Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Yuropa

Yuropa
  • DINAGA 47

  • PALO YA BAAGI 741 892 871

  • BABOLEDI 1 601 915

  • DITHUTO TSA BAEBELE 862 555

“A o Latlhegile?”

Mosadi mongwe wa Mosomalia kwa Sweden o ne a lalediwa go tla pokanong kwa Holong ya Bogosi mme o ne a ya. Dilo ga di a ka tsa tsamaya sentle. Ga go na ope yo o ileng a mo amogela; mongwe le mongwe o ile a mo lebelela fela. O ne a ikutlwa a sa phuthologa gotlhelele. Mongwe yo o ka tswang a ne a lemoga gore o lebega a sa phuthologa o ne a mmotsa a re, “A o latlhegile?”

 O ne a araba a re: “Ee, ke akanya jalo!” Go tswa foo o ne a tsamaya. Moragonyana fa mosadi yono a kopana le Basupi ba ba neng ba mo laleditse, o ne a utlwile botlhoko mme a ba bolelela gore a ka se tsamaye a le beile koo gape. Ba ne ba ipotsa gore go ka tswa go diragetseng ka gonne ba ne ba sa gopole ba kile ba mmona kwa Holong ya Bogosi. Fa ba sena go tlotla go se kae, botlhe ba ne ba lemoga gore o ne a latlhegetse kwa kerekeng!

Basupi ba ne ba mo kgothaletsa gore a leke go ya kwa Holong ya Bogosi gape. O ne a dumela go ya mme a re a ka se dule go feta metsotso e le lesome fa a ka ikutlwa a sa phuthologa. Le fa go ntse jalo, fa a tsena mo Holong ya Bogosi, mongwe le mongwe mo phuthegong o ne a mo amogela  ka lorato! O ne a itumelela go nna koo thata mo e leng gore fa pokano e fela e ne ya nna ene wa bofelo go tswa mo Holong ya Bogosi. Fa e sale ka nako eo, o ntse a tla dipokanong ka metlha mme jaanong ke mmoledi yo o kolobeditsweng.

O ne A Bona Taletso mo Mmileng

Gerika: Jaanong Stergios o bolelela ba bangwe ka letlotlo le a le boneng

Stergios ke lekawana le le nnang kwa Gerika. Moso mongwe fa a ya gae a tswa tirong, o ne a tsaya tsela e a sa tlwaelang go e tsaya. Stergios o ne a bona sengwe fa fatshe se se neng sa mo ngoka. E ne e le taletso ya Segopotso sa loso lwa ga Keresete. E ne e na le potso e e reng: “O leba jang Jesu?” E re ka go ne go na le batho fa gaufi, Stergios o ne a tshaba go sela taletso eo. Fa a fitlha kwa gae, o ne a simolola go akanya ka potso e e mo pampitshaneng eo mme a batla go itse mo go oketsegileng.

Stergios o ne a rulagantse go ya go nwa kofi le ditsala mo thapameng eo. Fa a le mo tseleng a ya koo, o ne a akanya gore a tsamaye ka tsela e a neng a bone taletso mo go yone ka tsholofelo ya gore e ne e tla bo e sa ntse e le teng. E ne e sa ntse e le teng, mme le batho ba ne ba sa ntse ba le teng, ka jalo o ne a tshaba gape go e sela. Fa Stergios a ya gae a sena go nwa kofi le ditsala tsa gagwe, o ne a tlhamalalela kwa go one mmila oo—pampitshana e ne e sa ntse e le foo. Mo lekgetlong leno, o ne a e sela a ba a e bala. Morago ga moo o ne a swetsa ka gore a ye Segopotsong.

Morago ga Segopotso, Stergios o ne a amogela taletso ya thuto ya legae ya mahala ya Baebele. O ne a simolola go ya dipokanong mme a gatela pele sentle semoyeng. O ne a kolobediwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ka Mopitlwe 2013.

Puisano ya Radio E ne Ya Fedisa Letlhoo

Ka Ferikgong 2010, Finn, mokaulengwe mongwe kwa Copenhagen, Denmark, o ne a ya go iphutholola maoto  mme a tsamaya a tshotse dimakasine. Fa a ntse a tsamaya mo tseleng e tshesane, o ne a bona rre mongwe yo o godileng a tla ntlheng ya gagwe. Finn o ne a mo naya dimakasine tsa Sedimonthole 2009, tse di neng di na le ditlhogo di le mmalwa tse di buang ka Keresemose. Fa rre yo o godileng yoo a bua, Finn o ne a lemoga lentswe la gagwe. E ne e le rre yo o rutegileng thata yo o neng a gasa lenaneo la puisano mo radiong. Mo letsatsing le le latelang, Finn o ne a reetsa lenaneo leo mme a gakgamalela go utlwa mogasi a tlhalosa gore o letse a filwe dimakasine. Go tswa foo o ne a bala dikarolo dingwe tsa ditlhogo tseo mo radiong. Sengwe sa dilo tse a neng a di bala e ne e le ka “naledi” nngwe e e sa itsiweng e go neng go lebega e amana le go tsholwa ga ga Jesu. O ne a dumela gore eleruri e tshwanetse ya bo e ne e rometswe ke Satane.

E re ka Finn a ne a kgothaditswe ke go utlwa kafa mogasi yono a ileng a arabela ka gone morago ga go amogela dimakasine, o ne a swetsa ka gore a mo etele. Mo motlotlong o ba neng ba nna le one, Finn o ne a botsa ka bonolo gore a go ne go ka kgonega go gasa lenaneo le le buang ka dikgang tsa Baebele mo radiong. Dibeke di le pedi moragonyana o ne a dumela. Go ne ga nna le mananeo a feta 30 a a tsayang diura di le pedi, otlhe a bua ka Basupi ba ga Jehofa le Baebele. Finn le mogasi wa lenaneo leo ba ne ba tlotla ka dikgang tse ba neng ba di tlhophile ba bo ba araba dipotso tsa bareetsi ba le makgolokgolo ba ba neng ba letsa.

Mongwe wa bareetsi o ne a leletsa modiri wa mo radiong a bo a mo neela nomoro ya gagwe ya mogala. O ne a batla gore bakaulengwe ba ikgolaganye le ene. Go ne ga rulaganngwa ka bonako gore go ikgolaganngwe le ene. Monna yono o ne a utlwile ditsala tsa gagwe le ba lelapa la gagwe ba senya Basupi ba ga Jehofa leina ka dingwagangwaga mme ka ntlha ya mananeo ao a radio, letlhoo la gagwe ka Basupi le ne le fedile. O ne a simolola go ithuta Baebele  mme ka 2013 o ne a ya Segopotsong le puong e e kgethegileng. O nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa Sontaga mme o neela dikakgelo tse di utlwalang kwa Thutong ya Tora ya Tebelo. Batho ba bangwe mo lefelong leno le bone ba amogetse boammaaruri ka ntlha ya se ba se utlwileng mo mananeong ano a radio.

O ne A Baya Taletso fa Kgorong ya Bone

E ne e le letsatsi la bofelo la kopano ya kgaolo kwa Italy. Fa Lucio a ntse a laela dingwe tsa ditsala tsa gagwe, banyalani bangwe ba ne ba tla fa go bone. Lucio o ne a botsa banyalani bano gore ba mo phuthegong efe. Ba ne ba araba ba re, “Ga re tswe mo phuthegong epe.”

Lucio o ne a ba botsa a re: “A lo laleditswe ke mongwe?”

Ba ne ba araba ba re: “Nnyaa, re itletse fela.”

Jaanong Lucio o ne a batla go itse mo go oketsegileng, ka jalo o ne a botsa a re, “A nka botsa gore ke eng se se dirileng gore lo tle?”

Ba ne ba re, “Re bone taletso fa kgorong ya rona mme ra tla.”

Fa ba bolelela Lucio gore ba nna kae, Ester, mosadi wa gagwe o ne a re: “Ke nna ke beileng taletso eo! Mo letsatsing la bofelo la letsholo, ke ne ka akanya gore mo boemong jwa go latlha ditaletso tse di setseng, go ka nna botoka gore ke di beye fa dikgorong tsa matlo a go neng go se na batho mo go one.” Fa banyalani bao ba sena go bona taletso, ba ne ba tsaya mosepele ba ya kwa Holong ya Dikopano go ya go reetsa thulaganyo ka Sontaga yo o latelang. Fa ba sena go tlotla go se kae, Lucio le Ester ba ne ba laletsa banyalani bano kwa legaeng la bone go tla go ja mmogo mme ba ne ba tswelela ka motlotlo. Banyalani bano ba ba sa tswang go kgatlhega ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Ba nna ba baakanyeditse thuto ya bone sentle mme jaanong ba nna gone mo dipokanong e bile ba nna le seabe.