Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SIERRA LEONE LE GUINEA

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 1)

1915-1947 Kwa Tshimologong (Karolo 1)

 Lesedi la Boammaaruri le Simolola go Phatsima

Dikgang tse di molemo di fitlhile mo Sierra Leone ka 1915 fa baagi ba koo ba ne ba boa go tswa kwa Engelane ba tla ba tshotse dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Motlhanka wa ntlha wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng o ne a goroga mo Freetown mo e ka nnang ka Phukwi wa one ngwaga oo. Leina la gagwe e ne e le Alfred Joseph. O ne a le dingwaga di le 31 mme a tsholetswe kwa Guyana, kwa Amerika Borwa. O ne a kolobeditswe mo go one ngwaga oo kwa Barbados, West Indies, mme o ne a bone tiro ya go kgweetsa diterena kwa Freetown. Alfred o ne a nna kwa bonnong jwa babereki ba diterena kwa Cline Town, e e sekgala sa dikilometara di ka nna 3,2 go tloga kwa setlhareng sa Cotton Tree kwa Freetown. Ka bonako fela o ne a simolola go bolelela badirikaene molaetsa wa Baebele.

Mo ngwageng o o latelang, Leonard Blackman, yo o neng a kile a dira mmogo le Alfred kwa Barbados e bile mmaagwe e bong Elvira Hewitt e ne e le ene a rutileng Alfred boammaaruri, o ne a tla go bereka le Alfred. Leonard o ne a nna mo ntlong e e bapileng le ya ga Alfred mme ba ne ba kopana ka metlha ba bo ba tlotla ka Baebele. Gape ba ne ba naya ditsala tsa bone le batho ba bangwe ba ba kgatlhegelang molaetsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng.

Alfred le Leonard ba ne ba lemoga gore masimo a kwa Freetown a ne a le “masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Ka 1923, Alfred o ne a kwalela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa New York, a re: “Batho ba le bantsi mono ba kgatlhegela Baebele. A lo ka romela mongwe gore a tle go ba thusa le go atolosa tiro ya go rera mo Sierra Leone?” O ne a amogela karabo e e neng e re: “Go tla romelwa mongwe!”

Alfred a re: “Mo bosigong jwa Matlhatso mongwe morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka amogela mogala o ke neng ke sa o lebelela.”

William “Bible” Brown le mosadi wa gagwe, Antonia

 “Motho yo o neng a leditse o ne a mpotsa jaana: ‘A ke wena o kwaletseng Mokgatlho wa Watch Tower o kopa bareri?’

“Ke ne ka re: ‘Ee.’

“O ne a bua jaana ka lentswe le le kwenneng: ‘Ba rometse nna.’

“E ne e le lentswe la ga William R. Brown. Ene le mosadi wa gagwe e bong Antonia le morwadiabone yo monnye ba ne ba gorogile letsatsi leo mme ba ne ba nna kwa Hoteleng ya Gainford.

“Mo mosong o o latelang nna le Leonard re ne re tshwere thuto ya rona ya Baebele ya beke le beke, fa go ne go tsena motho yo o goletseng kwa godimo fa kgorong. E ne e le William R. Brown. O ne a tlhagafaletse boammaaruri thata jaana mo a neng a batla go neela thero ya phatlalatsa letsatsi le le latelang. Ntle le go senya nako, re ne ra hira holo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Freetown—Wilberforce Memorial Hall—mme ra rulaganya gore mo maitseboeng a Labone yo o latelang go neelwe thero ya ntlha mo go tse nnè tsa phatlalatsa.

“Setlhotshwana sa rona se ne sa tshwarega thata se itsise ka dithero tseo ka lokwalodikgang, ka dipampitshana tsa taletso le go  tsamaya se bolelela batho ka tsone. Re ne ra ipotsa gore batho ba tla tsiboga jang, mme re ne re sa tlhoke go tshwenyega. Holo e ne ya tlala ka batho ba ka nna 500, go akaretsa le baruti ba le bantsi ba mo Freetown. Re ne re itumetse fela thata!”

Mo puong eo e e tsereng lobaka lwa ura, Mokaulengwe Brown o ne a nopola ditemana tsa Baebele di le dintsi e bile a dirisa diselaete go bontsha ditemana tsa Baebele mo sekirining. Mme gangwe le gape o ne a nna a re, “E seng Brown a re mme Baebele ya re.” Bareetsi ba ne ba jele kgakge mme ba ne ba opa diatla nako le nako fa a sena go bua ntlha nngwe. Ba ne ba sa kgatlhiwe ke bokgoni jwa ga Mokaulengwe Brown jwa go bua phatlalatsa mme ba ne ba kgatlhiwa ke bosupi jo bo maatla jwa Dikwalo jo a neng a bo bontsha. Fela jaaka mosha mongwe yo o ithutelang boruti yo o neng a le mo bareetsing a ne a bua, “Rre Brown o itse Baebele tota!”

1924

Dithero tsa ga Mokaulengwe Brown di ne tsa tshikinya motse, mme batho ba ne ba thologela go tla go itseela ka tsebe. Ka Sontaga yo o latelang, holo e ne ya tlala batho gape ba tlile go reetsa puo e e reng, “Go ya Diheleng le go Boa Teng—Go na Le Bomang mo go Tsone?” Dintlha tse di maatla tse di boammaaruri tse Mokaulengwe Brown a ileng a di bua mo maitseboeng ao di ne tsa tlhotlheletsa le e leng batho ba ba itsegeng mo dikerekeng tsa bone gore ba phimole maina a bone mo go tsone.

Thero ya bonè e bile e le ya bofelo ya motseletsele wa dithero ya setlhogo se se reng, “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa,” e ne ya kgatlha batho ba le bantsi thata jaana mo mongwe wa batho ba ba nnang mo Freetown a neng a re, “Dikereke di ile tsa tshwanelwa ke go phimola ditirelo tsa tsone tsa maitseboa ka gonne maloko otlhe a tsone a ne a ile go reetsa thero ya ga Mokaulengwe Brown.”

E re ka Mokaulengwe Brown a ne a dirisa Baebele ka metlha, a tlhalosa gore ke yone e tshwanetseng go latelwa, batho ba ne ba simolola go mmitsa “Bible” Brown. O ile a tswelela a bidiwa ka leina leo le a neng a retiwa ka lone la ba la itsiwe thata go ralala Afrika Bophirima. Mme William R. Brown o ile a nna motlotlo go dirisa leina leo go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng.