesu, yo o neng a “tswa kwa mafelong a a kwa godimo,” o ne a na le letlotlo le legolo la kitso le maitemogelo go feta batho botlhe ba ba kileng ba tshela. (Johane 8:23) Ruri o ne a ruta ka tsela e go seng motho ope yo o neng a ka kgona go ruta ka yone. Akanya ka mekgwa e le mebedi fela ya go ruta e Morutisi yono yo o botlhale a neng a e dirisa.

“Boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta”

10, 11. (a) Ke eng fa re kgatlhwa thata ke tsela e Jesu a neng a dirisa ditshwantsho ka yone? (b) Dipapiso ke eng, mme ke dikai dife tse di bontshang lebaka la go bo dipapiso tsa ga Jesu di ne di le molemo thata mo go ruteng?

10 Go dirisa ditshwantsho ka tsela e e molemo. Re bolelelwa gore, “Jesu o ne a . . . bua le boidiidi ka ditshwantsho. Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho.” (Mathaio 13:34) Ruri re kgatlhwa thata ke bokgoni jono jo a neng a na le jone jo bo sa lekaneng le bope jwa go ruta dithuto tse di tseneletseng tsa boammaaruri a dirisa dilo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Balemi ba ba jalang peo, basadi ba ba baakanyetsang go besa senkgwe, bana ba ba tshamekang mo marekisetsong, batshwari ba  ditlhapi ba ba latlhelang matloa, badisa ba ba senkang dinku tse di timetseng—tseno e ne e le dilo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba di bone gantsintsi. Fa dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri di tswakanngwa le dilo tse batho ba tlwaelaneng le tsone, di kgona go tsenelela ka bonako le go nwelelela kwa teng mo megopolong le mo dipelong tsa batho.—Mathaio 11:16-19; 13:3-8, 33, 47-50; 18:12-14.

11 Gantsi Jesu o ne a dirisa dipapiso, dipolelo tse dikhutshwane tse mo go tsone motho a neng a ka ithuta dithuto tsa boammaaruri kaga boitsholo kgotsa dilo tsa semoya. E re ka go le motlhofo go tlhaloganya le go gakologelwa dipolelo tse dikhutshwane go feta megopolo e e thata, dipapiso di ne di thusa batho go se lebale dithuto tsa ga Jesu. Mo dipapisong di le dintsi Jesu o ne a tlhalosa Rraagwe ka ditshwantsho tse di neng di ka se lebalege motlhofo. Ka sekai, ke mang yo a ka se kang a tlhaloganya thuto ya papiso ya morwa wa sesinyi—gore fa motho yo o fapogileng a bontsha boikotlhao jwa mmatota, Jehofa o tla mo utlwela botlhoko mme ka lorato o tla boa a mo amogela gape?—Luke 15:11-32.

12. (a) Jesu o ne a dirisa dipotso jang fa a ruta? (b) Jesu o ne a didimatsa jang ba ba neng ba belaela taolo ya gagwe?

12 Go dirisa dipotso ka botswerere. Jesu o ne a dirisa dipotso go dira gore bareetsi ba gagwe ba ikakanyetse, ba sekaseke maitlhomo a bone kana ba itirele ditshwetso. (Mathaio 12:24-30; 17:24-27; 22:41-46) Fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba belaela taolo e Jesu a e neilweng ke Modimo, o ne a araba a re: “A kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa legodimong kgotsa mo bathong?” Ka ntlha ya go akabadiwa ke potso eno ba ne ba akantshana jaana: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa legodimong,’ o tla re raya a re, ‘Ke ka ntlha yang, he, lo ne lwa se ka lwa mo dumela?’ Mme, fa re ka re, ‘E ne e tswa mo bathong,’ re boifa boidiidi, gonne botlhe ba dumela fa Johane e le moporofeti.” Ba ne ba feleletsa ba araba ka go re: “Ga re itse.” (Mareko 11:27-33; Mathaio 21:23-27) Ka potso eo e e seng thata, Jesu o ne a ba tswala melomo mme a senola boferefere jo bo mo dipelong tsa bone.

13-15. Setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo se bontsha jang botlhale jwa ga Jesu?

13 Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a tswakanya mekgwa eno ya go ruta ka go akaretsa dipotso tse di dirang gore motho a akanye mo ditshwantshong tsa gagwe. Fa mmueledi mongwe wa Mojuda a ne  a botsa Jesu gore go ne go batlega eng gore a bone botshelo jo bo sa khutleng, Jesu o ne a mo gopotsa Molao wa ga Moshe, o o laelang gore motho a rate Modimo le moagelani. E re ka monna yono a ne a batla go itshupa a siame, o ne a botsa jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Jesu o ne a mo araba ka go mo tlotlela kgang. Monna mongwe wa Mojuda o ne a le mo mosepeleng a le nosi fa a tla tlhaselwa ke dinokwane, tse di neng tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. Mo tseleng eo go ne ga feta Bajuda ba babedi, wa ntlha e le moperesiti mme morago ga gagwe ga feta Molefi. Boobabedi ba ne ba mo itlhokomolosa. Mme go ne ga tlhaga Mosamarea mongwe. Ka ntlha ya go tlhomogela monna yono pelo, o ne a bofa dintho tsa gagwe mme ka lorato a mo tseela kwa lefelong le le babalesegileng kwa ntlong ya baeti koo a neng a ka sidilega teng. Jesu o ne a wetsa kgang ya gagwe ka go botsa motho yono yo o mmoditseng potso jaana: “Ke mang wa ba bararo bano yo mo go wena a bonalang a itirile moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane?” Monna yono o ne a patelesega go araba jaana: “Ke ene yo o mo diretseng ka kutlwelobotlhoko.”—Luke 10:25-37.

14 Setshwantsho seno se bontsha jang botlhale jwa ga Jesu? Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba ne ba dirisa lefoko “moagelani” mo bathong ba ba neng ba boloka dingwao tsa bone fela—e seng mo bathong ba e leng Basamarea. (Johane 4:9) Fa Jesu a ka bo a beile kgang eno ka tsela ya gore motho yo o gobaditsweng e ne e le Mosamarea mme o ile a thusiwa ke Mojuda, a seo se ka bo se thusitse go fedisa go tlhaola batho goo? Ka botlhale Jesu o ne a baya kgang eno ka tsela ya gore Mosamarea e nne ene yo o tlhokomelang Mojuda ka lorato. Gape, ela tlhoko potso e Jesu a neng a e botsa kwa bofelong jwa kgang ya gagwe. O ile a lebisa tlhokomelo thata mo lefokong “moagelani.” Totatota mmueledi yono o ne a boditse jaana: ‘Ke tshwanetse go bontsha mang lorato lwa boagelani?’ Mme Jesu ene o ne a botsa jaana: “Ke mang wa ba bararo bano yo mo go wena a bonalang a itirile moagelani?” Jesu o ne a se ka a lebisa tlhokomelo thata mo go yo o neng a diretswe bopelonomi, motho yo o gobaditsweng, go na le moo o ne a e lebisa mo go yo o neng a dirile tiro ya bopelonomi, Mosamarea. Moagelani wa boammaaruri o tsaya kgato pele go bontsha batho ba bangwe lorato le fa e ka tswa e le ba lotso lofe. Go ne go se na tsela e nngwe e e molemo e Jesu a neng a ka gatelela seno ka yone.

 15 A go a gakgamatsa go bo batho ba ne ba tshwarisiwa kgakge ke ‘tsela ya ga Jesu ya go ruta’ mme ba ikutlwa ba rata go atamalana le ene? (Mathaio 7:28, 29) Nako nngwe “boidiidi jo bogolo” bo ne jwa fetsa malatsi a le mararo bo na le ene, le fa ba ne ba se na se ba se jang!—Mareko 8:1, 2.

Mokgwa wa Gagwe wa Botshelo

16. Ke ka tsela efe Jesu a ileng a neela “bosupi jo bo molemo” jwa gore o ne a kaelwa ke botlhale jwa bomodimo?

16 Selo sa boraro se Jesu a neng a bontsha botlhale jwa ga Jehofa ka sone ke mokgwa wa gagwe wa botshelo. Botlhale bo molemo; bo a thusa. Morutwa Jakobe o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o botlhale gareng ga lona?” Go tswa foo o ikaraba ka go re: “A boitshwaro jwa gagwe jo bo siameng bo bontshe bosupi jo bo molemo jwa seo.” (Jakobe 3:13, The New English Bible) Tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone e ne e neela “bosupi jo bo molemo” jwa gore o ne a kaelwa ke botlhale jwa bomodimo. A re sekaseke kafa a neng a bontsha go leba dilo ka tsela e e siameng ka teng ka mokgwa wa gagwe wa botshelo le ka tsela e a neng a dirisana le batho ba bangwe ka yone.

17. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a dira dilo ka tekatekano e e molemo mo botshelong jwa gagwe?

17 A o etse tlhoko gore batho ba ba sa lebeng dilo ka tsela e e siameng gantsi ba na le go feteletsa dilo? Ee, go tlhoka motho botlhale go nna tekatekano. Jesu o ne a bontsha botlhale jwa bomodimo ka go nna tekatekano ka tsela e e molemo. Go feta tseo tsotlhe, o ne a dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa gagwe. O ne a tshwaregile thata ka tiro ya go bolela dikgang tse di molemo. O ne a re: “Ke tletse jone boikaelelo jono.” (Mareko 1:38) Ga go pelaelo gore dikhumo e ne e se tsone dilo tsa konokono mo go ene; go bonala a ne a na le dithoto di sekae fela. (Mathaio 8:20) Le fa go ntse jalo, e ne e se motho yo o tshelang botshelo jwa go itima dilo. Jesu e ne e le motho yo o itumetseng fela jaaka Rraagwe yo e leng “Modimo yo o itumetseng,” mme o ne a dira gore le batho ba bangwe ba itumele. (1 Timotheo 1:11; 6:15) Fa a ne a ile moketeng wa lenyalo—tiragalo e gantsi go neng go nna le mmino kwa go yone, go opelwa e bile go ipelwa—o ne a sa ela go sulafatsa tiragalo eo. Fa beine e ne e fedile, o ne a fetola metsi go nna beine e e monate, senō se se “ipedisang pelo ya motho yo o  nang le go swa.” (Pesalema 104:15; Johane 2:1-11) Jesu o ne a dumela go tla fa a ne a laleditswe dijo, mme gantsi o ne a dirisa dinako tse di ntseng jalo go ruta.—Luke 10:38-42; 14:1-6.

18. Jesu o ile a bontsha jang go leba dilo ka tsela e e siameng fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe?

18 Jesu o ne a bontsha go leba dilo ka tsela e e siameng fa a ne a dirisana le batho ba bangwe. Tsela e a neng a tlhaloganya batho ka yone e ne ya dira gore a kgone go nna le temogo e e molemo ka barutwa ba gagwe. O ne a itse sentle gore ga ba a itekanela. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go lemoga dinonofo tsa bone tse di molemo. O ne a kgona go bona bokgoni mo banneng bano ba Jehofa a neng a ba gogetse kwa go ene. (Johane 6:44) Jesu o ne a bontsha gore o rata go ba ikanya le fa ba ne ba na le makoa. O ne a bontsha go tshepa barutwa ba gagwe ka go ba neela boikarabelo jo bogolo. O ne a ba naya tiro ya go rera dikgang tse di molemo mme o ne a dumela a sa belaele gore ba tla kgona go dira tiro eo. (Mathaio 28:19, 20) Buka ya Ditiro e tlhomamisa gore ba ne ba dira tiro eo e a neng a e ba laetse ka boikanyegi. (Ditiro 2:41, 42; 4:33; 5:27-32) Ga go pelaelo he gore, Jesu o ne a le botlhale go bo a ile a ba tshepa.

19. Jesu o ne a bontsha jang gore o ‘bonolo e bile o boikokobetso mo pelong’?

19 Jaaka fa re lemogile mo Kgaolong ya 20, Baebele e amanya botlhale le boikokobetso le bonolo. Ke boammaaruri gore, Jehofa o tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno. Mme go tweng ka Jesu? Go itumedisa tota go bona boikokobetso jo Jesu a ileng a bo  bontsha fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe. O ne a le mogolo mo go bone ka gonne e ne e le motho yo o itekanetseng. Le fa go ntse jalo, o ne a sa nyatse barutwa ba gagwe. Ga a ise a ko a ba nyenyefatse kana a dire gore ba ikutlwe ba sa tshwanelege. Go na le moo, o ne a ba akanyetsa mo ditlhaelong tsa bone e bile a le pelotelele le bone mo makoeng a bone. (Mareko 14:34-38; Johane 16:12) A ga se selo se se botlhokwa go itse gore tota le bana ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le Jesu? Ruri ba ne ba ikutlwa ba atamalane le ene ka gonne ba ne ba lemoga gore o ‘bonolo e bile o boikokobetso mo pelong.’—Mathaio 11:29; Mareko 10:13-16.

20. Jesu o ne a bontsha go nna tekatekano jang fa a ne a dirisana le mosadi wa Moditšhaba yo morwadie a neng a na le badimona?

20 Jesu o ne a bontsha boikokobetso jwa bomodimo ka tsela e nngwe gape e e botlhokwa. O ne a le tekatekano, kana a fetofetoga le maemo fa kutlwelobotlhoko e ne e mo tlhoka gore a nne jalo. Ka sekai, gakologelwa nako ele fa mosadi wa Moditšhaba a ne a mo kopa gore a fodise morwadie yo o neng a tshwenngwa thata ke badimona. Kwa tshimologong Jesu o ne a bontsha ka ditsela tse tharo tse di farologaneng gore ga a ye go mo thusa—ya ntlha, ka go gana go mo araba; ya bobedi, ka go bolela ka tlhamalalo gore o ne a rometswe kwa Bajudeng e seng kwa Baditšhabeng; mme ya boraro, ka go dira setshwantsho se ka bopelonomi se neng se gatelela yone kgang eno. Le fa go ntse jalo, mosadi yono o ne a se ka a ineela, o ne a supa go nna le tumelo e e sa tlwaelegang. Ka ntlha ya maemo ano a a sa tlwaelegang, Jesu o ne a tsibogela seo jang? O ne a dira sone se a neng a rile ga a na go se dira. O ne a fodisa morwadia mosadi yono. (Mathaio 15:21-28) A seno ga se boikokobetso jo bo gakgamatsang? Mme se lebale, boikokobetso ke jone motheo wa botlhale jwa boammaaruri.

21. Ke eng fa re tshwanetse go leka go etsa botho jwa ga Jesu, tsela ya gagwe ya go bua le tsela e a neng a dira dilo ka yone?

21 A bo re tshwanetse go leboga jang ruri go bo Diefangele di re senolela mafoko le ditiro tsa monna yo o botlhale go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela! A re se lebale gore Jesu o ne a tshwana sentle le Rraagwe. Fa re etsa botho jwa ga Jesu, tsela ya gagwe ya go bua le tsela e a neng a dira dilo ka yone, re tla bo re bontsha botlhale jo bo tswang kwa godimo. Mo kgaolong e e latelang, re tla bona kafa re ka dirisang botlhale jwa bomodimo ka teng mo botshelong jwa rona.

^ ser. 1 Mo metlheng ya Baebele, babetli ba legong ba ne ba thapelwa go aga matlo, go dira difanitšhara le go dira didirisiwa tsa temo. Justin Martyr, wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o ne a kwala jaana ka Jesu: “Batho ba ne ba mo itse ka tiro ya go betla fa a sa le mo lefatsheng, a dira megoma le dijokwe.”

^ ser. 6 Lediri la Segerika le le ranolwang e le “go tlhobaela” le kaya “go faphega mogopolo.” Go ya ka fa le dirisitsweng ka teng mo go Mathaio 6:25, le bua ka poifo ya go tshwenyega e e faphang motho mogopolo kana e e dirang gore a nne pelopedi, mme go dira gore a se ka a itumela mo botshelong.

^ ser. 7 Tota e bile, dipatlisiso tsa saense di bontshitse gore go tshwenyega thata le go ngomoga pelo go ka re tsenya mo kotsing ya go tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo le ke malwetse a mangwe a mantsi a a ka khutshwafatsang botshelo jwa motho.