Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1914

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1914

MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1914 o ne wa re: “Re dumela gore Ngwaga wa 1914 o naya bosupi jwa gore go ka dirwa mo go oketsegileng mo tirelong ya Boammaaruri go feta mo ngwageng ope fela o o fetileng wa Thobo.” Ngwaga o Baithuti ba Baebele ba neng ba sa bolo go o lebelela ka masomesome a dingwaga, kgabagare o ne o fitlhile, mme ba ne ba dira ka natla mo bodireding. Ka ntlha ya matsapa a a tserweng ke Baithuti ba Baebele ka ngwaga oo, batho ba le dimilionemilione ba ne ba utlwa ka ditsholofetso tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, lefatshe le le ba dikologileng lone le ne le tlhoafetse mo sengweng se se farologaneng le seo gotlhelele.

 Ntwa e Anama le Lefatshe

Mo masimologong a 1914, sengwe sa diteraeke tse di tletseng ntwa thata mo hisitoring ya tsa mebereko kwa United States se ne sa bolaya banna, basadi le bana. Badiri ba moepo ba ba neng ba le mo seteraekeng ba ne ba lelekilwe le ba malapa a bone mo matlong a khampani mme ba pateleditswe go nna mo dikampeng tsa ditente. Batho ba ne ba simolola go thuntshana ka Moranang 20, mo kampeng ya ditente gaufi le Ludlow, Colorado. Kampa ya ditente ya badiri ba moepo e ne ya jewa ka molelo. Badiri ba moepo ba mo kgaolong eo yotlhe ba ba neng ba galefile ba ne ba ipusolosetsa ka go bolaya badisa ba le bantsi ba khampani. Go ne ga bidiwa masole gore a tle go thusa go busetsa maemo sekeng.

Kwa Yuropa maemo a ne a le maswe le go feta. Ka Seetebosigo 28, fa Mo-Serbia wa dingwaga di le 19 wa kwa Bosnia e bong Gavrilo Princip a ne a thuntsha le go bolaya Kgosanakgolo Francis Ferdinand wa Austria, o ne a tlhosetsa tlhase e e neng ya simolola Ntwa ya Lefatshe ya I. Fa ngwaga o fela, Ntwa ya Lefatshe ya I, e ka nako eo e neng e itsewe e le Ntwa e Kgolo, e ne e aparetse Yuropa.

Dikopano di Rotloetsa Tiro ya go Rera

Le fa pheretlhego e ne e ntse e anama mo lefatsheng, Baithuti ba Baebele ba ne ba kgothatsana gore ba tlhoafale mo tirong ya go rera. Kopano ya ntlhantlha e batho ba Modimo ba ileng ba e tshwara mo Afrika Borwa e ne ya simolola ka Moranang 10. Batho ba ba neng ba le gone mo kopanong eo ba ne ba le 34. William W. Johnston a re: “Re ne re le ‘letsomanyane’ tota. Re ne ra kolobetsa mo e ka nnang halofo ya [ba ba neng ba tlile] . . . Kopanong. Bakaulengwe ba le robedi le bokgaitsadi ba le robedi ba ne ba bontsha boineelo jwa bone jaaka Morena a laetse.” Mo letsatsing la bofelo la kopano, ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba buisana ka ga gore tsela e e molemolemo ya go tsweletsa tiro ya go rera pele mo Afrika Borwa ke efe. Gompieno baboledi ba ba ikanyegang ba ba fetang 90 000 mo Afrika Borwa ba supa go atlega ga ‘letsomanyane’ leo.

Ka Seetebosigo 28, 1914, ka lone letsatsi le Kgosanakgolo Ferdinand a thuntshitsweng ka lone, Baithuti ba Baebele ba ne ba kopane kwa Clinton, Iowa, U.S.A. Kwa kopanong eo, ka  Seetebosigo 30, A. H. MacMillan o ne a re: “Fa re eletsa go amogela tuelo ya rona, re batla go nna re tshwaregile ka go dira thato ya Modimo, re ye bodireding nako le nako fa go kgonega, re isetsa batho molaetsa wa thobo.”

“Photo-Drama” e Ngoka Dimilione Tsa Batho

“Photo-Drama of Creation,” thulaganyo e e nang le mmino le dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng tse di neng di tshamekiwa mmogo le diselaete tsa galase ya mebala le difilimi, e ne ya simolola go bontshiwa kwa New York City ka Ferikgong 11, 1914. Batho ba le 5 000 ba ne ba tla go e bona fa e ne e bontshiwa lekgetlo leno la ntlha mme ba le bantsi ba ne ba busediwa morago ka gonne go ne go tletse.

Makasine wa Tora ya Tebelo wa re go ne go tsere dingwaga di le pedi go rulaganngwa “Photo-Drama of Creation,” le fa go ntse jalo “e ne e ise e siamele go bontshiwa setšhaba lekgetlo la ntlha ka Ferikgong.” Mo karolong ya ntlha ya 1914, bakaulengwe ba ne ba dira dilo di le mmalwa go tokafatsa “Photo-Drama.” Ka sekai, ba ne ba tsenya filimi kwa tshimologong e e neng e tsamaisana le mafoko a ga Charles Taze Russell gore go bonale sentle gore thulaganyo eno e dirilwe ke mang.

Ka nako e “Photo-Drama” e neng e bontshiwa thata ka yone, e ne e bontshiwa ka nako e le nngwe mo ditoropong tse dikgolo di ka nna 80. Ka Phukwi 1914, e ne e setse e bontshiwa le kwa Great Britain, e bontshiwa mo matlong a a tletseng batho kwa Glasgow le London. Ka Lwetse, thulaganyo eno e ne e setse e bontshiwa kwa Denmark, Finland, Jeremane, Sweden le Switzerland. Ka Diphalane, e ne e setse e fitlhile kwa Australia le kwa New Zealand. Ka kakaretso, batho ba feta dimilione di le robongwe ba ne ba bona “Photo-Drama” mo ngwageng wa yone wa ntlha.

Khopi nngwe le nngwe ya “Photo-Drama” e ne e na le diselaete tsa galase di le makgolokgolo, dirolo di le dintsi tsa filimi ya ditshwantsho tsa baesekopo le direkoto di le dintsintsi. Go ne go lopa madi a mantsi go dira dikhopi tse dingwe mme nako le nako fa e bontshiwa go ne go tlhokega setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo. Ka jalo, thulaganyo e e feletseng ya “Photo-Drama” e ne e bontshiwa thata kwa ditoropong  tse dikgolo. E le gore batho ba ba nnang kwa magaeng le bone ba e bontshiwe, Baithuti ba Baebele ba ne ba dira le dithulaganyo tse di khutshwafaditsweng di le tharo tsa “Photo-Drama.” Nngwe ya tsone, e e neng e bidiwa “Eureka Drama Y,” e ne e na le digalase tsa mebala tse di neng di tsamaya le dipuo tse di rekotilweng tsa Baebele le mmino. E nngwe e e neng e bidiwa “Eureka Drama X” le e e neng e le khutshwane go di feta ya “Eureka Family Drama,” e ne e le tsa mantswe fela, di se na diselaete kgotsa ditshwantsho tsa dibaesekopo. Kwa United States, batho ba feta 70 000 ba ne ba setse ba bone nngwe ya dithulaganyo tsa “Eureka Drama” kwa bowelong jwa 1914, dikgwedi tse di kwa tlase ga di le nnè e sena go gololwa.

Barekisi ba Dibuka le Baithaopi ba Thusa mo Tirong ya go Rera

Fa tiro ya go bontsha “Photo-Drama” e ne e sa le ntšha e bile e kgatlha, Baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga gore mefuta e mengwe ya tiro ya go rera e ne e le yone ya botlhokwa. Lekwalo le Charles Taze Russell a neng a le kwalela barekisi botlhe ba dibuka, ba jaanong ba bidiwang babulatsela, le ne la re: “Ga go na  mofuta o mongwe wa tirelo o o ungwang go feta wa lona mo nakong eno ya Thobo. Ka ntlha ya seno re kgothaletsa Barekisi ba Dibuka gore ba se ka ba dira tiro ya Photo-Drama . . . Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe, ba le bone ba ikanyegang mo Moreneng . . . ba ka dira tiro ya Drama.”

Ka Ferikgong 1914, barekisi ba dibuka ba ne ba le 850. Fa ngwaga o ntse o ile, bareri bao ba ba tlhagafetseng ba ne ba tsamaisa dikhopi di feta 700 000 tsa Studies in the Scriptures. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa bontsha go “kgatlhegela” barekisi ba dibuka mme wa rotloetsa babadi ba one gore ba “ba kgothatse; ka gonne ga se gantsi tiro ya bone e leng motlhofo.”

Baithuti ba bangwe ba Baebele ba ne ba tsamaisa dipampitshana ka dipuo di le dintsi. Ka 1914, ba ne ba tsamaisa dikhopi di feta dimilione di le 47 tsa The Bible Students Monthly le dipampitshana tse dingwe!

Batho ba ne ba lemoga tiro ya Baithuti ba Baebele. Ba ne ba rera phatlalatsa mme dipokano tsa bone e le tsa mahala. Mongwe wa baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete o ne a bua jaana a hutsafetse: “Go ise go ye kae, batho ba tla akanya gore go batla koleke ke molato, mme go tla diregang ka rona? Moruti Russel o re tlontlolola rotlhe fela.”

Go Khutla ga Metlha ya Baditšhaba

Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore “metlha ya Baditšhaba,” e go builweng ka yone mo go Luke 21:24 (King James Version), e ne e tla khutla mo e ka nnang ka Diphalane 1, 1914. Fa kgwedi ya Diphalane e ntse e atamela, ba ne ba lebelela pele le go feta. Baithuti bangwe ba Baebele ba ile ba bo ba tsamaya ba tshotse karata e ba neng ba tshwaya mo go yone letsatsi lengwe le lengwe le le fetang. Ba le bantsi ba ne ba akanya gore ka letlha leo ba tla bilediwa ka kwa ga sesiro kgotsa kwa legodimong.

Mo mosong wa Diphalane 2, 1914, Mokaulengwe Russell o ne a tsena mo phaposing ya bojelo ya Bethele mme a itsise lelapa la Bethele jaana: “Metlha ya Baditšhaba e khutlile; dikgosi tsa bone di feletswe ke nako.” Bangwe ba batho ba ba neng ba le gone ba ne ba ka itse mafoko ao a a neng a theilwe mo pineng 171 mo bukeng ya bone ya dipina ya Hymns of the Millennial Dawn. Fa e sa le ka 1879, Baithuti ba Baebele ba ne ba ntse ba opela mafoko a  a reng “Metlha ya Baditšhaba e a fela” mme a ne a sa tlhole a le boammaaruri, e re ka Metlha ya Baditšhaba kgotsa “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne di setse di khutlile. (Luke 21:24) Fa nako e ntse e ile, go ne ga akarediwa phetogo eno ya botlhokwa mo dibukeng tsa rona tsa dipina.

Bangwe ba ne ba dirisa karata ya go bala malatsi ya “Ikanyege go Fitlha Losong” go ba thusa go ititaya sehuba gore ba ikanyege go fitlha bokhutlong

Fa ngwaga o fela, Bogosi jwa ga Mesia bo ne bo tlhomamisitswe ka thata kwa magodimong, mme Baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba akanya gore tiro ya bone e ne e wetse. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa itse gore ba ne ba tloga ba lebana le nako ya go lekwa le go feferwa. Temana ya ngwaga ya 1915 e ne e re “A lo kgona go nwa ga senwelo sa Me?” e theilwe mo go Mathaio 20:22 ya King James Version. “Senwelo” se Jesu a neng a bua ka sone se ne se akaretsa diteko tse a neng a tla lebana le tsone go fitlha a swa. Baithuti ba Baebele ba ne ba tloga ba lebana le diteko go tswa mo badumeding ka bone le kwa ntle. Tsela e ba neng ba tla itshwara ka yone fa ba lebana le diteko tseo e ne e tla bontsha boikanyegi jwa bone mo go Jehofa.