Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SIERRA LEONE LE GUINEA

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 2)

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 2)

Go Emelana le Segongwana sa Ba-Gladiator

Fa baruti ba kwa Freetown ba bona metlhape ya bone e itumelela dithero tsa ga Mokaulengwe Brown, ba ne ba simolola go tlala lefufa le go shakgala. Makasine wa Tora ya Tebelo wa December 15, 1923, o ne wa re: “Baruti ba simolotse go tlhasela boammaaruri ba dirisa makwalodikgang. Gangwe le gape Mokaulengwe Brown o ne a ba araba mme makwalodikgang a ne a gatisa dikgang tsa matlhakore oomabedi.” Kgabagare baruti ba ile ba didimala. Maaka a bone a ne a senogile. Dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele di ne di anamisitswe mo mafelong a a gaufi le kgakala, mo go neng ga dira gore batho ba le bantsi ba ba balang makwalodikgang ba ikopele dikgatiso tsa Baebele. Baruti ba ne ba logile maano a go thibela tiro ya batho ba Modimo, mme Jehofa o ne a dirile gore ‘ditiro tsa bone tse di bosula di boele mo go bone.’—Pes. 94:21-23.

Setlhopha sengwe sa basha ba dikereke se se neng se bidiwa Ba-Gladiator se ne sa femela baruti ka go itsise motseletsele wa dipokano tsa phatlalatsa tse di neng di tla diga mokgatlho wa “Bo-Russel,” jaaka ba ne ba bitsa molaetsa wa Bogosi. Mokaulengwe Brown o ne a arabela ka go kopa phatlalatsa gore ba nne le motseletsele wa dikokoano tsa go bontshana mabaka. Ba-Gladiator ba ne ba gana kopo ya ga Mokaulengwe Brown mme ba kgalema morulaganyi wa lokwalodikgang lo lo neng lo e gatisitse. Gape ba ne ba thibela Mokaulengwe Brown gore a se ka a tla dipokanong tsa bone, ka jalo go ne ga ya Alfred Joseph mo boemong jwa gagwe.

Dipokano tseo di ne tsa tshwarelwa kwa Buxton Memorial Chapel, kereke ya maemo a a kwa godimo ya Methodist kwa Freetown. Alfred a re: “Ka nako ya dipotso le dikarabo ke ne ka botsa ka tumelo ya motheo ya Anglican, thuto ya Tharonngwe le dithuto tse dingwe di le mmalwa tse di sa thewang mo Dikwalong. Kgabagare modulasetulo o ne a gana go amogela dipotso tse dingwe gape.”

Mongwe wa Ba-Gladiator yo o neng a le teng mo maitseboeng ao e bong Melbourne Garber o ne a setse a kile a ya go reetsa dithero tsa ga “Bible” Brown. Tota e ne e le ene mosha yo o  ithutelang boruti yo o ileng a re “Rre Brown o itse Baebele tota!” Fa Garber a sena go sekaseka ka kelotlhoko se a se utlwileng, o ne a tlhatswega pelo gore o bone boammaaruri. Ka jalo, o ne a kopa Mokaulengwe Brown gore a mo rute Baebele. Mokaulengwe Brown o ne a mo laletsa gore a tle Thutong ya Tora ya Tebelo ya beke le beke e e neng e tshwarelwa kwa legaeng la gagwe. Le fa gone ba lelapa la gaabo Garber ba ile ba mo latlha, o ile a gatela pele ka bonako semoyeng mme go ise go ye kae ene le ba bangwe ba le mmalwa ba ile ba kolobediwa.

Maiteko a ga Satane a go fedisa tiro ya go rera e sa ntse e simologa a ne a itaya se fololetse. Fela jaaka ratoropo wa Freetown a ne a boleletse Ba-Gladiator: “Fa e le gore tiro eno ke ya batho, e tla fela. Mme fa e le gore e tswa kwa Modimong, lo ka se kgone go e emisa.”—Dit. 5:38, 39.

Bodumedi Jwa ga Brown

Mo masimologong a Motsheganong 1923, Mokaulengwe Brown o ne a romelela ofisi ya lekala ya kwa London thelekerama a kopa dikgatiso tse di oketsegileng. Go ise go ye kae, go ne ga goroga dibuka di le 5 000 mme morago ga goroga tse dingwe gape. Gape o ne a tswelela ka go tshwara dipokano tsa phatlalatsa mme di ne tsa ngoka diketekete tsa batho ba ba kgatlhegang.

Moragonyana mo go one ngwaga oo, Tora ya Tebelo e ne ya re: “Tiro e oketsegile ka bonako thata [kwa Sierra Leone] e bile Mokaulengwe Brown o kopile mothusi; mme Claude Brown wa kwa Winnipeg, yo pele a neng a le kwa West Indies, jaanong o ya teng go ya go mo thusa ka tiro.”

Claude Brown e ne e le moreri yo o nang le maitemogelo wa dikgang tse di molemo. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, o ile a itshokela go tshwarwa setlhogo kwa dikgolegelong tsa Canada le Engelane ka gonne a ne a sa batle go tsaya letlhakore mo ntweng ka gonne e le Mokeresete. O ne a direla kwa Sierra Leone ka dingwaga di le nnè, a nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo fela thata.

Pauline Cole a re: “Pele ga ke kolobediwa ka 1925, Mokaulengwe Claude o ne a mpotsolotsa ka kelotlhoko.

 “O ne a mpotsa jaana: ‘Kgaitsadi Cole, a o tlhaloganya se o se ithutileng mo Studies in the Scriptures? Ga re batle gore o katogele kgakala le boammaaruri ka gonne o ne o sa tlhaloganya dithuto tsa Baebele.’

“Ke ne ka araba ka re: ‘Mokaulengwe Claude, ke badile ka ba ka bala gape se ke se ithutileng. Ke dirile tshwetso!’”

Pauline Cole

Pauline o ne a direla Jehofa ka dingwaga di feta 60, mme bontsi jwa nako eo a direla e le mmulatsela yo o kgethegileng. O ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1988.

William “Bible” Brown le ene o ne a amegile ka go thusa ba bangwe gore ba nne le mekgwa e e siameng ya go ithuta ka Modimo. Alfred Joseph o tlhalosa jaana: “Fa ke kopana le Mokaulengwe Brown go sa le mo mosong, motlotlo wa rona o ne o tle o nne jaana: ‘Dumela Mokaulengwe Joe. O tsogile jang? Temana ya gompieno ya Baebele ya reng?’ Mme fa ke palelwa ke go araba, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore ke itse temana ya letsatsi lengwe le lengwe e e tswang mo bukeng ya Daily Manna. [Jaanong e bidiwa Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe.] Mo  mosong o o latelang, fela fa ke tsoga ke ne ke bala temana, gore e se ka ya re fa ke kopana le ene ke bo ke sa e itse gape. Kwa tshimologong ke ne ke sa lemoge sentle gore o nnaya thapiso e e botlhokwa go le kana kang, mme moragonyana ke ne ka lemoga.”

Thapiso eno yotlhe e ne ya nna le diphelelo tse di molemo. Ka 1923, go ne ga tlhomiwa phuthego mo Freetown mme ga kolobediwa batho ba le 14. Mongwe wa bakaulengwe ba ba sa tswang go kolobediwa e ne e le George Brown, yo go kolobediwa ga gagwe go neng ga dira gore go nne le malapa oorra “Brown” a le mararo mo phuthegong. Tlhagafalo ya malapa ao a mararo e ne ya dira gore baagi ba le bantsi ba kwa Freetown ba bitse Baithuti ba Baebele ba re ke bodumedi jwa “boorra Brown.”