Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SIERRA LEONE LE GUINEA

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa.48:10 (Karolo 1)

1991-2001 ‘Leubelo la Pogisego’—Isa.48:10 (Karolo 1)

 Ntwa ya Selegae

Ka bo1980 mathata a setšhaba, a dipolotiki le a itsholelo a ne a tsosa dikhuduego go ralala Afrika Bophirima. Fa ntwa e ntse e fagile kwa nageng e e mabapi ya Liberia, batho ba le bantsi ba ne ba tshabela mo Sierra Leone. Ofisi ya lekala e ne ya rulaganya gore batshabi ba Basupi ba nne mo Diholong Tsa Bogosi le mo malapeng a Basupi mme bakaulengwe ba ne ba ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.

Le fa batshabi ba ne ba lebane le maemo a a thata, go ne go a tle go direge dilo tse di tshegisang. Isolde Lorenz, mongwe yo o sa bolong go nna morongwa o tlhalosa jaana: “Mosimanyana mongwe o ne a romiwa ke rraagwe gore a ye go omosa dijo mo leisong le le neng le dirilwe mo tshingwaneng ka fa morago ga Holo ya Bogosi, e e neng e le mo setsheng sa ofisi ya lekala. Fa mosimane a boa, o ne a bolelela rraagwe gore ba tlile go lala ka tlala. Rraagwe o ne a mmotsa gore ka ntlha yang. O ne a araba a re, ‘Ka gonne gompieno Jehofa o nnamotse mo leganong la tau!’ Go ne go diragetse eng? Fa mosimanyana a boa a tshotse dijo, o ne a kopana le ntša ya kwa lekaleng e e neng e le kgolo mme e le bokgwabo ya German shepherd, e e bidiwang Lobo. Mosimane o ne a tshoga fela thata. A ntse a tshwere poleiti ya dijo, o ne a otlololela matsogo kwa pele a re o koba ntša eno. Mme Lobo ene o ne a ithaya a re o fiwa dijo. Mme a di ja!”

Ka Mopitlwe 23, 1991, ntwa ya kwa Liberia e ne ya anamela ka kwa ga molelwane go fitlha mo Sierra Leone, mme ya tlhosetsa ntwa ya selegae e e neng ya tsaya dingwaga di le 11. Setlhopha sa batsuolodi se se bidiwang Revolutionary United Front (RUF) se ne sa tlhasela ka bonako kwa Kailahun le Koindu, mme seo se ne sa dira gore bontsi jwa batho ba ba nnang koo ba tshabele kwa Guinea. Bangwe ba batshabi bao e ne e le bakaulengwe le  bokgaitsadi ba ka nna 120. Mme batshabi ba bangwe ba Basupi ba ba tswang kwa Liberia ba ne ba thelesegela kwa Sierra Leone ba tshabela batsuolodi.

Billie Cowan, yo e neng e le mookamedi wa Komiti ya Lekala ka nako eo a re: “Go ne ga feta dikgwedi di le dintsinyana go ntse go goroga ditlhopha tsa bakaulengwe kwa Bethele ya Freetown ba ba neng ba lapile, ba bopame e bile ba sule ke tlala. Ba le bantsi mo go bone ba ne ba bone ditiro tse di garolang pelo tsa bosetlhogo jo bo feteletseng e bile ba ne ba ntse ba ja merogo ya naga go thibela tlala. Ka bonako fela re ne ra ba fa dijo le diaparo ra bo ra tlhokomela le ba masika a bone le ba bangwe ba ba kgatlhegang ba ba neng ba tsamaya le bone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba ne ba tshwara batshabi sentle ba bo ba ba naya boroko mo magaeng a bone. Go ise go ye kae, batshabi ba Basupi ba ne ba semelela mo tirelong ya tshimo, ba thusa diphuthego tsa mo lefelong leo. Fa nako e ntse e ile, bontsi jwa bone ba ne ba fetela kwa mafelong a mangwe mme fa ba ne ba sa ntse ba na le rona ba ne ba re nonotsha!”

Go ne ga nna le ntwa ya selegae kwa Sierra Leone ka dingwaga di le 11

Go Gomotsa ba Bangwe Le go Ba Naya Tsholofelo

Ofisi ya lekala e ne ya romela dijo, melemo, dilwana tsa go aga, didirisiwa le dijana kwa Basuping ba ba neng ba le kwa dikampeng tsa batshabi kwa borwa jwa Guinea. E ne ya romela le diaparo tse dintsi tse e leng dimpho go tswa kwa Fora. Rre mongwe o ne a tlhalosa jaana mo lekwalong: “Bongwanake ba ne ba bina, ba opela e bile ba baka Jehofa. Ba ne ba na le diaparo tse disha tse ba ka di aparang fa ba ya dipokanong!” Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ne ba re ke lekgetlo la ntlha ba apara bontle jaana!

Mme batshabi ba ne ba sa tlhoke thuso ya dithoto fela. Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Math. 4:4) Ka jalo, ofisi ya lekala e ne ya romela dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng kwa kgaolong eo e bo e  rulaganya gore go tshwarwe dikopano tse dinnye le tse dikgolo ka metlha. Gape go ne ga romelwa babulatsela le balebedi ba ba etang kwa lefelong leo.

Fa molebedi wa potologo e bong André Baart a ne a etela kwa Koundou, Guinea, o ne a kopana le modiredi mongwe wa kwa kampeng yo o neng a mo kopa gore a neele batshabi ba lefelo leo puo e e theilweng mo Baebeleng. Batho ba ka nna 50 ba ne ba utlwa André a neela puo ya setlhogo se se reng “Tshabela mo go Jehofa,” se se theilweng mo go Pesalema 18. Fa a fetsa, mosadi mongwe yo o godileng o ne a ema a bua. O ne a re: “O re tliseditse boitumelo tota. Raese ga e kgone go rarabolola mathata a rona, mme Baebele e bontsha kafa re ka tshepang Modimo ka gone. Re go leboga ka pelo yotlhe go bo o re tliseditse kgomotso le tsholofelo.”

Fa barongwa e bong William le Claudia Slaughter ba ne ba abelwa kwa Guékédou, Guinea, phuthego ya batshabi ba feta 100 e ne e tuka mo moyeng. (Bar. 12:11) William a re: “Makau a mantsi a ne a kgaratlha a leka go fitlhelela mekgele ya semoya. Fa mongwe a ne a sa kgone go neela puo e a e abetsweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, bakaulengwe ba basha ba ka nna 10 go ya go 15 ba ne ba ithaopela puo eo. Go ne go tswa ditlhopha tse dikgolo tsa batho di ya go rera ka tlhagafalo. Moragonyana mangwe a makawana ano a a tlhagafetseng a ne a nna babulatsela ba ba kgethegileng le balebedi ba ba etang.”

Tiro ya Kago ka Nako ya Ntwa

Fela fa ntwa ya selegae e sena go simolola, bakaulengwe ba kwa Freetown ba ne ba reka setsha sa diheketara di le 0,6 mo mmileng wa 133 Wilkinson Road, sekgala sa dimetara di le makgolo a sekae fela go tswa kwa ofising ya lekala. Alfred Gunn a re: “Re ne re batla go aga legae la Bethele mo setsheng seo mme re ne re tshwenyegile ka ntwa. E re ka Lloyd Barry wa Setlhopha se se Laolang a ne a re etetse ka nako eo, re ne ra mmolelela dilo tse re tshwenyegileng ka tsone. O ne a re, ‘Fa re ka letla dintwa  di re ema pele, re ka se fitlhelele sepe!’ Mafoko a gagwe a a kgothatsang a ne a re naya bopelokgale jwa gore re tswelele pele ka tiro.”

Bakaulengwe ba le makgolokgolo ba ne ba dira ka natla mo porojekeng eno, go akaretsa le baithaopi ba feta 50 go tswa kwa dinageng di le 12 le batho ba le bantsi ba ba thusang ka go rata ba diphuthego tsa lefelo leo. Tiro e ne ya simolola ka Motsheganong 1991. Molebedi wa kago e bong Tom Ball a re: “Batho ba ba fetang ka tsela ba ne ba kgatlhiwa ke ditena tsa boleng jo bo kwa godimo tse di neng di dirwa mo setsheng. Kago eno ya foreime ya tshipi e ne e farologane thata le dikago tsa mo lefelong leo. Mme batho ba ne ba kgatlhiwa thata ke go bona batswakwa ba basweu ba dira mmogo le bantsho ba mo lefelong leo ka kutlwano le boitumelo mo tirong eno ya go aga.”

Ka Moranang 19, 1997, boidiidi jwa batho ba ditšhabatšhaba ba ne ba phuthega ka boitumelo ba tlile thulaganyong ya go kgakola kago e ntšha ya lekala. Kgwedi morago ga moo, go setse go fetile dingwaga tse tlhano go na le dikgotlhang tse di setlhogo tsa kwa metseselegaeng, batsuolodi ba RUF ba ne ba tlhasela Freetown.

Fa lekala la Freetown le ne le agiwa; lekala gompieno

Go Lwela Freetown

Diketekete tsa batlhabani ba RUF ba ba meriri e e tlhatlhabetseng ba bofile matsela a mahibidu mo tlhogong ba ne ba ologela mo motseng, ba utswa, ba betelela e bile ba bolaya batho. Alfred Gunn a re: “Seemo se ne se le maswe fela thata. Bontsi jwa barongwa ba ne ba tshabisiwa ka bonako. Ba bofelo go tsamaya e ne e le Billie le Sandra Cowan, Jimmie le Joyce Holland mmogo le nna le Catherine.

“Re ne ra rapela le maloko a Bethele a mo lefelong leo a a neng a ithaopetse go sala, go tswa foo ra itlhaganelela kwa lefelong le re neng re tshabisediwa kwa go lone. Mo tseleng re ne ra emisiwa ke masole a batsuolodi a ka nna 20 a a neng a lebega bolalome e bile a tagilwe. Fa re ba naya dimakasine le madi, ba ne ba re lesa re feta. Rona mmogo le batho ba bangwe ba feta 1 000 ba ba neng ba fudusiwa, re ne ra phuthegela mo lefelong le le sireleditsweng le batho ba phuruphudiwang mo go lone le le  neng le tlhokometswe ke masole a lewatle a United States a a neng a tlhometse ka dibetsa tse dintsi. Fa re le koo, re ne ra palama helikopotara ya masole mme ra tlosiwa ka bonako mo lotshitshing lwa lewatle ra isiwa kwa lewatleng mme ra palama sekepe sa masole a lewatle a United States. Moragonyana modiredi mongwe wa mo sekepeng o ne a re bolelela gore palo ya rona ya batho ba ba falodisitsweng ba e seng masole ke e kgolo go gaisa epe e e kileng ya falodisiwa ke Masole a Lewatle a United States fa e sale ka Ntwa ya Vietnam. Letsatsi le le latelang, re ne ra tsamaya ka helikopotara ra ya kwa Conakry, kwa Guinea. Fa re fitlha koo re ne ra tlhoma ofisi ya nakwana ya lekala.”

Alfred le Catherine Gunn ke bangwe ba batho ba ba neng ba tshabisiwa mo nageng

Barongwa ba ne ba leta ka tlhoafalo go utlwa gore go diragalang kwa Freetown. Kgabagare, go ne ga goroga lekwalo le le reng: “Le fa go na le tlhakatlhakano, re sa ntse re tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35, ‘A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana?’ Batho ba bontsha kgatlhego tota e bile bangwe ba batsuolodi ba ithuta le rona. Ka jalo re ikaeletse go dira ka natla le go feta mo tirong ya go rera.”

Jonathan Mbomah, yo e neng e le molebedi wa potologo a re: “Re ile ra bo ra tshwara kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa Freetown. Thulaganyo eo e ne e kgothatsa tota mo ke neng ka tsaya mosepele wa go ya kwa Bo le kwa Kenema ke ya go tshwara thulaganyo eo kwa mafelong ao. Bakaulengwe ba ba neng ba le mo ditoropong tseo tse di kgautlhantsweng ke ntwa ba ne ba leboga Jehofa ka thulaganyo e e molemo ya dijo tsa semoya.

“Kwa bofelong jwa 1997, re ne ra tshwara kopano ya kgaolo kwa National Stadium kwa Freetown. Ka letsatsi la bofelo la kopano, masole a batsuolodi a ne a tsena mo setediamong mme a re laela gore re tsamaye. Re ne ra ba rapela gore ba re letle re wetse thulaganyo. Morago ga dipuisano tse di tsereng lobaka lo loleele, ba ne ba ineela mme ba tsamaya. Batho ba feta 1 000 ba ne ba tlile kopanong mme ga kolobediwa ba le 27. Bakaulengwe ba le mmalwa ba ne ba tsaya mosepele o o kotsi wa go ya kwa Bo ba ya go reetsa thulaganyo eo gape. Eleruri tseno e ne e le dikopano tse di molemolemo, tse di itumedisang!”