Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SIERRA LEONE LE GUINEA

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 3)

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 3)

Kwa Diporofenseng le Kwa Mafelong a Mangwe

E re ka Phuthego ya Freetown e ne e tlhagafaletse boammaaruri, e ne ya “tshwarega thata ka lefoko.” (Dit. 18:5) Alfred Joseph a re: “Gantsi ke ne ke bofelela lebokoso la dibuka tse di theilweng mo Baebeleng mo sethuthung sa me se segolo sa Norton. Go tswa foo Mokaulengwe Thomas kgotsa Sylvester Grant o ne a palama ka fa morago, re bo re leba kwa metseselegaeng e e kwa thoko le kwa ditorotswaneng tse di gaufi le Freetown re ya go phasalatsa, jaaka re ne re go bitsa.”

Go fitlhela ka 1927, gantsi baboledi ba ne ba rera mo Freetown le mo mafelong a a gaufi mo kgaolong e e bidiwang The Colony. Mme go simolola ka 1928, ngwaga le ngwaga pele dipula di simolola, phuthego e ne e hira bese e bo e ya go rera kwa diporofenseng. Ba ba neng ba sa kgone go ya ba ne ba tshegetsa maeto ao ka madi, mme maeto ao a ne a eteletswe pele ke Melbourne Garber. Ditlhopha tseno tse di tsamayang ka bese di ne di rera kwa ditoropong le kwa metseng e e kwa botlhaba go ya go fitlha kwa Kailahun le kwa borwa go fitlha gaufi le molelwane wa Liberia. Mo Sontageng wa ntlha wa kgwedi nngwe le nngwe, ba ne ba boela teng go ya go bona batho ba ba kgatlhegang ba ba kopaneng le bone.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, Mokaulengwe Brown o ne a etela kwa West Indies mme a tla a na le koloi, e e neng e le nngwe ya dikoloi tsa ntlha go tsena mo Sierra Leone. Koloi eno  e ne e na le sebuelagodimo se se maatla se se neng se diretswe go rera phatlalatsa. Mokaulengwe Brown o ne a tle a emise koloi eno mo phakeng a bo a tshameka mmino o o kgatlhang go ngoka batho. Go tswa foo o ne a neela puo e khutshwane kgotsa a tshameka thero e e rekotilweng mme a bo a laletsa batho gore ba itseele dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Koloi eno e e buang—jaaka e ile ya bidiwa—e ne e kgatlha batho mme ba ne ba tla ka bontsi ba tla go e reetsa.

Ba rera ka bopelokgale

Go tswa foo, Mokaulengwe Brown o ne a leba kwa tshimong e e neng e ise e rerelwe—dinaga tse dingwe tsotlhe tse go buiwang Seesemane mo go tsone mo Afrika Bophirima. Kwa bowelong jwa bo1920, o ne a simolola maeto a go ya go rera kwa The Gambia, Ghana, Liberia le Nigeria. Mokaulengwe Brown o ne a fitlhela batho ba ba kgatlhegang kwa go nngwe le nngwe ya dinaga tseno, mme Nigeria e ne e lebega e di goga kwa pele. Ka 1930, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba fuduga go tswa kwa  Freetown go ya kwa Lagos. Fa a le koo, o ne a tswelela ka go okamela tiro ya go rera e e dirwang kwa Afrika Bophirima.

Gone jaanong Basupi ba feta 500 000 ba direla Jehofa kwa Afrika Bophirima

Fa Mokaulengwe Brown a ne a patelesega go boela kwa Jamaica ka 1950 ka ntlha ya go lwala, o ne a tlogela boswa jo bo tlhomologileng. Mo dingwageng di le 27, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba bone Basupi ba kwa Afrika Bophirima ba oketsega go tloga go ba le 2 go ya go ba ba fetang 11 000. Ba ne ba iponetse ka matlho go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Isaia jo bo reng: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata.” (Isa. 60:22) Gompieno morago ga dingwaga di feta 60 fela, “setšhaba se se thata” sa Basupi ba feta 500 000 ba direla Jehofa kwa Afrika Bophirima.

Ba ne Ba Nitame Le fa Ba Thibetswe

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e gomagomela Afrika, batho ba ga Jehofa mo Sierra Leone ba ne ba nna ba nitame mme ba sa tseye letlhakore mo ntweng ka gonne e le Bakeresete. (Mik. 4:3; Joh. 18:36) Badiredibagolo ba Boritane ba ne ba ba latofatsa ka maaka ba re ba batla go menola puso, ka jalo ba ne ba baya leitlho dilo tse ba di dirang mme ba thibela dikgatiso tsa bone. Badiredi ba lekgetho la dithoto kwa Freetown ba ne ba gapa dikgatiso dingwe tse di neng di rometswe mme ba di fisa. Bakaulengwe bangwe ba ne ba tshwarwa ka gonne ba ne ba na le dikgatiso tse di thibetsweng mme go ise go ye kae ba ne ba gololwa. *

Basupi ba ne ba tswelela ba rera le fa ba ne ba thibetswe. Pauline Cole o ne a tlhalosa jaana: “Mokaulengwe yo e neng e le motlhokomedi mo sekepeng se se neng se tla mono kgapetsakgapetsa o ne a tswelela a re naya dimakasine tsa Tora ya Tebelo. Re ne ra dirisa dimakasine tseno go tlanya dikhopi tse dingwe tse di neng di tla dirisiwa mo dipokanong. Gape re ne ra gatisa dipampitshana tse di buang ka dikgang tsa Baebele mme ra di  tsamaisetsa batho. Mme bakaulengwe ba ne ba tswelela ba neela dipuo tsa phatlalatsa le go tshameka dithero tsa radio tse di rekotilweng tsa ga Mokaulengwe Rutherford, segolobogolo kwa metseng e e kwa thoko.”

Go bonala sentle gore Jehofa o ne a segofatsa maiteko ao. James Jarrett, yo o nang le nako e telele e le mogolwane e bile e le mmulatsela yo o kgethegileng, o gakologelwa seno: “Ka nako ya ntwa, ke ne ke dira tiro ya go betla maje fa kgaitsadi mongwe yo o godileng a ne a nnaya bukana e e bidiwang Refugees. Ke ne ka kgatlhiwa ke setlhogo sa yone ka gonne batshabi ba le bantsi ba ne ba goroga mo Freetown. Ke ne ka bala bukana eno mo bosigong joo mme ka yone nako eo ka lemoga gore ke bone boammaaruri. Mo mosong wa letsatsi le le latelang, ke ne ka latela kgaitsadi yoo mme ka tseela bomorwarre ba bararo dibukana tseno. Re ne ra amogela boammaaruri ka bonè jwa rona.”

Fa ntwa e fela ka 1945, Phuthego ya Freetown e ne e na le baboledi ba le 32. Baboledi bano ba ne ba ntse ba ikanyega e bile ba tlhagafetse semoyeng. Ba ne ba ipaakantse e bile ba tlhoafaletse go gatela pele.

Letsholo la Dipokano Tsa Phatlalatsa

Ka Phatwe 29, 1945, kwa Pokanong ya Tirelo ya beke le beke, Phuthego ya Freetown e ne ya tlotla ka letsholo le lesha le le neng le itsisitswe mo kgatisong ya Informant (e gone jaanong e bidiwang Tirelo ya Rona ya Bogosi) ya Sedimonthole 1944. Phuthego nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go itsise le go nna le motseletsele wa dipokano di le nnè tsa phatlalatsa mo “toropokgolong nngwe le nngwe, mo motseng mongwe le mongwe le mo motsaneng mongwe le mongwe” o o mo tshimong ya yone. Pokano nngwe le nngwe e ne e tla nna le puo ya ura e le nngwe e neelwa ke mokaulengwe (wa dingwaga tse 18 kgotsa kwa godimo) yo o neng a dirile sentle mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Morago ga dipokano tseo tse nnè, bakaulengwe ba ne ba tla rulaganya ditlhopha tsa go ithuta Baebele gore di thuse batho ba ba kgatlhegang mo lefelong lengwe le lengwe.

 Baboledi ba ne ba ikutlwa jang ka kaelo eno e ntšha? Dintlha tse di neng tsa kwalwa mo Pokanong ya Tirelo ya Phuthego ya Freetown tsa re:

Modulasetulo: “Lo akanya gore re ka dira letsholo leno le lesha jang?”

Mokaulengwe wa Ntlha: “Ga re a tshwanela go lebelela gore le atlege fela jaaka kwa Amerika. Batho ba mono ga ba tshwane le ba koo.”

Mokaulengwe wa Bobedi: “Le nna ke dumalana le ene.”

Mokaulengwe wa Boraro: “Ke eng fa re sa le leke fela?”

Mokaulengwe wa Bonè: “Mme gone go tla nna le mathata.”

Mokaulengwe wa Botlhano: “Aitsane re tshwanetse go latela kaelo e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa.”   

Mokaulengwe wa Borataro: “Mme ga go lebege le ka atlega mo nageng eno.”

Kgaitsadi wa Ntlha: “Gone kaelo ya Informant e tlhamaletse. A re e lekeng!”

Ka jalo ba ne ba e leka. Go tloga kwa losing lwa lewatle lwa Freetown go fitlha kwa Bo e e kwa borwabotlhaba le go fitlha kwa Kabala e e mo setlhabeng se se kwa bokone, bakaulengwe ba ne ba tshwara dipokano mo diphaposing tsa sekolo, mo marekisetsong le mo magaeng a batho. Tiro eno e ne ya thusa go tsosolosa tlhagafalo ya phuthego mme “lefoko la ga Jehofa la tswelela go gola le go anama.”—Dit. 12:24.

Le fa go ntse jalo, baboledi ba ne ba tlhoka go thapisediwa go dira ditiro tsa puso ya Modimo. Mme Jehofa o ne a ba naya thapiso eo.

^ ser. 10 Thibelo eo e ne ya tlosiwa ka 1948.