Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO 18

Botlhale mo ‘Lefokong la Modimo’

Botlhale mo ‘Lefokong la Modimo’

1, 2. Ke “lekwalo” lefe le Jehofa a re kwaletseng lone, mme ka ntlha yang?

A O GOPOLA la bofelo fa o ne o amogela lekwalo go tswa kwa go mongwe yo o mo ratang yo o nnang kgakala? Ke dilo di le mmalwa fela tse di re itumedisang jaaka lekwalo le le tswang kwa go mongwe yo re mo ratang. Re itumelela go utlwa gore o ntse a tsoga jang, dilo tse di mo diragalelang le dilo tse a ikaeletseng go di dira. Go tlhaeletsanya jalo le batho ba re ba ratang go re atamalanya le bone tota le fa re nna kgakala le bone.

2 Mme gone, ke eng se se ka re itumedisang go gaisa go amogela molaetsa o o kwadilweng o o tswang kwa Modimong yo re mo ratang? Ka tsela nngwe re ka re Jehofa o re kwaletse “lekwalo”—Lefoko la gagwe, Baebele. Mo go lone o re bolelela gore ke mang, o dirileng, o ikaeletse go dirang le dilo tse dingwe tse dintsi. Jehofa o re abetse Lefoko la gagwe ka gonne a batla gore re atamalane le ene. Modimo wa rona yo o botlhale jo bogolo o tlhophile tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go buisana le rona. Go na le botlhale jo bo seng kana ka sepe mo tseleng e Baebele e kwadilweng ka yone le mo go se e se tshwereng.

Ke Eng fa go Ilwe ga Kwalwa Lefoko?

3. Jehofa o ne a neela Moshe Molao ka tsela efe?

3 Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa Jehofa a se kile a dirisa mokgwa o o kgatlhang thata—gongwe lentswe le le tswang legodimong—go buisana le batho?’ Mme gone, Jehofa ka dinako dingwe o ile a bua go tswa legodimong a dirisa baemedi ba gagwe ba baengele. Ka sekai, o ne a dira jalo fa a ne a neela Baiseraele Molao. (Bagalatia 3:19) Lentswe le le tswang kwa legodimong le ne le boifisa—le boifisa thata jaana mo Baiseraele ba ba neng ba tshogile ba ileng ba kopa gore Jehofa a se ka a bua le bone ka tsela eo go na le moo a buisane le bone a dirisa Moshe. (Ekesodo 20:18-20) Ka gone, Moshe o ne a neelwa Molao ono o o neng o na le ditaelo di ka nna 600 ka molomo, go buisanwa le ene.

4. Tlhalosa lebaka la go bo go fetisa melao ya Modimo ka molomo e ne e ka se nne tsela e e ikanyegang ya go e fetisa.

 4 Mme go tweng fa Molao oo o ka bo o se kile wa kwalwa? A Moshe a ka bo a ile a kgona go gopola ka botlalo dintlha tsotlhe tsa ditaelo tseno tse dintsintsi a bo a kgona go o fetisetsa mo setšhabeng kwantle ga go fosa sepe? Go tweng ka dikokomana tse di neng di tla latela? A di ne di tla tshwanelwa ke go ikaega fela ka gore di o bolelelwe ka molomo? Seo ruri e ne e ka se nne mokgwa o o ikanyegang wa go fetisa melao ya Modimo. Akanya gore go ne go ka direga eng fa o ne o ka bolelela mokoloko o moleele wa batho kgang nngwe ka go e tlotlela motho wa ntlha mme ene a bo a e tlotlela yo o mo latelang, ba bo ba e bolelelana fela jalo ka go tlhomagana ga bone go fitlha ka wa bofelo. Se motho wa bofelo mo mokolokong oo a neng a tla se bolelelwa se ne se ka farologana thata le se wa ntlha a se utlwileng. Mafoko a Molao wa Modimo a ne a se mo kotsing e e ntseng jalo.

5, 6. Jehofa o ne a laela Moshe go dira eng ka mafoko a Gagwe, mme ke eng fa e le selo se se molemo go bo re na le Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng?

5 Jehofa ka botlhale o ne a tlhopha gore mafoko a gagwe a kwalwe. O ne a laela Moshe jaana: “Ikwalele mafoko ano, ka gonne ke dira kgolagano le wena le Iseraele tumalanong le mafoko ano.” (Ekesodo 34:27) Motlha wa go kwalwa ga Baebele o ne wa simolola jalo, ka 1513 B.C.E. Mo dingwageng tse di neng tsa latela tse 1 610, Jehofa o ne a “bua ka makgetlo a le mantsi le ka ditsela di le dintsi” le batho ba ka nna 40 ba ba neng ba kwala Baebele. (Bahebera 1:1) Fa go ntse go ya, bakwalolodi ba ba tlhoafetseng ba ne ba ipha matsapa a go dira dikhopi tse di nepang dilo e le gore ba sireletse Dikwalo.—Esera 7:6; Pesalema 45:1.

6 Jehofa o re diretse selo se se molemo tota ka go buisana le rona ka go re kwalela. A o kile wa amogela lekwalo le o neng wa le rata thata—gongwe e le ka gonne le ne le go gomotsa ka nako e o neng o tlhoka kgomotso—mo o neng wa le boloka le go le bala gangwe le gape? Go ntse jalo le ka “lekwalo” le Jehofa a re kwaletseng lone. E re ka Jehofa a ile a re kwalela mafoko a gagwe, re kgona go a bala ka metlha le go tlhatlhanya ka one re akanya ka se a re bolelelang  sone. (Pesalema 1:2) Re ka bona “kgomotso ya Dikwalo” nako le nako fa re e tlhoka.—Baroma 15:4.

Ke Eng fa go Dirisitswe Batho go Kwala?

7. Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala jang mo go diriseng batho go kwala?

7 Jehofa o ne a dirisa botlhale jwa gagwe go dirisa batho go kwala Lefoko la gagwe. Akanya seno: Fa Jehofa a ka bo a dirisitse baengele go kwala Baebele, a e ka bo e re ama ka tsela e e re amang ka yone? Ke boammaaruri gore, baengele ba ne ba ka kgona go tlhalosa Jehofa ka tsela ya bone ya maemo a a kwa godimo, ba ne ba ka tlhalosa tsela e ba ineetseng ka yone mo go ene le go re begela ka batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba batho. Mme gone, a ruri re ne re ka kgona go tlhaloganya tsela ya go akanya ya dibopiwa tsa semoya tse di itekanetseng, tse kitso ya tsone, maitemogelo le nonofo di fetang tsa rona kgakala?—Bahebera 2:6, 7.

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo”

8. Bakwadi ba Baebele ba ne ba letlwa go dirisa tlhaloganyo ya bone ka tsela efe? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)

8 Ka go dirisa bakwadi ba batho, Jehofa o ne a re abela sone fela se re se tlhokang—pego e e ‘tlhotlheleditsweng ke Modimo’ mme go utlwala gore e amana le batho. (2 Timotheo 3:16) O dirile seo jang? Go bonala mo makgetlong a le mantsi a ile a letla bakwadi bano go dirisa tlhaloganyo ya bone go tlhopha ‘mafoko a a itumedisang le go kwala mafoko a a nepileng a boammaaruri.’ (Moreri 12:10, 11) Seno se re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo Baebele e na le mekgwa e e farologaneng e e kwadilweng ka yone; dikwalo di senola tsela e mokwadi mongwe le mongwe a godileng ka yone le botho jwa gagwe. * Le fa go ntse jalo, banna bano “ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Ke gone ka moo re ka reng se ba se kwadileng tota ke “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

9, 10. Ke eng fa go dirisiwa ga batho go kwala Baebele go dira gore e ame maikutlo le go gogela?

9 Kgang ya go bo go dirisitswe batho go kwala Baebele e dira gore  e ame maikutlo le go gogela. Bakwadi ba yone e ne e le batho ba ba nang le maikutlo a a tshwanang le a rona. E re ka ba ne ba sa itekanela, ba ne ba lebana le diteko le mathata a a tshwanang le a rona. Ka dinako tse dingwe, moya wa ga Jehofa o ne o ba tlhotlheletsa go kwala ba tlhalosa maikutlo a bone le mathata a bone. (2 Bakorintha 12:7-10) Ka jalo ba ne ba kwala dilo go ya kafa di ba diragaletseng ka teng, e leng se go neng go se moengele ope yo o neng a ka se dira.

10 Ka sekai, akanya ka Kgosi Dafide wa Iseraele. Fa Dafide a sena go dira maleo mangwe a a masisi, o ne a tlhama pesalema e mo go yone a tlhalosang maikutlo a gagwe, a kopa Modimo gore a mo itshwarele. O ne a re: “Mphepafatse mo boleong jwa me. Gonne nna ke itse ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. Bona! Ke tsholetswe mo tlolong ka ditlhabi tsa pelegi, mmè o ne a inthwalela mo boleong. O se ka wa ntatlha wa ntlosa fa pele ga sefatlhego sa gago; mme, tsweetswee, o se ka wa tlosa moya wa gago o o boitshepo mo go nna. Ditlhabelo tse di yang kwa Modimong ke moya o o ngomogileng; pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.” (Pesalema 51:2, 3, 5, 11, 17) A ga o kgone go utlwa kutlobotlhoko ya mokwadi yono? Ke mang yo mongwe yo o neng a ka kgona go tlhalosa maikutlo ano a a tswang pelong fa e se fela motho yo o sa itekanelang?

Ke Eng Fa go Ne ga Kwalwa Buka Kaga Batho?

11. Ke dikai dife tsa batho ba mmatota tse di kwadilweng mo Baebeleng “go re laya”?

11 Go na le sengwe gape se se dirang gore Baebele e gogele. Ke buka e e buang thata ka batho—batho ba mmatota—ba ba direlang Modimo le ba ba sa mo direleng. Re bala ka dilo tse di ba diragaletseng, mathata a bone le boitumelo jwa bone. Re bona matswela a ditshwetso tse ba di dirileng mo botshelong. Dipego tseo di ne tsa kwalwa “go re laya.” (Baroma 15:4) Ka dikai tseno tsa batho ba mmatota, Jehofa o re ruta dithuto tse di re amang pelo. Akanya ka dikai tseno.

12. Dipego tsa Baebele kaga batho ba ba sa ikanyegeng di re thusa jang?

12 Baebele e re bolelela ka batho ba ba sa ikanyegeng, ba ba boikepo le se se ba diragaletseng. Mo dipegong tseno, re bala ka batho ba ba neng ba dira mekgwa e e sa batlegeng, mme ka jalo re kgona  go e tlhaloganya motlhofo. Ka sekai, ke thuto efe e e malebana le go se ikanyege e e neng e ka nna maatla go gaisa sekai sa motho wa mmatota e leng Judase fa a ne a diragatsa leano la gagwe le le bosula la go oka Jesu? (Mathaio 26:14-16, 46-50; 27:3-10) Dipego tse di ntseng jalo di re ama dipelo ka tsela e e molemo e bile di re thusa go lemoga mekgwa eno e e maswe le go e tila.

13. Baebele e re thusa jang go tlhaloganya dinonofo tse di molemo?

13 Gape Baebele e tlhalosa batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Modimo. Re bala ka boineelo le boikanyegi jwa bone. Re kgona go bona dikai tsa mmatota tsa dinonofo tse re tshwanetseng go lwela go nna le tsone e le gore re atamalane le Modimo. Ka sekai, akanya ka tumelo. Baebele e tlhalosa bokao jwa tumelo e bo e re bolelela kafa e leng botlhokwa thata ka teng gore re itumedise Modimo. (Bahebera 11:1, 6) Mme gape Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba ileng ba bontsha tumelo. Akanya ka tumelo e Aborahame a ileng a e bontsha fa a ne a leka go ntsha Isake setlhabelo. (Genesise, kgaolo 22; Bahebera 11:17-19) Dipego tse di ntseng jalo di re thusa go itse bokao jwa lefoko “tumelo” ka botlalo le go le tlhaloganya motlhofo. A bo go le botlhale jang ruri go bo Jehofa a sa re laele fela gore re lwele go nna le dinonofo tse di molemo mme gape a re neela dikai tsa batho ba ba ileng ba nna le tsone!

14, 15. Baebele e re bolelela eng ka mosadi mongwe yo o neng a tla kwa tempeleng, mme re ithuta eng ka Jehofa mo pegong eno?

14 Dipego tseno tsa batho ba mmatota tse di mo Baebeleng gantsi di re ruta sengwe malebana le tsela e Jehofa a leng ka yone. Akanya ka se re balang ka sone malebana le mosadi yo Jesu a neng a mo lebile mo tempeleng. Fa Jesu a ntse a dutse gaufi le matlole a matlotlo, o ne a lebile batho fa ba ntse ba latlhela meneelo ya bone moo. Batho ba le bantsi ba ba humileng ba ne ba tla, ba ntsha “se se tswang mo go se se setseng sa bone.” Mme Jesu o ne a tlhoma matlho mo motlholagading mongwe wa maemo a a kwa tlase. O ne a ntsha mpho ya “madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le boleng jo bo kwa tlase thata.” * E  ne e le madinyana a bofelo a o neng a na le one. Jesu yo o neng a na le tsela ya go akanya e e tshwanang ka botlalo le ya ga Jehofa, o ne a re: “Motlholagadi yono wa mohumanegi o latlhetse go feta botlhe ba ba latlhelang madi mo matloleng a matlotlo.” Go ya ka mafoko ao, o latlhetse madi a a fetang a ba bangwe botlhe a kopantswe.—Mareko 12:41-44; Luke 21:1-4; Johane 8:28.

15 A ga se selo sa botlhokwa thata gore mo bathong botlhe ba ba neng ba tlile kwa tempeleng mo letsatsing leo, go bo go ile ga tlhophiwa motlholagadi yono fela gore a umakwe mo Baebeleng? Ka sekai seno, Jehofa o re ruta gore ke Modimo yo o anaanelang. O itumelela go amogela dimpho tse re di abang ka moya otlhe, le fa di ka tswa di le dinnye jang mo go tse batho ba bangwe ba kgonang go di aba. Go ne go se na tsela e nngwe e e botoka go gaisa eno e Jehofa a neng a ka e dirisa go re ruta boammaaruri jono jo bo amang pelo!

Dilo Tse Baebele E sa Di Umakeng

16, 17. Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala jang tota le mo dilong tse a tlhophileng go se di umake mo Lefokong la gagwe?

16 Fa o kwalela mongwe yo o mo ratang lekwalo, o ka se ka wa kgona go umaka dilo tsotlhe. Ka gone o dirisa temogo go tlhopha se o tla se kwalang. Jehofa le ene o ne a tlhopha go umaka batho bangwe le ditiragalo dingwe mo Lefokong la gagwe. Mme gone, mo dipegong tseno tse di tlhalosang dilo, Baebele ga e re umakele ntlha nngwe le nngwe ka botlalo ka dinako tsotlhe. (Johane 21:25) Ka sekai, fa Baebele e bua ka katlholo ya Modimo, tshedimosetso eo e ka nna ya se ka ya araba potso nngwe le nngwe e re nang nayo. Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala tota le mo dilong tse a tlhophang go se di umake mo Lefokong la gagwe. Jang?

17 Tsela e Baebele e kwadilweng ka yone e thusa go lekola se se mo dipelong tsa rona. Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo [kana molaetsa] le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” Molaetsa wa Baebele o  phunyeletsa kwa teng, o senola maikutlo le maitlhomo a rona a mmatota. Batho ba ba e balang ka pelo e e tletseng dipelaelo gantsi ba kgopisiwa ke dipego tse di sa umakeng tshedimosetso e e lekaneng go ba kgotsofatsa. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bo ba belaela gore a ruri Jehofa o dira dilo ka lorato, ka botlhale le ka tshiamo.

18, 19. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go kgopisiwa ke go bo pego nngwe ya Baebele e tsosa dipotso tse re sa kgoneng go bona dikarabo tsa tsone gone jaanong? (b) Ke eng se se tlhokegang gore re kgone go tlhaloganya Lefoko la Modimo, mme seno se bontsha jang gore Jehofa o na le botlhale jo bogolo?

18 Mo boemong jwa seo, fa re ipha nako ya go ithuta Baebele ka kelotlhoko ka dipelo tse di tlhoafetseng, re ka ithuta ka Jehofa go ya kafa Baebele yotlhe e mo tlhalosang ka teng. Ka gone, ga re kgopisiwe ke fa pego e e rileng e re tlogela re na le dipotso dingwe tse gone jaanong re sa kgoneng go bona dikarabo tsa tsone. Fa re ithuta Baebele, ka bonya ka bonya re ithuta gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang mme re simolola go mo tlhaloganya botoka. Tota le fa kwa tshimologong re sa kgone go tlhaloganya pego nngwe kana re sa kgone go bona kafa e amanang ka teng le botho jwa Modimo, go ithuta Baebele ga rona go setse go re rutile tshedimosetso e ntsi ka Jehofa mo re kgonang go bona gore ke Modimo yo o nang le lorato lo logolo, yo o sa gobeleleng le yo o tshiamo.

19 Ka gone, gore re tlhaloganye Lefoko la Modimo, re tshwanetse go le bala le go le ithuta ka tlhoafalo le ka mogopolo o o bulegileng. A seno ga se bontshe botlhale jo bogolo jo Jehofa a nang le jone? Batho ba ba botlhale ba ka kwala dibuka tse di tlhaloganngwang fela ke batho ba ba “botlhale le ba ba bonokopela.” Mme ke botlhale jwa Modimo fela jo bo ka dirang gore go kwalwe buka e e ka tlhaloganngwang fela ke batho ba ba nang le pelo e e siameng!—Mathaio 11:25.

Buka ya “Botlhale jo bo Mosola”

20. Ke eng fa e le Jehofa fela yo o ka kgonang go re bolelela tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go tshela, mme Baebele e na le eng se se ka re thusang?

20 Jehofa mo Lefokong la gagwe o re bolelela tsela e e molemo  go gaisa tsotlhe ya go tshela. E re ka e le Mmopi wa rona, o itse dilo tse re di tlhokang go re gaisa. Mme dilo tsa konokono tse motho a di tlhokang—go akaretsa le go batla go ratiwa, go itumela le go atlega mo dikamanong tsa rona—ga di a fetoga. Baebele e na le letlotlo le legolo la “botlhale jo bo mosola” jo bo ka re thusang go tshela botshelo jo bo itumedisang. (Diane 2:7) Karolo nngwe le nngwe ya sedirisiwa seno sa go ithuta e na le kgaolo e e bontshang kafa re ka dirisang kgakololo e e botlhale ya Baebele ka teng, le fa go le jalo, fano re tla sekaseka sekai se le sengwe fela.

21-23. Ke kgakololo efe e e molemo e e ka re thusang go tila go nna re galefile le go tshwara ba bangwe ka pelo?

21 A o etse tlhoko gore batho ba ba nnang ka pelo e e lefuto le ba ba tshwarang ba bangwe ka pelo gantsi go ikutlwisa bone botlhoko? Go tshwara ba bangwe ka pelo ke mokgweleo o o boima o motho a ka ikimetsang ka one mo botshelong. Fa re sa go tlogele, re nna re akantse ka gone fela, mme go senya kagiso ya rona le go re amoga boipelo. Dipatlisiso tsa borasaense di bolela gore go nna o galefile go ka go bakela mathata a pelo le malwetse a mangwe a mantsintsi a a sa alafegeng. Baebele ga e bolo go bua jaana ka botlhale bogologolo pele ga go nna le dipatlisiso tseno tsa saense: “Tlogela bogale mme o lese tšararego.” (Pesalema 37:8) Mme gone re ka dira seo jang?

22 Lefoko la Modimo le re neela kgakololo eno e e molemo: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” (Diane 19:11) Temogo ke bokgoni jwa go bona dilo tse di fitlhegileng, o sa bone bokafantle fela. Temogo e thusa motho go kgona go tlhaloganya ka gonne e ka re thusa go lemoga lebaka la go bo motho mongwe a buile se a se buileng kana a itshwere ka tsela e a itshwereng ka yone. Go leka go tlhaloganya se tota e leng maitlhomo a gagwe, maikutlo le maemo a a leng mo go one go ka re thusa go se nne le dikakanyo le maikutlo a a sa siamang ka ene.

23 Baebele e re gakolola jaana go ya pele: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.” (Bakolosa 3:13) Mafoko a a reng “tswelelang lo itshokelana” a naya kgopolo  ya gore re nne pelotelele le batho ba bangwe, re itshokela mekgwa ya bone e e ka nnang ya bo e re kgopisa. Bopelotelele jo bo ntseng jalo bo ka re thusa go tila go nna ka dikgopi tse di sa reng sepe. Go “itshwarelana” go naya kgopolo ya gore re lese go tshwara motho ka pelo. Modimo wa rona yo o botlhale o a itse gore re tshwanetse go itshwarela batho ba bangwe fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Seno ga se solegele bone molemo fela mme gape se re thusa go ritibala mogopolo le pelo. (Luke 17:3, 4) A bo Lefoko la Modimo le na le botlhale jo bogolo jang ne!

24. Go tshela ka tsela e e dumalanang le botlhale jwa Modimo go felela ka eng?

24 Jehofa o ne a batla go buisana le rona ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke lorato lwa gagwe lo logolo. O ne a tlhopha go dirisa tsela e e molemo go gaisa tsotlhe—“lekwalo” le le kwadilweng ke batho ba ba neng ba kaelwa ke moya o o boitshepo. Ka gone, botlhale jwa ga Jehofa bo fitlhelwa mo go lone. Botlhale jono bo “ikanyega thata.” (Pesalema 93:5) Fa re ntse re tshela ka tsela e e dumalanang le jone, le fa re ntse re tlotlela batho ba bangwe ka jone, seo se dira gore re atamalane thata le Modimo wa rona yo o botlhale jo bogolo. Mo kgaolong e e latelang, re tla tlotla ka sekai se sengwe se se gakgamatsang sa botlhale jwa ga Jehofa jwa go kgona go bonela dilo pele: bokgoni jwa gagwe jwa go bolelela isagwe pele le go diragatsa maikaelelo a gagwe.

^ ser. 8 Ka sekai, Dafide yo e neng e le modisa, o dirisa dikai tsa dilo tsa kwa madisong. (Pesalema 23) Gantsi Mathaio, yo e neng e le mokgethisi, o umaka dipalopalo le ditlhwatlhwa tsa madi. (Mathaio 17:27; 26:15; 27:3) Luke yo e neng e le ngaka ya kalafi, o dirisa mafoko a a bontshang kitso ya gagwe ya tsa kalafi.—Luke 4:38; 14:2; 16:20.

^ ser. 14 Ledi lengwe le lengwe la madi ano e ne e le lepton, ledi la Sejuda le le neng le le lennye go a gaisa otlhe a a neng a le gone ka nako eo. Di-lepton tse pedi di ne di lekana le 1/64 ya tuelo ya letsatsi. Madinyana ano ka bobedi tota a ne a sa lekana go reka le thaga e le nngwe, nonyane e e neng e le tlhwatlhwatlase go gaisa tsotlhe tse di neng di jewa ke bahumanegi.