Dingwaga di le Masome a Mabedi mo Kgolegelong—A Kgang Eno e Tla Fela?
Basupi ba le bararo ba na le dingwaga di le 20 ba le mo kgolegelong mme ba sa atlholwa. Bangwe le bone ba mo kgolegelong. A Eritrea e tla fedisa pogiso eno?
Mmangwana o Atlholelwa go ya Kgolegelong Kwa Turkmenistan Mme A se Na Molato
Turkmenistan e na le hisitori ya go sotla Basupi ba ga Jehofa le go gataka ditshwanelo tsa bone. Bosheng jaana, Bibi Rahmanova le ba lelapa la gagwe ba ne ba direlwa tshiamololo ke balaodi ba kwa Dashoguz.
Kgotlatshekelo ya Taganrog e Bona Basupi ba ga Jehofa Molato ka Ntlha ya Tumelo ya Bone
Katlholo eno e ka dira gore Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 160 000 kwa Russia ba tseelwe kgololesego ya bone ya bodumedi.
Go sa Tseye Kgato ga Mapodise Kwa Ukraine go Dira Gore Badiraphoso Ba se Ka ba Bonwa Molato le Gore Dikgobalo di Tswelele
Batho ba ba tlhaselang bodumedi ka ntlha ya letlhoo ga ba otlhaiwe. Go tlhaselwa setlhogo ga Basupi ba ga Jehofa go ntse go etegela pele.
Basupi ba ga Jehofa ba a Sekisiwa Kwa Taganrog
Kgololesego ya bodumedi e mo kotsing kwa Russia. Utlwa dikakgelo tsa Basupi ba le 16 ba ba sekisiwang le tsa babueledi ba bone.
Baatlhodi ba Tshwenngwa ke Segakolodi fa ba Itlhokomolosa Digakolodi Tsa ba Bangwe
Baatlhodi ba kwa Korea Borwa ba amegile thata ka tshiamololo ya go atlholela ba ba sa tseneleng bosole kgolegelo ka ntlha ya segakolodi go na le gore ditshwanelo tsa bone di tlotlwe.
Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e Buelela Batho ba Banè Ba ba Sa Tseneleng Bosole Kwa Turkey
Katlholo ya boraro kgatlhanong le Turkey e bontsha gore Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e sireletsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole le gore dinaga tsotlhe tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa di tshwanetse go tsaya tsia tshwanelo ya go nna le kgololesego ya segakolodi.
Pogiso ya Basupi ba ga Jehofa Kwa Taganrog, Russia, e a Tswelela
Baagi ba le 16 ba mo tshekong, ba latofadiwa gore ke ‘dikebekwa’ ka ntlha ya go tshelela tumelo ya bone. Fa ba ka bonwa molato, seno se tla tsenya kgololesego ya bodumedi ya baagi botlhe ba Russia mo kotsing.
Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba Ikuela Kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho
Azerbaijan e iphaka gore ke sekao fa go tliwa mo go amogeleng madumedi otlhe, le fa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa bone ga ba na kgololesego eo.
Ditshwaelo Tsa Bomankge ka Tshwanelo Ya go Sa Tsenele Bosole ka Ntlha ya Segakolodi
Go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi ke tshwanelo ya konokono mo dinageng tse dintsi. Utlwa gore ke ka ntlha yang fa bomankge ba ditshwanelo tsa batho ba re dinaga di tshwanetse go e tsaya tsia.
Go Gataka Tshwanelo ya Kgololesego ya Bodumedi Kwa Russia
Go butswe kgetsi ya bokebekwa kgatlhanong le Basupi kwa toropong e nnye ya Taganrog. Holo ya bone ya Bogosi le dikgatiso tsa bone di gapilwe.
Baagi ba Russia ba Sekisediwa Tumelo ya Bone
Fa Basupi ba ga Jehofa ba ka bonwa molato kwa Taganrog, seno se ka tshosetsa ditshwanelo tse dintsi tsa konokono tsa baagi botlhe ba Russia.
A Seemo sa Basupi ba ga Jehofa Kwa Uzbekistan se Tla Tokafala?
Go lebega balaodi ba Uzbekistan ba ikemiseditse go tlotla ditshwanelo tsa batho. Basupi ba ga Jehofa ba solofetse diphelelo tse di molemo, le gore diphuthego tsa bone tsotlhe di kwadisiwe semolao.
Turkey e Gana go Ikobela Melao ya Yuropa mo Kgannyeng Ya go Sa Tsenele Bosole
Goreng puso e gana go tsaya tsia tshwanelo ya batho ya go sa tsenele bosole ka ntlha ya segakolodi?
Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Russia e Gana go Thibela JW.ORG
Kgotlatshekelo ya Naga kwa Tver kwa Russia e phimotse tshwetso ya kgotlatshekelo e potlana ya go thibela jw.org, website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa.